Go tswaka bojalwa jo bo rekilweng ntle ka bontsi

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go tswaka bojalwa jo bo rekilweng ntle ka bontsi

Go tswaka bojalwa jo o bo rekileng ntle ka bontsi gore o bo rekise, o tshwanetse go bona tetla go tswa go Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi (DAFF). O ka tswaka bojalwa jo bo rekilweng ntle le kumo ya mo Aforikaborwa, metsi kgotsa kumo e nngwe ya kwa moseja.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Golagana le motlhatlhobi kwa kantorong ya Karolo ya Dikumo tsa Bojalwa kwa Stellenbosch mo nomorong e ya mogala 021 809 1660 kgotsa ka imeile jeswaynen@nda.agric.za mme o mo tlhalosetse gore o rata go tswaka bojalwa jo o bo rekileng ntle gore o bo rekise..
  2. Ntsha sampole ya 750ml mo bojalweng jo bo rekilweng ntle le 750 ml mo bojalweng bo o ratang go bo tlhakanya le bona. Ga go tlhokege gore o romele 750 ml tsa metsi fa o batla go tswakanya le metsi.
  3. Romela disampole di sa tlhakana go Karolo ya Dikumo tsa Bojalwa ka mo atereseng e ya poso: Private Bag X5015, Stellenbosch 7599 kgotsa o di ise ka namana kwa Plant Quarantine Station, FSQA, Polkadraai road Stellenbosch.
  4. Motlhatlhobi kwa kantorong ya karolo tsa bojalwa o tla isa disampole kwa laboratoring go tlhatlhobiwa. Fa motswako o amogetswe, motlhatlhobi o tla go itsise. O tshwanetse go ema go fitlha o newa tetla go tswa go batlhatlhobi pele o tswaka, go paka kgotsa go leibola bojalwa.
  5. Fa o sena go newa tetla, o tshwanetse go tswaka dikumo tse, o di leibole le go di paka mme o romele sampole ya 750 ml ya kumo e e tswakilweng kwa atereseng e e fa godimo.
  6. Romela kumo e e tswakilweng mme o tlatse foromo ya kopo.
  7. Motlhatlhobi kwa karolong ya tsa bojalwa o tla romela sampole ya gago le foromo ya kopo kwa Kantorong ya Ditirelo tsa Tlhatlhobo go sekasekwa go bona gore a e ikobela ditlhokego go ya ka Liquor Act, 60 ya 1989. Fa Kantoro ya Ditlhatlhobo e kgotsofetse ka motswako wa gago, e tla go naya tetla ya go rekisa bojalwa jo bo rekilweng ntle ka bontsi morago ga setifikheiti sa go tshela mo mabotlolong.

Nako ya tiragatso

Ga go nako e e beetsweng tirelo e.

Tuelo ke bokae

Dituediso tsa 2024/25

Diforomo tse di tladiwang

Application for blending of liquor imported in bulk

O ka golagana le mang

Mogala: 021 809 1660
Fekese: 021 887 9457
Imeile: jeswaynen@nda.agric.za
Aterese ya lefelo: Plant Quarantine Station, Polkadraai Road, Stellenbosch 7600
Aterese ya Poso: SAAFQIS – Stellenbosch, Private Bag X5015, Stellenbosch 7599
Webosaete: www.dalrrd.gov.za

 

Share this page