Kwadisa Kholeji ya Thuto le Katiso e e Tswelelang sa poraefete

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go kwadisa setheo sa thuto le katiso e e tswelelang sa poraefete

A setheo sa gago se batla go neelana ka dithutego tse di tletseng mo maemong a 2 – 4 a Letlhomeso la Bosetšhaba la Dithutego (NQF)? Go neelana ka dithutego tse, o tshwanetse go ikwadisa jaaka setheo sa poraefete sa FET le Department of Higher  Education and Training (DHET) (Lefapha la Thuto e Kgolwane le Katiso) go ya ka Molao wa Dikholeji tsa Thuto e e Tswelelang le Katiso (Further Education and Training Colleges Act, 2006) kgotsa Molao  wa bo16 wa 2006).

DiFET ke ditheo tsa botlhe kgotsa tsa poraefete tse di tlhomilweng, di goeleditsweng kgotsa di kwadisitsweng ka fa tlase ga Molao wa Dikholeji tsa FET 16, 2006 fela tse di latelang  ga di tlhokfego go ka kwadisa le DHET:

  • sekolo se se neelang dithulaganyo tsa thuto le katiso ka fa tlase ga Molao wa Dikolo tsa Aforika Borwa (South African Schools Act):
  • setheo sa puso se se neelanang ka thuto le katiso

Ditheo tse di neelang dithuto tse dikhutshwane, dithulaganyo tse e seng tsa NQF kgotsa dikarolo tsa dithutego, ga di angwe ke kwadiso go ya ka Molao wa FET (Molao 16 wa 2006).

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Tlatsa foromo ya kopo mme o e ise go DHET.
  2. Duela tuelo ya kopo e leng R500 e e sa busiweng go DHET ka tšheke, tuelo ka poso kgotsa madi a a seatleng.

Nako ya tiragatso

Go ka tsaya dikgwedi di ka fitlha go 11 go kwadisa setheo sa gago.

Tuelo ke bokae

Tariffs for 2023/24

O ka golagana le mang

Lefapha la Thuto e Kgolwane le Katiso
Porofense: Gauteng     
Toropo: Pretoria     
Mogala: 012 312 5878     
Fekese: 012 323 9838     
Aterese ya lefelo: Department of Higher Education and Training: Directorate: Private FET Colleges, 6th Floor, Room 629, 123 Schoeman Street, Pretoria.     
Aterese ya poso: Private Bag X174, Pretoria, 0001

 

Share this page