Kopo ya tetla ya diromelwateng

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga tetla ya diromelwateng

Fa o ikaelela go tlisa dithoto tse di laolwang, dithoto tse di dirisitsweng, dithoto tsa seatla sa bobedi, dilatlhwa kgotsa dikgerekgere mo nageng, o tshwanetse go simolola ka go ikwadisa jaaka moromelateng le Tirelo ya Lotseno ya Aforika Borwa (SARS) mme o dire kopo go Khomišene ya Tsamaiso ya Kananyo ya Boditšhaba ya Aforika Borwa (ITAC) go bona tetla ya diromelwateng.

Tetla ya diromelwateng e netefatsa gore dithoto tse o eletsang go di romela teng di ikobela ditlhokego tsa naga tsa pabalesego, boleng, tikologo le boitekanelo. Di tshwanetse go ikobela gape le ditlamelo tsa ditumalano tsa boditšhaba.

Ditetla tse di thusa gape le go laola go tsena ga dithoto tsa maano a a rileng kgotsa dithoto tse disutlhisitsweng.

Pholisi e e dira mo thomelongteng ya dithoto e farologana go ya ka makala. Dithoto tse dintsi tse dišwa di gololwa go tswa mo mekgweng ya taolo ya diromelwateng.  Le fa go le jalo, dithoto tsotlhe tse di dirisitsweng, tsa seatla sa bobedi, dilatlhwa le dikgerekgere di bewa ka fa tlase ga mekgwataolo ya diromelwateng.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Etela SARS mme o ikwadise jaaka moromelateng.
  2. Etela ITAC kgotsa sitlholola foromo e e maleba mo inthaneteng.
  3. Tlatsa diforomo.
  4. Isa diforomo go Bokaedi: Taolo ya Diromelwateng le Diromelwantle kwa ITAC.

Ela tlhoko:

  • O ka romelelwa lenane la dithoto tse di bewang ka fa tlase ga mekgwataolo ya diromelwateng fa o ka naya ITAC dintlha tsa gago tsa kgokagano.
  • Fa o tlhoka tshedimosetso ya pholisi ka ga go romelwa teng ga dithoto tse di rileng, neela dintlha tsa dithoto tse di tlileng go romelwa teng go ITAC, kantoro ya Taolo ya Diromelwateng le Diromelwantle.

Nako ya tiragatso

Ga ntsi ditetla tsa diromelwateng di rebolwa mo matsatsing a matlhano a tiro.

Tuelo ke bokae

Tirelo e ke mahala.

Diforomo tse di tladiwang

O tshwanetse go tlatsa le go isa fela foromo e e maleba le kopo ya gago:

O ka golagana le mang

 

ITAC national office - Import and Export Control

Tel: 0861 834 384, 012 394 3590, 012 394 3591
City/town: Pretora
Province: Gauteng
Physical address: International Trade Administration Commission, 77 Meintjies Street, Block D, Sunnyside, Pretoria, 0001
Postal address: Private Bag X753 Pretoria, 0001
Web address: http://www.itac.org.za

Share this page