Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 9 Sedimonthole 2015

1. Go Tsenngwa Tirisong ga Manaane a Puso a a Botlhokwa

1.1. Kabinete e amogetse go saeniwa ga ditumelano di le 26 tsa boleng jo bo kanaka R94 bilione go tswa mo Ketelong ya Puso ya Moporesitente wa China Xi Jinping ya mo malobeng. Ditumelano tse di saenilweng di akaretsa R12 bilione ya go aga bodutelo jwa dikoloi mo Aforika Borwa, ya madikadimo a a kanaka US$500 milione go tsamaisa ditlhabololo tsa mafaratlhatlha a Eskom le ya tlamelo e e netefaleditsweng e e kanaka US$2.5 bilione go thusa Transnet go tswa kwa Bankeng ya Ditlhabololo ya China.

Jaaka Foramo ya Bobedi ya Tirisanommogo ya China-Aforika (FOCAC),Moporesitente Jinping o ikanne go beeletsa US$60 bilione tebang le tlhabololo mo Aforika.

Kamogelotiragatso ya Tlhomamiso e ntšhwa mmogo le Leanotiro la (2016-2018) kwa FOCAC le sobokanya kgolo ya tirisanommogo magareng ga Aforika le China, e leng se se tla bulelang ditšhono tse ditšhwa tsa kgwebisano le dipeeletso go thusa go tlhatlosa kgolo ya ikonomi.

Ikonomi e amogetse gape le tshegetso ya ikonomi go tswa kwa Setlhopheng sa BMW sa Aforika Borwa ka go tlhagisa dipeeletso tsa bokanaka R6 bilione kwa bodutelong jwa yone jwa Rosslyn, Pretoria, e leng se se pakang tirisano mmogo e e botlhokwa e e leng teng magareng ga kgwebo le puso, mmogo le tiro eo kgwebo e e jarileng mo go tlhabololeng ikonomi.

1.2. Ka labobedi, 8 Sedimonthole, Moporesitente Zuma o apesitse baagi ba Aforika Borwa mmogo le batswantle ba ba tlotlegang bao ba nnileng le seabe mo go rotloetseng ditirelo tsa botho Matshwao a Tlotlo a Bosetšhaba. Matshwao a Tlotlo a Bosetšhaba ke motsotswana wa go lebelela kwa morago, go keteka le go ikgantsha ka batho ba borona. A keteka diphitlhelelo tsa botho, go ikentsha setlhabelo ga batho le kgaratlho ya batho eo e dirang gore naga ya rona e nne lefelo le le botoka. Re bontsha tlotlo go baamogedi ba Matshwao a Tlotlo a Bosetšhaba ba 2015.

1.3. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go somarela metsi. Seno ke go tshegetsa dikgato di le dintsinyana tse di tserweng go ka fokotsa tlhaelo ya metsi, e leng seo se gagamaditsweng ke mogote oo naga e itemogetseng one mo dibekeng tse di fetileng. Le fa e le gore pula ya mo malobeng kwa dikarolong tse dingwe tsa naga e fokoditse kimologo, tlhaelo ya metsi ya naga e tswelela go nna kgwetlho e kgolo mme go tlhokega gore rona rotlhe re somarele metsi le go a dirisa ka maikarabelo.

1.4. Kabinete e tlhagisitse ditebogo tsa yone mo maAforika Borweng otlhe ka go tsaya karolo mo Letsholong la monongwaga la Matsatsi a le 16 a Bolweladitshwanelo Kgatlhanong le Tiririsodikgoka mo Basading le mo Baneng, le le konoseditsweng ka la bo 10 Sedimonthole 2015. Dipatlisiso tsa sešweng di bontsha gore palo e e kwa godimo ya ditshwaetso tse dintšhwa, bogolosegolo mo makgarebeng le mo basetsanyaneng mo Aforika, e mo bao ba leng magareng ga dingwaga di le 15 le 24.

MaAforika Borwa a rotloediwa go gatelapele ka ditiro tsa manaane a bolweladitshwanelo a letsatsi le letsatsi jaaka karolo ya go nna Kgatlhanong le Tirisodikgoka mo Basading le mo Baneng ya #365 Days Campaign le ya letsholo la #CountMeIn e leng tse di diragadiwang ngwaga otlhe.

Ka go dirisa #365 Days Campaign le #CountMeIn, naga e tlhoka go tswelela go golaganya ditokololo tsa baagi, bogolosegolo banna, go golagana le puso mo go samaganeng le leuba leno.

Ke maikarabelo a naga, ka bongwe jwa rona kgotsa ka go golagana ga rona, go fedisa go ata ga kokwanatlhoko ka go tlhokomela boitekanelo jwa rona le jwa batho ba bangwe.

1.5. Kabinete e itumedisitswe ke kgatelopele e e dirilweng ke Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Intaseteri ka go tlhagisa thulaganyo ya tlhagiso ya melemo ya HIV.

Seno se atumetsa intaseteri ya boitekanelo gaufi le kalafi ya thibelobolwetse e e sa jeng madi a mantsi. Fa naga e ssantse e tsweletse go kgarakgadiwa ke go batlana le kalafi ya go fedisa HIV le AIDS, maAforika Borwa a tswelela go rotloediwa go tsenela thobalano e e babalesegileng le go obamela metheo ya ABC (Ikilele mo thobalanong, Ikanyege mme o Dirise Mosomelwana).

1.6 Kabinete e akgotse barutwana botlhe, baithuti, barutabana, bafatlhosi, dikolo le ditheo tsa thuto e kgolwane ka go konosetsa ngwaga wa dithuto o o atlegileng, le fa go nnile le dikgwetlho tse go itemogetsweng tsone mo gare ga ngwaga. Kabinete gape e lakaletsa masego bao ba dumetseng go sutisa letlha la ditlhatlhobo go tshwarwa ka 2016.

1.7. Lefapha la Tlhabololo ya Loago, ka tirisanommogo le Lefapha la Phemelo mmogo le Setheo sa Naga sa Tlhabololo ya Bašwa, ba tla tshwara Kopano ya bone ya Bašwa ya Bosetšhaba ya bo 6. Leno ke lenaale la tlhabololo ya boeteledipele leo maitlhomo a lone e leng go fetola maitshwaro le go natlafatsa bašwa ka ditšhono tse di leng fa pele ga matlho a bone. Kopano eno gape e thusa ka go ruta basimanyana go ka nna banna ba ba tlotlang basadi.

1.8. Tumelano e e kopanetsweng e e saenilweng ke Tona ya Lefapha la Thuto le Katiso tse di Kgolwan, Ngaka Blade Nzimande, mmogo le balekane ba BRICS e leng – Brazil, Russia, India le China – e ikemiseditse go ka tlhagisa letlhomeso la tirisanommogo mo thutong mo nakong e e tlang.

Tumelano e akaretsa thutokakaretso, togamaano ya dipholisis tsa thuto, dikholeje le dithuto tse dikgolwane tsa Katiso le Thuto ya Diatla le ya Setegenik (TVET) Dikholeje tsa TVET di na le bokgoni jwa go bulela ditšhono tsa ikonomi mo bašweng ba borona, fa ka fa letlhakoreng le lengwe di baakanya dikgwetlho tsa botlhokatiro, tlhokotekatekano le lehuma.

Tumelano, e e tla tokafatsang boleng jwa go ithuta le jwa thuto ya barutabana, gape e dira gore diyunibesiti tsa BRICS di ipofe go tshegetsa diporojeke tsa dipatlisiso tse di kopanetsweng, go rotloetsa manaane a tirisanommogo mo maemong a thuto ya morago ga go konosetsa dithuto tsa ntlha tse digolwane, a bongaka le a a kwa godimo ga a bongaka mmogo le go phasaladiwa sebedi ga dipoelo tsa saense.

1.9. Lefapha la Saense le Thekenoloji le ne le tshwere Foramo ya Saense ya Aforika Borwa ka fa tlase ga moono “Re tlhotlheletsa dipuisano ka ga saense”. Palo e e fetang dikete di le 45 e tsenetse dikganetsano ka ga kipano le saense, thekenoloji le boitlhamedi mmogo le baagi, bogolosegolo go totilwe tlhabololo. Gape foramo e nnile le karolo ya go matlafatsa ditirisanommogo tsa boitlhamedi tsa thekenoloji, saense ya boditšhabatšhaba tsa togamaano ya Aforika Borwa.

1.10. Aforika Borwa e tla emelwa mo Lekgotleng la Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa tsa kwa Lewatleng. Eno ke kgato e kgolo go ka fitlhelela bokgoni jwa naga le jwa kontinente mo lekaleng la tsa kwa Lewatleng.

Mokgatlho o rwele maikarabelo a go tsenyatirisong ditshwetso mo mererong ya tsa kwa lewatleng ya lefatshe, go simolola ka Ikonomi ya kwa Mawatleng, dikgato tsa thuso mmogo le dintlha tsa pabalesego le tshireletsego kwa lewatleng.

Go tseeng karolo mo mokgatlhong ono go tla tshegetsa lenaane la puso la go bulela bokgoni jwa mawatleng jwa naga ka go dirisa Buka ya Togamaano ya Ikonomi ya kwa Mawatleng mmogo le Operation Phakisa, e eleng tseo di ikaeletseng go ka tlhola ditiro tse di ka fetang milione wa ditiro ka 2033.

‎1.11. Sesole sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa (SANDF) se simolotse mo bekeng e e fetileng thulaganyo ya tlhabolola Seteišene sa Sesole sa kwa Metsing sa Setlhake sa Salisbury kwa Durban go ka nna kampa e e dirang ka botlalo ya sesole sa kwa metsing. Ntšhwafatso ya mafelotiriso e tla tokafatsa bokgoni jwa tsa tshireletsego mmogo le go nna le seabe mo ikonoming ya kwa mawatleng.

1.12. Lefapha la Boitekanelo ka tirisanommogo le Soul City le Times Media, le thankgolotse kanale ya thelebišene e e samaganang le tsa boitekanelo tsa mokgwa wa go itlhokomela ya The Good Life Network mo kanaleng ya 199 ya DStv. Kanale e abelana ka diteng tsa fa gae tsa mmatota tse di dirang gore o itise tse di farologaneng ka ga dijo, go ikatisa, ditshwanelo tsa botho, dirwe tsa thobalano mo bašweng, HIV le TB, mmogo le ditshwanelo tsa bareki le tsa bong jo bo farologaneng. Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng go bogela kanale eno

2. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e letleletse gore go phasaladiwe Lokwalotemoso lwa lefapha la puso ka ga Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo, Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo (NHI) mo Aforika Borwa gore baagi ba dire ditshwaelo. NHI ke karolo e kgolo ya puso ya ntšhwafatso ya lekala la boitekanelo.

Pholisi e tshitshinya bokgoni jwa puso jwa go abelana ka ditirelo tsa boitekanelo mo go botlhe bao ba etelang mafelotiriso a bone a boitekanelo. E tla tlamelwa ka matlole ka go dirisa motlamedi wa matlole otlhe ao a tla dirisediwang gape le go duelela badiredi ba ditlamo tsa boitekanelo tsa poraefete bao ba batlang go nna le karolo mo sekemeng seno. Fa e fetswa go konosediwa, pholisi eo e tla tsenngwatirisong mo pakeng ya dingwaga di le tharo mme e tla tsepamisa mogopolo bogolosegolo mo go simololeng go thusa mafelo a a sa boneng ditirelo tse di lekaneng.

Tona ya Boitekanelo, Ngaka Aaron Motsoaledi, gompieno o tla ema ka lefoko bobegakgang mabapi le go tsenngwatirisong ga NHI.

2.2. Kabinete e atlenegisitse Pholisi e e Kopanetsweng ya Bosetšhaba ya Thuto ya Bana ya go sa le Gale (ECD).

Pholisi e tlhagisitswe ka go buisana le bannaleseabe ba ba farologaneng mo lekaleng leno. E ne ya isiwa kwa baaging gore ba dire ditshwaelo ka Tlhakole 2015.

Pholisi eno e e kopanetsweng ya ECD e tla netefatsa gore bana botlhe le batlhokomedi ba bone ba kgona go fitlhelela ditirelo tse di boleng tse di mosola tsa ECD go tswa kwa tshimologong go fitlha kwa Mophatong wa R. Pholisi eno e atolosa ditirelo go fitlha mo baneng ba dingwaga di le robedi ba ba nang le dikgwetlho tsa go ithuta. Gape pholisi e abelana le ka letlhomeso la tekolo le tshekatsheko go netefatsa fa e tsenngwatirisong ka tshwanelo mo baneng botlhe go sa kgathalesege lotso lwa bone, bong jwa bone kgotsa tumelo ya bone.

2.3. Kabinete e amogetse Lokwalotemoso lwa lefapha la puso tebang le Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogole mmogo le Dikgatosenngotirisong tsa lone. Seno se bapisitswe le Dipeelo tsa Tlhabololo ya Tshomarelo ya go akaretsa bagolofadi, tseo di amogetsweng ke Kopanokakaretso ya Dinagakopano (UNGA) ka Lwetse 2015.

Pholisi e tla gatelela phetolothefosano le dipaakanyo mabapi le kakaretso yotlhe, go kopanngwa le tekatekano tebang le batho ba ba nang le bogole.

 2.4. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Pholisi ya Kgeleloleswe ya Bosetšhaba gore baagi ba dire ditshwaelo. Pholisi e beela boitekanelo jwa batho kwa setlhoeng mo tlhabololong ka go dira gore go nne le tekatekano tebang le go abelana ka metswedi ya matlole go ka tshegetsa dipeeletso mo maemong a a kwa godimo a ditirelo, go abela ditirelo kwa malapeng a a tlamelwang ka ditirelo tse dinnye, ntse go tsweletswe go tlhokomela le go ntšhwafatsa mafaratlhatlha a a santseng a le teng a kgeleloleswe.

2.5. Kabinete e amogetse go tlisiwa kwa Palamenteng ya Aforika Borwa ga Pegelo ya Dipaka di le Tlhano (2009-2014) ka ga Go Tsenngwa Tirisong ga Melao ya go Fedisa Mekgwa yotlhe ya Tlhaolele mo Basading. Pegelo e tlamela ka lemorago la mesola ya melao e e farologaneng, dipholisis le manaane ao a tsentsweng tirisong mmogo le go neela dintlhakgolo tsa dikatlego tsa naga fa go tla mo matlafatsong ya basadi le tekatekano ya bong. Pegelo gape e tlhagisa gore go na le dikgwetlho tse di tsweletseng le dikgoreletso go ka fedisa tlhokotekatekano le tlhaolele mo nageng.

2.6. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Leanotirotlhomo la Bosetšhaba la Twantsho ya Ditiro tsa Tlhaolele, Tlhaolele go ya ka Lotso, Tlhaolele go ya ka Semorafe mmogo le Ditiragalo tse Dingwe tsa Tlhoko Itshokelano, gore baagi ba dire ditshwaelo.

Leano leno ke togamaano ya bosetšhaba e e rulagantsweng e bile e kopanetswe ka maitlhomo a go lwantshana le tlhaolele go ya ka lotso mme go agiwa Aforika Borwa wa boammaruri wa temokerasi yo a senang tlhaolele go ya ka lotso le go ya ka bong.

Le neelana ka letlhomeso la dikgato tse di rulaganeng tsa leruri tse di ka tsewang ke naga ka bojotlhe go ka samagana le lefa la ditiro tsa tlhaolele le la tlhaolele go ya ka lotso.

Seno se thusa Aforika Borwa go ka fitlhelela maikano a yone a boditšhabatšhaba, a kgaolo le a bosetšhaba, bogolosegolo Kgoeletso ya Durban le Leanotiro tse di amogetsweng ke Dinagakopano (UN) kwa Khonferenseng ya Lefatshe e e kgatlhanong le Ditiro tsa Tlhaolele ka 2001.

2.7. Kabinete e nopoletswe ka kgatelopele e e dirilweng mo lenaaneng la phetolelokgaso go ya go ya dijithale. E amogetse gape le tshimololo ya paka ya kgasopedi mabapi le kgaso ya dijithale mo Aforika Borwa go ka simolola ka la bo 1 Tlhakole 2016.

Phetogelo e no ya go tswa mo ditirelong tsa kgaso ya analoko go ya go ya dijithale e tlhagisa makhubu a a tlhokegang thata a kgaso a a nang le matshwanedi a go abelana ka ditirelo tse di latelelang tsa porotebente. Seno se tla oketsa kgaisano ya ikonomi ya Aforika Borwa ka go tsosolosa intaseteri ya kgaso, go natlafatsa intaseteri ya botlhagisi jwa ditlhagisiwa tsa ileketeroniki, go tlhola ditiro, mmogo le go tlhagisa mananeo a kgaso a a farologaneng a mantsi a fa gae.

2.8. Kabinete e nopoletswe ka ga diphitlhelelo tsa Pegelo ya Ditshupetso tsa Boitshimololedi le tsa Saense le Thekenoloji mo Aforika Borwa ya 2014 mmogo le setlwaedi sa tiragatso ya Thulaganyo ya Boitshimololedi ya Naga (NSI), tse di tlhagisiwang ngwaga le ngwaga ke Lekgotla la Dikeletso ka Boitshimololedi la Bosetšhaba.

Pegelo e dirisa ditshupetso tse di diphatsa go ka sekaseka tiragatso le seabe sa NSI mo ditlapeleng tse di botlhokwa tsa bosetšhaba tse di tlhagisitsweng ke Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) mmogo le ditokomane tse dingwe tsa dipholisi tse di nang le seabe mo tlhabololong ya ikonomi ya loago.

2.9. Kabinete e amogetse go phosololwa ga dikgotlatshekelo tsa magiseterata tebang le Limpopo le Mpumalanga, mmogo le go tlhomiwa ga Kgotlatshekelo ya Magiseterata ya Lephalale jaaka kantoro ya tikologo ya Karolo ya Limpopo, go nna monamaotshwere go fitlhelela kantoro ya tikologo ya karolo ya leruri e agiwa mo lefelong leo.

Go phosololwa ga dikgotlatshekelo tsa magiseterata mmogo le mafelo a taolo a Dikarolo tsa Kgotlatshekelo e Kgolo ka karolo ya ntšhwafatso ya pholisi maitlhomo a yone ke go baakanya lefa la thulaganyo ya bodulo e e sa siamang ya mo malobeng. Ke karolo gape ya phetolothefosano e e namileng go ka thusa go ka fitlhelela bosiamisi, e leng seo se lepalepisitsweng le Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa ya 1996.

2.10. Kabinete e amogetse pegelo ka ga kgatelopele mabapi le go tsenngwatirisong ga ditaelo tsa Kabinete kwa Limpopo go ya ka Karolo ya bo 100 (1) (a) ya Molaotheo.

Kabinete e amogetse go gogelwa morago ga ga Karolo ya bo 100 (1) (a) go fitlha ka Mopitlwe 2016 mo mafapheng a a latelang a porofense ya Limpopo: Lefapha la Boitekanelo; Lefapha la Dipalangwa; Lefapha la Ditirelo tsa Puso; Lefapha la Ditsela le Mafaratlhatlha go akaretsa le Lefapha la Matlole.

Kabinete gape e amogetse go gogelwa morago ga nakwana ga Karolo ya bo 100 (1) (a) mo Thuto go ka ala tsela gore Lefapha la Matlole la Porofense le tsenya ka matlhagatlhaga Karolo ya bo 18 ya Molao wa Botsamaisi jwa Madi a Puso (PFMA), 1999 (Molao wa bo 1 wa 1999) kwa Lefapheng la Thuto la Limpopo, ka tshegetso go tswa kwa pusong ya bosetšhaba.

Kabinete e amogetse ditaelo tse di latelang tebang le Tonakgolo le Bakhuduthamaga (di-MEC) tsa Matlole le tsa Thuto:

a) Go tlamela ka badiredi mafapha a porofense ka go thapa badiredi ba ba gaisang;
b) Go konosetsa go thapa botsamaisi jo bogolo; le
c) Go samagana ka tshwanelo le go retelelwa le bogwenegwene jwa boeteledipele.

2.11. Kabinete e amogetse gore Aforika Borwa e tshware Khonferense ya maemo a a kwa godimo ya Dipuisano tse di leng Kgatlhanong le Diritibatsi go simolola ka la bo 11 go fitlha ka la bo 12 Mopitlwe 2016, e leng seo se tla nnang ka fa tlase ga taolo ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU).

Seno se diragadiwa jaaka kopano ya go lekola ya Dipuisano tse di Kgatlhanong le Diritibatsi magareng ga Aforika le Russia, e leng seo se ikaeletseng go tlhagisa maemo a a kopanetsweng tebang le go samagana le mathata a lefatsha a a ka ga diritibatsi. Seno se tla tlhagisiwa kwa Kopanong e e Itlhophileng ya UNGA ka Moranang 2016.

Ntwa kgatlhanong le diritibatsi tseo di seng mo molaong e tsamaisana le NDP e bile Dipuisano eno e tla tlhagisa serala sa go ka tsweletsa go gagamatsa Leano la Botlhokwa la Diritibatsi la Bosetšhaba (2013-2017).

2.12. Kabinete e amogetse gore Lefapha la Bonno jwa Batho le tshware mmogo Khonferense le Lenaane la Bonno jwa Batho la “Ketelelopele ya Diphetogo mo Motseteropong: go tswa kwa megoafatsheng go lebisa kwa Bonnong jwa Batho jo bo akaretsang botlhe, jo bo babalesegileng, jo bo sa Tseweng ke Ditsuatsue le jwa Leruri” ka Mopitlwe 2016.

Khonferense e tshegetsa maphata ka bobedi e leng lephata la tlhabololo la boditšhabatšhaba mmogo le lephata la tlhabololo la fa gae ka go gagamatsa tshegetso Peelong ya bo 11 ya Dipeelo tsa Tlhabololo ya Leruri: Go dira gore diteropokgolo le bonno jwa batho di fitlhelesege, di babalesege, di se tsewe ke ditsuatsue mme e nne tsa leruri.

 Khonferense ke karolo ya dipuisano tse di ka ga go tsenngwatirisong ga Lenaneo la Tlhabololo la Dinagakopano (UN) la morago ga 2015 mmogo le “Lenaneo le Lentšhwa la Teropo” leo le tla amogelwang ke Dinagakopano (UN) ka 2016.

2.13. Kabinete e amogetse gore Lekgotla la Dipatlisiso tsa Temothuo le tshware Khonferense ya Boraro e e ka ga Dipatlisiso tsa Temothuo tebang le Tlhabololo ka Moranang 2016. Khonferense e tla nopola: dipatlisiso tsa boditšhabatšhaba le ditlapele tsa boitshimololedi mmogo le ditlhokego mo thulaganyong ya boitshimololedi mo nageng gore go kgonagale go ka fitlhelela dipeelo tse di tlang tsa tlhabololo, bogolosegolo mo malapeng a balemirui mmogo le baagi ba ba humanegileng.

3. Melaotlhomo

3.1. Kabinete e amogetse gore go phasaladiwe Molaotlhomo wa Tiromaano ya Sekgoba sa kwa Mawatleng wa 2015 gore baagi ba dire ditshwaelo. Molaotlhomo yoo o abelana ka letlhomeso la semola go ka bulela bokgoni jwa ikonomi ya kwa mawatleng ka go rotloetsa tiromaano ya sekgoba sa dikoporasi. Molaotlhomo o tla thusa ditheo tseo di leng gone ga jaanong tsa Operation Phakisa. o batla go rotloetsa tirisanommogo le dithulaganyo tse di nang le maikarabelo tsa bobusi jwa mawatle.

4. Ditiragalo tse di tlang

4.1. Moporesitente Zuma o tla etelela pele mokete wa naga wa Letsatsi la Poelano ka la bo 16 Sedimonthole kwa Port Elizabeth, Kapa Botlhaba ka fa tlase ga moono: "Go fokotsa dikgaogano: Go aga Legae la Setšhaba sa Aforika Borwa se se lebisang kwa pusong e tlhabololang setšhaba.

 

4.2. Tona ya Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso, Ngaka Siyabonga Cwele, o tla etelelapele baemedi ba Aforika Borwa kwa UNGA kwa Samiting ya Lefatshe ya Setlhopha sa Tshedimosetso go tloga ka la bo 15 go fitlha ka la bo 16 Sedimonthole 2015, mo maemo a naga ya Aforika Borwa, a tla nnang le seabe mo go WSIS+10 mo go ka se tlhagisiweng Pampiri-Epe.

5. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya ga jaana

5.1. Aforika Borwa e tshwere ka aktlego Samiti ya bo supa ya Diteropokgolo tsa Aforika le dipusoselegae tsa Aforika kwa Johannesburg go tloga ka la bo 29 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 3 Sedimonthole 2015. Ka fa tlase ga moono: “Go baakanya bokamoso jwa Aforika le batho: seabe sa bothati jwa selegae jwa Aforika mo lenaaneng la 2063 la Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika” samiti, eo e ngoketseng dimeyara di le 15 000 le dikhanselara di le 500 000, ke enngwe ya matsholo a a matla a go aga tshwaraganelo ya Aforika.

Samiti e ne e tsepamisitse mogopolo mo go matlafatseng dipusoselegae go ralala le kontinente ya Aforika, bogolosegolo botsamaisi jwa matlole le go tlhola motheo wa lotseno lo lo babalesegileng, gore go fitlhelelwa Lenaneo la 2063 la – Aforika yo re mo batlang.

Samiti eno e tshegetsa dipeelo tsa NDP mo diteropokgolo le dipusoselegae di tshamekang karolo e e botlhokwa mo tlhabololong ka botlalo.

5.2. Kabinete e tswelela go itshepa gore fa dipuisano di tswelela kwa Khoferenseng ya Makoko ya bo 21 (COP21) tebang le Letlhomeso la Tumelano ya Dinagakopano tebang le Phetogo ya Maemo a Loapi (UNFCCC), tumelano e e sa tseeng letlhakore e e tshwaraganyang maphata otlhe e tla amogelwa.

Phetogo ya maemo a loapi ke bothata jwa lefatshe lotlhe mme go tlhokega tharabololo ya lefatshe lotlhe, e leng seo se ka baakanngwang ka tshwanelo ke dipuso di le mmalwa, ka fa tlase ga tetlelelo ya UNFCCC le makoko otlhe a tsaya karolo.

Mo Aforika Borwa re ka bua ka boikgantsho gore re tsentsetirisong dipholisi tse di mafolofolo e bile e le tsa boitshimololedi tse di gatelang pele, mmogo le maano a a samaganang le maemo a loapi a a fetogetseng ruri. Dipholisi tseno di laolwa ke metheo e e reretsweng ruri ya tlhabololo ya leruri, e leng karolo e e botlhokwa thata ya Ponelopele ya 2030 jaaka go tlhagelela mo NDP.

5.3. Jaaka e le kopano ya bofelofelo ya Kabinete monongwaga wa 2015, kabinete e eletsa maAforika Borwa otlhe matlhatsi le matlhogonolo mo pakeng e e tlang ya khunologo. Ka mowa wa setlha seno le ka go tsweletsa mowa wa Botho, Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe go ka thusa batho le malapa a a tlhokang mo ditšhabeng tsa bobone. Re setšhaba se se tlhokomelanang, se se tlhotlanang mme e bile se tlhokomela bao ba humanegileng. Ngwaga o Mošwa o o tlang o neela botlhe tšhono ya go ikana gape go direla bokamoso jo bo botoka mo go botlhe.

6. Matshediso

6.1. Kabinete e romela matshediso a yone le kutlwelobotlhoko kwa go ba lelapa le ditsala tsa Mohamed Ismail (“Issy”) Dinat, yo a ragileng kgamelo ka Labobedi, 8 Sedimonthole. Go se inaganele a le esi ga gagwe mmogo le mo go nneng le seabe ga gagwe mo kgaratlhong go nnile le seabe mo go iponeleng kgololesego ya rona.

7. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

7.1. Khomišene ya Dipatlisiso tsa Metsi:

a) Ngaka Nozibele Mjoli (Monnasetulo);
b) Moporofesara Sibusiso Vil-Nkomo (Motlatsamonnasetulo);
c) Moporofesara Aldo Stroebel;
d) Mme Nompumelelo Msezane;
e) Ngaka Mosidi Makgae;
f) Mme Masaccha Khulekelwe Mbonambi;
g) Rre Mxolisi Adolphius Cassius Ndhlovu;
h) Ngaka Ntombifuthi Patience Nala; and
i) Baemedi go tswa kwa Lefapheng la Saense le Thekenoloji.

7.2. Boto ya Metsi ya Amatola:

a) Mme NN Mnqeta (Monnasetulo);
b) Rre A Hadebe (Motlatsamonnasetulo);
c) Rre EV Jooste;
d) Rre AP Le Roux;
e) Rre BE Hollingworth;
f) Rre C Mbande;
g) Mme TF Maenetja;
h) Mme M Nzimande; le
i) Moporofesara L Louw.

7.3.      Boto ya Dikema tsa Baagi ya Ditirelo tsa Ombud:

a) Rre Vukile Charles Mehana, (o thapilwe gape ebile ke Monnasetulo);
b) Mme Beauty Nomhle Dambuza;
c) Rre Bhekumusa Gorden Dlamini;
d) Taureen Dylan Holmes;
e) Rajesh Jock;
f) Oupa Moshongoane Moshebi; le
g) Nomazotsho Yvonne Memani (o thapilwe gape).

7.4. Boto ya Setheo sa Tlhabololo sa Bosetšhaba:

a) Mme Judy Hermans (Monnasetulo);
b) Rre Zolile Thando Ngcakani (o thapilwe gape ebile ke Motlatsamonnasetulo);
c) Mme Suraya Bibi Khan (re-appointment);
d) Rre Abram Stefanus Hanekom;
e) Mme Sebenzile Matsebula;
f) Mme Mashila Matlala;
g) Rre Moses Mabokela Chikane (moemedi wa puso);
h) Ms Bernice Makgoro Mannya (moemedi wa puso);
i) Mme Thabitha Shange (moemedi wa puso);
j) Mme Farzana Suliman Varachia (moemedi wa puso).

7.5. Boto ya Thuso ya Semolao ya Aforika Borwa:

a) Moporofesara Yousuf Abdoola Vawda;
b) Rre Nkosana Mabhuti Francois Mvundlela;
c) Mme Thulisile Mhlungu;
d) Mme Nonhlanhla Mgadza;
e) Mme Marcella Naidoo;
f) Rre Matome Leseilane; le
g) Mme Adila Chowan;
h) Mme Aneline Rhoda (tokololo e e refosanang); le
i) Rre Langelihle Ezrome Mtshali (tokololo e e refosanang).

7.6. Katoloso ya konteraka ya go thapiwa ya Rre Thabane Wiseman Zulu jaaka Mokaedikakaretso (DG) kwa Lefapheng la Eneji.

7.7. Ngaka Mmaphaka Ephraim Tau jaaka Motlatsamokaedikakaretso (DDG): Botsamaisi jwa Metswedi ya Tlhago le ya Bodirelatlhapi kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi.

7.8. Mme Kelebogile Sybil Sethibelo jaaka DDG: Bobusi jwa Ditheo kwa Lefapheng la Botsweretshi le Setso.

7.9. Rre Omega Shelembe jaaka DDG: Tlhokomelo ya Dikgwebokgolo tsa Puso le Dikgwebokgolo tsa Tlhabololo ya Thekenoloji ya Ditlhaeletsano le Tshedimosetso kwa Lefapheng la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso (DTPS).

7.10. Rre Edward Xolisa Makaya jaaka DDG: Africa kwa Lefapheng la Dikamano le Tirisano ya Boditšhaba.

7.11. Mme Thulisile Glory Manzini jaaka DDG: Lephata la Tsamaiso kwa DTPS.

Fa re digela, Kabinete e leboga maAforika Borwa ao a obametseng tsa lekgetho ka go tsenya dipusetso tsa bone tsa lekgetho e leng seo se dirileng gore go nne le palogotlhe ya dipusetso tsa lekgetho di le 5.94 milione tse di amogetsweng tsa baobamelalekgetho.

Seno se kwa godimo ka 11.52% go gaisa ka 2014, e bile kobamelo ya baduelalekgetho ya go tsenya dikopo ka nako e fetile 90% mo dingwageng di le tharo tse di latelanang.

Kobamelo e e jaaka eno ya maemo a a kwa godimo e thusa puso go abelana ka ditirelo tse di tokafatsang boleng jwa matshelo a baagi botlhe.

Mo pakeng eno ya khunulogo, puso e tsenyatirisong matsholo a a farologaneng a a tlhokang gore maAforika Borwa otlhe mmogo le baeng ba yone go tshameka karolo ya bone mo go netefatseng gore ba keteka paka ya khunulogo mo tikologong e e babalesegileng e bile e sireletsegile.

Kabinete e ikuela mo go botlhe go dirisana mmogo le Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa.(SAPS) le go bega tiragalo efe kgotsa efe ya bosenyi mo malapeng le mo ditšhabeng tsa borona.

Mo go kgoneng gore go amogelwe thologelo ya baeti ba ba kgabaganyang melelwane, mafapha otlhe a puso kwa meeding ya go tsena mo nageng go simolola ka la bo 10 Sedimonthole 2015 go fitlha ka la bo 14 Ferikgong 2016 go tla atolosiwa diura tsa one tsa tirelo. One a tla akaretsa Lefapha la Boitekanelo, Lefapha la Temothuo, SAPS, Lefapha la Merero ya Selega le Tirelo ya Lekgetho ya Aforika Borwa (SARS). Dintlha ka botlalo di ka fitlhelwa mo www.home-affairs.gov.za.

Badirisi botlhe ba mebila go ikuelwa mo go bone go obamela melao ya tsela, go akaretsa kobamelo ya melao e e tobaneng le lebelo la mo mebileng; ba netefatse fa dijanaga di siametse go ka tsena mo mebileng; ba kganne ba sa itshiela ka madila mmogo le go apara mapanta a pabalesego. Batsamayakadinao go ikuelwa mo go bone go netefatsa gore fa ba tsamaya mo mebileng ga ba baye matshelo a bone kgotsa a bakganni ba dikoloi mo kotsing. Badiri ba tsa molao ba tla tswa ka makatlanamane go samagana le dithuntsebe tse di tlolakakang mola.

Dipotsiso:
Mme Nebo Legoabe (Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere)
Mogala: 082 453 2874

Share this page

Similar categories to explore