Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang
Ka ga go dira kopo ya setifikheiti sa thekontle ya bojalwa
O tshwanetse go dira kopo ya setifikheiti sa thekontle ya bojalwa fa o batla go rekantle dilitara di feta 12 go di dirisa ka bowena. Bogolo jwa mothamo o o ka o rekang ntle ka ngwaga ke dilitara di le 180.
Ga o tlhoke go dira kopo ya setifikheiti se mo:
- bojalweng jwa tagi e e fetang peresente e le nngwe e e leng karolo ya thoto ya gago e bile o tla go e nwa ka bowena
- bojalweng jo bo sa feteng dilitara tse 12.
Ga o a letlelewa go rekisa kgotsa go phatlalatsa bojalwa jo.
Se o tshwanetseng go se dira
- Sitlholola Foromo ya tetla e e kgethegileng form mme o e tlatse. Ga o tlhoke go kgomaretsa sepe mo foromong e bile ga o kitla o kopiwa disampole tsa bojalwa jo o ratang go bo rekantle.
- Fa o goroga kwa bogorogelong, o tshwanetse go neela foromo go motlhatlhobi go tswa kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi, kgotsa wa e romela ka imeili go jeswaynen@nda.agric.za pele o ya kwa bogoregelong.
Regional office
Tel: 021 809 1660
Fax: 021 887 9457
E-mail: jeswaynen@nda.agric.za
City/town: Stellenbosch
Province: Western Cape
Physical address: Plant Quarantine Station, Polkadraai Road, Stellenbosch 7600
Postal address: SAAFQIS – Stellenbosch, Private Bag X5015, Stellenbosch 7599