Kopo ya go ikwadisa jaaka motshwayaleruo

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go ikwadisa go tshwaya leruo

Fa o rata go tshwaya diphologolo go bona lotseno, o tshwanetse go dira kopo kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi (Mokwadisi: Temogo ya Diphologolo) go nna motshwayaleruo yo o kwadisitsweng.

Gore o kgone go ikwadisa o tshwanetse go konosetsa dirutwa tse di latelang:

  • Tiori le thekeniki ya:
    • go tshwaya ka tshipi e e mogote
    • go tshwaya ka go gatsetsa
    • letshwaotlanyo
    • go kganela le go tshwaya diphologolo 
  • Melao e e ka ga temogo le katlaatlelo ya diphologolo.

Jaaka motshwayaleruo, o tla tlhoka go nna le lenaane la diphologolo tse o di tshwaileng.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Leletsa Mokwadisi wa Temogo ya Leruo kwa Pretoria mo nomoreng e (012) 319 6000 gore a go neele lenaane la ditheo tse o ka dirang dirutwa tse kwa teng.
  2. Morago ga go konosetsa dithuto tse ka katlego, setheo sa thuto se tla go naya foromo gore o e tlatse.
  3. Setheo se tla itsise Mokwadisi gore o konoseditse dithuto ka katlego mme o ka kwadisiwa jaaka motshwayaleruo.
  4. Mokwadisi o tla go tsenya mo Lenanekwadisong la Bosetšhaba la Batshwayaleruo (National Register of Marking Operators).

Nako ya tiragatso

O tla kwadisiwa jaaka motshwayaleruo fa o fetsa dithuto.

Tuelo ke bokae

R 200
 

Diforomo tse di tladiwang

Setheo sa thuto se tla go naya diforomo fa o sena go konosetsa thuto eo.

O ka golagana le mang

 

Tel: 012 319 6000
Fax: 012 319 7551
E-mail:
makokom@daff.gov.za

Physical address: Delpen Building, Cnr Annie Botha Avenue and Union Street, Riviera, Pretoria
Postal address: Registrar: Animal Identification, Private Bag X138, Pretoria 0001

Share this page