A. Merero ya ga Jaanong
1. Go Aga Aforika Borwa yo o Babalesegileng
1.1. Go Lwantshana le Botlhokotsebe
1.2. Kabinete e itumeletse go golegwa ga mobelaelwa wa dingwaga di le 40 yo go belaelwang e le yo mongwe wa baeteledipele ba digongwana tsa botlhokotsebe jwa go thopa ka kgang beng ba dikgwebo kgotsa ba masika a bona ka fa nageng ya Aforika Borwa le go ba tswalela go fitlha ba bo bona ba ba golola ka tuelo e digongwana tseno di e batlang. Mobelaelwa yono gape go belaelwa a na le mofetsho mo kgetseng eo mo go yona mapodisi a thopileng diritibatsi tsa crystal meth tse di balelwang di ka ja dimilione di le R300 tseo di thopilweng sešweng jaana kwa Johannesburg, mo metseng ya bahumi ya kwa Fourways le ya kwa Bruma. Tiragalo eno ya go golegwa ga motho yono e bontsha maitlamo a puso a go lwantshana le ditiragalo tsa bosenyi tsa digongwana tse di dirang bosenyi ka thulaganyo e e matsetseleko ya go utswa ka mmetela le go timetsa motlhala.
1.3. Kabinete e eme nokeng dikgato tsa go romela maphata a a farologaneng a sepodisi go samagana le bosenyi jo bo tswang mo taolong kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba. Maphata ano a tsenyeletsa a go lwantshana le botlhokotsebe jwa ditiragalo tsa bosenyi tsa digongwana tse di dirang bosenyi ka thulaganyo e e matsetseleko ya go utswa ka mmetela le go timetsa motlhala, mapodisi a ditirelo tsa boitsenape mmogo le a go lwantshana le botlhokotsebe jwa go tsietsa setšhaba. Kabinete e boeletsa boikuelo jwa yona mo sepodising gore a setšhaba se se boge mo diatleng tsa ditlhokotsebe.
1.4. Kabinete e itumeletse gape le dikgato tsa go tshwara mobelaelwa yo a neng a tshwere makwalo a go kgabaganya melelwane a le 34 yo a golegweng ke Setheo sa go Disa Melelwane kwa Molelwaneng wa Lebombo kwa Mozambique. Eno ke e nngwe ya dikgato tsa go utolola ditiragalo tsa go kgabaganya melelwane ka mekgwa e e seng mo molaong e leng ditiragalo tsa botlhokotsebe jo bo diriwang ke digongwana ka maitlhomo a go nyatsa melao ya rona ya melelwane le ya go kgabaganya melelwane.
1.5. Go lwantshana le botlhokotsebe e santse e le tiro e e tlhokang go tshwaraganelwa ke mapodisi, baagi le makala otlhe mo setšhabeng mme Kabinete e tswelela go ikuela mo baaging go dirisana le mapodisi go lwantshana le botlhokotsebe mo metseng ya rona.
1.2. Go Lantshana le Ditiragalo tsa go Bogisa le go Bolaya Batho ba Sesadi (GBVF)
1.2.1. Kabinete e ikuela mo banneng go nna seoposengwe mo letsholong la ga Moporesitente Cyril Ramaphosa le le ka ga go lwantshana le GBVF ka go saena boikano jo bo leng mo inthaneteng mo webesaeteng ya www.stateofthenation.gov.za/endGBVF.
1.2.2. Ka go saena boikano jono, ba nna ba tsaya boikano jwa gore le bona e tla nna karolo ya go tla ka tharabololo, ka go itshwara sentle le go nna le maitseo, mmogo le go rwala maikarabelo a sengwe le sengwe se ba se dirang. Boikano jono bo bofa banna gore gape ba se tlhole ba emisetsa basadi letsogo mme ba bone basadi fela jaaka batho ba ba tshwanang le bona, ba tlotle ditshwanelo tsa bona le go se nyenyefatse seriti sa bona. Go thusana go lwantshana le GBVF re ipopile ngatana nngwe go thusa gore re nne le ditšhaba tse di babalesegileng le tse mo go tsona go renang kagiso, mo basadi le bana ba kgonang go ntsha ga tshwene.
1.2.3. Mo godimo ga seno, Kabinete e itumedisitswe ke go bulwa ga Tikwatikwe ya bo 65 ya Sepetlele sa Mitchells Plain kwa Motsekapa fa beke eno e roga mme yona e tla tswela batswasetlhabelo ba GBVF mosola. Dikgato tsa puso tsa go bula Mafelo a go Tlhokomela Basadi ba ba Bogisiwang naga ka bophara ke tsa go tsibogela bothata jo bo leng teng jo bo tlhokang go rarabololwa le go thibelwa ka bonako le go thusa batswasetlhabelo ba ba meletsweng meno, segolo basadi le bana.
1.2.4. Kabinete e hutsafaditswe thata ke dipalopalo tse di tlhobaetsang tsa basetsanyana ba mo go bona go nang le ba dingwaga di ka nna 10 ba e setseng e le batsadi mme ba santse ba le bannye.
1.2.5. Kabinete e ikuela mo setšhabeng le mo batsading go tshwarisana kgodiso ya bana gore ba kgone go samagana le bothata jono mme ba ka dira seno ka go tshwarisa motho mongwe le mongwe yo a robalanang le bana (kana bana bao ba leng ka fa tlase ga dingwaga di le 16) gonne batho bano ba gatakaka molao.
1.2.6. Fa naga e sa tseye dikgato go samagana le kgwetlho eno e e dirang gore basetsana ba nne mo mmeleng e santse e le makgabunyana, makgarebe le basadi go ya go ile ba tlile go tswelela go rwala mo ditlhogong tsa bona tshokolo, go tlhoka thuto le go palelwa ke go huma.
1.3. Go Gololwa Pele ga Nako ga Kgatiso ya Kotara Nngwe le Nngwe ya Dipalopalo tsa Dikgetse tsa Bosenyi
1.3.1. Kabinete e sekegetse tsebe dikgato tsa go gololwa ga letlha la Go Gololwa Pele ga Nako ga Kgatiso ya Kotara Nngwe le Nngwe ya Dipalopalo tsa Dikgetse tsa Bosenyi mo Ngwageng wa Matlole wa 2024/2025. Dipalopalo tsa dikgetse tsa botlhokotsebe tsa kotara ya ntlha le ya bobedi di tla phasaladiwa ka kgwedi ya Phatwe le ya Ngwanaitseele 2024, mmogo le ka kgwedi ya Tlhakole le ya Motsheganong 2025. Go phasaladiwa gangwe le gape ga dipalopalo tsa dikgetse tsa botlhokotsebe go botlhokwa thata mo go thuseng go disa maemo a botlhokotsebe le mo go thuseng go tsaya ditshweetso tse di botoka mo go lwantshaneng le botlhokotsebe.
1.4 Go nna le Dithulaganyo tsa go Samagana le Masetlapelo
1.4.1 Kabinete e itumeletse dikgato tse di tserweng ka bonako ke Lephata la go Agela Baagi Bonno mo go thuseng baagi bao dintlo tsa bona di tsenetsweng ke metsi fa mabota a letamo a ne a phutlhama ka la bo 8 Phatwe 2024 kwa Masepaleng wa Swartland kwa porofenseng ya Kapa Bophirima.
1.4.2 Ditiragalo tsa go ema nokeng malapa a a wetsweng ke leru leno di tsweletse go latela gore matamo a le mararo a a neng a agetswe go thusa dipolasa, a a leng kwa Riverlands a senyetse batho dithoto tsa bona le go senya mafaratlhatlha. Metsi jaanong a omile mme baagi ba ba neng ba gaeletswe jaanong ba ka boela kwa magaeng a bona. Le fa go le jalo, go santse go samaganwe le tiro ya go sekaseka boleng jwa ditshenyegelo, mme ditikwatikwe di le pedi tse di leng teng di santse di tswelela go thusa baagi ba ba sa boneng go le molemo go ka boela kwa magaeng a bona gona jaanong.
1.4.3 Jaaka paka ya dipula e ntse e atumela mo dikgaolong tse di kwa bokone jwa naga, Kabinete e ikuela mo dimasepaleng go dira bonnete jwa gore mesima ya go olela metsi a a gasaganang mo mebileng e phepafaditswe ka go ntsha dilo tse di tleng di e thibe gore e palelwe ke go sela metsi fa dipula di tsorotla.
2. Maemo a Ikonomi
2.1 Dipatlisiso tsa Kotara Nngwe le Nngwe tsa Dipalopalo tsa Batho ba ba Dirang le ba ba sa Direng
2.1.1 Dipalopalo tsa semmuso tsa batho ba ba sa direng di ne di balelwa mo go 33,5% mo kotareng ya bobedi ya ngwaga wa 2024, e ne ya tlhatloga ka 0,6% fa e bapisiwa le dipalopalo tsa kotara ya ntlha (mo di neng di le mo go 32,9%). Dipalopalo tsa batho ba ba senang ditiro di fokotsegile ka 92 000 mme mo kotareng ya bobedi ya ngwaga wa 2024 di ne di eme mo go dimilione di le 16,7. Dipalopalo tsa batho ba ba nang le ditiro di oketsegile ka badiri ba le 158 000 mme ga jaana palo ya badiri mo go yona kotara eo ya bobedi di eme mo go dimilione di le 8,4.
2.1.2 Ditlhatlhobo tsa dipalopalo tsa badiri mo diintasetering tse di rileng di bontsha phokotsego ya badiri mo diintasetering di le tlhano mo go di le 10 magareng ga kotara ya ntlha ya 2024 le kotara ya bobedi ya 2024. Phokotsego ya badiri e ne e le e ntsi thata mo diintasetering tsa lephateng la Kgwebisano (110 000), la Temothuo (45 000), le mo Ditirong tsa go Thusa ka fa Ntlong (18 000).
2.1.3 Le fa go le jalo, dipalopalo tse di tlhatlogileng tsa badiri tsona di tlhatlogile ka bontsi mo intasetering ya Tlhagisodikuno (49 000) mmogo le mo go ya Ditirelo tsa Tlhokomelo ya Baagi le Setšhaba (36 000). Kgolo eno mo lephateng la tlhagisodikuno e re tiisa mmooko mo go ageng ikonomi e e itshetlegileng ka ditiro tsa tlhagisodikuno. Puso e santse e eme ka lefoko la yona la leano le le botlhokwa thata la go aga ikonomi e e tla tlholang ditiro.
2.2. Go Fetoga ga Maemo a Ditlhwatlhwa mo Ikonoming
2.2.1. Ditlhwatlhwa tsa go reka tsa ngwaga le ngwaga ka Phukwi 2024 di ne di eme mo go 4,6%, e leng phokotsego ya go tloga mo go 5,1% ka Seetebosigo 2024. Ditlhwatlhwa tsa go reka di tlhatlogile ka 0,4% kgwedi le kgwedi go fitlha ka Phukwi 2024.
2.2.2. Se se dirileng gore ditlhwatlhwa tseno tsa ngwaga le gnwaga di fokotsege go fitlha mo go 4.6% ke:
• Dituelelo tsa dintlo (tse di tlhatlogileng ka 5.3% ngwaga le ngwaga le go nna le seabe sa dintlha di le phesente e le 1.3)
• Mefutafuta ya ditlhagisiwa le ditirelo (di tlhatlogile ka 7.0% ngwaga le ngwaga le go nna le seabe sa dintlha di le phesente e le 1.0)
• Dijo le dino tse di senang notagi (di tlhatlogile ka 4.5% ngwaga le ngwaga le go nna le seabe sa dintlha di le phesente e le 0.8), mmogo le
• Dipalangwa (di tlhatlogile ka 4.2% ngwaga le ngwaga le go nna le seabe sa dintlha di le phesente e le 0.6).
Maemo a a fetogang a ditlhwatlhwa mo ikonoming ka Phukwi 2024:
• Ditlhagisiwa di ne di le mo go 4.6%, e leng phokotsego ya ditlhwatlhwa go tlogeng mo go 5.5% ka Seetebosigo 2024, mme
• Ditirelo di ne di le mo go 4.7%, e leng koketsego ya ditlhwatlhwa go tlogeng mo go 4.6% ka Seetebosigo 2024
2.3. Motlakase
2.3.1. Go saeniwa ga Molao wa Taolo ya Motlakase ke Moporesitente Ramaphosa gore o nne molao yo o latelwang go tla dira gore re nne le metswedi e e tla gaisanelang maraka go dira gore re nne le lekala la metlakase e e sa tshwenyeng e e tla thusang naga ya Aforika Borwa gore e se tlhoke motlakase.
2.3.2. Diphetogo tse di dirilweng di thusa gore naga e se tlhole e tlhaela motlakase ka go dira gore ka fa nageng go nne le batlhagisi ba bangwe ba bantsi ba motlakase.
2.3.3. Tshomarelo ya motlakase wa ka fa nageng e tlhatlositswe gape le ke go okediwa ga motlakase wa ka fa nageng ka dimekawate di le 2 500 e leng motlakase o o tla tsenngwang mo diyuniting tsa tlamelo ya motlakase ka fa nageng fa kgwedi ya Lwetse 2024 e garela. Motlakase o mongwe gape ke o o tla tswang kwa Yuniting ya bone le ya borataro ya Medupi le Kusile mmogo le Yuniti ya bobedi ya Koeberg go tla dira gore naga e kgone go fitlhelela matsatsi a le 150 motlakase o sa tshabe. Go garela matsatsi ano a le 148 re thusitswe ke go fokotsa go dirisa mafetlho a magolo a motlakase, e leng selo se se dirileng gore re kgone go boloka dibilione di le R10.21 e e ka bong e diriseditswe go reka disele fa go bapisiwa le paka yona eno ya mo ngwageng yo o fetileng.
2.3.4. Kabinete e sekegela tsebe dikgato tsa Tona ya Merero ya Motlakase, Ngaka Kgosientsho Ramokgopa, tsa go gogela kwa morago thendara e ntšhwa ya motlakase wa go fetlhiwa ka nyutlelia, ka maitlhomo a go letlelela gore go fetisiwe dikgato tsa go sekegela tsebe maikutlo a setšhaba. Kabinete e eme ka la gore motlakase wa go fetlhiwa ka nyutlelia e santse e le karolo ya metswako ya naga ya rona ya metlakase jaaka o sa kgotlhele tikologo go le kalo, ke motlakase o o tshepagalang thata yo o ka thusang go utlwagala mo go direng bonnete jwa gore naga ga e sa tlhoka motlakase mmogo le mo go thuseng naga go fitlhelela dintlha tsa phetogo ya maemo a loapi.
2.4. Mafaratlhatlha a Boemelakepe
2.4.1. Kabinete e itumeletse dikgato tsa go thankgolola dikepe di le tlhano mo go di le supa tse di gogang dikepe tse di rwalang merwalo, mme tsona ke karolo ya dijanaga tsa Setheo sa Maemelakepe a Naga sa Transnet tse di rekilweng ka letsholo la go tsosolosa setheo ka go samagana le dikgwetlho tse di leng teng kwa maemelakepeng tse di ka ga mokitlano wa kwa mafelong ano fa go tla mo Thulaganyong ya Taolo ya Dithoto mme seno se tla tsosolosa tiro e e tswileng diatla le go gaisanela maemo le ba bangwe mo tirong ya maemelakep a naga ya rona mmogo le mo go ya kwa ditereneng.
2.4.2. Dikepe tseno tsa merwalo di na le thekenoloji e ntšhwa ya maemo a a kwa godimo mme matsogo a dikepe tseno a a tlhabolotsweng a tla thusa thata mo go gogeng dikepe tse dikgolo le go fokotsa nako e e tleng e tsewe fa go tlhokega go retolola sekepe se segolo jaaka seno se tla thusa mo go direng gore dithoto tse di tsamayang ka ka sekepe le mabakane a a rwalwang ka sekepe a tshware nako ko a isiwang teng kwa maemelakepeng a magolo. Dikepe tseno di tla thusa gape le go dira gore mafelo a boemelakepe a femelesege mmogo le go thusa gore go se tlhole go nna le dikotsi mo mafelong ano ka go bontsha dikepe tse dikgolo tsela fa go kitlane.
3. Merero e e Amanang le tsa Pholo le Boitekanelo
3.2.1. Bolwetse jwa Mpox
3.2.2. Jaaka dipegelo tsa go runya ga bolwetse jwa Mpox, jo ga jaana Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Boitekanelo (WHO) o rebotseng pegelo ya gore ke Bolwetse jo bo Kotsi jo bo Tshwanetsweng go Lejwa ka Leitlho le le Ntšhotšho mme gape le Tikwatikwe ya Kontinente ya Aforika e e Mabapi le go Thibela go Anama ga Malwetse ka fa kontinenteng le yona e ntshitseng pegelo ya yona ya mothale oo, Kabinete e batla go solofetsa baagi gore bolwetse jono ka fa nageng bo santse bo le mo taolong.
3.2.3. Go fitlha gompieno dipalo tsotlhe tsa balwetse ba ba tshwerweng ke bolwetse jono di eme mo go ba le 24 mme mo go bona ba le bararo ba tlhokafetse, ba le 19 ba santse ba itharabologelwa fa ba le babedi ba itswaletse jaaka ba sa tshwanela go kopana le batho ba bangwe. Mo go bona botlhe, ba le 12 ke ba kwa Gauteng, ba le 11 ke ba kwa KwaZulu-Natal fa a le mongwe e le wa kwa Kapa Bophirima.
3.2.4. Kabinete e ikuela mo baaging go nna le seabe ka go ema puso nokeng mo dikgatong tsa yona tsa go thibela go anama ga Mpox ka go itlhokomela mmogo le go phela ka go dirisa mekgwa e e sa tlhokeng ditlhare e e jaaka go tlhapa mmele gore ba se welwe ke malwetse ano.
3.2.5. Kabinete e eme boikuelo jwa ga Moporesitente Ramaphosa nokeng, mo maemong a gagwe mo Mokgatlhotshwaraganelong wa Aforika (AU) a a ka ga go Thibela, go Ipaakanyetsa le go Samagana le Maroborobo, jwa gore go nne le tirisanommogo e e tseneletseng le Tikwatikwe ya Kontinente ya Aforika e e Mabapi le go Thibela go Anama ga Malwetse gore re kgone go dira bonnete jwa gore go nna le kemonokeng e e lekaneng go tswa kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba, netefaletso ya gore go tla abelanwa ka melemo ka go lekalekana go akaretsa didirisiwa tsa go thusa go utolola malwetse, kalafo le meento.
3.3. Bolwetse jwa Leruo (FMD)
3.3.1. Go dirilwe kgatelopele e kgolo mo go lwantshaneng le bolwetse jwa metlhape kwa masepaleng wa selegae wa Kouga mmogo le wa Kou-Kamma kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba mo diphologolo tsa bofelo tse go begilweng di na le bolwetse jono di begilweng kgwedi ya Phukwi e le fa gare.
3.3.2. Go tsweletswe go lebelela ka leitlho le le nšhotšho motsamao wa motlhape go tsena le go tswa mo lefelong le le amegileng ke bolwetse jono le mafelo a a sa amegang maitlhomo e le go thibela gore bo se gakale le go kgabaganyetsa kwa mafelong a a senang bona go ya ka Dikgato tsa go Disa Malwetse, mme e bile fa o tlhoka go tsaya diphologolo go di isa felogongwe o tlhoka Phomete e e go Letlelelang go Fudusa Diphologolo go tswa kwa ngakeng ya diphologolo e e direlang puso mo kgaolong eo mme seno ke maitlhomo a go dira gore bolwetse bo se aname.
3.3.3. Dikgomo di le 30 tse go fitlhetsweng gore di na le bolwetse jono di tlhaotswe mo go tse dingwe tse di sa lwaleng mme tsona tsa bewa di le esi gore di okiwe gore di se tshwaetse tse dingwe, mme go tsweletswe ka go dirisa meento go thibela go anama ga bolwetse jono le go fokotsa bogale jwa bolwetse jono. Mo godimo ga seno, dipolasa tse dingwe di le 37 ka ntlha ya bogaufi jwa tsona le dipolasa tse di nang le bolwetse jono, le tsona di reboletswe moento. Dipalo di eme jaana, dikgomo di feta di le 92 000 mmogo le dinku di ka nna 600 go ralala le dipolasa di le 67 di setse di neilwe moento.
3.4 Letsholo la Phepo ya Barutwana kwa Dikolong
3.4.1 Kabinete e nopotse leano la go tla ka dithulaganyo tse di tsamaisanang le dinako tsa Letsholo la Phepo ya Barutwana kwa Dikolong mme e ema nokeng tiro e go samaganweng le yona ya go dira bonnete jwa gore go diriwa sengwe le sengwe go dira bonnete jwa gore go utololwa diphoso ntle le go lomeletsa bajalefa ba letsholo leno e leng barutwana ba le dimilione di le 9.7 bao ba unngwelwang ke letsholo leno letsatsi le lengwe le le lengwe.
4. Go Tlotlomatsa Kgwedi ya Basadi
4.2.1. Samiti ya Naga e e ka ga Merero ya Batho ba Bong jo bo Rileng mo Maphateng a Difofane
4.2.2. Setheo sa Naga ya Aforika Borwa sa Merero ya Difofane (SACAA), seo e leng setheo sa Lefapha la Dipalangwa, se tshwere ka katlego Samiti ya Naga e e ka ga Merero ya Batho ba Bong jo bo Rileng mo Maphateng a Difofane (NAGS) e e neng e tshwaretswe kwa KwaZulu-Natal ka Laboraro wa la bo 21 Phatwe 2024 ka maitlhomo a go tlhotlheletsa seabe sa basadi mo lephateng lotlhe la difofane tsa lefatshe, mmgo le go godisa ditshwanelo tse basadi ba nang le tsona mo lekaleng leno.
4.3. Dikopano tse di Tshwarwang mo Mafaratlhatlheng a Ditlhaeletsano tse di ka ga Matlafatso ya Basadi ke Basadi ba Bangwe mo Mererong ya Ikonomi
4.3.1. Lefapha la Merero ya Basadi, Bašwa le Batho ba ba Nang le Bogolofadi le tla tshwara Dikopano tse di Tshwarwang mo Mafaratlhatlheng a Ditlhaeletsano tse di ka ga Matlafatso ya Basadi ke Basadi ba Bangwe mo Mererong ya Ikonomi mme di tla tshwarwa sebaka sa matsatsi a le mabedi go matlafatsa basadi ba maAforika Borwa mme yona e simolotse ka la bo 21 mme e tla garela ka la bo 22 Phatwe 2024.
4.3.2. Kopano eno e tla sekaseka dintlha tse di botlhokwa mo go matlafatseng basadi mo mererong ya ikonomi mme go tla tsepamisiwa megopolo mo matsholong a go gwebisana le a ikonomi, ditumelano le matlhomeso a a utlwanetsweng mo ditheong tsa puso ya kgaolo le ya naga mmogo le seabe seo a nang le sona mo go matlafatseng basadi, bašwa le batho ba ba nang le bogolofadi.
5. Dikamano tsa Boditšhabatšhaba
5.1 Kopano ya bo 44 e e Tlwaelegileng ya Dinaga tse di Dirisanang Mmogo tse di kwa Borwa jwa Aforika Samiti
5.1.1 Kabinete e neseditse pula Kopano ya bo 44 e e Tlwaelegileng ya Dinaga tse di Dirisanang Mmogo tse di kwa Borwa jwa Aforika (SADC) e e neng e tsenetswe ke Ditlhogo tsa Dinaga le tsa Dipuso tsa dinaga tseo mme e ne e tshwaretswe kwa teropong ya Harare, kwa nageng ya Zimbabwe ka la bo 17 Phatwe 2024.
5.1.2 Mo samiting eno ditokololo go ikuetswe mo go tsona gore di tsaye dikgato go tsenya tirisong Boikuelo jwa go tswa Baagi Thuso mo Kgaolong ya SADC ba ba tlhokang thuso ka ntlha ya dikomelelo le merwalela e leng maemo a loapi a a fetlhiwang ke El Niño, mmogo le go tswelela go ela tlhoko maemo a loapi le dikotsi tse di tlhagelelang mmogo le maemo a bosa a a begiwang kwa pele malebana le La Niña mme ka tshedimosetso eo re ithulaganye sentle gore re kgone go samagana le matlhotlhapelo a a ka nnang teng.
5.1.3 Mo Samiting eno go sekasekilwe gape le dikgato tsa go tsenya tirisong Tumelano ya Mafelo a Kgwebisano a Dinagatharo (TFTA) mo Dinageng tse Dimaraka tsa tsona di Rekisetsanang mo Dikgaolong tsa Botlhaba le Borwa jwa Aforika, Dinaga tsa Botlhaba jwa Aforika mmogo le tsa SADC, mme seno se tla naya dinaga tsa SADC ditšhono tsa go atolosa dimaraka tsa tsona tse ga jaanong e leng dinaganyana fela di le 26 mme di tla kgona jaanong go fitlhelela dinaga di le dimilione di le 700 le go direla dinaga tsa tsona Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) se ka dira tirilione e le nngwe ya ditolara.
5.1.4 Mo ntweng e e santseng e runtse ya magareng ga naga ya Iseraele le ya Palesetina, Kabinete e sulafaleditswe nko go feta molome ke ditlhaselo tse di tswelelang tsa go tlhasela baagi ba naga ya Palesetina mo go nang le bao ba tlhokafetseng, dithoto tse di phutlhamisitsweng le go wisiwa ga seriti sa matshelo a batho. Kabinete e latlhetse la botšhiwana gore ntwa e emisiwe ka ponyo ya leitlho, bagolegwa ba ntwa botlhe ba gololwe mme go simololwe go nniwe mo tafoleng go buisanwe gore ke eng se se ka diriwang gore go feletse go rena kagiso e e tla renelang ruri mo dinageng ka bobedi.
5.2 Khonferense ya Mokgatlho wa Ditlamo tsa Diterene tsa Dinaga tsa Borwa jwa Aforika
5.2.1 Kabinete e neseditse pula dipuisanelo tse di dirilweng mo Khonferenseng ya bo 13 ya SARA tse di neng di le mabapi le go godisa lekala leno mo dinageng tsa SADC, mo maitlhomo e leng go gakatsa kgwebisano mo kgaolong eno mmogo le go dirisa ditšhono tse di tlang le Letsholo la Kgwebisano ya Dinaga tsa Kontinente ya Aforika Ntle le go Kgorelediwa ke Sepe.
5.2.2 Intaseteri e e tla dirang bontle ya diterene mo kgaolong ya SADC e tlhoka dipeeletso tse di boitshegang mo lephateng la diterene mme ka jalo go tshwarisana tiro eno re le dinaga tsa kgaolo ya SADC go ka thusa go samagana le ntletsentletse ya dikgwetlho tseno. Mo dingwageng tse di fetileng lephata la diterene la kgaolo ya rona le ne la tobana le dikgwetlho tse di jaaka botlhokotsebe jwa go utswediwa le go senyediwa.
5.2.3 Naga ya Aforika Borwa e ikanya gore e eme sejaro e letetse go diragatsa kgaolo ya yona ka botswapelo go dira bonnete jwa gore go nna le mafaratlhatlha a diterene a a neeletsanang le a dinaga tse dingwe a a dirang sentle, mme e bile dipholisi tsa yona tsa go tsenya matsholo tirisong tse di jaaka Leano la go Rulaganya Dijanaga tse di Rwalang Dithoto, di siametse tiro ya go tsosolosa, go ema nokeng le go ntšhwafatsa bokgoni jwa diterene tsa naga ya rona le go dira gore di gaisane le tse dingwe tse di dirang bontle.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
(i) Setlhopha sa go Eletsa Lefapha la Tlhokomelo ya Dikgwebopotlana (DSBD)
(a) Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tlhomiwa ga Setlhopha sa go Eletsa Lefapha la Tlhokomelo ya Dikgwebopotlana (DSBD) jaaka Molao wa Naga wa Dikgwebopotlana wa ngwaga wa 1996 (Molao wa bo 102 wa 1996) o laela.
(b) Maitlhomomagolo a go tlhoma setlhopha seno ke go dira bonnete jwa gore dikgwebopotlana di nna le moemedi le motho yo a tla emelelang dikgatlhegelo tsa bona fela jaaka Leano la Naga la Tlhabololo le Kgodiso ya Dikgwebopotlana ka fa nageng ya Aforika Borwa le laela.
(c) Maitlhomomagolo a setlhopha seno e tla nna go eletsa Tona ka matsapa a magolo a a amang kgolo ya dikgwebopotlana, go tsenyeletsa le maemo a a solofetsweng ka fa nageng a dikgwebopotlana di tshwanetsweng go bewa mo go ona mmogo le melawanataolo e e tla di laolang.
(d) Setlhopha seno se tla dirisa tshedimoseto e e ikaegileng ka kitso ya boammaruri go eletsa puso ka ditiro tse di farologaneng tsa dikgwebopotlana tse di emang nokeng thulaganyo e e tlwaelegileng e e tla kgontshang gore go nne le kwalolo ya dipholisi tse dingwe, kwalolo ya melao mmogo le go tla ka ditsela tsa go tla ka ditharabololo tsa go ema nokeng dikgwebopotlana, tse dikgolwane le tse dikgolo mmogo le dikoporasi.
C. Go Baya Kabinete mo Dinakong
(i) Dipoelo tsa Kopano ya bo 35 ya Ditokololo tsa Montreal Protocol (MOP) e e ka ga Dilwana tse di Jang Letlalwana le le Thibelang Bogale jwa Letsatsi
(a) Kabinete e tsopoletswe ka ga seo Dipoelo tsa Kopano ya bo 35 ya Ditokololo tsa Montreal Protocol (MOP) e e ka ga Dilwana tse di Jang Letlalwana le le Thibelang Bogale jwa Letsatsi e e nen e tshwaretswe kwa teropong ya Nairobi, kwa nageng ya Kenya ka Diphalane 2023.
(b) Mo kopanong eo ditokololo di tsere boikano jo bo totobetseng jwa go samagana le matshosetsi ka bobedi e leng a go jega ga letlalwana le le thibelang bogale jwa letsatsi mmogo le a maemo a loapi lefatshe ka bophara. Naga ya Aforika Borwa ke e nngwe ya Ditokololo tsa Tumelano ya Montreal Protocol mme maitlhomo a go nna le seabe ga naga kwa kopanong eno ya bo 35 e ne e le go dira bonnete jwa gore ditshwanelo tsa maAforika Borwa tsa go nna le tikologo e e babalesegileng fela jaaka Molaotheo o solofetsa mme le go dira bonnete jwa gore dikgatlhegelo tsa naga di a somarelwa gonne go santse go na le diintaseteri tse di santseng di baya pabalesego ya matshelo a batho ba naga ya rona mo kotsing jaaka diintaseteri tsa ditsidifatsi, temothuo, ditimamolelo, metšhini ya go fetlha mowa o o tsidifetseng kgotsa o o futhumetseng jaaka seno e le ka ntlha ya fa di na le seabe mo kgodisong ya ikonomi.
(ii) Dipoelo tsa Khoferense ya Botlhano ya Dinaga tse di Nang le Seabe (COP5) mo Tumelanong ya Minamata
(a) Kabinete e tsibositswe ka dipoelo tsa COP5 e e neng e tshwaretswe kwa teropong ya Geneva, kwa nageng ya Switzerland ka Ngwanaitseele 2023. Kopano e go dumelanweng ka yona ya kwa Minamata e botlhokwa thata mo go tsweleleng go sireletsa boitekanelo jwa batho le tikologo mo bogaleng jwa mekhuri.
(b) Gare ga tse dingwe tsa ditshweetso tse di tserweng kwa samiting eno ke (i) thebolo ya matsatsi a mantšhwa ao ka ona go tla kgaotswang go dirisiwa ga ditlhagisiwa tse di nang le mekhuri mmogo le tsona didirisiwa tsa go itshasa tse di nang le ona, (ii) go oketsa botsalano le baagi ba dinaga tseo e leng tsa bona, (iii) go dumelana gore dilwana tse di ka tswang di na le mekhuri ga di a tshwanela go nna le bogale jwa ona jo bo fetang dimilikerema kgotsa dikhilokerema di le 15, e leng selekano se se letleletsweng mo dilwaneng tse di latlhilweng.
(c) Tse dingwe tsa ditshwetso tse di sekasekilweng di tsenyeletsa tsa go tsenya tirisong lenaneo la mosupatsela le le tla dirisediwang go laola bontsi jwa mekhuri o o tsholelwang mo lefatsheng le oo o kuelediwang mo lefaufaung.
(iii) Dipoelo tsa Khoferense ya bo 28 ya Dinaga tse di Nang le Seabe (COP28) mo Leanong la go Tsamaisa Tiro la Tumelano ya Dinagakopano Tebang le Phetogo ya Maemo a Loapi (UNFCCC)
(a) Kabinete e tsibositswe ka dipoelo tsa COP28 e e neng e tshwaretswe kwa teropong ya Dubai kwa nageng ya United Arab Emirates (UAE) ka Sedimonthole 2023.
(b) Ditshwetso tse di tsewang mo COP28 maitlhomo a tsona ke go fokotsa digase tse di kgotlhelang tikologo gore re kgone go fitlhelela seelo se Tumelano e go Dumelanweng ka yona kwa nageng ya Paris sa mogote o o kanaka ditekerii selešiase di le 20 mmogo le go thusa dinaga tse di santseng di tlhabologa gore le tsona di kgone go ithuta go samagana le ditlamorago.
(d) Kabinete e nopotse gape le dintlha tse dikgolo tsa COP28 ka dintlha tse di tshwanang le tsa mothale o, (i) go garelwa ga letsholo la ditiro la dingwaga di le pedi la Glasgow-Sharm el-Sheikh, (ii) go tsenngwa tirisong Letsholo la Tsamaiso ya Matsholo a Motlakase la UAE gore go buisanelwe kgang ya go tsamaisa motlakase o o sa tlhaoleng batho go ya ka gore seatla se phuthetse kgotsa se iphotlhere - e leng ditshweetso tse di lebelelang ka tsenelelo botlhokwa jwa madi, go godisa didirisiwa tsa thekenoloji le go ema nokeng dikgato tsa go oketsa dipalo tsa badiri gore re tle re kgone go nna le phetogo e e maleba e e sa tlhaoleng eo mo go yona botlhe ba lekalekanang, (iii) go sola mosola Sekgwama sa Didirisiwa tse di Latlhegileng kgotsa tse di Senyegileng.
(e) Ditokololo tsotlhe di swabile nko go feta molomo fa ka ngwaga wa 2021 di ne di retelelwa ke go fitlhelela madi a go neng go lebeletswe gore a ka bokelediwa a a kana ka dibilione tsa ditolara di le 100, mme ntle le gore go bonwe tshegetso ya matlole dinaga tse di santseng di iketetsa ga di kitla di kgona go ka diragatsa kgato eno.
(f) Aforika Borwa e santse e eme ka la gore e batla go phethagatsa ditsholofetso le maikano otlhe a e a dirileng ka fa tlase ga UNFCCC mmogo le Tumelano e e Utlwanetsweng ke Dinaga kwa Teropong ya Paris.
D. Molaotlhomo
(i) Molaotlhomo wa Merero ya Dipalangwa tse di Tsamayang mo Lefaufaung le tse di Tsamayang mo Metsing (AMSAR) wa Ngwaga wa 2024
(a) Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasaladiwa ga molao wa AMSAR gore baagi ba ntshe maikutlo a bona ka ga ona. Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go kwalola sešwa Molao wa Naga ya Aforika Borwa wa Dikepe le Difofane wa Ngwaga wa 2002 (Molao wa bo 44 wa 2002), mme ga jaana ga o sa le mo dinakong.
(b) Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go dira bonnete jwa gore mo motsing o go nang le tlhokagalo ya gore batho ba ba neng ba le mo teng ga sefofane kgotsa sekepe ba gaelelwe ba kgone go babalesega fa go tsweletswe ka matsholo a go ba batla le a go ba pholosa. Maitlhomo a mangwe gape a Molaotlhomo ono ke go lepalepanya dithulaganyo tsa AMSAR le tsa maemo a a dirisiwang a boditšhabatšhaba. Molaotlhomo ono o tla gagamatsa dithulaganyo tsa AMSAR gore di kgone go thusa go godisa diintaseteri tse di tsamaisanang le tsa dipalangwa tse di tsamayang mo lefaufaung le tse di tsamayang mo metsing mme seno se tla nna le seabe mo go godiseng ikonomi.
E. Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
(a) Maloko ao e Seng a Khuduthamaga mo Botong ya Setheo sa Puso sa Tlhabololo ya Dikgwebopotlana sebaka sa dingwaga di le tharo:
(i) Mme Nonzuzo Makhanda (Monnasetulo)
(ii) Mme Dorah Mosili
(iii) Mme Xolisa Daku
(iv) Mme Nontobeko Lubisi
(v) Rre Luyanda Ntuane
(vi) Mme Cingashe Motale
(vii) Rre Pat Makape
(viii) Mme Hilda Tsoadi
(ix) Rre Avuyile Xabadiya
(x) Rre Sinovuyo Mpakama
(xi) Rre Waseem Carrim
(xii) Rre Thembinkosi Bonakele; le
(xiii) Mme Keabetwe Mogorosi.
F. Ditiragalo tse di Tlang
1. Imbizo ya Moporesitente ya Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo (DDM) e e tla lebang kwa Ekurhuleni
1.1. Moporesitente Ramaphosa o tla tshwara leeto la Letsholo la Moporesitente la mbizo ya DDM kwa Teropokgolong ya Ekurhuleni ka Labotlhano wa la bo 23 Phatwe 2024 kwa Lebaleng la Metshameko la Tsakane go sekaseka maemo a dikabo tsa ditirelo tse baagi ba neng ba di solofeditswe.
1.2. Letsholo la Moporesitente la mbizo ya DDM le tla tsenelwa ke baeteledipele botlhe ba tsamaiso ya puso go tswa mo maphateng otlhe a yona a le mararo mme go tla atlhaatlhiwa ntlha ya gore ke dikgwetlho dife tsa kabo ya ditirelo tse baagi ba kopanang le tsona mmogo le go tla ka maano a go thusa dimasepala tse di nang le diteropokgolo gore di tsamaisane le ntlha e e reng Puso e le Nngwe, Leano le le Lengwe, Tekanyetsokabo e le Nngwe.
1.3. Imbizo ya DDM ke monyetla yo o bulelang baagi le baeteledipele go buisana mme ntle le naga ya Aforika Borwa ga go naga epe e e dirang seno, mme seno se re dira gore re nne e nngwe ya dinaga di le mmalwa tse di buisanang le baagi ba yona ka mokgwa yo re o dirisang yono.
1.4. Baagi ba kwa Ekurhuleni ba lalediwa gore ba tle ka makatlanamane gore ba tle ba kgone go atlhaatlha maano a a setseng a tsentshitswe mo tirisong go rarabolola matsapa a tlhaelo ya metsi mmogo le dikgato tse baagi ba tshwanetseng go di tsaya, ba dirisana le Eskom, gore go se tlhole go nna le matsapa a motlakase yo o tshabetseng ruri.
2. Go Tshwara Samiti ya Lefatshe ya Dipontsho tsa Difofane tsa Aforika
2.1 Kabinete e ne ya sekaseka le go letlelela naga ya Aforika Borwa go tshwara Samiti ya Lefatshe ya Dipontsho tsa Difofane tsa Aforika e e tla tshwarelwang kwa Johannesburg go tloga ka la bo 16 go fitlha ka la bo 17 Lwetse 2024. Samiti eno mmogo le dipontsho tsa yona ke dikgato tse di botlhokwa thata mo intasetering ya difofane.
2.2 Mo godimo ga seno, ditiragalo tseno di tla baya naga ya Aforika Borwa mo maemong a a kwa setlhoeng jaaka lefelo le le ka jelwang nala mmogo le go dira gore ditlhagisiwa tsa naga ya Aforika Borwa di kgone go ka rekisediwa bao ba tla bong ba tsenetse Samiti eno mmogo le Dipontsho tsa teng.
3. Khonferense e e ka ga Batho ba ba Tswang kwa Dinageng tsa kwa Ntle ba ba Fudugelang ka Dinageng tse Dingwe
3.1 Ba Komiti ya go Loga Maano a Naga, mmogo le ba Mokgatlho wa Lefatshe o o Emetseng Batho ba ba Tswang kwa Dinageng tsa kwa Ntle ba ba Fudugelang kwa Dinageng tse Dingwe ba patilwe ke Letsholo la Tlhabololo ya Dinagakopano (UN) ba tla tshwara Khonferense Mabapi le Ntlha ya Batho ba ba Tswang kwa Dinageng tsa kwa Ntle ba ba Fudugelang kwa Dinageng tse Dingwe mme e tla tshwarelwa kwa Johannesburg go tloga ka la bo 20 go fitlha ka la bo 23 Phatwe 2024.
3.2 Khonferense eno e tla sekaseka le go tšhotlha kgang ya batho ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle ba ba fudugelang kwa dinageng tse dingwe go bona gore ntlha eno ga se yona e e ka solwang molemo wa go godisa ikonomi, segolobogolo go lebeletswe go sola mosola bao ba nnang kwa dinageng tsa kwa ntle gore go nne le ka fao go ka dirisanwang ka gona mo mererong ya matlole le ya boditšhabatšhaba.
4. Kgwedi ya Bojanala
4.1 Letsholo la Kgwedi ya Bojanala ya Ngwaga wa 2024, le le tla simololang ka la bo 1 go fitlha ka la bo 30 Lwetse 2024, le thankgolotswe kwa Kapa Bokone mme maitlhomo e le botlhokwa jwa go dira gore batho go ralala le naga ba bone botlhokwa jwa bojanala.
4.2 Jaaka naga e ntse e samagane le go laletsa bajanala ka fa nageng le ba ba tswang kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba gore ba tle go ikentsha bodutu ka fa nageng ba tle ba bone mafelo a a gagamatsang a Aforika Borwa e nang le ona a go jelwa nala, batho ba yona ba ba nang le dingwao le ditso tse di tlisang boitumelo, puso yona ka fa letlhakoreng le lengwe e samagane le go atolosa lekala leno ka go dira gore mafelo a a leng kwa makeišeneng, kwa metseng e e kwa magaeng le kwa diterotswaneng tsa kwa dipolaseng a a nang le bokgoni jwa go godisa lephata leno le ona a bulelwe ditšhono. Ka go dira seno re tla bo re godisa mafelo a lephata la bojanala la Aforika Borwa le nang le ona le go dira gore re nne le metswako e e farologaneng ya mafelo ano.
5. Leeto la Moporesitente go Etela ka Mabaka a Tiro Naga ya Rephaboliki ya Batho ba China
5.1 Motlotlegi, Moporesitente Ramaphosa e tla re go tloga ka la bo 2 go fitlha ka la bo 5 Lwetse 2024 a tsaya Leeto la Moporesitente go Etela ka Mabaka a Tiro Naga ya Rephaboliki ya Batho ba China e leng leeto le le tla gagamatsang botsalano le tirisanommogo mo mererong ya botipolomate le ya go gwebisana magareng ga dinaga ka bobedi. Leeto leno ke go busa maoto go latela gore Moporesitente wa Xi Jinping a jele naga ya rona nala lekgetlo la bone mo ngwageng wa 2023.
5.2 Mo ngwageng wa 2023 naga ya China e ne e le naga e kgolo thata e re gwebisanang le yona mo kgwebisano magareng ga dinaga ka bobedi ka nako eo e neng e eme mo go dibilione tsa ditolara tsa Amerika di le 34, mo dilwana tse re di rekisetsang naga eno tsona di neng di eme mo go dibilione tsa ditolara tsa Amerika di le 12 fa tse re di rekang mo nageng eno tsona di ne di eme mo go dibilione tsa ditolara tsa Amerika di le 22. China e nnile gape le seabe se segolo mo matsholong a dipeeletsong tsa Aforika Borwa e bile ke motswedi o mogolo o re nang le ona mo dipeeletsong tsa dinaga tsa kwa ntle tse di tobaneng le diintaseteri tse di rileng tse re nang le tsona.
5.3 Go solofetswe gore go tla garelwa ditumelano di le dintsinyana mo Leetong la Semmuso leno, mme gare ga tse dingwe go lebeletswe Tumelano ya Leano la go Tsamaisa Tiro mo Mererong ya Tlhabololo le Tirisanommogo, thulaganyo ya kgwebisano mmogo le mo katolosong ya go fitlhelela dimaraka.
5.4 Batlhankedi ba ba tla bong ba emetse naga ya Aforika Borwa go solofetswe gore le bona ba tla nna le seabe mo Foramong e e ka ga Tirisanommogo ya China le Aforika (FOCAC) e yona e tla tshwarwang go tloga ka la bo 4 go fitlha ka la bo 6 Lwetse 2024.
5.5 FOCAC ke Setlhopha sa baemedi go tswa kwa dinageng ka go farologana ba ba emetseng naga ya China le dinaga tsa Aforika, mme e tsewa jaaka setlhopha se se dirang gore go nne le tirisanommogo mo dinageng tsa China le mo Letsholong la go Aga Mafaratlhatlha e leng leano la China ka go tlhabolola mafaratlhatlha mo dinageng tsa lefatshe.
G. Melaetsa
1. Setšhaba se se Tswang kwa Pele
1..1. Borrametshameko le bommametshameko ba naga ya rona ba tswelela go re dira motlotlo ka go tsholetsa leina la naga ya rona mo metshamekong e e farologaneng go ralala le lefatshe le go dira gore re tshwaragane le go feta.
1..2. Bagale ba naga ya rona ba motshameko wa rakabi, the Springboks, ba tswelela go nna baganka ba lefatshe mo motshamekong ono jaaka ba šašarile setlhopha sa naga ya Australia lekgetlo le lengwe gape mme ba tswelela go nna Bagale ba Lefatshe ba Motshameko wa Rakabi.
1..3. Metshameko e e tshameketsweng kwa Australia e ne e re tshwaretse tse dintle jaaka re bone gape Dricus du Plessis a Fenya Motshameko wa Mabole wa Batshameki ba ba Seng Popota go le Kalo wa UFC mo a fentseng Rramabole wa naga ya Nigeria e bong Adesanya in Perth.
1..4. Setlhopha sa kerikete sa naga sa the Proteas jaaka se fentse motshameko kgatlhanong le setlhopha sa naga ya West Indies mo motshameko wa bobedi kwa Guyana mo se fentseng ka pholo e le nngwe go lefela.
1..5. Setlhopha se se Emetseng Naga ya Aforika Borwa jaaka se fentse metale wa gauta, dimetale di le tharo tsa selefera le dimetale tse pedi tsa poronse mo Metshamekong ya Diolimphiki tse di neng di tshamekelwa kwa Paris kwa 2024, mme seno se dirile gore palo e dimetale tse naga ya rona e nang le tsona e menagane gabedi fa e bapisiwa le eo e fitlheletsweng kwa Metshamekong ya Diolimphiki tsa ngwaga wa 2021 tse di neng di tshamekela kwa Tokyo. Se re se fitlheletseng seno se tla duma go ya go ile mo megopolong ya rona rotlhe.
1..6. Re le naga re ipela ka setlhopha sa motshameko wa lebelo la go neeletsana sa Aforika Borwa moo Bayanda Walaza; Bradley Nkoana; Shaun Maswanganyi le Akani Simbine ba fentseng lebelo la teng la banna la dimitara di le 400. Ba tlhomile rekoto e ntšhwa e e tlhomilweng ke baagi ba Aforika moo ba garetseng lebelo leno ka nako e e ka fa tlase ga disekono di le 37.57. Mo godimo ga seno, Jo-Ane van Dyk le ene o fentse metale wa selefera mo motshamekong wa basadi wa go konopa lerumo.
1..7. Metshameko yotlhe e e fentsweng eno e bontsha ka fao metshameko e nang le maatla a go dira gore setšhaba se tshwaragane ka gone go sa kgathalesege gore se tshwana ka eng se farologane ka eng. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go sola mosola ditšhono tsa go re dira seoposengwe tse di jaaka tseno mme re rutana ka serona gore re kgone go aga setšhaba seo re batlang go tshelela mo go sona.
2. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
• Mmabontle yo e seng kgale a rweswa korone ya go nna Mmabontle wa Naga ya Aforika Borwa wa ngwaga wa 2024 e bong, Mme Mia le Roux, mme Kabinete e akgola bogatlhamela masisi jwa gagwe. Mia o itlhaotse jaaka sekai sa mmatota sa go nna moAforika Borwa jaaka a tsamaile a kopana le dikgwetlho tse a sa iteseletsang go itlhoboga jaaka e le mmabontle wa ntlha yo a nang le bosusu mo kutlong yo a kileng a rweswa korone ya Mmabontle wa Aforika Borwa. Kabinete e mo eletsa tsotlhe tse di molemo mo tirong ya gagwe jaaka a tla emela naga ya Aforika Borwa.
• Moatlhodimogolo wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo yo a rolang tiro go ikhutsa fa Phatwe 2024 a garela, e bong Rre Raymond Zondo, mme o rola tiro eno go latela gore a dire tiro e e tswileng diatla ya boatlhodi sebaka sa dingwaga di feta di le 27.
• Mme Fikile Marakalla, yo a fitlheletseng maemo a bobedi a Dikabo tsa Bobegakgang tsa SADC tsa ngwaga wa 2024. O simolotse tiro ya gagwe ka go neelwa tšhono ya go ithutela tiro a le mo tirong kwa Setheong sa Puso sa Tlhaeletsano le Tshedimosetso (GCIS) mme ga jaanong o thapilwe jaaka yo mongwe wa badiredi ba setlhopha se se tsayang Motlatsamoporesitente ditshwantsho.
• rre Benjamin Moshatama wa Chanel Africa Radio, yo le ene a fentseng a bobedi a Dikabo tsa Bobegakgang tsa SADC tsa ngwaga wa 2024 mo lephateng la dikabo tsa go gasa mo diyalemoweng.
• Setlhopha sa go bina, Durban’s Wu Tang Cru, jaaka se fentse selefera le gauta mo dikgaisanong tsa lefatshe tsa UDO World Street Dance Championships. Setlhopha seno se fitlheletse gauta ka dibini tsa sona tsa bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 14 mme ba ne ba se naya maemo a Dinaledi tsa Lefatshe tsa Babini ba ba Potlana.
• Rre Dada Morero, meyara yo montšhwa wa teropokgolo ya Johannesburg, mme re mo eletsa masego jaaka a tla bo a tsaya maikarabelo a go okama teropo e kgolo thata mo nageng ya Aforika Borwa.
3. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:
• Moporofesara Muxe Nkondo, yo e neng e le morutegi wa maemo a a kwa godimo mo mererong ya dipholisi tsa go thusa setšhaba le tsa tshomarelo ya ngwaoboswa. O nnile le seabe se segolo mo maphateng a puso a a jaaka bojanala, lephata la go agela baagi bonno le tshamaiso ya puso mmogo le mo maphateng a thekenoloji mmogo le mo go a botsweretshi le setso.
• Rre William Smith, morutabana wa dithuto tsa Dipalo le tsa Saense yo a tlileng ka ditsela tse di neng di sa tlwaelega tsa go ruta dirutwa tseno yo gape a abetsweng Kabo ya Naga ya Baobab. Rre yo o thusitse barutwana ba le bantsi ka nako ya gagwe ba ba neng ba sa tlhaloganye dirutwa tsa Dipalo, Saense, Bonetetshi le Sejatlhapi jaaka a ne a gasa dirutwa tseno mo Mananeong a go Ruta Setšhaba a Thelebišene a SABC - ke ene motho wa ntlha ka fa nageng yo a tlileng ka kakanyo ya go ruta barutwana ba se kwa phaposiborutelong, pele selo seno se ka simolola go ka nna mo fešeneng jaaka go le jaanong.
• Mme Zanele Mbokazi-Nkambule, yo e neng e le mogasi mo kanaleng ya seyalemowa ya Ukhozi FM yo gape e leng yo mongwe wa batho ba ba dirileng gore go feletse go na le Dikabo tsa go Rwesa Baopedi ba ba Dirileng Bontle mo Mminong wa Sedumedi Korone.
Dipotsolotso: Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485