Thekontle ya bojalwa

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga thekontle ya bojalwa

Fa o batla go rekantle bojalwa kgotsa dikumo tsa bojalwa ka bontsi ka mabotlolo (ntle le dibiri) o di tlisa mo Aforikaborwa, o tshwanetse go dira kopo ya setifikheiti sa thekontle pele dikumo tsa gago tsa bojalwa di ka gololwa go tswa kwa bogorogelong.

O dira kopo ya setifikheiti sa thekontle gangwe fela, morago ga moo o ka dirisa nomoro ya setifikheiti seo sa thekontle fa e le gore motswako wa bojalwa, diteng tsa bona, bogolo jwa mabotlolo le leibole ya kumo eo ga di ise di fetoge.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Download Sitlholola foromo ya kopo mme o e tlatse.
  2. Romela foromo ya kopo le sampole ya bonnye 750 ml tsa kumo e o batlang go e rekantle kwa kantorong ya Lekala la Dikumo tsa Bojalwa ka poso mo go: Private Bag X5015, Stellenbosch 7599 kgotsa o ka e isa ka seatla kwa Plant Quarantine Station, FSQA, Polkadraai Road, Stellenbosch.
  3. Fa o batla go rekantle bojalwa jo bo mo mabotlolong o tshwanetse go isa sampole e e mo pakaneng ya lebotlolo la tota le le tla dirisiwang fa e rekisiwa. Leibole e e mo lebotlolong e tla sekasekwa go netefatsa gore e ikobela ditlhokego tsa Liquor Products Act (Molao wa Dikumo tsa Bojalwa), 1989.
  4. Fa o rekantle bojalwa ka bontsi, o tshwanetse go isa sampole ka lebotlolo le le tlwaelegileng la 750ml. Ga go tlhokege gore lebotlolo le e nne la tota le le tla dirisiwang go rekisa gonne go tla sekasekwa fela diteng tsa bojalwa jo.
  5. Duela tlhotlhwa e e beilweng (ka madi a a seatleng fela).
  6. Pele o rekantle dikumo tsa bojalwa go di tlisa mo Aforikaborwa, o tshwanetse go naya kitsiso ya diura tse 48 go Lekala la Tshekatsheko ya Boleng (Division Quality Audit).
  7. Fa o goroga kwa bogorogelong, o tshwanetse go dira kopo ya go ntsha bojalwa kwa bogorogelong go bo isa kwa o batlang go bo rekisa kwa teng mo Aforika Borwa.

Nako ya tiragatso

Ga go nako e e beetsweng tirelo e.

Tuelo ke bokae

Dituediso tsa 2024/25

Diforomo tse di tladiwang

Application for an import certificate

O ka golagana le mang

 

Regional offices
Tel 021 809 1660
Fax 021 887 9457
E-mail   jeswaynen@dalrrd.gov.za
Physical address: Plant Quarantine Station, Polkadraai Road, Stellenbosch 7600
Postal address: Inspection Services – Stellenbosch, Private Bag X5015, Stellenbosch 7599
Web address: https://www.dalrrd.gov.za/Branches/Agricultural-Production-Health-Food-Safety/Inspection-Services/About-Us

Share this page