Kopo ya tumelelo ya boithutedi jwa bokgweetsi

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya tetla ya porofešenale ya go kgweetsa

Go kgweetsa mo tseleng ya botlhe o rwele thoto, dithoto tse di kotsi kgotsa batho go bona lotseno mo Aforikaborwa, o tshwanetse go nna le Tetla ya Porofešenale ya go Kgweetsa (PrDP).

Tetla e e rebolwa go tlaleletsa laesense ya e e tlwaelegileng ya go kgweetsa. PrDP e maleba mo ditlhopheng tse di latelang tsa dirori:

  • serori sa dithoto sa bokete jo bo fetang 3 500 kg
  • serori sa segogelathulong kgotsa bese
  • bese e nnye ya bokete jo bo fetang 3 500 kg mme di diretswe go tsaya batho ba le 12 kgotsa go feta (go akarediwa le mokgweetsi) 
  • dikoloi tse bofefo, tse go kailweng mo lephateng la ikonomi fa di tsaya bapalami go bona tuelo (Thekisi)
  • serori se se diretsweng go tsaya batho ba le 12 kgotsa go feta
  • serori sefe fela se se reboletsweng laesense ya go dira
  • serori sa dithoto tse di kotsi (e.g. serori sa motomo wa lookwane, jj.)

Ditekanyetso tsa dingwaga tsa ditlhopha tsa dirori di ntse jaana:

  • serori sa dithoto - o tshwanetse go nna le dingwaga tse 18 kgotsa go feta
  • dirori tsa bapalami - o tshwanetse go nna le dingwaga tse 21 kgotsa go feta
  • dirori tsa dithoto tse di kotsi – o tshwanetse go nna le dingwaga tse 25 kgotsa go feta.

O ka bona PrDP fela fa:

  • o na le laesense ya go kgweetsa ya mofuta o o fa isong
  • o kannwe gore o itekanetse sentle ke ngaka   
  • o kannwe ke mokgatlho o o dumeletsweng wa katiso (e tlhokega fela mo mefuteng ya setlhopha D sa dirori)  
  • o se na rekoto ya bosenyi mo leineng la gago mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng ka mabaka a a latelang:
    • go kgweetsa serori o le ka fa tlase ga kgatelelo ya nnotagi kgotsa diritibatsi
    • go kgweetsa serori ka tekanyetso ya tagi mo mading kgotsa mo khemong ya gago e feta e e beilweng semmuso
    • mo mabakeng a kopo ya tetla ya setlhopha P le D, fa tlolomolao eo e ne e na le tirisodikgoka; 
  • go ise go tsamaiwe go emisiwe laesense ya gago ya go kgweetsa  
  • laesense ya gago e ise e sekegiwe
  • o ise o bonwe molato wa bosenyi kgotsa go duela tuelo ya go amogela molato.

 Jaaka modirisi kgotsa mong wa serori se PrDP e tlhokegang, ga o a tshwanela go letla motho yo mongwe go kgweetsa serori seo mo tseleng ya botlhe, ntle le fa a na le PrDP e e tlhomameng ya setlhopha se se maleba.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Etela tikwatikwe e e gaufi nao ya teko ya dilaesense tsa go kgweetsa (DLTC) mme o tlatse foromo ya Kopo ya lekwalotetla la go kgweetsa la seporofešenale (PD1).
  2. Tlatsa foromo ya kitsiso ya go fetola aterese gongwe dintlha tsa motho gongwe tsa setheo (NCP).
  3. Tsamaya ka tse di latelang:
    • Lekwaloitshupo (ID), karata ya laesense ya go kgweetsa, gongwe lekwaloitshupo le le amogelesegang la Aforika Borwa
    • Dinepe di le nne tse di tlwaelegileng. O tshwanetse go tlhomamisa pele le DLTC gore ba tlhoka dinepe di le kae pele ga o di tsaya.
    • Laesense e e amogelesegang ya go kgweetsa (khoutu e e tshwanang le e o dirang kopo ya yona) 
    • Setifikeiti sa katiso (fa se le maleba)  
    • Setifikeiti sa bongaka (se amogelesega fa fela se sa feta dikgwedi di le pedi)
    • Lekwalotetla le lengwe la go kgweetsa la seporofešenale gongwe lekwalotletla la go kgweetsa mo tseleng ya puso le o nang nalo. 
    • Bosupi jwa aterese ya poso le ya bonno jaaka akhaonto ya motlakase. Fa akhaonto ya motlakase e se mo leineng la gago, mong wa akhaonto o tshwanetse go kwala afidafiti a ikana gore o nna kwa atereseng eo mme akhaonto ya motlakase e tshwanetse go mametlelelwa mo afidafiting. 
    • Fa o nna mo lefelong la baipei, o tshwanetse go tla ka lekwalo le le nang le setempe sa semmuso sa letlha go tswa kwa mokhanselareng wa oto a tlhomamisa aterese ya gago ya poso le ya bonno.
    • Madi a a duelwang.
  4. O tla dira tlhatlhobo ya matlho kwa tikwatikweng ya teko. Go seng jalo, o ka dira tlhatlhobo ya matlho ke ngaka e e nang le borutegi jo bo maleba ya matlho mme wa isa foromo kwa tikwatikweng.
  5. Morago ga go duela, o tla romelwa kwa seteišeneng sa mapodisi se se gaufi go kopa pegelo ya ponomolato. Fa DLTC e na le yuniti ya go tsenya tshedimosetso ka tlhamalalo (LCU), pegelo ya ponomolato e tla romelwa ka mokgwa wa eleketoroniki kwa seteišeneng sa mapodisi.
  6. O tshwanetse go tsenya madi a go dira kopo mo akhaontong e e fa tlase pele ga go ka tswelelwa ka kopo.
    Dintlha tsa banka e go tsenngwang madi a kopo mo go yona:
    Leina la akhaonto: Ideco AFISwitch (Pty) Ltd
    Banka: ABSA
    Lekala: Business Banking Johannesburg North
    Mofuta wa Akhaonto: Tšheke
    Nomoro ya Akhaonto: 4074078548
    Khoutu ya lekala: 630256
    Nomorotshupetso: Tlatsa nomoroitshupo ya modirakopo jaaka nomorotshupetso.
  7. O tla itsesewe fa karata ya gago ya PrDP e siametse go ka tla go tsewa. Tsaya lekwalo lengwe le lengwe la boitshupo le le jaaka ID fa o ya go tsaya karata. Dikarata tse di sa tsewang mo matsatsing a le 120 di tla sobokakiwa.

Nako ya tiragatso

Tetla ya gago e ka siama mo dibekeng tse 12 bontsi.

Tuelo ke bokae

Ikgokaganye le kantoro ya gago ya dilaesense go itse ka ga dituelo.

Diforomo tse di tladiwang

  • Foromo ya Kopo ya Tetla ya Porofešenale ya go kgweetsa (PD1)
  • Foromo ya Setifikheiti sa boitekanelo (MC)

Diforomo tse di teng kwa lefelong lengwe le lengwe la teko ya laesense ya go kgweetsa le mo webosaeteng ya eNatis.

O ka golagana le mang

 

Contact the relevant municipality

Share this page