Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang
Ka ga madi a loago a tlhokomelo ya dikhutsana
Bona madi a loago a go tlhokomela khutsana. Khutsana ke ngwana yoo o beilweng ka fa tlase ga tlhokomelo ya gago ke kgotlatshekelo e le ka ntlha ya:
- go tlhoka batsadi
- go latlhilwa
- go nna mo kotsing
- go bogisiwa
- go sa tlhokomelwe.
O itse jang gore o na le tumelelo?
Go bona tetla:
- O tshwanetse go nna moagi wa Aforika Borwa, moagi wa leruri kgotsa mofaladi
- Wena le ngwana lo tshwanetse lo bo lo nna mo Aforika Borwa
- Ngwana wa khutsana o tshwanetse go bewa ka semolao ka fa tlase ga tlhokomelo ya gago mme ngwana o tshwanetse go nna a le mo tlhokomelong ya gago
- Ngwana o tshwanetse go nna le dingwaga tse di ka fa tlase ga di le 18.
O tla amogela bokae?
O tla amogela R1 250 ka kgwedi ngwana mongwe le mongwe.
O tla duelwa jang?
Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) se tla go duela madi a loago ka nngwe ya mefuta e e latelang:
- Madi a seatleng kwa lefeloborekisetsong le le tlhophilweng mo letsating le le rileng
- Ka go tsenngwa mo akhaontong ya gago ya banka kgotsa ya Postbank (banka e ka go duedisa tirelo eno)
- Setheo se se dirang jaaka motsamaisi wa madi a loago (sk. Mekgatlho ya katlaatlelo loago).
Ela tlhoko: Fa o sa kgone go tsaya madi ka bowena, o ka tlhopha moemedi kwa kantorong ya SASSA, kgotsa wa neela mongwe dithata tsa mmueledi go go tseela madi ano a loago mo boemeng jwa gago.
Madi ano a loago a tla sekwasekwa leng?
Madi a loago a tla sekwasekwa kwa bokhutlong jwa taelo ya kgotlatshekelo. Ga jaana seno se dirwa dingwaga dingwe le dingwe di le pedi. O tla itsisiwe dikgwedi di le tharo pele go ka nna le tlhokego ya go sekaseka madi a loago.
Fa o amogela madi a gago kwa bankeng, setheong kgotsa moemeding, o tlhoka go tlatsa setifikeiti sa botshelo (tokomane e e supang fa o santse o tshela.) kwa dikantorong tsa SASSA ngwaga le ngwaga.
Madi a loago a ngwana a ka kgaotswa fa go diragetse eng?
Tse di latelang di ka baka go beelwa thoko nakwana ga madi a loago a ngwana:
- phetogo ya maemo a gago
- dipholo tsa tshekatsheko
- fa o retelelwa ke go dirisanammogo ka nako e madi a loago a ngwana a sekasekiwang.
- fa o dira bonweenwee kgotsa o tlhagisitse dintlha tse di seng tsa boammaruri ka ga wena
- fa go ne go na le phoso fa madi a loago a tlhokomelo ya dikhutsana a ne a dumelelwa.
Madi ano a loago a tla emisiwa leng?
Madi a loago a tla emisiwa fa:
- fa ngwana a ka tlhokafala kgotsa batsadi ba bofelo bao ba neng ba mo tlhokometse ba ka tlhokafala
- ngwana a ka amogelwa kwa setheong sa puso
- madi a loago a sa tsewa dikgwedi di le tharo tse di latelanang
- o seo mo nageng
- ngwana a sa tlhole a le mo tlhokomelo ya botsadi jwa gago jwa tlhokomelo ya dikhutsana
- fa o sa tlhole o le mofaladi.
Se o tshwanetseng go se dira
- Etela kantoro ya Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) e e gaufi le wena mme o tle ka tse di latelang:
- Bukanaitshupo ya gago ya dinomoro di le 13 tsa baakhouto le setifikeiti sa matsalo sa ngwana.
- Fa o le mofaladi, maemo a gago a tetlelelo le ID ya bofaladi.
- Fa o sena ID kgotsa setifikeiti sa ngwana sa matsalo:
- tlatsa afidafiti ka thulaganyo e e tlwaelegileng ya SASSA fa pele ga Mokhomišenara wa Maikano yoo eseng modiredi wa SASSA.
- Tla ka setatemente sa maikano se se saenilweng ke motho yo o nang le boemo (mokhanselara, moeteledipele wa setso, modirediloago, moruti kgotsa mogokgo wa sekolo) yo o go itseng ebile a itse le ngwana.
- Modiredi wa SASSA o tla tsaya kgatiso ya menwana ya gago. O tla romelwa kwa Lefapheng la Merero ya Selegae go dira kopo ya ID le fa go santse go mekamekanngwa le kopo ya gago. Fa o sa bone ID madi a loago a gago a tla beelwa thoko.
- Romela bopaki jwa gore o dirile kopo ya ID le/kgotsa setifikeiti sa matsalo sa ngwana kwa Lefapheng la Merero ya Selegae.
- Romela ID ya nakwana e e rebotsweng ke Lefapha la Merero ya Selegae (fa go tlhokagala).
- Tlhagisa setifikeiti sa kolobetso fa se le teng.
- Romela karata ya kliniki fa e le teng
- Fa ngwana a le kwa sekolong, pegelo ya dipholo tsa kwa sekolong.
- Disetifikeiti tsa matsalo\tsa ngwana\bana, kgotsa ditokomane tsa bona tsa boitshupo go tswa kwa dinageng tsa bona tsa tsalo
- Taelo ya kgotlatshekelo e e bayang ngwana ka fa tlase ga tlhokomelo ya gago
- Bopaki jwa seemo sa gago sa lenyalo.
- Tlatsa foromo ya kopo fa pele ga modiredi wa SASSA (ela tlhoko gore wena jaaka modirakopo kgotsa modiredi wa SASSA ke lona fela le ka tlatsang foromo ya kopo).
- O tla neelwa tshupatefo. E tshole jaaka bopaki jwa gore o dirile kopo.
Fa e le gore kopo ya gago ga e a atlege?
Fa kopo ya gago e sa atlega, SASSA e tla go itsise ka lekwalo gore goreng kopo ya gago e sa atlega.
Fa o sa dumelane le tshwetso, o ka dira boikuelo go Tona ya Tlhabololo ya Loago kwa kantorong ya bosetšhaba ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago, o tlhalosa gore goreng o sa dumelane. O tshwanetse go dira boikuelo mo sebakeng sa matsatsi a le 90 morago ga go itsisiwe gore kopo ya gago ga e a atlega.
Go tsaya nako e e kana kang
- Go ka tsaya lobaka lwa dikgwedi di le tharo go mekamekana le kopo ya gago.
- Fa kopo ya gago e atlegile, o tla duelwa go tloga ka letlha leo kgotlatshekelo e beileng ngwana ka fa tlase ga tlhokomelo ya gago.
Go ja bokae
Tirelo eno ke e e sa duelelweng.
Diforomo tse o tshwanetseng go di tlatsa
Diforomo tsa kopo ga di teng mo inthaneteng, fela o ka di bona kwa kantorong e e gaufi le wena ya SASSA.
Ke mang yo o ka ikgolaganyang le ena
Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA)
SASSA Toll free: 0800 60 10 11
Email: GrantEnquiries@sassa.gov.za