Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 4 Phukwi 2018

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka la bo, 4 Phukwi 2018, kwa Union Buildings, Pretoria.

A. Merero ya ga Jaanong

1. Kgwedi ya Mandela
Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe “Go nna Lefa” jaaka re atumela Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Mandela ka la bo 18 Phukwi 2018. Dinagakopano (UN) le amogetse letsatsi leno, leo le kgontshang maAforika Borwa mmogo le lefatshe ka bophara go tlotla Moporesitente wa rona wa mo malobeng yo gape e leng naledi ya lefatshe, Nelson Rolihlahla Mandela.

Puso e tsaya Phukwi jaaka Kgwedi ya ga Mandela, jaaka e le kgwedi ya gagwe ya matsalo. Jaaka karolo ya go keteka ngwagakgolo wa gagwe makala a a farologaneng a ikamantse le matsholo a a farologaneng go supa tlotlo mo tirong le mo lefeng la ga Madiba. Ka Labotlhano, go tla ntshiwa tlotlo e e itlhophileng e e ka ga tlhobaboroko ya gagwe ka ga ditiro le go thapiwa ga bašwa, fa letsholo la Wear South Africa, ka tirisanommogo le Nelson Mandela Foundation (NMF) se thankgolola Sekipa se sentšhwa sa ga Nelson Mandela kwa Durban.

Sekipa seno se se logilweng mo nageng se rekisiwa kwa mabentleleng a a di gogang kwa pele mme madi a a tswang mo dithekisong tsa tsone a tla isiwa kwa NMF gore e tswelele go tlamela matsholo a a tsamaisanang le ponelopele mmogo le botshelo jwa gagwe. Tona ya Lefapha la Tlhabololo ya Ikonomi, Rre Ebrahim Patel, o tla buisana le baeng mo legatong la puso. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa otlhe go tshegetsa letsholo la Reka Ditlhagisiwa tsa mo Nageng le go apara diaparo tse di logilweng mo nageng ka tlotlomatso.

Kabinete e ikuela mo baaging botlhe go nna karolo ya mogwanto o o ka ga phetogo. Ka go dirisana mmogo jaaka setšhaba se se tshwaraganeng, se se senang tlhaolele e bile se sa kgetolole go ya ka bong, re ka tsholetsa lefa la ga Madiba. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa go neelana ka metsotso e le 67 ka la bo 18 Phukwi go dira phapang mo matshelong a bao ba humanegileng.

2. Depeeletso
Kabinete e amogetse tsenyo e e botlhokwa ya setlamo sa Old Mutual mo lenaneong la JSE. Go tsenngwa mo lenaaneng gono ga setlamo se se nang le matlole a maraka a le kanaka R130 bilione ke sesupo se segolo sa go nna le tshepo mo nageng ya Aforika Borwa mmogo le mo mebarakeng ya fa nageng ya matlole.

Kabinete e itumedisiwa ke gore go tsenya Old Mutual mo lenaneong la JSE go busetsa mo sekeng setlamo seno sa Aforika le go konosetsa paka eo se ntseng se le setlamo sa ditirelo tsa matlole sa kwa London. Maikano a Old Mutual a go tlhoma letloletlamelo la bokanaka R500 milione le le tla tsholetsang matsholo a fa nageng a tlhabololo ya ikonomi, bogolosegolo a dikgwebopotlana le a dikgwebo tse di leng mo diatleng tsa bathobatsho, le tla tokafatsa maiteko a mo nageng a go aga ikonomi e e akaretsang botlhe. Re ikuela mo ditlamong tse dingwe tsa matlole go tlhama matloletlamelo a mangwe gape a mothale o ka go buisana le puso.

Kopano ya Foramo ya Merero ya Ikonomi ya Lefatshe e e ka ga Dipeeletso ya go sale gale e bontshitse bokgoni jwa Aforika Borwa jaaka lefelo leo go ka okediwang dipeeletso mmogo le go tsenya dipeeletso tse dintšhwa. Kopano eno e ne e tsenetswe ke baromiwa ba le bantsi ba Bokaedikhuduthamagabogolo (di-CEO) jwa difeme tsa fa nageng le tsa kwa ntle ga naga, jo bo neng jwa buisana le Moporesitente Cyril Ramaphosa le baromiwa ba gagwe bao e leng Ditona mo Kabineteng. Dipuisano tseno di nnile mosola mo go ka nopoleng dikgato tseo go ka okediwang maemo a dipeeletso e bile ke dikgato tse di botlhokwa thata mo Khonferenseng ya Dipeeletso e e tla bitswang ke Moporesitente kwa bokhutlong jwa monongwaga.

3. Go amoga naga
Kabinete e itumedisiwa ke kgato ya Palamente ya go simolola ka go reetsa ditshwaelo tsa baagi mabapi le go kwalolasešwa Karolo ya bo 25 ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996, e leng seo se tla kgontshang puso go amoga baagi naga ntle le go ba duela le fa e le sente o montsho. Palamente e ne ya tlhoma Komiti ya Tshekatsheko ya Molaotheo gore e ye go reetsa ditshwaelo le maikutlo a baagi go ralala le naga yotlhe morago ga gore e amogele kakanyo ya go amoga naga ntle le tuelelo epe. Dikopano tseno tsa go reetsa baagi di tla tshwarwa mo diporofenseng tsotlhe tsa mo nageng go fitlha ka kgwedi ya Phatwe 2018.

Kabinete e ikuela mo go botlhe ba ba nang le kgatlhegelo ya seno go tsaya karolo ntle le go baka merusu mo ditheetsong tseno tsa baagi le go ikuela gape mo baaging go itshokelana fa ditshwaelo tsa bona di thulana, go netefatsa gore botlhe ba ba latlhelang tlhwarelegong mo ditheetsong tseno ba neelwa sebaka le ditšhono tse di tshwanang e bile di lekana.

Kabinete gape e tsebugetse le ditshwenyego tse di tlhagisitsweng ke magosi mo mererong ya dinaga. Ka ntlha ya seo, e kopantse setlhopha sa Ditona go buisana le magosi gore ba sekaseke le go ka bona tharabololo e botlhe ba tla dumelanang le yona e e tla rarabololang ditshwenyego tsa bona. Tona ya Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (COGTA), Ngaka Zweli Mkhize, ke ene yo a di gogang kwa pele mme e bile o tshegeditswe ke Tona ya Lefapha la Temothuo, jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi (DAFF) Senzeni Zokwana, Tona ya Lefapha la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga Maite Nkoana-Mashabane, le Tona ya Lefapha la Ditlhaeletsano Nomvula Mokonyane.

4. Paka ya Lekgetho
Kabinete e rotloetsa baduelalekgetho botlhe go tsenya dipusetso tsa bona tsa lekgetho tsa ngwaga wa paka ya lekgetho ya 2017/18, eo e butsweng ka la bo 1 Phukwi 2018 gore baagi ba di tsenye. Pokeletso ya lekgetho e e siameng e bile e tsamaya sentle e netefatsa gore re nna le kgololesego mo matloleng, mme go tsenya dipusetso tsa lekgetho go sa le gale le ka tshwanelo go netefatsa gore baduelalekgetho ba tswelela go obamela melao ya lekgetho. Madi a lekgetho a thusa puso gore e kgone go tswelela go tlamela ka matlole diporojeke tse di ka ga kabo ya ditirelo mmogo le manaane a mangwe a a ka ga tlhabololo ya ikonomi ya loago.

5. Go okediwa ga ditlhwatlhwa tsa peterole
Kabinete e etse tlhoko go okediwa ga ditlhwatlhwa tsa leokwane ga sešweng, e e latelang koketsego e nngwe e e sa tswang go diriwa mo kgweding e e fetileng. Go na le kgonagalo ya gore mo kgweding e e tlang leokwane le tla okediwa gape. Ditlhwatlhwa tse di ikaegileng ka Dolara ya Brent Crude Oil di amile ditlhwatlhwa ka kakaretso tsa peterole, tisele le parafene. Maemo a ranta ya rona a wetse tlase ka phesente e e ka nnag e le nngwe fa e bapisiwa le tolara ya Amerika fa e sale kwa tshimologong ya Motsheganong monongwaga.

Go wela tlase gono ga ranta, go go bakang gore ditlhwatlhwa di nameletswe, go amile bareki ka mokgwa o o sa itumediseng, bogolosegolo bao ba humanegileng go gaisa. Go okediwa ga ditlhwatlhwa tsa peterole go ama ka tlhamalalo ditlhwatlhwa tsa dipalangwa mmogo le tsa dijo, bogolosegolo ditlhwatlhwa tsa dijo tse di tlhokagalang le melemo e e botlhokwa.

Kabinete e netefaletsa maAforika Borwa gore puso e tsaya matsapa a go fedisa dikgwetlho tse di tobaneng le baagi ba ba humanegileng. Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba le thapile phanele ya ditokololo di le robongwe tsa baitseanape go kwalola sešwa lenaneo la ga jaanong la Lekgetho la Dilwana tse di Rekisiwang kwa Mabentleleng gore di se okediwe mo dijong di le 19 tse di botlhokwa. Moporesitente Ramaphosa o gapa kwa pele setlhopha seno se se akaretsang baemedi ba ba tswang kwa maphateng ka bobedi a pa puso le a poraefete, go ka ngokela babeeletsi ba bangwe gape ba bantsi ka fa nageng gore ba godise ikonomi ya rona le go tlhola ditiro tse di tlhokagalang thata, go lebeletswe bogolosegolo mo bašweng ba ba senang ditiro.

Kabinete e ikuela mo lekaleng la poraefete go ka thusa, ka go diegisa go oketsa ditlhwatlhwa tsa bona mo go tsibogeleng ditlhwatlhwa tsa leokwane. Seno se tla thusa thata ba ba dikobo dikhutshwane, bao ba tla amiwang ka tlhamalalo ke koketsego eno ya ditlhwatlhwa. Go godisa ikonomi ya rona go tla thusa thata mo go direng gore ikonomi ya rona e tsetsepele. Kabinete gape e ikuela mo lekaleng la poraefete go dirisana mmogo le puso gore maAforika Borwa otlhe a a amegang a unngwelwe, go lebeletswe bogolosegolo bašwa

6. Dituelelo tsa madi a puso a tlhokomelo ya setšhaba
Kabinete e nopoletswe ke Tona ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago, Mme Susan Shabangu, ka ga ditshitiso tse dintsi tsa go duelela batho bao ba golang madi a puso a tlhokomelo ya setšhaba. Kabinete e amogela gore madi a puso a tlhokomelo ya setšhaba a thusa batho ba le bantsi bao ba leng mo tlalelong mo metseng ya rona mme e bile ditiragalo tsa mothale oo di a swabisa e le ruri. Kabinete e kopa maitshwarelo mo go botlhe ba ba amilweng ke seno.

Tona Shabangu o netefaleditse Kabinete gore ditshitiso tseno tsa setegeniki di bakilwe ke go fetolwa ga setlamo seo se neng se rwele maikarabelo a go godisa batho go ya go setlamo se sentšhwa se se godisang sa Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA)/thulaganyo ya Kantoroposo ya Aforika Borwa (SAPO). O netefaleditse Kabinete gore bontsi jwa bajalefa ba ba amegileng go fitlha ga jaanong ba setse ba duetswe. Go sa le jalo, ditlhopha tse di dirang ka boineelo ba di dira ka natla go baakanya thulaganyo eno go ka thibela gore ditiragalo tsa mothale oo di ikgate motlhala mo isagong.

7. Dipatlisiso ka tsa Boitekanelo
Kabinete e amogetse go lokololwa gompieno ga pegelo ya Dipatlisiso tsa Mebaraka ya Dikgaisano e e ka ga intaseteri ya maokelo a poraefete. Dipatlisiso tseno di etilwe pele ke Moatlhodimogolo wa mo malobeng Sandile Ngcobo mme o setse a utlwile bopaki go tswa kwa bannaleseabeng ba le mmalwa mo dingwageng di le tharo tse di fetileng. Pegelo ya ntlha e tla romelwa baagi gore ba dire ditshwaelo sebaka sa dikgwedi di le pedi. Pegelo ya bofelo e tla romelwa kwa go Tona ya Lefapha la Tlhabololo ya Ikonomi kwa bokhutlhong jwa 2018 mme e tla tlhagisiwa kwa Palamenteng.

8. Kgoeletso ya Khartoum
Kabinete e amogetse tumelano ya go fedisa tiriso ya dithunya go ya go ile magareng ga Moporesitente wa naga ya South Sudan e leng Salva Kiir le Riek Machar, le go saeniwa ga Kgoeletso ya Khartoum. Seno se dira gore go nne le tsholofelo ya gore go ka utlwanelwa khutliso ya ntwa ya matlho a mahibidu mo nageng.

Kgoeletso eno e gatelela gore kutlwanelo ya go fedisa tiriso ya dithunya e akaretsa go ikgogela morago mo dintweng, go kgaoganya masole gore a nne fa gaufi, go busetsa gae masole otlhe a a thusang a dinaga tsa botsalo, go simolola ka ditharabololo tsa dipuisano le go ntsha kwa kgolegelong batshwariwa ba ba tshwerweng mo nakong ya dintwa tseno mmogo le borradipolotiki ba gone. Tuelano eno gape e kgontsha ditokololo tsa Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) mmogo le Bothati jwa Dipuso jo bo mabapi le Tlhabololo go romela sesole go ya go ela maemo tlhoko fa ba emisa ka tiriso ya dithunya.
Kabinete e rotloetsa maphata otlhe go dirisanammogo go netefatsa gore thulaganyo eno ya go emisa ka tiriso ya dithunya e khutlisa ntwa le go tlhola kagiso le go tlhabolola maemo a ikonomi ya South Sudan.

9. Mafelo a Kgwebisano e e sa Duelelweng mo Kontinenteng ya Aforika (AfCFTA)
Kabinete e amogetse go saeniwa ga tumelano ya AfCFTA ke Aforika Borwa mo go AU. Go saeniwa ga tumelano eno ke Aforika Borwa go tlisa palo yotlhe ya dinaga tse di saenileng go 49.

AfCFTA e isa kontinente gaufi le go tlhola lefelo le legolo mo lefatsheng leo go gwebiwang ntle le ditefiso. Go solofetswe fa seno se tla tlisa dipoelo tsa ikonomi ya loago tse dikgolo mo dinageng tsotlhe tse di leng mo kontinenteng.

Go ya ka UN, go lebeletswe gore AfCFTA e tla tsholetsa kgwebisano ka fa gare ga naga ya Aforika ka 53% ka go fedisa dituelelo tsa dilo tse di rekiwang kwa ntle ga naga le tseo di senang ditherifi. Tumelano eno e na le kgonagalo ya go tlhomamaraka wa Aforika o o nang le batho ba feta 1.2 bilione ka boleng jwa ikonomi jo bo ka fitlhang go US$2.5 trilione.

Tona ya Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (dti) Ngaka Rob Davies, o tla simolo thulaganyo eno ka go isa tumelano eo kwa Palamenteng gore e atlenegisiwe.

10. Lenaneo la Aforika
Kabinete e amogetse Samiti ya bo 6 ya Mokgatlho wa Lekgetho la Dinaga tsa Borwa jwa Aforika (SACU) e etshwerweng ka la bo 29 Seetebosigo 2018 kwa nageng ya Botswana, e e neng e tsenetswe ke Moporesitente Ramaphosa. Samiti eno e tlhagisitse botlhokwa jwa lenaneo la kopanyo ya sedika e e tlholang kopanyo ya ikonomi, diintaseteri le kgaoganyo ya ikonomi ya diikonomi tsa SACU.

Moporesitente Ramaphosa o ne gape a etelela kwa pele baromiwa Islamic Republic of Mauritania, go tsenela Kgothakgothe ya bo 31 ya Dikopano tse di Tlwaelegileng tsa Ditlhogo tsa Dinaga tsa AU le tsa Puso. Samiti eno e tshwerwe ka la bo 1 le la bo 2 Phukwi 2018 ka moono yo o reng: “Go fenya Ntwa Kgatlhanong le bonweenwee: Tsela e e Tsetsepetseng e e Lebisang kwa Phetolothefosanong ya Aforika”. E Tlhagisa tšhono e e itlhophileng e re ka ipotsolotsang dipotso ka ga yona le go rarabolola dikgwetlho tse di amanang le ntwa kgatlhanong le bonweenwee mo Aforika.

Moporesitente Ramaphosa jaanong o tshwere kopano ya Leeto la Semmuso la ga molekane ka ene wa Ghana, Nana Addo Dankwa Akufo-Addo, go tloga ka la bo 4 go fitlha ka la bo 5 Phukwi 2018, go matlafatsa bosalano jwa dinagapedi magareng ga dinaga tseno ka bobedi. Aforika Borwa le Ghana di tswelela go nna le botsalano jo bo maatla ka ntlha ya hisetori ya botsalano jwa tsone le go nneng seoposengwe. Tirisanommogo ya Kgwebisano le Dipeeletso magareng ga dinaga tseno ka bobedi e akaretsa meepo, mabentlele, inšorentshe, saense le thekenoloji, dipalangwa, bojanala, dibanka, mafaratlhatlha a ditlhaeletsano, ditirelo tsa go aga, ditirelo, dihekisetsano tsa mainakgwebo, tlhagisodikuno, boreatlhapi, dipapatso, difofane mmogo le motlakase

B. Ditshwetso tsa Kabinete
11. Kabinete e amogetse pampiri ya ditogomaano le maano a a mabapi le Letsatsi la Basadi la Bosetšhaba mmogo le Kgwedi ya Basadi ka Phatwe 2018. Moono wa monongwaga ke “Dingwaga di le 100 tsa Albertina Sisulu: Basadi ba Tshwaragane mo go Tsweletseng pele Aforika Borwa”. Lenaane la monongwaga le thulana le dingwagakgolo di le tharo tsa matsalo a Tata Nelson Mandela, Mama Albertina Sisulu mmogo le go tlhamiwa ga Lekga ya Basadi ba Bathobantsho.

Mekete ya Kgwedi ya Basadi e tla tshwaraganya baagi le go dira tirisanommogo go samagana ka tlhomamo dintlha tse di kgolo tse di totileng basadi le basetsanyana, bogolosegolo Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV), matlafatso ya basadi mo mererong ya ikonomi, go fitlhelelwa ga lefatshe, ditiro tse di leng kotsi le matsapa a mangwe a a leng mo makaleng go ya ka Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) le maikano a boditšhabatšhaba a Aforika Borwa. Tona yo a rweleng maikarabelo a Basadi mo Kantorong ya Moporesitente, Mme Bathabile Dlamini, o tla tlhalosa lenaane leno ka botlalo mo nakong e e tlang

C. Melaotlhomo
12.    Kabinete e amogetse gore go tlisiwe kwa Palamenteng Molaotlhomo wa Naga o o Kwalolotsweng Sešwa wa go Metshameko ya Itekolesego wa 2018. Molaotlhomo ono o setse o rometsweng kwa baaging le kwa bannaleseabeng ba ba maleba gore ba dire ditshwaelo.
Molaotlhomo ono o tsereganya mo metshamekong ya itekolesego ya eleketeroniki, go bapatsiwa ga metshameko ya itekolesego le mafelo a go tshamekelwang metshameko ya itekolesego kwa go ona. Gape o fetola Boto ya ga jaanong ya Naga ya Itekolesego go nna Molaodi wa Naga wa Itekolesego (NGR). Ka go dirisana le bothati jwa porofense, NGR e tla tlhama mokgwatiragatso o o tsepamisitsweng o o tla dirisiwang jaaka ditlhokwapotlana tsa go eletsa ditlamo tse di itaolang tse di jaaka lekala la metabogo ya dipitse.
13.    Kabinete e atlenegisitse go tlisiwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Dikgaisano wa 2018. Diphetogo tse di dirilweng di tla kgontsha go tlamela ka katoloso ya maikarabelo a makala a bothati jwa dikgaisano le a khuduthamaga go samagana le matsapa a ikonomi e e sekametseng ka fa letlhakoreng le le lengwe fela, phetolothefosano e e gogang maoto mo ikonoming ya Aforika Borwa mmogo le tirisobotlhaswa ya maatla a dimaraka ka difeme tse digolo.
olaotlhomo ono o setse o phasaladitswe mo kaseteng gore baaging ba dire ditshwaelo le go o buisanela le bannaleseabeng ba ba maleba.

D. Ditiragalo tse di Tlang
14. 100 Men March
Ka letsholo la naga la “Send Me – Thuma Mina” le le tla gogwang ko pele ke Mokgwa wa Puso wa Tlhaeletsano le Tshedimosetso (GCIS), mogwanto yono yo o tla dirang hisetori “wa go keteka Dingwaga di le 100 tsa Nelson Mandela le Albertina Sisulu: Mogwanto wa Banna Kgatlhanong le Tirisodikgoka mo Basading le mo Baneng” o tla tshwarwa ka Labobedi, ka la bo 10 Phukwi 2018.

Mogwanto yono, o o gapiwang kwa pele ke GCIS, o tla simolola ka ura ya bo 10:00 mo mosong go simolola ka Church Square mme o tla konosela kwa southern lawns kwa Union Buildings kwa Pretoria.
Kabinete e laletsa banna le basimanyana go tsibogela pitso ya “Send Me – Thuma Mina” ka go tsaya karolo mo mogwantong ono, le go ema kgatlhanong le leru leno le lentsho la tirisodikgoka mo basading le mo baneng. Banna go tswa mo makaleng a a farologaneng, mo merafeng e e farologaneng, makokong a sepolotiki le ditumelo tse di farologaneng ba tla tshwaragana mo seabeng sa bona sa go fedisa tirisodikgoka mo basading le mo baneng.

15. Beke ya Mtsholo a Naga a Imbizo
Puso e tla simolola ka Beke ya Matsholo a Naga a Imbizo go simolola ka la bo 9 go fitlha ka la bo15 Phukwi 2018, moo maloko a khuduthamaga ya puso a tla buisanang le baagi ka namana go ralala le naga.
 E nngwe ya dilo tse di bolthokwa tsa Aforika Borwa wa temokerasi ke maikemisetso a a sa suteng a puso a go diragatsa gangwe le gape manaane a a nang le maikarabelo a go buisana le baagi go ba tlhalosetsa ka maano le dipholisi tsa puso.
Kabinete e rotloetsa baagi botlhe ka lefoko la “Thuma Mina” gore ba nne le seabe mo dikopanong tsa izimbizo tseo di tla bong di gogwa kwa pele ke badiredipuso mme ba dirise tšhono eno go samagana le dikgwetlho tse di mabapi le kabotirelo.

16. Samiti ya bo 10 ya BRICS
Aforika Borwa e setse e ipaakanyeditse go ka tshwara samiti ya setlhopha sa Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa (BRICS), ka mowa wa Ubuntu (Botho), go simolola ka la bo 25 go fitlha ka la bo 27 Phukwi 2018, mo Sandton Convention Centre kwa Gauteng. Ka Labotlhano la bo 6 Phukwi 2018, Moporesitente Ramaphosa o tla tshwara dipuisano le Setlhopha sa Barongwa sa Aforika Borwa mo nakong ya diphitlholo mabapi le go ipaakanyetsa go tshwara Samiti ya bo 10 ya BRICS.

Moono wa samiti eno o o reng: “BRICS: go Dirisanammogo gore go nne le Kgolo e e Akaretsang Botlhe le go Abelana ka Khumo mo Tshimololong ya bo 4 ya Diintaseteri”, o bontsha metheo e e botlhokwa ya ditokololo tsa BRICS, bogolosegolo go kgaratlhela go simolola setšhaba se se akaretsang botlhe le tirisanommogo mo lefatsheng ka bophara e e tla tlisetsang batho botlhe khumo. Moono ono gape o samagane mmogo le go netefatsa fa go nna le tswelopele ya ditogamaano mo bonnasetulong jwa Aforika Borwa jwa mekgatlho ka bobedi e leng wa Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) le Mokgatlho wa Dinaga tse di Dikaganyeditsweng ke Lewatle la India.
Aforika Borwa e tla dirisa maemo a yona a bonnasetulo go netefatsa gore go nna le tselopele mo go BRICS le go tlhagisa tsepamisomogopolo e e rileng e e mabapi le ditšhono tsa Tshimololong ya bo 4 ya Diintaseteri.

17. Kopano ya Ditona tsa Botsweretshi le Setso mo kontinenteng ya Aforika
Lefapha la Botsweretshi le Setso le tshwere Kopano ya Ditona tsa Botsweretshi le Setso mo kontinenteng ya Aforika kwa Durban go tloga ka la bo 5 go fitlha ka la bo 6 Phukwi 2018. Maitlhomo a kopano eno ke go bega ka phitlhelelo ya tshedimosetso go ka tlhalosa seabe sa dilaeborari le sa ditirelo tsa kabotshedimosetso go ya ka Lenaneo la AU la 2063, e leng togamaano ya letlhomeso mabapi le phetolothefosano mo ikonoming ya loago mo nageng ya Aforika mo pakeng e e tlang ya dingwaga di le 50.

18. Thelesekoupu ya MeerKAT /Arei ya Sekwere kilometara (SKA)
Moporesitente Ramaphosa o solofelwa gore a thankgolole thelesekoupu ya seyalemowa ya dijana tsa kgaso di le 64. Thelesekoupu ya MeerKAT e agilwe bokgakala jwa dikhilomitara di le 90 fa o tswa kwa terotswaneng ya Carnarvon kwa Kapa Bokone.

Thelesekoupu ya MeerKAT e tla nna botlhokwa thata mo go oketseng thata kitso ka ga ka fao Yunibese e simolotseng ka gone, ka fao e dirang ka teng le dilo tseo di ka dirang gore kamoso e lebege ka gone. Go konosediwa go agiwa ga sedirisiwa seno ke phitlhelelo e e tonagadi e e tshwanetsweng go ketekiwa ke Aforika Borwa le Aforika ka bojotlhe.

E. Melaetsa
Melaetsa ya Matshediso
19. Kabinete e romela matshediso a yona a a tswang kwa boteng jwa pele kwa go Moporesitente wa mo malobeng Jacob Zuma, ba lelapa la gagwe mmogo le ditsala tsa gagwe go latela go raga kgamelo ga morwaagwe, Vusi Nhlakanipho Zuma, kwa tshimologong ya beke eno.

20. Kabinete e rometse matshediso a yona kwa ba lelapeng le ditsaleng tsa moswi David Goldblatt, yo a itsegeng jaaka raditshwantsho yo o diphatsa. Naga ya rona e santse e ipela ka tiro ya gagwe e e rebutseng pogiso le setlhogo.

21. Kabinete e rometse matshediso a yona kwa ba lelapeng le ditsaleng tsa badiri ba kwa moepong ba ba tlhokafaletseng kwa Moepong wa Sibanye-Stilwater’s Khomanani mo Driefontein kwa Mpumalanga

Melaetsa ya go Akgola
22. Kabinete e akgotse Laeborari ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa (NLSA), e e neng e keteka dingwaga di le 200 e butswe. Kwa tshimologong ya monongwaga, NLSA e ketekile phitlhelelo eno ka go tshwara dipontsho tse di buletsweng batho botlhe ka setlhogo se se reng “Ntlo ya Letlotlo la Kitso”.

23. Kabinete e amogetse tshweetso ya Mokgatlo wa Dinagakopano (UN) o o ka ga Thuto, Saenthifiki le Setso ya go itsise fa Dithaba tsa Makhonjwa kwa Mpumalanga, tseo gape di itsegeng ka leina la Barberton Greenstone Belt, e le tsa Lefelo la Lefatshe la Ngwaobošwa. Lefelo leno e setse e le la bo 10 mo nageng ya Aforika Borwa leo e leng Lefelo la Lefatshe la Ngwaobošwa

Kabinete e ipiletsa mo go bannaleseabeng botlhe mo lekaleng la bojanala gore ba babatse mafelo otlhe a ngwaobošwa a Aforika Borwa ka ntlha ya fa bojanala e le e nngwe ya maphata a a potlakisang kgolo ya ikonomi ya rona mmogo le go tlholela baagi ba mo nageng ditiro.

24. Kabinete e tlotla ka boipelo segopotso sa bo 63 sa go amogelwa go go dirileng hisitori ga Freedom Charter e eleng seo e leng motheo wa Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa.

Gompieno metheo ya ona e e tseneletseng e tlhagelela mo metheong ya Mokgatlho o o Tshwaraganeng wa Aforika (OAU) (o ga jaanong o itsegeng jaaka Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU)) mme UN e tsepamisitse Kgoeletso ya yona ya Lefatshe ka Bophara e e ka ga Ditshwanelo tsa Batho le metheo eno.

F. Go thapiwa
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
25. Rrer Sibusiso E Bukhosini jaaka Mokaedikhuduthamagamogolo wa Bothati jwa iSimangaliso Wetland Park.
26. Moatefokate Mmadikeledi Suzan Malebe jaaja Motlatsamokaedikakaretso (DDG): mo Lekaleng la Bolaodi jwa Dimenerale, ka fa Lefapheng la Metswedi ya Dimenerale (DMR).
27. Mme Buyisiwe Faith Ntokozo Ngcwabe jaaka DDG: mo Lekaleng la Botlhatlosi le Dipholisi tsa Dimenerale, ka fa DMR.
Kabinete gape e thapile batho me maphateng a a latelang:
27.1 Lekgotla la Tsepamiso ya Dipegelo tsa Matlole.
27.2 Boto ya Setheo sa Naga sa Ditshedi tse di Farologaneng tsa Aforika Borwa.
27.3 Diphaka tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa (SANParks).
27.4 Letloletlamelo la Dikotsi tsa mo Mebileng (RAF).

Go okediwa ga paka ya tiro ya ditokololo tsa Lekgotla la Tsepamiso ya Dipegelo tsa Matlole:
a. Rre Garth Dennis Coppin;
b. Mme Dumisani Manana;
c. Mme Christine Ramon (Motlatsamonnasetulo);
d. Mme Dawn Earp;
e. Rre Khaya Dludla;
f. Rre Bruce Mackenzie;
g. Mme Tania Wimberley;
h. Ngaka Suresh P Kana (Monnasetulo); le
i. Moatefokate Rory Wayne Voller.

Boto ya SANBI:
a. Ngaka Lesley Thulani Luthuli;
b. Mme Thandiwe Godongwana;
c.  Moporofesara Brian William van Wilgen;
d. Ngaka Crispian Garth Olver;
e. Mme Ntsoaki Mngomezulu;
f. Mme Venete Jarlene Klein;
g. Mme Beryl Ferguson;
h. Mme Judy Hermans;
i. Baemedi ba Lefapha la Saense le Thekenoloji;
j. Mme Skumsa Mancotywa (moemedi wa Lefapha la Merero ya Tikologo (DEA) ); le
k. Ngaka Moshibudi Rampedi.

Ditokololo tsa Boto ya SANParks:
a. Mme Joanne Yawitch;
b. Ngaka Kungeka Njobe;
c. Mme Sophie Molokoane;
d. Mme Tanya Abrahamse;
e. Moatefokate Tshepiso Mphahlane;
f.  Mme Tasneem Essop;
g. Ngaka Urshanie Govender;
h. Moporofesara Elizabeth Mokotong;
i. Rre Tale Daniel Motsepe;
j. Rre Lourence Benard Mokgakane (moemedi wa diphaka le batho);
k. Rre Shonisani Munzhedzi (moemedi wa DEA); le
l. Rre Fundisile Mketeni.

Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga ba Boto ya RAF:
a. Ngaka Peter Mathebula – Monnasetulo;
b. Mme Koko Mashigo;
c. Ngaka Fanie Bale;
d. Rre Moses Nyama;
e. Ngaka Nomonde Mabuya-Moloele;
f. Rre Thulani Tshabalala;
g. Mme Dineo Molefe;
h. Ngaka Mohamed Fazel Randera;
i. Rre Khotso Mothobi (o thapilwe sešwa); and
j. Ngaka Maria Peenze (o thapilwe sešwa).

Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams
Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore