A. Merero ya ga Jaanong
1. Ikonomi
1.1. Go Bokelediwa ga Lekgetho
1.1.1. Kabinete e akgola dimilione tsa baduelalekgetho bao ba garetseng ditokomane tsa bona tsa go duela lekgetho e leng selo seo se thusitseng Setheo sa Tirelo ya Lekgetho ya Aforika Borwa go bokeletsa ditrilione di le R2.155 mo ngwageng wa ditšhelete wa 2023/24.
1.1.2. Matlole ano a feta a a bokeleditsweng mo ngwageng yo o fetileng ka dibilione di le R52 mme seno se supa ka fao ikonomi ya ka fa nageng e semeletseng ka gone, le fa tota ka fa nageng le mo lefatsheng ka bophara go na le dikgwetlho tsa masaitseweng.
1.1.3. Go oketsega ga lekgetho go thusa puso go duelela diporojeke tsa kabo ya ditirelo mo nageng mmogo le matsholo a mangwe a go tlhatlhelela ikonomi le go thusa baagi.
1.2. Go Beeletsa mo Mafaratlhatlheng
1.2.1. Kabinete e itumelela go bulwa ga lefelo la go rwala le go folosa dithoto la Boemelaterene jwa Newlyn Park Bayhead kwa boemakepeng jwa Durban, la bogolo jwa dikweremitara di le 640 000 mme mo go lona go agilwe lefelo le legolo la go bolokela dithoto, seporo sa go faposana ga diterene mmogo le mafelo a go bolokela dilo tse di botlhokwa, e leng porojeke ya dibilione di le R3,4.
1.2.2. Lefelo le lentšhwa leno la go rwala le go folosa dithoto le tla dira gore tiro ya go tsamaisa dithoto ka tshwanelo ka dikepe, ka diterene le ka diteroko kwa Boemakepeng jwa Durban e nne bofefo, mmogo le go thusa go mekamekana le dikgwetlho tsa moragonyana tse di ntseng di itemogelwa ke diintaseteri tsa didiriswa, tsa mafaratlhatlha mmogo le tsa neteweke.
1.2.3. Dipeeletso tse di dirilweng di tlhodile ditiro tsa lephata la kago di le 4 013 mmogo le ditiro tsa leruri tse mo go tsona go thapilweng batho ba feta 1 000 mme go akanngwa gore palo eno e tla susumoga fa lefelo leno le tswelela go samagana le do tsamaisa dithoto tse dintsi.
1.2.4. Mo go tsosoloseng ditirelo tsa diterene tsa naga, Kabinete e itumeletse gape le tiro e e tswileng diatla e e dirilwe ke Setheo sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa (PRASA) ya go tsosolosa ditirelo di le tlhano tse di botlhokwa tsa Metrorail kwa Gauteng, KwaZulu-Natal le kwa Kapa Bophirima.
1.2.5. PRASA e kgonne go tsosolosa diporo di le 31 mo go di le 40 gore di simolole go solwa mosola gosenene mme go samaganwe le tiro ya go dira gore di simolole go dirisiwa ka botlalo. Tiro e e setseng e dirilwe eno ke sesupo sa ka fao puso e itomileng sesino go ka tsosolosa kabo ya ditirelo tsa diterene tsa banamedi mmogo le go tlamela maAforika Borwa ka ditirelo tsa dipalangwa tsa setšhaba tse di tswileng diatla.
1.2.6. E nngwe ya ditiragalo tse di tsamaisanang le seo go builweng ka sona, Kabinete e amogetse kitsiso ka Setheo sa Puso ya Aforika Borwa sa Kago ya Ditsela mo Nageng (Sanral) e e reng e tla ntsha madi a a fetang dibilione di le R50 a a tla dirisediwang go aga le go tlhabolola ditsela kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba. Dikgato tseno tsa go beeletsa mo mafaratlhatlheng maitlhomo a tsona ke go aga ditsela tse dintšhwa, go baakanya le go tlhabolola ditsela mmogo le go gagamatsa dikgato tsa go tlhokomela ditsela tsa naga tse di leng teng mo porofenseng eno.
1.3. Dipeeletso
1.3.1. Kabinete e itumeletse go bulwa ga setheo sa Tetra Pak kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal se se butsweng semmuso ke Moporesitente Cyril Ramaphosa, mme sona se ngokileng dipeeletso tsa dimilione di le R500.
1.3.2. Dipeeletso tseno ke karolo ya Letsholo la Moporesitente go Ngoka Dipeeletso jaaka puso mo ngwageng wa 2018 e ne ya tlhoma dipeelo tse dikgolo tse di ka go ngoka dipeeletso tsa ditirilione di le R1,2 mo pakeng ya dingwaga di le tlhano.
1.3.3. Mo ngwageng yo o fetileng kwa Konferenseng ya Botlhano ya Dipeeletso ya Aforika Borwa, mo kgato ya rona ya ntlha ya go ngokela dipeeletso e neng e garela gone, go ne ga bokelediwa ditsholofetso tsa go dira dipeeletso tsa matlole a go feta ditrilione di le R1.
1.3.4. Dipeeletso tseno di raya gore go tla agiwa difeme tse dintšhwa, ga tlhamiwa ditiro mo ditšhabeng tsa borona mmogo le go dira gore ditiragalo tsa ikonomi di oketsege ka fa nageng. Kabinete e na le tshepo e e tletseng ya gore letsholo la rona la go samagana le go bokeletsa dipeeletso kwa bofelong tla tsosolosa kgolo ya ikonomi le go godisa ikonomi ya rona.
1.4. Letlole la go Kgaolwa kwa Tirong (UIF) Mabapi le Letsholo la Porojeke ya go Lwantshana le Botlhokatiro (LAP)
1.4.1. Kabinete e itumeletse go thankgololwa ga UIF-LAP, eo e leng letsholo la go tlhatlhelela batho ka bokgoni le go ba thusa go itshimololela dikgwebo mme maitlhomo a lona ke go tswela bašwa mosola mmogo le batho ba ba senang ditiro ka fa nageng. Letsholo leno le netefatsa gore bašwa le batho ba ba senang ditiro ba tlhatlhelelwa ka bokgoni jo bo tlhaelang gore e tle go nne bonolo go ba thapa mmogo le mo go direng gore ba kgone go itlhamela dikgwebo tse di reng bona wee.
1.4.2. UIF-LAP, eo e tla thankgololwang naga ka bophara, go lebeletswe gore e tla tlholela batho ba ba sa direng ba ba fetang 704 000 ditšhono tsa ditiro. E tla dira seno ka go katisa batho le go tshegetsa dikgwebopotlana mo diporojekeng di le 333 go ralala naga. Go beetswethoko e ka nna dibilione di le R23.8 go tsenyatirisong leano leno mme ditšhono tsa ditiro di tla tswelela magareng ga dikgwedi di le 12 le di 36.
2. Dingwaga di le 30 tsa Kgololesego le Temokerasi
2.1. Kabinete e itumelela go thankgololwa ga segopotso sa Dingwaga di le 30 tsa Kgololesego le Temokerasi, seo se tla ketekiwang ka molaetsamogolo yo o reng: “Dingwaga di le 30 tsa Temokerasi, Tirisanommogo le Kgolo”.
2.2. Mo moketeng ono wa thankgololo go ne gape ga thankgololwa semmuso le letshwao la Dingwaga di le 30 tsa Kgololesego, leo e leng letshwao leo le tla re dirang seoposengwe fa re keteka botlhokwa jwa seo re se fitlheletseng ka fa nageng ya rona.
2.3. Kabinete e rotloetsa mongwe le mongwe go dirisa letshwao leno le le tla fitlhelwang mo webesaeteng ya GCIS go: https://www.gcis.gov.za/30-years-of-freedom-toolkit
2.4. Ka mokete ono ke sesupo sa gore mekete ya go keteka ngwaga otlhe e simolotse go keteka kgatelopele e kgolo e re setseng re e dirile fa e sale ka 1994 mo go ageng setšhaba se se nang le temokerasi se se ikokotletseng ka Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa ya 1996 mmogo le Molaotlhomo wa Ditshwanelo. Mokete o mogolo ono gape o re naya tšhono ya gore re ipatle re ipatlisise fa go tla mo dikgwetlhong tse di santseng di le teng le go tla ka ditharabololo gore naga ya rona e kgone go gatelapele.
2.5. Go tloga ka 1994 re ntse re samagane le go aga setšhaba se batho ba sona ba tshwaraganeng e bile ba utlwana, mme le fa tota go santse go na le dikgwetlho di le dintsi, boammaruri ke gore maemo ona tota a fetogile. Dintlha tse kgolo tse re di fitlheletseng fa e sale ka 1994 di tlhagelela mo Pegelong ya Mmalabatho ya ngwaga wa 2022 mmogo le mo go ya Tshekatsheko ya tseo di Dirilweng mo Dingwageng di le 30, mme tsona ka bobedi di totobatsa gore seo re se fitlheletseng ga se ka ntlha ya go nna lesego mme ke ka ntlha ya dikgato tseo puso e di tsereng mo matsholong a fa e sale ka ngwaga wa 1994.
2.6. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe mmogo le mo go maphata otlhe a setšhaba go tsayakarolo mo go ketekeng Dingwaga di le 30 tsa Kgololesego le Temokerasi. MaAforika Borwa a ka tsaya karolo ka go bua ka matshelo a bona gore a ne a le jang mo nakong ya puso ya tlhaolele mmogo le ka go thusana le rona gore re kgone go atlega le go feta mo go tseo re setseng re atlegile mo go tsona.
3. Tshwetso e e Tserweng ke Lekgotla la Ditshwanelo tsa Botho la Mokgatlo wa Dinagakopano (UN)
3.1. Kabinete e itumeletse tshwetso e e tserweng ke Lekgotla la Ditshwanelo tsa Botho la Mokgatlo wa Dinagakopano (UN) e e laetseng gore Iseraele e tshwanetswe go rweswe maikarabelo mo ditirong tsa yona tse di bonagalang di tsamaisana le tsa go gatakaka melao e e tshwanetsweng go latelwa fa go na le ntwa mmogo le e e ka ga tshotlo ya batho e leng ditiragalo tse di tsamaisanang le seo ba se dirileng kwa Gaza. Taolelo eno gape e kgalemile gore go se tlhole go nna le naga epe e e rekisetsang, e e abelang le e e nayang naga ya Iseraele dibetsa, ditlhabano le didiriswa tse dingwe tsa sesole”.
3.2. Go tsewa ga tshwetso eno ke selo se se botlhokwa thata gonne fa e sale Iseraele e simolola go tlhasela Gaza matsatsi a le 180 a a fetileng mo baagi ba le 32 975 ba maPalestina ba bolailweng mo mo go bona go balailweng le bana ba feta ba le 14 500, ke lantlha Lekgotla la Ditshwanelo tsa Batho le tsaya kgato.
4. Ditlhophokakaretso tsa Ngwaga wa 2024
4.1. Dithulaganyo tsotlhe di eme sejaro di letetse motsi wa Ditlhopho tsa Naga le tsa Diporofense tsa ngwaga wa 2024, go latela gore makoko a sepolotiki a bontlhopheng mmogo le bontlhopheng ba ba ikemetseng botlhe ba saenele Molao wa Khomishene ya Ditlhopho wa Ditumelano tsa Maitsholo mo Ditlhophong.
4.2. Ditlhophokakaretso di tla tshwarwa ka la bo 29 Motsheganong 2024 mme ke Makoko a sepolotiki otlhe a le 325 a atla bong a tsaya karolo mo ditlhophong tsa ngwaga ono. Molao wa Maitsholo mo Ditlhophong o bofa bontlhopheng botlhe ba ba batlang go tlhophiwa mo ditlhophong go latela melao e e beilweng eo maitlhomo a yona e leng go netefatsa gore re tshwara ditlhopho tse di senang meruso le kgobelelo le tse di sa sekamelang ka fa letlhakoreng la ba ba rileng.
4.3. Kabinete e na le tshepo e e tletseng ya gore setšhaba sa rona se tla dira jaaka e setse e le setlwaedi mme sa tshwara ditlhopho tsa ka gale tse di nang le seriti tse di senang meruso le kgobelelo le tse di sa sekamelang ka fa letlhakoreng la ba ba rileng tsa naga le tsa diporofense tse di sa bolong go di tshwara fa e sale go tloga ka 1994. Jaaka naga e tla bo e keteka Dingwaga di le 30 tsa Kgololesego, baagi ba rotloediwa go sola mosola tshwanelo ya bona ya temokerasi ya go ba letlelela gore ba itlhophele bontlhopheng jo ba ba batlang mme ba boute.
5. Samiti ya Puso e e ka ga Thekenoloji ya Naga e e Dirisang Botlhale go Thusa Setšhaba (AI)
5.1. Diphetogo tse di tlang ka lebelo le ka bonako mo thekenolojing e e dirisang botlhale go thusa setšhaba (AI) ke selo se re tla tshelang le sona jaaka AI e tswelela go dira diphetogo gangwe le gape mo lefatsheng, mme seno se raya gore dinaga di tshwanetse go ipaakanyetsa seabe se seno se tla nnang le sona mo baaging ba tsona mmogo le mo dipusong tsa tsona.
5.2. Samiti eno e ne e tshwaretswe kwa Johannesburg ka la bo 5 Moranang 2024 go kgontsha batlhanedi ba puso mmogo le ba lephata leno gore ba simolole go kwala dipholisi le maano a a tshwanetsweng go latelwa go laola dikgato tsa go tsenya tirisong AI gore e se tlhakatlhakanye matshelo a batho. Dipholisi tsa AI di botlhokwa mo go direng gore re nne le lephata la thekenoloji le le thusang baagi le go dira letseno leo puso, dikgwebo le batho ba tla ungwelwang mo go lona.
5.3. Samiti eno ke kgato ya ntlha go gatela pele mo go seo se tshwanetsweng go diriwa mo go soleng mosola bokgoni jo AI bo nang le jona mo go ka rarabololeng tse dingwe tsa dikgwetlho mo lephateng la ikonomi le la go thusa setšaba tseo naga ya Aforika Borwa e tobaneng le tsona.
6. Bosenyi le Bonweenwee
6.1. Kabinete e itumeletse go saeniwa ga Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Molao wa Merero ya Baatlhodi ba Dikgotlatshekelo wa ngwaga wa 2023 (Molao wa bo 15 wa 2023) go nna molao. Molao ono o tseela tlhogong ditshitshinyo tse di dirilweng ke Khomishene ya go Batlisisa Mofetsho wa Ditiragalo tsa go Goga Puso ka Nko mme o tlhama tlolomolao e ntšhwa e e neng e se teng e e tla tsenngwang mo Molaong wa Thibelo le Twantsho ya Ditiragalo tsa Bonweenwee wa ngwaga wa 2004 (Molao wa bo 12 wa 2004) ka go rwesa batho ba ba amegang mo ditiragalong tsa bonweenwee molato wa gore ga go sepe se ba se dirilengga go ka thibela gore ditiragalo tseo tsa bonweenwee di se atlege.
6.2. Mo godimo ga seo, a mangwe a maitlhomo a Molao ono ke go kwalola sešwa e mengwe ya Melao e e leng ka fa tlase ga taolo ya Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo mmogo le dithata, ditiro le maikarabelo a Kantoro ya Motlhankedimogolo wa Melao. Diphetolo tseno di tla dira gore Kantoro ya Motlhankedimogolo wa Melao e kgone go nna le seabe se segolo mo go laoleng Dikantoro tsa Batlhankedi ba Molao mo Dikgotlatshekelong tse Dikgolo e leng selo se se tla dirang gore go nne le tlhabologo mo kabong ya ditirelo mo baaging le mo batlhankeding ba ba dirang ka molao.
B. Go Baya Kabinete mo Dinakong
1. Maemo a Setheo sa Matlole a Dikgobalo mo Dikotsing tsa Dijanaga mo Mebileng ya ka fa Nageng (RAF)
1.1. Kabinete e beilwe mo dinakong ka dikgato tsa go tsenya tirisong leano la go fetola maemo a RAF, leo maitlhomo a lona e leng go dira gore thulaganyo ya setheo seno e nne bonolo mmogo le go tokafatsa kabo ya merokotso le dituelo mo bathong ba ba boneng dikgobalo mo dikotsing tsa tsela mmogo le bao ba malapa a bona ba nyeletseng mo dikotsing tseo.
1.2. Kgato e e botlhokwa e e tserweng ke ya go bula tikwatikwe ya megala ya RAF mo batho ba ba tsentseng dikopo ba ka ikgolaganyang le yona go bewa mo dinakong gore dikopo tsa bona di setse di tsamaela kae e leng selo se se dirang gore ba se tlhole ba baya seatla mo phatlheng ba re ba letile go utlwa gore babueledi ba bona ba molao ba tla ba tlela ka tshedimosetso e e reng mang. Tikwatikwe eno e bile e kgona le go neela badiradikopo le tshedimosetso fa ba batla go itse gore boammaruri RAF e duetse bokae mo diakhaontong tsa babueledi ba bona ba molao.
1.3. Leano leno la go fetola maemo le nnile le mosola mo go tliseng diphetogo tse dikgolo jaaka le dirile gore dikopo tse di tlhatlhetsweng di kgone go garelwa mo sebakeng sa matsatsi a le 120, le dirile gore matlole a ditshenyegelo tsa go duelela babueledi ba molao a fokotsege ka 75% mme gape re bone le phokotsego ya dituelelo tsa dingaka le maokelo e fokotsega go tloga go dibilione di le R3.6 ka ngwaga wa ditšhelete wa 2019/20 go ya go dibilione di le R2.1 ka ngwaga wa ditšhelete wa 2023/24. Kgato eno e dirile gape le gore go nne le phokotsego e e menaganeng ya matlole a dituelelo tsa babueledi ba molao mo go kgonnweng go boloka madi a feta dibilione di le R23 mo dingwageng di le tharo tsa fa e sale go tsenngwatirisong leano leno. Se sengwe gape ke gore go tsenngwa tirisong ga leano leno go dirile gore dipalo tsa batho ba ba dirang dikopo ba ba duetsweng di fokotsege, mme seno se raya gore sekoloto sa mo pakeng e khutshwane se re neng re na le maikarabelo a gore re se tswalele sa dituelelo tseno se ne se eme mo go dibilione di le R9.3 mo pakeng e e garetseng ka la bo 31 Mopitlwe 2023.
1.4. Kabinete e ne ya bewa mo dinakong gape le ka dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tsa melao mo Molaong wa RAF, mme dithulaganyo tsa ona tsa o go garela tsona di setse di gatetse kwa pele. Molaotlhomo wa Molao o o Kwalolotsweng Sešwa wa RAF o tla sekasekwa ke tsamaiso ya puso ya bo7. Maitlhomo a molaotlhomo ono ke go baakanya melemo le dituelo tsa tse dingwe tsa dikgobalo gore di duelelwe ka mokgwa wa megolo kgwedi le kgwedi mmogo le go fedisa dituelelo tse di sa lekalekaneng gore batho ba tle ba duelelwe ka go lekalekane.
C. Ditshwetso tsa Kabinete
D. Sekwalwa sa Masupatsela se se buang ka Tshireletso ya go nna Moagi, Mofaladi le Motswantle yo a Tshabetseng ka fa Nageng
1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tsenya tirisong Sekwalwa sa Masupatsela se se buang ka Tshireletso ya go nna Moagi, Mofaladi le Motswantle yo a Tshabetseng ka fa Nageng, mme seno se tla morago ga gore go latelwe dithulaganyo tse di telele tsa go batla maikutlo a baagi tse di dirilweng ke Lefapha la Merero ya Selegae go ralala diporofense tsotlhe di le robongwe.
1.2. Maitlhomo a pholisi eno ke go tlhagisa leano la go tsenya tirisong tshireletso ya go nna moagi, mofaladi le motswantle yo a tshabetseng ka fa nageng, segolo jang jaaka naga e tshwanelwa ke go tsaya tsiya maemo a tsireletsego a naga mmogo le go obamela ditumelano tse e di saenetseng le dinaga tsa boditšhaba mmogo le dithulaganyo tse di laolang bofaladi tse naga ya Aforika Borwa e nang karolo mo go tsona. Sekwalwa seno se tla tsenya tirisong gape le dikgato tsa go fetola maemo a ikonomi, tsa phetolo ya batsholateu mmogo le tsa go tlhola ditiro.
2. Re Gaufi le go Sekaseka Dingwaga di le 30 tsa Temokerasi ya Naga ya Aforika Borwa (1994-2024)
2.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa pegelo Re Gaufi le go Sekaseka Dingwaga di le 30 tsa Temokerasi ya Naga ya Aforika Borwa (1994-2024).
2.2. Pegelo eno e tlotlomatsa ka fa Aforika Borwa e kgonneng go fetoga go tsena mo temokerasing fa e sale go tloga ka ditlhopho tse dikgolo tsa la bo 27 Moranang 1994. Go fetoga ga naga ya Aforika Borwa go nna naga ya temokerasi ke kgang e e tswelelang go rotloetsa batho ba le bantsi mo lefatsheng go nna le tshepo, mme pegelo eno e nopola dintlha tse di botlhokwa tse re tsamaileng re ithuta tsona mo kgolong ya temokerasi ya naga ya rona. Mo tsamaong ya dingwaga di le 30 tse di fetileng, naga ya rona e kgonne go nna le temokerasi e e tsepameng, mmogo le ditheo tse di nang le matla tse seabe sa tsona se tlotlegang mo lefatsheng.
2.3. Pegelo ya go Sekaseka ya Dingwaga di le 30 e e na le ditlhogo di le 13 tseo di buang ka dintlha di le nne tse di botlhokwa tse di itshegeditseng ka tsona e bong (1) Letsholo la Kagosešwa le Tlhabololo (RDP) la ngwaga wa 1994 mmogo le maikaelelo a lona a le matlhano; (2) Go amogelwa ga Molaotheo wa naga ka ngwaga wa 1996; (3) Leano la Tlhabololo ya Naga (NDP) la ngwaga wa 2012; mmogo le (4) Leano la go Tsamaisa Tiro mo Pakeng ya Ngwaga wa 2019-2024 e leng tlha e e buang ka dintlha di le supa tse di neng di le kwa setlhoeng mo tsamaisong ya puso ya borataro. Pegelo eno e tla phasaladiwa Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro mme baagi ba tla nna le tšhono ya go ka sekaseka pegelo eno.
E. Ditiragalo tse di Tlang
1. Khonferense ya bo6 ya Commonwealth Red Cross le Red Crescent e e ka ga Molao wa Boditšhabatšhaba wa Botho
1.1 Aforika Borwa le Komiti ya Boditšhabatšhaba ya Red Cross ba tla tshwara ka fa nageng ya Aforika Borwa Khonferense ya bo6 ya Commonwealth ya Red Cross le Red Crescent e e ka ga Molao wa Boditšhabatšhaba wa Botho mme e tla tshwarwa go tloga ka la bo 15 go fitlha ka la bo 19 Moranang 2024 kwa Irene Country Lodge kwa Pretoria. Khonferense e eno e tla kopanya baemedi ba Dinaga tsa maloko a Commonwealth, maloko a mokgatlho wa Red Cross le Red Crescent, mmogo le batho ba bangwe ba ba amegang ba ba leng botlhokwa mo go nneng le seabe mo Molaong wa Boditšhabatšhaba wa Botho.
1.2 Maitlhomo a khonferense eno ke go gagamatsa maatla a didirisiwa tse di leng teng tsa ga jaana tsa go lwela ditshwanelo tsa botho mmogo le go re tlhatlhelela ka kitso gore re kgone go tlhaloganya botoka botlhokwa jwa Molao wa Boditšhabatšhaba wa Ditshwanelo tsa Botho jaaka gona jaanong re tshelela mo dinakong tse dintwa tsa ditlhabano di iphileng maatla, mmogo le maemo a loapi a a tlhobaetsang, dinako tse go nang le tlhaelo ya dijo le tseo mo go tsona batho ba tshelang ka go fudusiwa mo mafelong a ba neng ba nna mo go ona.
F. Melaetsa
1. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
• Tona ya Boitekanelo Ngaka Joe Phaahla jaaka a thapilwe mo Botong ya Letlole la Lefatshe Lotlhe la Matlole go simolola ka la bo 1 Motsheganong 2024. Ngaka Phaahla o tla tshola marapo a moemedi wa kgaolo ya Botlhaba le Borwa jwa Aforika.
• Bamoseleme ba Aforika Borwa go tsenyeletsa bao ba raletseng lefatshe, segolo kwa Palestina, mo tiragalong ya Eid al-Fitr. Gape, Ramadan ke nako ya itshekatsheko, kananelo le tirelo ya sedumedi fao Bamoseleme ba lekang go fitlhelela kgolo le taolo ya semowa. Moletlo wa Eid al-Fitr o tshwaya konelo ya kgwedi e e boitshepho ya Ramadan, mo pakeng eo Bamoseleme ba itimang dijo letsatsi le letsatsi, mme mo tlase ga maemo a a maswe kwa Palestina.
• Khomishene ya Aforika Borwa ya Kgaisano go gapa dikgele di le pedi go Dikgele tsa go Kwala tsa 2024 Antitrust e e neng e tshwaretswe kwa Washington DC mmogo le go tlotliwa jaaka Serala se se Diphatsa mo go Ritibatseng Maemo mo Inthaneteng fa go tla mo Dipatlisisong tsa Dimmaraka. E fentse sekgele se se mabapi le pegelo ya bona ya bofelo mmogo le tshwetso ya bona fa sekgele se sengwe sona se abilwe ka ntlha ya athikele ya bona ya dithuto e e buang ka ga kgiasano e e matla mo dimmarakeng tsa dijitale tsa Aforika Borwa mo ditheong tsa maeto le bojanala.
2. Matshidiso
Kabinete e romela matshidiso go ditsala le balelapa la ga:
• Rre Tony Heard (86), yo e neng e le mogaka wa ditshwanelo tsa botho, yo a neng a lwantshana le bosemorafe, yo o neng e le mmegadikgang yo o dirang tiro e e tswileng diatla, yo e neng e le morulaganyi wa makwalodikgang yo a tlotlegang mme e bile gape e kile ya nna mogakolodi yo o kgethegileng wa maloba a direla Lefapha la Kantoro ya Moporesitente.
• Kabinete e batla gape le go ema ka lefoko le le lengwe le Moporesitente Ramaphosa mo go romeleng matshidiso go puso le batho ba Botswana morago ga kotsi e e setlhogo ya bese e e neng e pegile Phuthego ya Bakereki ba ba neng ba lebile kwa Moria. Ka Labone 11 Moranang 2024, Moporesitente Cyril Ramaphosa le molekanemmogo nae wa Botswana, Moporesitente Mokgweetsi Masisi ba ne ba etela lefelo leo kotsi ya bese e diragaletseng kwa go lona kwa porofenseng ya Limpopo koo go lobilweng matshelo a batho ba le 45 mme yo a falotseng ke ngwana a le esi wa dingwaga di le robedi.
• Rre Luke Fleurs (24), mošwa yo e neng e le motshamekamorago mo setlhopheng sa kgwele ya dinao sa Kaizer Chiefs yo mo malobeng a neng a tshamekela setlhopha sa babapotlana sa boditšhabatšhaba yo o bolailweng setlhogo ka nako ya go tseelwa sejanaga. Kabinete e itumeletse go tshwarwa ga babelaelwa ba le barataro ba ba golaganngwang le go bolawa ga Luke Fleurs.
• Kabinete mmogo le Moporesitente Ramaphosa ba romela matshidiso go puso le batho ba Rephaboliki ya Mozambique go latela matlhotlhapelo kwa lewatleng koo palo ya batho ba ba batlileng go ka nna ba le 100 ba tlhokafetseng.
Dipotso: Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mosokwelatsebeng: 083 653 7485