Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 10 Diphalane 2018

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka Laboraro, la bo 10 Diphalane 2018, kwa Tuynhuys, Motsekapa.

A. Merero ya ga Jaanong

1. Ikonomi le letsholo la go beeletsa

1.1. Kabinete e amogetse dikgato tsa go tsereganya tse di jaaka maikano a a tserweng a go reka ditlhagisiwa tse di tswang ka fa nageng, dikgato tse di okeditsweng bogale mo go oketseng diromelwantle, ditsereganyo mo ditlhagisiweng tsa temothuo mmogo le tshegetso ya dikgwebopotlana le tse di leng mo magareng . Ditsiboso tseno di tlhageletse kwa Samiting ya Ditiro ya mo matsatsing a le mabedi a a fetileng e e neng e tshwerwe ke Lekgotla la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Ikonomi le Ditiro.

1.2. Dipoelo tsa Samiting ya Ditiro di latela gore go tsiboswe ka tsosoloso ya ikonomi le maano a go e tsosolosa, e leng seo se batlang go busetsa maemo a ikonomi sekeng le go tlhola ditiro tse di tlhokagalang. Lokwalotshwanelo lwa sešweng lwa Meepong – lo lo konoseditsweng ka go busanelwa le ba intaseteri ya meepo, ba mekgatlho ya badiri, ba metse e e amegang mmogo le bannaleseabe ba bangwe – le tlhalosa ka botlalo botlhokwa jwa kgolo, tshomarelo mmogo le phetolothefosano mo ikonoming.

1.3. Kabinete e ipiletsa mo go bannaleseabe botlhe go samagana le Lokwalotshwanelo lwa Meepong gore go konosediwe le go tlhoma tsetsepelo mo lekaleng la meepo.

2. Go bulwa ga dikantoro tsa Merero ya Selegae tsa kwa Kokstad le go neelana seemuso ka makwalobopaki jwa madulo

2.1. Kabinete e samagana le Moporesitente Cyril Ramaphosa mo go akgoleng Lefapha la Merero ya Selegae mo pulong ya bona e e atlegileng ya dikantoro tsa kwa Kokstad kwa KwaZulu-Natal. Moporesitente o butse dikantoro tsa Merero ya Selegae tsa kwa Kokstad e le karolo ya lenaane la puso la go atolosa mafelo a ditirelo tsa merero ya selegae gore ba kgone go rebolela baagi ka botlalo dikarata tsa boitshupo le ditokomane tse dingwe.

2.2. Mo godimo ga foo, Moporesitente Ramaphosa o neelana seemuso ka makwalobopaki jwa madulo a feta a le 443 go bajalefa ba Porojeke ya Dintlo ya Franklin. Seno ke karolo ya lenaane la tsosoloso ya seriti go netefatsa gore bajalefa ba itemogela melemo ka botlalo ya go nna beng ba dintlo le gore ba kgona go ka fitlhelela mebaraka ya dintlo ya semmuso.

2.3. Kabinete gape e tsaya tšhono eno go rotloetsa baagi go ya go tsaya makwaloboitshupo a bona gang fela fa ba sena go amogela molaetsa wa gore ba ka tla go tsaya makwaloboitshupo a bona.

3. Tumelano e e utlwanetsweng ka ga go disa marang a kgaso

3.1. Kabinete e amogetse tumelano e e utlwanetsweng mo ntlheng ya Taletso ya go Dira Kopo ya go tlamela ka tirelo ya go disa marang a kgaso e e leng kwa mankaleng. Seno se totobatsa maemo a pholisi mo lekaleng la Thekenoloji ya Ditlhaeletsano le Tshedimosetso (ICT).

3.2. Tumelano eno e e utlwanetsweng e tsamaelana le boikuelo jwa ga Moporesitente Ramaphosa jwa go simolola ka thulaganyo ya go tsibogela dikopo tse dintsi tsa go ka rebolelwa laesense ya go tlamela ka tirelo ya go disa marang a kgaso e e leng kwa mankaleng.

3.3. Mo go nneng le seabe mo tirisong ya Lokwalotemoso lwa lefapha la puso lo lo ka ga Pholisi ya Naga ya Kopanyo ya didirisiwa tsa ICT, baagi ba ba nang le kgatlhegelo mo ntlheng eno ba ka latlhela tlhwarelogong pele ga la bo 8 Ngwanaitseele 2018 ka go tlhagisa maikutlo a bona ka mabapi le pholisi e e tshitsintsweng le koo bothati jo bo tla lebisang pholisi eno gone.

4. Dikoporasi tsa ntlha tsa Aforika Borwa tse dinnye tsa boreatlhapi

4.1. Kabinete e amogetse dikoporasi tsa ntlha tsa Aforika Borwa tse dinnye tsa lekala la boreatlhapi, e leng koporasi ya Port Nolloth le ya Hondeklipbaai kwa porofenseng ya Kapa Bokone, tseo di thankgolotsweng ke Tona ya Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi, Rre Senzeni Zokwana.

4.2. Mokete ono wa thankgololo o tshwaya tsenyotirisong ya pholisi ya dikoporasi tse dinnye tsa boreatlhapi. Tetla ya go nna le matshwanedi a go ka rea ditlhapi e naya bareatlhapi ba fa nageng seriti, bao ba ntseng ba rea ditlhapi ka mokgwa o o seng ka fa molaong, mme jaanong fa e sale ba tla letlelelwa go dira jalo e le ka fa molaong.

4.3. Dikoporasi tse pedi tseno tse di tla unngwelwang go tswa mo pholising eno di setse di katisitswe gore di tshwanetse go tsamaisa dikoporasi jang e bile di setse di thusitswe go ka kwadisa dikoporasi tsa bona ka maitlhomo a gore ba kgone go ka dira dikopo tsa go ka neelwa tetla ya go ka rea ditlhapi sebaka sa dingwaga di le 15.

5. Paka ya Lekgetho

5.1. Kabinete e akgotse baduelalekgetho ba ka nna dimilione di le tharo bao ba tladitseng le go tlisa dipusetso tsa bona tsa lekgetho, tseo palo e e kwa godimo ga halofo ya tsona e tlisitsweng ka mokgwathulaganyo wa khomphiuthara wa eFiling. Ka la bo 31 kgwedi ya Diphalane, e tla bo e le letlha la bofelo la paka ya lekgetho ya 2018 mo go baduelalekgetho ba nakwana mmogo le mo go baduelalekgetho ba go ya go ile bao ba swetsang ka go ikisa ka namana kwa dikantorong tsa lekala la Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS). Baduelalekgetho ba go ya go ile bao ba swetsang ka go tlhatlhela dipusetso tsa bona tsa lekgetho ka mokgwathulaganyo wa khomphiuthara wa eFiling bona letlha la bona la bofelo ke la bo 31 Ferikgong 2019.

5.2. Pokeletso ya lekgetho e e maleba e bile e tsamaisiwa sentle e netefatsa gore naga e laola matlole a yona ntle le kgoreletso epe, mme go tlisiwa ka nako le ka tshwanelo ga ipusetso tsa lekgetho go netefatsa gore naga e na le baduelalekgetho ba ba obamelang melao ya lekgetho. Madi a lekgetho a thusa puso gore e kgone go tlamela naga ka diporojeke tsa kabo ya ditirelo tsa motheo mmogo le manaane a mangwe a tlhabololo ya ikonomi le a loago.

6. Manaane a go duelela megolo ya loago

6.1. Kabinete e nopoletswe ke Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng e e mabapi le Megolo ya Loago, eo monnasetulo wa yona e leng Tona Nkosazana Dlamini-Zuma. Fa e sale go tloga ka la bo 1 Diphalane 2018, batho bao ba golang mogolo ono ba feta dimilione di le 10 ba ne ba setse ba duetswe ka mokgwa o mongwe wa mekgwa eno - wa Kantoroposo ya Aforika Borwa (SAPO)/wa Postbank; wa Grindrod Bank mmogo le go golela kwa mabentleleng a tshwana le a Boxer, Shoprite, le a Pick n Pay.

6.2. Puso e kgonne go tloga mo mokgweng wa mo malobeng wa tuelo ya megolo ya loago e e neng e duelwa ke setlamo sa Cash Paymaster Services (CPS) jaaka e ne e laetswe ke Katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo. Botlhe ba ba neng ba godisiwa ke CPS ba setse ba rulaganyeditswe ka tshwanelo mme CPS e setse e itsisitswe ka go fedisiwa ga konteraka eno ka la bo 30 Lwetse 2018.

6.3. Kabinete e lebogela tiro e e manontlhotlho ya go tlhotlhomisa eo Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC) ka tshegetso ya Setlhophatiro sa Botegeniki sa Bakaedikakaretso go samaganweng nayo. E leboga gape le batlhankedi ba Kantoroposo, batlhankedi ba Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) mmogo le Lefapha la Tlhabololo ya Loago (DSD); Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso; Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro; Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba; Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) mmogo le Mokgwa wa Puso wa Tlhaeletsano le Tshedimosetso (GCIS).

6.4. Kabinete e leboga tirisanommogo eo ba e boneng go tswa go botlhe ba ba amogelang mogolo ono fa go ne go fetolwa thulaganyo eno ya dituelo tsa megolo.

7. Ngwagakgolo wa ga Mme Albertina Sisulu

7.1. Kabinete e nopoletswe ka ga dithulaganyo tsa go ipaakanyetsa mokete wa go keteka ngwagakgolo wa ga Mme Albertina Sisulu o o tla tshwarwang ka kgwedi ya gagwe ya matsalo, ka Diphalane monongwaga. Mme Sisulu o belegwe ka la bo 21 Diphalane 1918 mme Monnasetulo wa IMC e e samaganeng le maikarabelo ka ga Mekete eno ya Ngwagakgolo, Tona Jeff Radebe, o teng fano go tla go re tlhalosetsa ka ga dikgato tse di tla tsewang mabapi le mekete eno ya ngwagakgolo.

8. Go atlholelwa kgolegelong ga rre wa kwa Springs

8.1. Kabinete e amogetse katlholo e e reboletsweng rre yono yo a neng a bogisa bana ba gagwe, yo a neetsweng leina la gore ke Belerutwana ya kwa Springs. O atlholetswe dingwaga di le 35 kwa kgolegelong tebang le maiteko a gagwe a go bolaya morwa wa gagwe, go bogisa bana ba gagwe le go se tlhokomele bana ba gagwe, mmogo le go dirisa diokobatsi le go di rekisa. Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV) e santse e le kgwetlho e tonagadi mo metseng ya borona, jaaka go tlhageletse mo dipegong tsa sešweng moo mosetsanyana yo a santseng a le monnye a beteletsweng ka kwa lebentlelebojelong la setlamo sa Dross kwa Silverton.

8.2. Kabinete e boeletsa boikuelo jwa gore bothati jwa tiragatso ya molao bo phuruphutse ke re le ka fa tlase ga majwe go bona bopaki jo bo ka dirisiwang mo go tšhotšhisiweng ga ditlhokotsebe tseno tsa bosenyi jono jo bo setlhogo. E ikuela gape le mo go rona jaaka baagi go dirisana mmogo go fedisa kgatakako ya ditshwanelo tsa bana le tsa batho bao ba leng mo tlalelong mo metseng ya rona.

9. Ditshupetso tsa motse wa Westbury

9.1. Kabinete e amogetse dikgato tseo Tona ya Sepodisi, Rre Bheki Cele, a di tsereng mo go tsereganyeng kwa motseng wa Westbury e leng karolo ya togamaano e tona mo go lwantsheng leuba la diritibatsi le dintwa tse di tlhotlhelediwang ke digongwana mo motseng oo.

9.2. Dikgato tseno di akaretsa go romelwa ga Setlhopha sa Tirisomaano a go Samagana le Bosenyi (TRT - Maberethe) mmogo le go gasaganya sepodisi mo motseong oo. Se sengwe gape se se botlhokwa ke gore go tla rebolwa dipatlisiso mabapi le ditatofatso tsa bonweenwee kwa Seteišeneng sa Mapodisi sa kwa Westbury.

9.3. Kabinete e ikuela mo baaging ba kwa Westbury mmogo le baagi ba bangwe botlhe ka fa nageng go dirisana mmogo le sepodisi mo maitlhomong a go netefatsa gore re utulola ka mmodi mefuta yotlhe ya bosenyi mo metseng ya rona, e ka tswa e le ya diritibatsi kgotsa ya dintwa tse di tlhotlhelediwang ke digongwana mo metseng ya bobona.

10. Bosenyi

10.1. Kabinete e akgotse ditheo tsa tiragatso ya molao mo go reboleng dipatlisiso tse di tseneletseng mo maphateng a a farologaneng mabapi le bosenyi jo bo diragetseng kwa mabentleleng a a leng kwa dimolong, mabentleleng le kwa dikerekeng tsa mamoseleme mo go tshwerweng babelaelwa ba le 19. Dipatlisiso tseno di ne di diriwa ke maphata a Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelobosenyi le Tshireletsego. Ba le bararo ba babelaelwa bano ba tshwerwe mabapi le didirisiwa tsa dibomo kwa Durban, go akaretsa le kwa kerekeng ya mamoseleme ya Verulam. Babelaelwa botlhe go solofelwa ba tla rweswa ditatofatsa tse di akaretsang tsa polao le tsa maiteko a polao le tsa go tlola Molao wa Didirisiwa tse di Phamphololang.

10.2. Kabinete e netefaletsa maAforika Borwa gore go lwantsha bosenyi ke selo se se leng kwa setlhoeng mo tirong ya bona le gore puso e tla tswelela go tsaya dikgato tse di tlhokagalang go netefatsa gore baagi botlhe mo nageng ya Aforika Borwa ba nna mo lefelong le le bolokesegileng e bile le babalesegile.

11. Phetolo ya leina: Makhanda

11.1. Kabinete e amogetse leina le le fetotsweng la teropo ya Grahamstown, kwa Kapa Botlhaba, gore e bidiwe Makhanda, e leng go bontsha tlotlo mo moporofeteng wa maXhosa, yo gape e neng e le moithutedi wa matlhale a botshelo e bile gape e le lesole leo le neng la lwantsha bokoloniale mo nakong tsa gagwe.

11.2. Go fetolwa ga leina leno ke e nngwe ya diphitlhelelo tse di botlhokwa thata mo loetong lwa rona lo lo bolotseng lwa temokerasi mme go tla thusa go ka potlakisa go nneng seoposengwe le go ka tlotla hisetori ya rona rotlhe.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Kabinete e amogetse leano le le kwalolotsweng sešwa le le ka ga go tsenya tirisong Porojeke ya go Sutela kwa Kgasong ya Marang a Dijithale. Leano leno le tsere tsela ya go dirisa mokgwa wa thekiso ka go dirisana le makala mmogo le diintaseteri tsa poraefete. Ka go dirisa leano leno, puso ga e sa tlhole e tla tlhoka gore e nne yona e e rekang di-set-top-boxes, go nna le mafelo a go tla bolokelwang didirisiwa tseno gona, dipalangwa tsa go rwala didirisiwa tseno mmogo le go rwala tiro ya go tsenya didirisiwa tseno mo malapeng a a di tlhokang.

Tshwetso eno e totobatsa koo Aforika Borwa e lebileng gone mo go konosetseng porojeke eno ka mokgwa o o tsenyeletsang maphata a mangwe, ka didirisiwa tse di seng buturu e bile di tsamaisiwa sentle, e leng se se tla fokotsang matshosetsi a puso e ka itemogelang one. Seno se tla dira gore palo ya batho bao ba lebelelang thelebišene ka marang a dijithale e fitlhe go 85% le go feta, go lebilwe gore go fedisiwe kgaso ya marang a analoko.

2. Kabinete e tlhomamisitse Tokomane ya Aforika Borwa ka Dilo tsa Botlhokwa tse re Tshwanang ka Tsone, mme e tla romelwa kwa Dinagakopanong (UN). Tokomane eno e rebola kgatelopele e e ka ga tshedimosetso e e mabapi le dintlhakakaretso, dintlha tse di nonofileng le dintlha tse di ka ga dipalopalo mabapi le kobamelo ya Aforika Borwa mo mererong ya boikanyo e e mametleleditsweng mmogo le ditumelano di le robongwe tsa UN tse di saenilweng.

C. Ditiragalo tse di Tlang

1. Puo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Kgweditharo (MTBPS)

1.1. Tona ya Matlotlo Tito Mboweni o tla neelana ka MTBPS ka Laboraro la bo 24 Diphalane 2018, e e tla rebolang dikoketso tse di dirilweng mo tekanyetsokabong ya naga go netefatsa tlhokomelo ya matlole.

2. Kgwedi ya Dipalangwa

2.1. Lenaane la Kgwedi ya Dipalangwa la monongwaga le tla totobatsa botlhokwa jwa mafaratlhatlha a dipalangwa, a a jaaka makala a dikepe, difofane, diterene le a dijanaga jaaka a mangwe a makala a a re thusang mo go godiseng ikonomi.

2.2. Kabinete e ikuela mo baaging go dirisa dipalangwa tsa botlhe le go diragatsa matsholo a pabalesego mo ditseleng ngwaga otlhe. Tla re diriseng kgwedi eno go keteka le go tsosolosa setlwaedi sa go nametsana dijanaga fa re ya kwa tirong gore re kgone go fokotsa mokitlano o re o bonang mo mebileng ya rona. Pabalesego mo mebileng e tswelela go nna kgwetlho, mme bakganni le batsamayakadiano ba tshwanetse go dirisa mebila ka maikarabelo.

D. Melaetsa

1. Melaetsa ya go Akgola

1.1. Thelesekoupu ya seyalemowa ya Aforika Borwa, MeerKAT, e tla ikamanya le Breakthrough Listen, e leng letsholo la boditšhabatšhaba le le phuruphutshang ditshedi kwa ntle ga lefatshe. Kgato eno e bontsha kitso le botlhale mmogo le mafaratlhatlha a naga ya rona ao re itsegeng ka ona mo maemong a boditšhabatšhaba. Thelesekoupu ya dijana tsa kgaso di le 64 ya meerkat ya naga ya Aforika Borwa, e e thankgolotsweng monongwaga ka Phukwi, ke enngwe ya dithelesekoupu tse di diphatsa e e tshwanang e le nosi lefatshe ka bophara.

1.2. Kabinete e akgotse setlhopha sa babatlisisi go tswa kwa Yunibesiti ya Wits bao ba atlegileng mo go direng karo ya sebete go tswa mo motsading wa ngwana yo a nang le HIV go se tsenya mo ngwaneng yo a senang HIV. Setlhopha seno sa dingaka se akaretsa Moporofesara Jean Botha, Ngaka Francesca Conradie, Ngaka Harriet Etheredge, Ngaka June Fabian mmogo le Moporofesara Caroline Tiemessen.

1.3. Kabinete e akgotse baagi ba kwa nageng ya Equatorial Guinea tebang le go keteka mokete wa bona wa bo 50 wa boipuso. Aforika Borwa e tswelela go iponela tirisano ka botlalo ya setipolomate go tswa kwa nageng ya Rephaboliki ya Equatorial Guinea fa e sale ka la bo 5 Motsheganong 1993.

2. Melaetsa ya Matshediso

2.1. Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa, ditsala le badirimmogo ba ga moswi Mme Boma Edna Molewa yo e neng e le Tona ya Lefapha la Merero ya Tikologo. Tona Molewa o ne a tlhageletse ka magetla mo ditirong di le dintsi le mo dikgaratlhong di le dintsi, go tloga mo kgaratlhelong ya kgololesego go tsenyeletsa le go lwaneleng tekatekano ya basadi mo setšhabeng sa borona. E ne gape le e moganka mo nageng le kwa ntle ga naga fa go tla mo seriting sa tikologo tebang le go somarela pholanete e re ka e abelanang eo botlhe ba ka itumelelang yone.

2.2. Kabinete e romela matshediso a yona kwa pusong le baagi ba naga ya Indonesia. Puso e setse e susumeditse tshegetso ya yona, fa go tlhokagalang, mme kabinete e akgotse badiredi ba makala a thuso a naga ya Aforika Borwa bao ba samaganeng le matsholo a go thusa kwa Setlhakatlhakeng sa Sulawesi kwa Indonesia, seo se neng se tlhasetswe ke thoromo ya lefatshe mmogo le tsunami.

2.3. Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsalatsa ga Mme Rowena Baird yo a thutseng botala ka tlhogo mo bekeng eno. Mme Baird e ne e le mmegadikgang e bile e le mogasi wa segatlhamelamasisi mo seyalemoweng.

E. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

1. Khomišene ya Boditšhabatšhaba ya Tsamaiso ya Kgwebisano:
a. Ngaka F Ismail (Monnasetulo);
b. Rre B Mokgatle;
c. Mme T van Meelis;
d. Rre ED Vlok;
e. Mme P Mbiko;
f. Rre JC de Beer;
g. Mme VNN Ncwaiba;
h. Rre W Sihlobo; le
i. Mme AV Hlatshwayo.

Dipotsolotso:

Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 1039

Share this page

Similar categories to explore