Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio ya la bo, 23 Lwetse 2020

A. Merero ya ga Jaanong
1. Tshedimosetso ya Sešweng ya Mogare wa Corona (COVID-19)

1.1. Mo puong ya gagwe ya sešweng ka Laboraro, 16 Lwetse 2020, Moporesitente Cyril Ramaphosa o itsisitse fa naga e tla tsena mo Kgatong ya Ntlha ya dikgato tsa go sekega nakwana ditiro tsa ka fa nageng go tloga ka Mosupologo, 21 Lwetse 2020. Kgato eno e atolositse dikgoro tsa ditiragalo tsa ikonomi ka fa nageng, e leng seo se tla nnang mosola thata mo go ageng sešwa ikonomi, mo go tsosoloseng kgolo ya ikonomi e e phutlhameng mmogo le mo go tlholeng ditiro tse di tlhokagalang.
1.2. Tsiboso ya ga Moporesitente e amogetswe ka ‘atla tsoopedi ke makala otlhe a setšhaba sa Aforika Borwa – go tsenyeletsa mekgatlho ya badiri, dikgwebo, mekgatlho ya baagi mmogo le mekgatlho ya sepolotiki.
1.3. Melawanataolo ya maemo a masetlapelo ka fa nageng, eo e tshegetsang tsiboso ya ga Moporesitente, e phasaladitswe mo kaseteng ya puso ka Labotlhano, 18 Lwetse 2020. Melawanataolo e mentšhwa eno e repisitse melaokiletso e e rileng e e tsentsweng tirisong fa e sale ka Mopitlwe 2020 eo maitlhomo a yona e neng e le go thibela go anama ga mogare ono. Yona, gare ga e mengwe, e tsenyeletsa ya kiletso ya go kgobokana ga batho, mo meketeng le mo masong, mmogo le go bulwa ga melelwane go etela dinaga tsa ka fa Aforika le tsa boditšhabatšhaba, go tloga ka la bo 1 Diphalane 2020.
1.4. Kabinete e rotloetsa gore go nne le ditherisano tse dingwe gape le baeteledipele ba merero ya setso go sekaseka dintlha tse di amanang le merero ya bogwera le bojale tse le jaanong di santseng di ileditswe mo Kgatong ya Ntlha. Tshedimosetso e e tseneletseng mabapi le melawanataolo e e phasaladitsweng mo kaseteng e ka fitlhelwa mo webesaeteng ya puso ya www.gov.za
1.5. Kabinete e ikuela mo baaging botlhe ba naga ya Aforika Borwa gore ba tswelele go obamela dikgato tsa boitekanelo tsa mabapi le COVID-19 tse di jaaka go katogana, go apara dimaseke fa re le fa gare ga batho le go tlhapa diatla ka gale ka metsi a sesepa kgotsa go itlotsa ka sebolayamegare se se nang le alekhohole.
1.6. Kabinete e rotloetsa baagi go taonelouta epe ya megala ya seatla ya COVID Alert South Africa mo go Apple App Store kgotsa mo go Google Play Store. Epe eno – e e sa duelelweng mo ditlamong tsa megala e bile o ka kgona go e taonelouta ntle le go jelwa datha – e tla tokafatsa dikgato tsa go gata motlhala batho ba ba kileng ba kopana le ba ba lwalang ba go totobaditsweng ba na le COVID-19 mo matsatsing a le 14 a a fetileng. Epe eno ga e bokeletse tshedimosetso ka ope kgotsa go gata ope motlhala gongwe le gongwe ko a yang.

2. Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng le Dipolao tsa Basadi (GBVF)

2.1. Kabinete e tswelela ka maikemisetso a yona a go lwantshana le leru le lentsho la GBVF ka go gagamatsa maphata a Setlhopha sa Tshireletsego; ka go tokafatsa matlhomeso a molao; mmogo le go tlamela ka tshegetso ya tsa monagano le manaane a thotloetso mo baaging. 
2.2. Go ya ka tshedimosetso e e leng mo diatleng tsa yona go tswa kwa Tirelong ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), ka bomadimabe puso e nopotse mafelo a le 30 a GBVF e ntshitseng ga tshwene mo go ona go ralala le naga. Kabinete e netefaleditse baagi ba mo mafelong ano gore ka go tshwarisana tiro eno le sepodisi, dikgato tsa tsereganyo di tla gagamadiwa go tlhomamisa gore basadi le bana ba a babalesega le go sireletsega.
2.3. Kabinete e amogetse e bile e leboga koleke ya bokanaka R50-milione go tswa kwa United Kingdom e e tla tshegetsang matsapa a a tsweletseng a Letlole la Tshwaraganelo go samagana le matsapa a ikonomi a a tlhodilweng ke leroborobo la COVID-19. Matlole ano a tla dirisiwa mo diporojekeng tse di tshegetsang le go tsholetsa serodumo sa basadi.
2.4. Kabinete gape e tlhagisitse matshwenyego a yona ka dipegelo tse di tlhobaetsang tse di ka ga ditiragalo tsa go utswiwa ga batho ka fa nageng moo go amegang basadi le bana. Sepodisi se mo motlhaleng wa ditiragalo tseno e bile se batlisisa dikgetse tsotlhe tse di butsweng tse di amanang le dipegelo tsa go utswiwa ga batho le tsa go rekisa diritibatsi go se mo molaong.
2.5. Kabinete e ikuela mo baaging go bega ditiragalo tse di setlhogo tseno tsa bosenyi kwa sepodising ka ponyo ya leitlho go na le gore ba dirise mafaratlhatlha a ditlhaeletsano, e leng seo se dirang gore go nne boima mo ditheo tsa go disa kobamelomolao go tsibogela dikgetse tseno ka bonako le ka tshwanelo. Baagi ba kgalemelwa gape le gore ba se phasalatse dikgang tsa maaka, tse di ka dirang gore batho ba tshelele mo letshogong go sa tlhokagale, ba dira gore go nne le tšhakgalo e e seng kana ka sepe le go tlhola merusu mo metseng ya rona.
2.6. Motho mang le mang yo a nang le tshedimosetso a ka ikgolaganya le SAPS mo nomorong ya Crime Stop e e reng 08600 10111 kgotsa a dirisa epe e e sa duelelweng ya MySAPS Application, e e ka taoneloutiwang ka mogala mongwe le mongwe wa mo seatleng wa iPhone kgotsa wa thekenoloji ya sešweng.

3. Go Sengwa le go Utswiwa ga Mafaratlhatlha a Setšhaba

3.1. Kabinete e neseditse pula ditiragalo tsa sešweng tsa go tshwarwa ga babelaelwa kwa Johannesburg le kwa Motsekapa ba ba amegang mo go utswiweng ga megala ya motlakase ya koporo mmogo le e e tsamaisang diterene. Sepodisi gape se diretse ka bonako mo go tshwareng batho ba ba amegang mo go senyeng mmilamogolo wa kwa Msinga, KwaZulu-Natal. 
3.2. Kabinete e akgola tiro eno e e dirilweng ke sepodisi mabapi le go utswiwa le go senngwa ga mafaratlhatlha a diterene; e leng bosenyi jo bogolo jo bo tlhodileng gore batho bangwe ba ba senang molato ba lobe matshelo a bona ka ntlha ya dikotsi tsa go sugagana ga diterene.
3.3. Mafaratlhatlha a setšhaba a santse a le botlhokwa mo go tsamaiseng ikonomi ya rona. E santse e le karolo ya botlhokwa mo thulaganyong ya rona ya go godisa ikonomi le ya go tlhola ditiro tse di tlhokagalang thata. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go bega ditiragalo tseno kwa sepodiseng.

4. Ditirelo tsa mo Inthaneteng tsa Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA)

4.1. Kabinete e neseditse pula kgato ya go thankgololwa ga webesaete ya ditirelo tsa go dira dikopo tsa madithuso mo inthaneteng ya SASSA, e leng seo se kgontshang batho go dira dikopo ka inthanete mo go https://services.sassa.gov.za. Webesaete eno – eo kwa tshimologong e tla dirisediwang go dira dikopo tsa madi a puso a a thusang batsadi go tlhokomela ngwana, a bagodi le a bana ba dikhutsana – ke kgato eo e tla thusang bao ba tlhokang go dira dikopo gore ba boloke madi a dipalangwa le go efoga go fola mela e meleele.
4.2. Kabinete e rotloetsa badiradikopo ba e leng gona ba simololang go dirisa mofama ono wa go itirela kopo ka bo bona go o samela ka ntlha ya gore o fokotsa dikotsi tsa go fetelwa ke COVID-19 jaaka go diragala mo mafelong a a nyeumang ka batho.

5. Kopanokakaretso ya Kokoano ya Dinagakopano (UNGA)

5.1. Moporesitente Ramaphosa o tsere karolo mo Dingangisanong tsa UNGA tsa Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio tsa Kopano ya bo 75 ya UNGA ka Labobedi, 22 Lwetse 2020 ka moono yo o reng: “Bokamoso jo re bo batlang, UN e re e Tlhokang: Re Totobatsa Maikano a Rona Mmogo a a ka ga Tirisanommogo mo Mererong ya Dinagantsi”.
5.2. Kabinete e rotloetsa gore paka ya segopotso e dirisiwe jaaka tšhono ya go fitlhelela diphetogo tse di tlhokagalang bogolo mo Lekgotleng la Pabalesego la UN (UNSC) go sekaseka dintlha tsa sešweng tsa ga jaana mo lefatsheng.?
5.3. Aforika Borwa e tla goga kwa pele UNSC lekgetlo la bobedi ka kgwedi ya Sedimonthole 2020 jaaka e tla bo e konosetsa paka ya yona ya boraro e le tokololo e e tlhophilweng go nna mo UNSC.

6. Kopano ya G20 ya Mafapha a Kgwebisano le Dipeeletso

6.1. Kabinete e neseditse pula dipoelo tsa Kopano ya G20 ya Mafapha a Kgwebisano le Dipeeletso e e neng e tshwerwe le naga ya Saudi Arabia ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio ka Labobedi, 22 Lwetse 2020. Kopano eno e kopantse ditona tsa mafapha a kgwebisano mo ditheong tse dikgolo tsa ikonomi tse di botlhokwa tse di tsenyeletsang tsa Amerika, China, Japan, India, Brazil le Germany. Aforika Borwa e ne e emetswe ke Letona la Lefapha la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo Ebrahim Patel.
6.2. Mo puong ya yona, kopano eno e tlhalositse botlhokwa jwa go phasalatsa ditiragalo tsa ikonomi, e leng seo se tlhomang metheo ya tshegetso mo go tla agelelwang bokgoni jwa naga go itlhagisetsa ka boyona mo makaleng a a botlhokwa, go tsenyeletsa a melemo le dijo.
6.3. Kopano eno gape e tshegeditse le dikgato tsa go tsholetsa matlafatso ya basadi mo ikonoming mmogo le dikgwebokgolo, dikgwebopotlana le dikgwebo tsa mo magareng mmogo le go sekegela tsebe selelo sa dikotsi tsa dikgwebo tse di seng mo molaong.

7. Lekgotla la Ditona tsa Mokgatlho wa Dinaga tsa Borwa jwa Aforika wa Dithoto tsa Lekgetho (SACU)

7.1. Kabinete e neseditse pula dipoelo tsa Kopano ya Lekgotla la Ditona tsa SACU e e neng e tshwerwe ka Mosupologo, 21 Lwetse 2020. Ditona tsa Matlole le Kgwebisano go tswa kwa Namibia, Botswana, Eswatini, Lesotho le Aforika Borwa di ne di tsenetse kopano eno, e monnasetulo wa yona e neng e le Tona ya Matlole Tito Mboweni mme naga ya Aforika Borwa e ne e emetswe ke Tona Patel.
7.2. Lekgotla leno le sekasekile botlhokwa jwa SACU mo go samaganeng le Tumelano ya Kgwebisano e e Senang Dikgoreletsi mo Dinageng tsa Kontinente ya Aforika. E tsere tshwetso ya gore tiro e e tla diriwang ke lekgotla leno mo nakong e e tlang e tla tsepamisa mogopolo mo go ageng dinaga tsa SACU tse di tlhabologang gore di nne mafelo a magolo a tlhagisodikuno le motswedi wa boitshimololedi gore di kgone go tlamela kontinente yotlhe ka ditlhagisiwa le ditirelo.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Pegelo ya Khomišene ya Moporesitente e e ka ga Merero ya Phetogo ya Intaseteri e e ka ga Thekenoloji (PC4IR)

1.1. Kabinete e neseditse pula kgato ya go phasaladiwa ga Pegelo ya PC4IR mo Kaseteng ya Puso. Pegelo eno e tshitshinya gore maikemisetso a go tsosolosa difeme tsa ka fa nageng a kgotlhokgodiwe mme go tokafadiwe kgaisano ya rona mo lefatsheng le mo kontinenteng mo mererong ya ikonomi mmogo le go tokafatsa kgolo ya ikonomi e e akaretsang botlhe.
1.2. Dikarolo tse di botlhokwa thata mo Togamaanong ya PC4IR di tsenyeletsa dikgaisano mo mererong ya ikonomi, go tsibogela dikgwetlho tsa kabo ya ditirelo, go thapa batho mmogo le go samagana le COVID-19.
1.3. Seno se diragatsa se go builweng ka sona mo Puong ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ya ngwaga wa 2018, mo go laetsweng gore Khomišene ya Merero ya Phetogo ya Intaseteri e e ka ga Thekenoloji e tla rwala maikarabelo a go samagana le ditlhabololo tse di tlisiwang ke thekenoloji tse di diragalang ka bonako mmogo le go netefatsa gore naga e tswelela go atlega.

2. Letsholo la Ngwaga wa 2020 la Kgwedi ya Dipalangwa

2.1. Kabinete e neseditse pula Letsholo la Ngwaga wa 2020 la Kgwedi ya Dipalangwa ka moono yo o reng: “Mmogo re Fetola Sebopego sa Dipalangwa sa mo Nakong e e Tlang”. Kabinete mo ngwageng wa 2005 e utlwane gore kgwedi ya Diphalane e tla nna ya go go lemosa setšhaba ka mananeo a dipalangwa jaaka e le a mangwe a dikarolo tse di botlhokwa mo go iseng ikonomi kwa pele. 
2.2. Lenaneo la monongwaga le tla tsepamisa mogopolo mo dikarolong di le tharo e bong (1) tlhabololo mo lekaleng la dipalangwa fa go bulwa sešwa ikonomi ya rona re ntse re tobane le COVID-19; (2) pabalesego mo mefuteng yotlhe ya dipalangwa, mmogo le, (3) phetolothefosano, matlafatso le go kwadisa semmuso intaseteri ya dithekesi.
2.3. Lenaane leno la naga le le gogang ngwaga otlhe le tla tsepamisa mogopolo mo makaleng a a farologaneng a intaseteri ya dipalangwa. Le tla garela ka go ketekiwa ga Lekgotla la Naga la Dithekesi kwa bokhutlhong jwa kgwedi ya Diphalane 2020, e leng lona le le tla kgobokanyang maikutlotshwaelo a batho go tswa kwa Makgotleng a Diporofese tsa Naga. 

C. Melaotlhomo

1. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditirelo tsa Kgopololo ya Batshwariwa wa 2020

1.1. Kabinete e neseditse pula go tlisiwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditirelo tsa Kgopololo ya Batshwariwa wa 2020. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di samagana bogolosegolo le katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo e e rebotsweng mo Katlholong ya Phaahla ka la bo 3 Motsheganong 2019.
1.2. Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa di tlhoma tshwanelo ya tshekiso e e sa sekamelang ka fa letlhakoreng lengwe jaaka go tlhalositswe mo Karolong ya bo 35(3)(n) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 fa go diragadiwa Karolo ya bo 136 (1) ya Molao wa Ditirelo tsa Kgopololo ya Batshwariwa wa 1998 (Molao wa bo 111 wa 1998).

2. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa SAPS wa 2020

2.1. Kabinete e neseditse pula go phasaladiwa ga Molaotlhomo ono mo Kaseteng ya Puso gore baagi ba dire ditshwaelo. Molaotlhomo ono o kwalola sešwa Molao wa SAPS wa 1995 (Molao wa bo 68 wa 1995), gore o lepalepane le Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 gore re nne le tirelo e e tswileng diatla ya bopodisi. 
2.2. Gare ga tse dingwe, o tlamela ka letlhomeso la semolao mo go buseng ditirelo tsa sepodisi mmogo le mo go tlhomeng diforamo tsa baagi tsa tlhokomelo ya metse e ba nnang kwa go yona. Molaotlhomo ono gape o tsaya tsia ditshitshinyo tse di rebotsweng mo Khomišeneng ya Dipatlisiso tsa Ditiragalo tsa Dipolao tsa Badiramoepong kwa Marikana e e neng e gogwa kwa pele ke Moatlhodi Ian Farlam.

D. Ditiragalo tse di Tlang

1. Letsatsi la Ngwaobošwa

1.1. Letsatsi la Ngwaobošwa le ketekiwa gompieno, ka la bo 24 Lwetse 2020 ka moono wa Kgwedi ya Ngwabošwa: “Re Keteka Ngwaobošwa ya Batho ba Aforika Borwa ba re Santseng re na le Bona mo Botshelong”. Moporesitente Ramaphosa o tla bua le baagi ka fa nageng ka thelebišene.
1.2. MaAforika Borwa a rotloediwa go dirisa Kgwedi ya Ngwabošwa go keteka khumo ya ditso le ngwaobošwa e re nang le yona, mmogo le go atlhaatlhaa kgang ya go aga setšhaba sa rona le go nna seoposengwe. Moporesitente Ramaphosa o rotloeditse maAforika Borwa go tsaya karolo mo mephadisanong ya go bina mo lefatsheng ka bophara mo go bineleng pina ya Jerusalema ka Letsatsi la Ngwaobošwa.
1.3. Kabinete e tlotlomaditse bokgoni jwa Master KG (yo leina la gagwe la nnete e leng Kgaogelo Moagi) go bo a tlhagisitse pina ya Jerusalema, e leng pina e e itsegeng thata eo mo go yona a nang le seopedi seo gape e leng mokwadi wa dipina e bong Nomcebo Zikode. Kabinete e a ba leboga go bo ba tlhagisitse bokgoni jwa naga ya rona mo go direng mmino, ka pina eno e e ratilweng lefatshe ka bophara. Ke bona Baemedi ba Naga ya Rona ba Semmuso mo Lefatsheng ba ba Emetseng Naga ya Rona mo Mererong ya Botsweretshi le Setso.

E. Melaetsa

1. Melaetsa ya Matshediso

Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:

1.1. mogale wa letseka, Moleftenentekolonele Charl Kinnear, yo a bolailweng fa pele ga lapa la gagwe kwa Bishop Lavis kwa Motsekapa. O diretse SAPS ka boineelo sebaka sa dingwaga di le masome a mararo mme o ne a batlisisa dikgetse tsa bosenyi jo bogolo.
1.2. Sajene Thabile Mapoma, yo a bolailweng setlhogo kwa Khayelitsha kwa porofenseng ya Kapa Bophirima.
1.3. tokololo ya Lekgotlakhuduthamaga la Metshameko ya Rakabi la Aforika Borwa, Rre Monde Tabata, yo a neng a na le dingwaga di le 60. Rre Tabata o ne a na le phisegelo e tona ya go bona merafe e e farologaneng e tshameka ka katlego metshameko ya rakabi mo nageng ya Aforika Borwa.
1.4. Moruti Emmanuel Motolla wa Kereke ya Sione (ZCC). Kabinete gape e rometse matshediso a yona le kwa ditokololong tsa ZCC le go ba lakaletsa gore ba tie le go itshoka mo kutlobotlhokong eo ba leng mo go yona.

F. Go Thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

1. Setheo sa Matlole a Dikgwebopotlana (SEFA):
a. Rre Mxolisi Dalukhanyo Matshamba go nna Mokaedikhuduthamagamogolo;
b. Mme Sedzani Mudau (Mokaedi yo e Seng wa Khuduthamaga mo Botong ya SEFA);
c. Mme Ziyanda Buthelezi-Ngcobo (Mokaedi yo e Seng wa Khuduthamaga mo Botong ya SEFA); mmogo le
d. Mme Hilda-Marie Tsoadi (Moemedi wa Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDC) mo Botong ya SEFA).

2. Setheo sa Tlhabololo ya Dikgwebopotlana (SEDA):
a. Ngaka Joy Ndlovu go nna Monnasetulo mo Botong ya SEDA; le
b. Ngaka Stella Bvuma (Mokaedi yo e Seng wa Khuduthamaga mo Botong ya SEDA).

3. Katoloso ya konteraka ya go thapiwa sebaka se se rileng ya ga Rre Ian van Niekerk go nna Motlhankedimogolo wa Matlole (CFO) mo setlamong sa Broadband Infraco.
4. Rre Molatlhegi Khunou Kgauwe go nna CFO mo Setheong sa Puso sa Thekenoloji ya Tshedimosetso.
5. Mme Marelize Potgieter go nna Motlatsamokaedikakaretso (DDG): Ditirelo tsa Tsamaiso ya Kgotlatshekelo mo Kantorong ya Moatlhodimogolo wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo.
6. Rre Brightboy Nhlakanipho Nkontwana go nna DDG: Dipuisano, Merero ya Ditiro le Megolo mo Lefapheng la Tirelopuso le Tsamaiso.

Dipotsolotso: Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete

Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore