Kopo ya go kwadisa letshwao la diphologolo

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go dira kopo ya go kwadisa letshwao la diphologolo

Fa o na le dikgomo, dinku, dipodi kgotsa dikolobe, o tshwanetse go tshwaya leruo leo. O tshwanetse go dira kopo ya go kwadisa letshwao leo kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi.

Letshwao la diphologolo le supa gore phologolo eo ke ya ga mang. Fa phologolo e timetse kgotsa e utswitswe mme ya bonwa, go tla nna bonolo go batla mong wa yona. Letshwao le tshwanetse go nna le ditlhaka kgotsa matshwao a a sa feteng boraro kgotsa matshwao.

Matshwao a leruri a ka dirwa mo diphologolong ka go dirisa tshipi e e bolelo, go tshwaya ka go gatsetsa le letshwaotlanyo.

Fa o reka diphologolo kgotsa o di newa jaaka mpho, o tshwanetse go di tshwaya mo dibekeng tse pedi. Diphologolo tse o di rekisang le tsona di tshwanetse go nna le letshwao la gago.
Letshwao la gago le tla tsenngwa mo lenaneng la semmuso mme ga go ope yo o tshwanetseng go le dirisa kgotsa go tshwaya phologolo ka lona ntle le tetla ya gago.

Ela tlhoko: Ga o a tshwanela go tshwaya diphologolo fa o sa kwadisa letshwao leo.

Se o tshwanetseng go se dira

  • Download Sitlholola kgotsa kopa foromo kwa batlhankeding ka katoloso, dikantoro tsa bomagiseterata, diyuniti tsa bogodu jwa leruo tsa Tirelo ya Sepodisi sa Aforikaborwa kgotsa go tswa Mokwadisi: Temogo ya Diphologolo kwa Pretoria.
  • Reka ditempe tsa lotseno tse di jang R120 kwa Kantorong ya Poso go duelela kwadiso eo mme o di kgomaretse mo foromong.
  • Posetsa rasiti ya tota ya banka le foromo ya kopo go:
    The Registrar of Animal Identification
    Private Bag X 138
    Pretoria
    0001 kgotsa isa foromo ya kopo kwa Delpen Building, mo sekhutlong sa mmila wa Annie Botha Avenue le Union Street, Riviera, Pretoria.
  • Khansela ditempe ka go di saena kgotsa go kwala sefane le ditlhaka tsa ntlha tsa maina a gago gammogo le letlha.
  • Fa o sa saena foromo ya kopo ka bowena, o tshwanetse go rebola lekwalo le le fang mosaeni thata ya go tlisa foromo.

Keadiso e tsenngwa mo teng ga mo Lenanekwadisong la Bosetšhaba la Batshwayaleruo (AIS).

Nako ya tiragatso

Go ka tsaya dibeke tse pedi go kwadisa letshwao.

Tuelo ke bokae

R 200

Diforomo tse di tladiwang

Application for registration of an identification mark

Foromo e e ka bonwa kwa dikantorong tsa katoloso, dikantorong tsa bommagiseterata, diyuni tsa bogodu jwa leruo tsa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa kgotsa go tswa go Registrar: Animal Identification in Pretoria

O ka golagana le mang

 

Tel: 012 319 7637
Fax: 012 319 7551
Email: animalid@dalrrd.gov.za

Physical address: Delpen Building, Cnr Annie Botha Avenue and Union Street, Riviera, Pretoria
Postal address: Registrar: Animal Identification, Private Bag X138, Pretoria, 0001

Share this page