Kopo ya phetisetso ya letshwao la diphologolo

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya phetiso ya letshwao la diphologolo

Letshwao la diphologolo le ka fetisiwa go tswa go mong kwa leruo go ya go yo mongwe. Go dira jalo, mong wa leruo yo mošwa o tshwanetse go dira kopo ya phetisetso ya letshwao la diphologolo kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi.

Mo lebakeng la go tlhokafala ga mong wa letshwao wa semolao, letshwao leo le ka fetisediwa mo go wena fa moababoswa a go naya tetla ya go dirisa letshwao le kgotsa fa go se na moababoswa mong yo mošwaa ka tlisa khopi ya setifikheiti sa loso ga mmogo le “Makwalo a Thata” a a rebotsweng ke Kgotlatshekelokgolo a a tlhalosang gore o mong wa diphologolo tseo wa semolao.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Sitlholola kgotsa o ka kopa foromo ya kopo mo batlhankeding ba katoloso, dikantoro tsa bommagiseterata, diyuniti tsa Bogodu jwa Leruo tsa Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa kgotsa go tswa go Mokwadisi: Tshupo ya Diphologolo kwa Pretoria.
  2. Karolo 2 ya foromo e tshwanetse go tladiwa ke wena kgotsa (mo lebakeng la loso) ke moababoswa kgotsa khopi ya setifikheiti sa loso le “makwalo a thata” a tshwanetse go nna teng fa go se na moababoswa.
  3. Duela tlhotlhwa ya R120 kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi: Standard Bank Branch: Arcadia, Nomoro ya lekala: 010845 Nomoro ya akhaonto: 011252871
  4. Posa setlankana sa dipositi sa tota le foromo ya kopo go: The Registrar of Animal Identification Private Bag X 138 Pretoria 0001 kgotsa isa foromo ya kopo go Delpen Building, sekhutlo sa Annie Botha Avenue le Union Street, Riviera, Pretoria.

Nako ya tiragatso

Go ka tsaya dibeke tse pedi gore phetisetso e dirwe.

Tuelo ke bokae

R 200

O ka golagana le mang

 

Tel: 012 319 7637
Fax: 012 319 7551
E-mail: animalid@dalrrd.gov.za

Physical address: Delpen Building, Cnr Annie Botha Avenue and Union Street, Riviera Pretoria
Postal address: Registrar: Animal Identification, Private Bag X138, Pretoria 0001

Share this page