Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Neng e Tshwerwe ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio ka Laboraro, 11 Motsheganong 2022

A.    Merero ya ga Jaana

1.    Ditiro tsa Tsamaiso ya Matlhotlhapelo tse go Samaganweng le Tsona go Latela gore go nne le Merwalela
1.1.    Kabinete e rometse matshediso go batho botlhe ba ba latlhegetsweng ke ba ba ba ratang mo merwaleleng ya fa gautshwane e e tlisitseng ditshenyegelo tse di masisi e e amileng dikarolo di le mmalwa tsa naga ya rona, bogolo segolo KwaZulu-Natala. 
1.2.    Dikgato tsa go Baya Dikarolo tseno mo Maemong a Matlhotlhapelo a Bosetšhaba mmogo le dikgato tsa go thusa baagi ka matlole a a tlhokegang tse di itsisetsweng ke Moporesidente Cyril Ramaphosa fa gautshwane, maitlhomo a tsona ke go netefatsa gore maphata otlhe a puso a tsaya dikgato tse di rulagantsweng sentle le tse di tla nnang mosola mo go samaganeng le maemo ano, mme seno se tla diriwa ka go dirisa Tikwatikwe ya Naga e e Samaganang le Matlhotlhapelo. 
1.3.    Bilione ya diranta e puso e e abileng e dirisediwa go tshegetsa dikgato tsa go ritibatsa maemo le tsa go busetsa maemo a ditirelo tse di botlhokwa sekeng mmogo le go abelana ka ditirelo tsa botho tse di jaaka go ba rekela dijo, go ba tlela metsi le go ba batlela bodulo, dintlwanaboithusetso le diaparo. 
1.4.    Tirego ya go aga sešwa mafelo a a amegileng e setse e simolotswe jaaka batho ba naga ya gaetsho ba kopane mo maikemisetsong a bona a go thusa ba ba latlhegetsweng ke magae le dithoto tsa bona.

2.    Tshedimosetso ka Bolwetse jwa Mogare wa Corona (COVID-19) 

2.1.    Kabinete e tshwentswe ke go tlhatlhoga ga fa gautshwane ga ditshwaetso tsa COVID-19 mo dikarolong dingwe tsa naga mme e ikuetse go batho botlhe go tsaya dikgato tsa go itshireletsa kgatlhanong le mogare o o kotsi ono, bogolo segolo mo marigeng.
2.2.    Mogare ono o sa ntse o re tsenya tsebetsebe mme go tlhabela moento e sale e ntse e le yona tsela e e botoka go gaisa e re ka itshireletsang ka yona. Kabinete e itumelela gore batho ba le bantsi ba tswelela go tsaya tshweetso ya go tlhabela moento go nna ona o ba itshireletsang ka ona kgatlhanong le COVID-19 mme seno se latela gore dipalopalo tsa fa gautshwane di bontshe gore mo bathong botlhe ka fa nageng re setse re fitlheletse palo e e fetang halofo ya bona ya batho ba ba tlhabetseng meento mo diporofenseng tse tlhano.
2.3.    Kabinete e ikuela go ba ba iseng ba entiwe go ya go tlhabela moento gore ba tle ba itshireletse bona le ba ba tshelang mmogo le bona. Gape rotlhe re tshwanetse go tswelela go obamela dikgato tsotlhe tsa thibelo ya COVID-19, go akarediwa go rwala mmaseke o o tswalang nko le molomo, go tlhapa diatla ka metsi le sesepa, go tsikitletsa diatla ka sebolayamegare se 70% ya sona e leng alekhoholo, le go katogana le batho ba bangwe. 

3.    Mogolo wa go Inola Batho mo Tshotlegong (SRD)

3.1.    Kabinete e rotloetsa baagi ba ba amogelang R350 ya madi a thuso a SRD go dira dikopo sešwa, go latela kitsiso ya melawana e mentšhwa e e laolang makwalokopo le go nna le tshiamelo ya madi a thuso. 
3.2.    Dikopo di ka dirwa mo webosaeteng ya Setheo sa Aforika Borwa sa Tshireletso ya Loago (SASSA): https://srd.sassa.gov.za/. Tsamaiso ya go dira dikopo e butswe ka la bo 23 Moranang 2022 mme e dirisa fela mafaratlhatlha a thekenoloji go kgontsha gore go direlwe ka bonako. 
3.3.    Mogolo ono o botlhokwa thata mo go thuseng malapa a a tlhokang a lehuma le botlhokatiro di ka bong di sa bolo go itelekela mo go ona. Puso e tota e ikemiseditse go thusa batho ba ba humanegileng ka megolo ya yona gore le bona ba kgone go nna le tse ba di tlhokang.

4.    Pabalesego le Tshireletsego 

4.1.    Kabinete e tswelela go kgala ka mafoko a a bogale dipolao tse di setlhogo tsa basadi mme e lebogile dikgato tsa ka bonako tse mapodisi ba di tsereng mo go tshwareng babelaelwa mo kgetseng ya polao ya Mme Hillary Gardee (28), wa kwa Kamagugu kwa Mpumalanga. Gape Kabinete e kgadile ka mafoko a a bogale polao ya batho ba le barataro kwa Khayelitsha, kwa Motsekapa. Dipolao tse di setlhogo di re gakolola gore re tshwanetse go dira go feta ga jaana jaaka setšhaba go fedisa tirisodikgoka le tirisodikgoka mo bathong ba bong jo bo rileng mmogo le polao ya basadi le bana (GBVF).
4.2.    Kabinete e ikuela mo bathong botlhe mo nageng go dira le puso mo ntweng kgatlhanong le bosenyi le GBVF. Mmogo re ka dira bonnete jwa gore batho botlhe, go akarediwa bagodi, basadi le bana ba bona mafelo a re nnang mo go ona le mebila ya ona e babalesegile. 

5.    Ikonomi

5.1.    Kabinete e amogetse pulosemmuso ya feme ya tlhagiso ya ditena ya Corobrik kwa Kwastina kwa Driefontein kwa Gauteng mo tirelo eno e neng e tsenetswe ke Moporesidente Ramaphosa ka Laboraro, 4 Motsheganong 2022. Feme eno ya maemo a a kwa godimo ke karolo ya peeletso ya R800 milione, e e tsamaelanang le R200 milione e nngwe e e beetsweng go atolosa ditiro tsa konkereite tsa Corobrik kwa KwaZulu-Natala. Corobrik ke nngwe ya dikgwebo di le mmalwa tsa ka fa nageng tse di tsibogetseng boikuelo jwa ga Moporesidente Ramaphosa jwa gore dikgwebo tsa Aforika Borwa le tsa dinaga tsa boditšhabatšhaba di beeletse mo ikonoming.
5.2.    Kabinete e nopotse gore ditšhono tse dinnye tsa ikonomi mo mererong ya haeterojene di oketsegile ka ntlha ya go agiwa ga lori ya setlamo sa meepo sa Anglo American e e tsamayang ka mafura a haeterojene. Lori eno – e e fetotsweng gore e se tlhole e dirisa mafura a disele mme e dirise a haeterojene, mmogo le go neelwa maatla ke dibeterii tsa lithium-ion – ke ya ntlha ya mofuta oo mo lefatsheng. Ditšhono tsa ikonomi mo mererong ya haeterojene di nopotswe jaaka tse di botlhokwa mo maanong a a botlhokwa a ikonomi e e sa diriseng dilo tse di bolayang tlhago mo nageng ya rona, le mo go godiseng ikonomi le mo go tlhameng ditiro. 
5.3.    Gape kabinete e amogetse peeletso e nngwe mo ikonoming e e tlang ka setlamo sa dijo sa Ireland, se se bidiwang Kerry Group, se se butseng polante e ntšhwa e e jeleng R650 milione kwa Hammarsdale, kwa KwaZulu-Natala se maikaelelo a sona e leng go tlhagisetsa kontinente dijo tse di tse di sa feleng. Polante eno ga e tshwane le tse dingwe gonne e na le didirisiwa di le mmalwa tse di sa senyeng tikologo mmogo le tse di sa diriseng motlakase o montsi, tse di dirisang motlakase o o fetlhiwang ka letsatsi o o tla dirang gore seelo sa go itshepele ka bontsi mo motlakaseng wa ka fa nageng se fokotsege, motlakase o o tsewang mo mogoteng o o tswang mo metšhining e megolo mmogo le metsi a a lekaneng, go selwa le go solwamosola gape le phokotso. Setlamo sa Kerry Group e sa le se le gona mo Aforika Borwa go tloga ka 2011 mme peeletso e nngwe ya bona ke sesupo sa gore Aforika Borwa e sa ntse e le lefelo le le ratiwang la dipeeletso.
5.4.    Dipeeletso tseno di latela go thankgololwa ga bene e e tlhagisitsweng mo lapeng ya Isuzu D-Max kwa Gqeberha kwa Kapa Botlhaba kgwedi e e fetileng. D-MAX ya mofuta o montšhwa e bontsha maikemisetso a Isuzu mo Aforika Borwa mme ke e nngwe ya dilo tse di fitlheletsweng ka Letsholo la Tlhabololo ya Tlhagiso ya Dijanaga (APDP). APDP ke sekema se se tlhotlheletsang tlhagiso ya dijanaga mo indaseteri ya dijanaga mme maikaelelo a sona ke go dira gore indaseteri e e tlhalositsweng ya dijanaga e oketse tlhagiso ya yona ya dijanaga, go oketsa mosola wa indaseteri ya dikarolo tsa dijanaga mme seno se tla dira gore indaseteri ya dijana e tlhole ditiro. Go fopholediwa gore go tla tsenngwa R2,8 bilione ka ditlhagiswa tsa ka fa nageng fa APDP e tswelela go dirisiwa. Peeletso eno e tla tlhola ditiro go tswa mo lephateng leno di feta di le 1 000 kwa polanteng eo mme e tlhole gape le ditiro tse dingwe gape di le 24 000 mo ditlamong tse dingwe tse di dirisanang le lephata leno, mme seno se tla nna le mosola o o bonalang mo go thuseng baagi ba kgaolo eo. 

6.    Pitsokgothakgothe ya Batlhankedi ba Meepo

6.1.    Pitsokgothakgothe ya Peeletso mo Meepong ya Aforika ya 2022 e e neng e tshwaretswe kwa Tikwatikweng ya Boditšhabatšhaba ya Dikhonferense ya Motsekapa go tloga ka la bo 9 go fitlha ka la bo 12 Motsheganong ke nngwe ya dirala tse dikgolokgolo tsa dipuisano le ditirisanommogo magareng ga bannaleseabe botlhe mo indasetering ya meepo. Moono wa tiragalo e ne e le: “Diphetogo mo Meepong ya Aforika: Go beeletsa mo Tsamaisong ya Motlakase, ESG le Diikonomi”.
6.2.    Kabinete e dumela gore Pitsokgothakgothe ya Meepo e tla thusa go bontsha le go tsweletsa Aforika Borwa jaaka lefelo le le ratiwang la dipeeletso.
6.3.    Aforika Borwa e leboga dipeeletso mo nageng ya rona mme e ikemiseditse go dira gore go nne le maemo a a tla dirang gore re nne le kgolo e botlhe ba nang le seabe mo go yona ya ikonomi le go tlisa diphetogo mo ikonoming.

7.    Dikamano tsa Boditšhabatšhaba le tsa Kgaolo

7.1.    Kabinete e amogetse gape ditherisano tsa fa gautshwane tsa ga Moporesidente Ramaphosa le Moporesidente Joe Biden wa Amerika, Moporesidente Emmanuel Macron wa Fora le Moporesidente Hakainde Hichilema wa Zambia mo diraleng tse di farologaneng.
7.2.    Ditherisano tseno di kgontshitse Moporesidente go maatlafatsa dikamano tsa sebedi le tirisanommogo magareng ga Aforika Borwa le mebuso ya balekane malebana le dintlha tsa botlhokwa tsa kgaolo le tsa boditšhabatšhaba, go akarediwa go bona tharabololo ya kagiso ya kgotlhang e e kwa Ukraine.

B.    Ditshwetso tsa Kabinete

1.    Ditekanyetsokabo
1.1.    Kabinete e ikuela mo baaging botlhe go latela ditlhagiso tsa Ditekanyetsokabo tse di farologaneng tsa mafapha a bosetšhaba a puso le la Kantoro ya Moporesidente gore ba kgone go rwesa puso maikarabelo. 
1.2.    Ka nako ya ditlhagiso tsa Ditekanyetsokabo, mafapha otlhe a thadisa ka botlalo dithulaganyo le ditlapele tsa ngwaga. Maikaelelo a tlhagiso ya Ditekanyetsokabo ke go netefatsa gore matlole a setšhaba a dirisiwa ka nonofo go fitlhelela ditlhokego tsa baagi. 
1.3.    Gape di neela Ditona serala se se maleba go tsharolola tiro ya puso, go akarediwa dikatlego le dikgwetlho. 

2.    Leano la go Anamisa Gase ya Peteroliamo e e Fetoletsweng go nna Seedi (LPG) 

2.1.    Kabinete e amogetse go tsenngwa tirisong ga Leano la go Anamisa LPG, le le phasaladitsweng go batla maikutlo a baagi ka Mopitlwe 2022. Maikaelelo a leano leno ke go atolosa indaseteri ya LPG mo nageng. LPG e tla nna mosola mo go bonalang mo go direng gore re nne le metswedi e e farologaneng ya motlakase. 
2.2.    Gareng ga ditsereganyo tse dingwe, leano leno le tla laola ditlhwatlhwa mo lephateng leno le go tshegetsa tlhagiso ya disilindara tsa LPG mo nageng. Gape le tla ruta baagi ka mesola ya go dirisa LPG jaaka mofuta o mongwe wa motlakase. 
2.3.    Leano leno go tla iponelwa lona fa le sena go phasaladiwa ke Lefapha la Ditlhagisiwa tsa Diminerale le Motlakase mo www.dmr.gov.za.

3.    Letlhomeso la Naga le le Buang ka Leano la go Diragatsa Matsholo a a Tsweletsang Temoso ya Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogolofadi 

3.1.    Kabinee e amogetse Letlhomeso la Naga le le Buang ka Leano la go Diragatsa Matsholo a a Tsweletsang Temoso ya Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogolofadi. Maikaelelo a letlhomeso ke go kaela maphata a poraefete le a setšhaba go netefatsa gore ditshwanelo tsa batho ba ba nang le bogole di sirelediwa jaaka go beilwe mo Molaotheong wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996. 
3.2.    Letlhomeso leno le tla ka dithulaganyo tse di tla thusang go fedis dikgoreletsi tse go itemogelwang tsona fa go tsewa ditshwetso, bogolo segolo tse di amanang le batho ba ba nang le bogole. Gape le lemosa batho ba ba nang le bogole gore ba itse ditshwanelo tsa bona jaaka di sirelediwa ke Molaotheo. Gape letlhomeso leno le tlamela ka katiso, pegelo ya bobegakang le tsweletso ya temoso mo setšhabeng malebana le ditshwanelo tsa batho ba ba nang le bogole.
3.3.    Letlhomeso leno le diragatsa Lekwalo la Matlhagolatsela la Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogole. Aforika Borwa ke mosaeni wa Tumelano ya Ditšhabakopano (UN) ya Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogole le Porothokholo ya UN ya Tšhata ya Aforika ya Ditshwanelo tsa Botho le Batho mo Ditshwanelong tsa Batho ba ba nang le Bogole (Porothokholo ya Aforika ya Ditshwanelo tsa Bogole).
3.4.    Go batlilwe maikutlo a bannaleseabe ba ba maleba malebana le letlhomeso, go akarediwa Lekgotla la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Ikonomi le Badiri.

4.    Samiti ya Tsamaiso ya Mafatshe le Tsamaiso ya go nna le Lefatshe mo Mafelong a Merafe

4.1.    Kabinete e amogetse go tshwariwa ga Samiti ya Tsamaiso ya Mafatshe le Tsamaiso ya go nna le Lefatshe mo Mafelong a Merafe ka Labotlhano, 27 le Lamatlhatso, 28 Motsheganong 2022 kwa Gauteng.

4.2.    Kabinete e amogetse Lekwalo la Ditshwetso tse go Enngweng ka Tsona la Tsamaiso ya Mafatshe le Tsamaiso ya go nna le Lefatshe mo Mafelong a Merafe le go dumelanweng ka lona mo kgweding ya Mopitlwe 2021. E kaetse gore go dirwe patlomaikutlo e nngwe mo baameging ba ba maleba.
4.3.    Samiti eno e tla tsenyeletsa gape le tiro e e dirilweng mo ngwageng o o fetileng, e mo go yona go batlilweng ditshwaelo go tswa kwa bannaleseabeng ba ba farologaneng.

C.    Ditiragalo tse di Tlang

1.    Khonferense ya Botlhano ya Lefatshe ya Phediso ya go Ja Bana Ntshu
1.1.    Aforika Borwa e tla amogela Khonferense ya Botlhano ya Lefatshe ya Phediso ya go Ja Bana Ntshu kwa Tikwatikweng ya Boditšhabatšhaba ya Durban ya go Tshwarela Dikhonferense kwa KwaZulu-Natal go tloga ka Latshipi, 15 go fitlha ka Labotlhano, 20 Motsheganong 2022. Ke la ntlha Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Badiri (ILO) o tshwarela khonferense eno mo Aforika. 
1.2.    Go solofetswe gore khonferense e tla tsenelwa ke ditlhogo tsa dipuso, ditona tse 120, dikgaolotlhopho tsa boraro tsa dinaga tse e leng ditokololo tsa ILO di le187, ditheo tsa UN, ditheo tsa thuto, mekgatlho ya baagi, mekgatlho e e seng ya puso, bobegakgang le baagi.
1.3.    Gape tiragalo e tla kgontsha Aforika Borwa go tlhagisa Molaotheo wa naga jaaka o sireletsa ditshwanelo tsa bana. Naga e tla golagana le dinaga tse di farologaneng tse di re eteletseng pele ka go fedisa go ja bana ntshu le go ithuta mo go tsona. 

2.    Imbizo ya Moporesidente e e Buang ka Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo  le le Ikaegileng ka Ditikologo (DDM)

2.1.    Moresidente Ramaphosa o tla tshwara Imbizo ya Moporesidente e e buang ka DDM kwa Mpumalanga ka Labotlhano, 20 Motsheganong 2022 ka fa tlase ga moono wa: “Se tlogele ope kwa morago”. Jaaka serala sa botlhokwa se baagi ba nang le seabe mo go sona, Imbizo e tla letla Moporesidente go buisana le bannaleseabe ba ba farologaneng – bogolo segolo baagi ba metsemagae – le go reetsa matshwenyego le dikgwetlho tsa bona ka maikaelelo a go samagana natso.
2.2.    Imbizo ya Moporesidente e e buang ka DDM e ikaelela go sutisa dikgoreletsi tsa tlamelo ya ditirelo e e tsamaisanang mmogo le go tsweletsa seabe sa baagi go lepalepana le DDM.
2.3.    MaAforika Borwa a ka latela dipuisano mo mafaratlhatlheng a loago a ditlhaeletsano mmogo le go nna le seabe mo go tsona ka go tsena mo #PresidentialImbizo.

3.    Kgwedi ya go Keteka go Nna MoAforika 

3.1.    Mokete wa segopotso sa Kgwedi ya go Keteka go Nna MoAforika o o tshwarwang mmogo le wa go keteka Letsatsi la go Keteka go Nna MoAforika ka Laboraro, 25 Motsheganong o ketekiwa ka fa tlase ga moono wa: “Ngwaga wa Kgora: Go maatlafatsa kgora le go nna teng ga dijo mo Kontinenteng ya Aforika”. 
3.2.    Jaaka karolo ya ponelopele ya pakatelele e e tlhagisitsweng mo Lenaneo 2063 (le e leng kaedi ya tlhabololo ya Aforika go fitlhelela tlhabololo ya ikonomiloago e e akaretsang le e e tsweletsegang mo dingwageng tse 50), moono o totile bokgoni jwa batho ba Aforika, go lebeletswe thata basadi, makgarebe le bana. Seno se botlhokwa mo tlhabololong ka ntlha ya fa se lebisa kwa matshelong a a tokafetseng a batho ka nosi, go nna le dipoelo tse di kwa godimo le letseno le le tokafetseng mo dinageng.
3.3.    Ntlhakgolo e e ka elwang tlhoko mo meletlong ya Kgwedi ya go Keteka go Nna MoAforika ke Beke ya Dipuisano tsa Aforika, e e tla tshwarelwang kwa Constitutional Hill kwa Johannesburg go tloga ka la bo 23 go fitlha ka la bo 27 Motsheganong 2022. 
3.4.    Kgwedi ya go Keteka go Nna MoAforika ke tšhono ya go godisa tshwaragano ya Aforika le go dira gore dikgaolo tsa yona di nne le tshwaragano e e tseneletseng, le go dira gore Aforika e nne le maikemisetso a a tshwanang. Kabinete e gakolola mongwe le mongwe gore dikgatlhegelo tsa rona tsa bosetšhaba di golagane le tsepamo, kopano le katlego ya Aforika.

D.    Melaetsa

1.    Matshediso 
    Kabinete e rometse matshediso kwa malapeng le balesika ba: 

  • Mme Phindile Xaba (53), yo o dirileng sebaka le ka maikemisetso mo indasetering ya bobegakgang, mo Aforika Borwa le kwa moseja. O dirile ka botswapele go tokafatsa naga ya rona. 
  • Moambasadara Silumko Sokupa (74), yo o diretseng Setheo sa Tshireletso ya Puso mo maemong a a farolgoaneng mo pakeng e telele a dira ka maikemisetso mo Tirelongsetšhaba.
  • Moporofesara Francis Wilson (83), motlhankedi wa merero ya ikonomi yo o tumileng le mosimolodi wa Yuniti ya Badiri le Dipatlisiso tsa Tlhabololo mo Borwa jwa Aforika.

E.    Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1.    Ngaka Kesavan Naidoo jaaka Motlatsamokaedikakaretso (DDG): Tlhabololo ya Setheo kwa Lefapheng la Pusotshwaraganelo (DCoG).
2.    Rre Siphosihle Emmanuel Hlomuka jaaka DDG: Tshegetso ya Pusoselegae le Tsamaiso ya Ditsereganyo kwa DCoG. 
3.    Rre Risimati Patrick Mathye jaaka DDG: Tsamaiso ya Ditirelo tsa Metsi le Kgeleloleswe kwa Lefapheng la Metsi le Kgeleloleswe (DWS). 
4.    Rre Collin Xolani Zwane jaaka DDG: Taolo, Kobamelo le Tiragatso kwa DWS.
5.    Rre Melanchton Makobe jaaka DDG: Netefaletso ya Bolaodi ya SOC le Tiragatso kwa Lefapheng la Dikgwebo tsa Setšhaba. 

F.    Kabinete e dumelane le Ditona mo go thapiweng ga ba ba latelang:
1.    Rre Bhekuyise Mathews Khenisa jaaka Motlhakedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Setheo sa Tlhabololo ya Matlo (HDA).
2.    Mme Joy Keledi Masemola jaaka Motlhankedimogolo wa Ditšhelete kwa HDA. 
3.    Ngaka Cornelius Ruiters jaaka CEO wa Lepelle Northern Water.

4.    Ditokololo tsa Lekgotla la Tšhata ya Lephata la Dikgwa: 

(a)    Mme Nelly Ndlovu (Modulasetilo);
(b)    Mme Makhosazana Mavimbela;
(c)    Rre Dwayne Marx;
(d)    Mme Tanucia Coopasamy;
(e)    Rre Tyrone Hawkes;
(f)    Rre Penwell Lunga;
(g)    Rre Michael Peter;
(h)    Rre Bruce Breedt;
(i)    Rre Pierre Tullis; 
(j)    Rre Roy Southey;
(k)    Rre Lulamile Xate;
(l)    Rre Mlungisi Bushula;
(m)    Mme Thandi Mokoena;
(n)    Rre Darryll Sauer;
(o)    Rre Tshepo Makhene;
(p)    Mme Pumeza Nodada;
(q)    Mme Lindiwe Mavundla; le
(r)    Mme Kwena Komape.

Dipotsiso Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore