Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya Laboraro, 27 Lwetse 2023

A.  Merero ya ga Jaanong
1.  Kopanokakaretso ya Kokoano ya Dinagakopano (UNGA) 

1.1.  Kabinete e itumedisitswe ke puo ya ga Moporesitente Cyril Ramaphosa kwa kopanong ya bo 78 ya UNGA e e neng e tshwaretswe kwa New York, kwa Amerika go tloga ka la bo 18 go fitlha ka la bo 26 Lwetse 2023.
1.2.  Puo ya ga Moporesitente e e neseditsweng pula ke botlhe e totobaditse maemo a naga ya Aforika Borwa mo go nneng le seabe mo go direng gore kontinente ya Aforika mmogo le dinaga ka kakaretso tse di leng kwa Borwa jwa Lefatshe dikgatlhegelo tsa tsona le go nneng le seabe ga tsona go sekegelwe mosako mo diforamong tsa Mokgatlho wa Dinagakopano (UN) mmogo le mo diforamong tse dingwe tsa dinaga tsa mafatshefatshe.
1.3.  Puo eno gape e totobaditse le kemo ya naga ya Aforika Borwa mabapi le go bokeletsa kemonokeng mo: 
(a)  mererong e e ntšhwafaditsweng ya go ema nokeng bosetšhaba, mme seno se tla diriwa go ya ka melao e e tlhamaletseng e e engweng nokeng ke ditheo tse di mosola.
(b)  go rulaganyeng sešwa Lekgotla la Tshireletso la Dinagakopano (UNSC), go dira gore le nne le bokao jo bo sa tshwaneng le jwa mo nakong e e fetileng fa go tla mo go lekalekaneng ga maatla a dipuso tse di ipusang gore UNSC e kgone go tsibogela ka tshwanelo dikgwetlho tsa ga jaana tsa dipolotiki tsa dikgaolo.
(c)  go direng gore dinaga tse khumo ya tsona e tswang ka dinala e oketse matlole a go thusa go tsenya tirisong Mogopolo wa ngwaga wa 2030 wa Dipeelo tsa Tlhabololo e e Nnelang Ruri gore go kgonwe go busetsa morago maemo a phetogo ya maemo a loapi ka mokgwa o o tshwaraganeng le o o utlwanetsweng, mmogo le botlhokwa jwa go tsenya tirisong Letlole la Ditatlhegelo le Ditshenyegelo go thusa dinaga tse di tlhokang tse di nang le ditshenyegelo tse dintsi tse di tlhodiwang ke phetogo ya maemo a loapi, go ya jaaka go dumelanwe mo kopanong ya bo 27 ya Khoferense ya Makoko e e neng e tshwaretswe kwa Egepeto ka Ngwanaitseele 2022.
1.4.  Moporesitente Ramaphosa o totobaditse maikano a naga ya Aforika Borwa go tswelela go samagana le phetogo ya maemo a loapi le go dira gore naga e digoge kwa pele mo mererong ya motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa, leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo mmogo le mo go direng gore re nne le diintaseteri tse di sa phutlhameng. 
1.5.  Moporesitente Ramaphosa o atlhaatlhile gape le kgang ya go Atolosa Dikgato tsa go Thibela Maroborobo, ya Samiti ya go Ipaakanyetsa le go Samagana le ona, mo maemong a gagwe a Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU )jaaka a tseewa a Dirile Bontle mo go Samaganeng le Bolwetse jwa Mogare wa Leroborobo (COVID-19).

2.  Letsholo la Naga ya Aforika Borwa la Dikopano tsa Tirisanommogo Magareng ga Dinaga ka Bobedi tse di Tshwaretsweng ka fa Letlhakoreng kwa Kopanong ya bo 78 ya UNGA 
2.1.  Ka fa Letlhakoreng kwa Kopanong ya bo 78 ya UNGA, Moporesitente Ramaphosa o ne a eteletse kwa pele Letsholo la Naga ya Aforika Borwa la Dikopano tsa Tirisanommogo Magareng ga Dinaga ka Bobedi tseo maitlhomo a tsona e neng e le go gagamatsa tirisanommogo mo togong ya maano, dipolotiki, botipolomate le kgwebisano. 
2.2.   Moporesitente o ne a tshwara kopano le Moporesitente ka ene wa naga ya Ukrain, Volodymyr Zelensky, mo ba tšhotlhileng kgang ya gore Letsholo la Barongwa ba Kontinente ya Aforika go Buisanela Kagiso le Dinaga tse di leng mo Ntweng le tsamaya kae mo go tleng ka ditharabololo mmogo le go buisanela le dintlha tse dingwe.
2.3.  Moporesitente Ramaphosa o kopane gape le:
2.3.1.  Moporesitente Recep Tayyip Erdoğan wa naga ya Türkiye, mabapi le go gagamatsa tirisanommogo magareng ga naga ya Aforika Borwa le ya Turkey, mmogo le go tsopolelana ka merero ya letsholo la go buisanela kagiso magareng ga naga ya Russia le ya Ukraine.
2.3.2.  Moporesitente Bola Tinubu wa naga ya Federal Republic of Nigeria, mabapi le go gagamatsa tirisanommogo magareng ga naga ya Aforika Borwa le ya Nigeria. o ne gape a tsopolelwa tshedimosetso e e ka ga seo se setseng se dirilwe mo letsholong la Mererong ya Ikonomi le le eteletsweng kwa pele ke Dinaga tsa Bophirima jwa Aforika, mo go rarabololeng matsapa a menolopuso e e dirilweng kwa nageng ya Niger mmogo le dikgato tsotlhe tse go samaganweng natso mo go busetseng molao we temokerasi kwa karolong ya Sahel.
2.3.3.  Moporesitente Emmerson Mnangagwa wa naga ya Rephaboliki ya Zimbabwe, mabapi le maiteko a Zimbabwe mo go direng gore maemo kwa nageng a boele sekeng go latela gore naga eno mo malobeng e tshware ditlhopho tse di neng di sena merusu.
2.4.  Moporesitente Ramaphosa o ne gape a tsaya karolo le mo kopanong ya magareng ga naga ya Aforika Borwa le Amerika mabapi le Kgwebisano le Dipeeletso, mo go neng go le baeteledipele ba dikgwebo ba dinaga ka bobedi. Jaaka ka fa nageng ya Aforika Borwa go na le dikgwebo di feta di le 6 000 tsa Amerika, go ne go le botlhokwa gore dipuisano tseno di tshwarwe gore tirisanommogo ya dinaga tseno e kgone go tswelela go gagamala.
2.5.  Mo pakeng eno go ne ga ntshiwa tsiboso e e tlhamaletseng ya gore Kopano ya Kgato ya go Oketsa Ditšhono tsa go Godisa Ikonomi ya Aforika (AGOA) ya bo 20 e e ka ga Amerika le Dinaga tsa Borwa e tla tshwarelwa kwa Johannesburg go tloga ka la bo 2 go fitlha ka la bo 4 Ngwanaitseele 2023. Mo foramong eno go tla tlhagisiwa gape le 'Dipontsho tsa Dilo tse di Dirilweng ka fa Kontinenteng ya Aforika' mme tsona di tla bontsha ka fao kgaolo ya kontinente e nang le dilo tse di botlhokwa mo ikonoming. 
2.6.  Moporesitente Ramaphos gape o ne a le teng ga go diriwa kitsiso ya gore setlamo sa Novo Nordisk le sa Aspen di tla dirisana mmogo. Tirisanommogo eno e tla dira gore melemo ya go lwantshana le bolwetse jwa tshukiri e diriwe kwa femeng ya Aspen e e leng kwa Gqeberha, kwa porofesneng ya Kapa Botlhaba. Tirisanommogo eno e tla dira gore go tlhagisiwe melemo ya go lwantshana le bolwetse jwa tshukiri e feta dimilione di le 16 mo ngwageng wa 2024, mme palo eno e tla tlhatlosiwa gape mo ngwageng wa 2026. Seno se tla oketsa tota palo ya melemo eno gore e kgone go lekana balwetse ba ba e tlhokang e seng fela ka fa nageng ya Aforika Borwa mme gape le go ralala le kontinente ka bophara. 

3.  Motlakase
3.1.  Kabinete e itumedisitswe ke dikgato tsa Setheo sa Naga ya Aforika Borwa sa Taolo ya Merero ya Motlakase tsa go neela Setlamo sa Naga ya Aforika Borwa sa go Reka Motlakase tetla ya go reka le go rekisa motlakase, mme seno se bulela setlamo seno dikgoro tsa go ka reka motlakase go tswa kwa dinageng tsotlhe tsa kgaolo. 
3.2.  Go busediwa tirong ga Yuniti ya Bone ya Seteišene sa Motlakase sa Kusile, e e neng e baakanngwa, go busetsa tirong motlakase o o kana ka dimekawate di le 800 mo diyuniting tsa tlamelo ya motlakase. Kgato eno e botlhokwa thata mo go tokafatseng maemo a tlhagisong ya motlakase mo diyuniting tsa ka fa nageng tsa tlamelo ya motlakase mmogo le mo go samaganeng le ditiragalo tsa motlakase o o tshabetseng ruri.
3.3.  Kabinete e tsopoletswe gape le ka dikgato tse di setseng di dirilwe mo go busetseng tirong pele ga nako yuniti ya bo 1, 2 le ya bo 3 tsa Seteišene sa Motlakase sa Kusile. 
3.4.  Kabinete e itumeletse gape le maemo a Eskom e a reboletsweng ke Setlamo sa Ditirelo tsa Dipeeletso sa Moody, mme ona a tla thusa go tlhatswa leina la setlamo seno mo mererong ya go adimiwa madi mmogo le go se kgontsha gore se kgone go ipaakanya sentle mo nakong e e tlang pele se ka diragatsa dikgato tsa go baakanya le go tsosolosa mafaratlhatlha a sona.

4.  Go se Felelwe ke Metsi
4.1.  Kabinete e itsisitswe ka dikgato tse di tserweng go leka go rarabolola dikgwetlho tsa metsi tse di amang mafelo a le mantsinyana ka fa nageng. Tona ya Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe, Rre Senzo Mchunu mmogo le Dimeyara tsa tse dingwe tsa diteropo tse dikgolo kwa Gauteng ba tla ema baagi ka lefoko go ba itsise gore ke eng se se diriwang go samagana le tlamelo ya metsi a a tshabetseng ruri mo porofenseng eno. 
4.2.  Kabinete e ikuela mo go botlhe go gakologelwa gore naga ya Aforika Borwa ke e nngwe ya dinaga tse di senang metsi go le kalo. MaAforika Borwa mmogo le botlhe ba ba leng ka fa nageng ba tshwanetse go somarela metsi le go se a dirise botlhaswa. 

5.  Merero ya Kgwebisano
5.1.  Kopano ya Dintlo tsa Barongwa ba Dinaga (BNC) mmogo le Setlhopha sa Ditona tsa Naga ya Aforika Borwa le ya Lesotho
5.1.1.  Kopano ya Dintlo tsa Barongwa ba Dinaga (BNC) mmogo le Setlhopha sa Ditona tsa Naga ya Aforika Borwa le ya Lesotho e tshwerwe go tloga ka la bo 25 go fitlha ka la bo 28 Lwetse 2023 e tsepamisitse mogopolo mo go dirisaneng mmogo mo mererong ya ikonomi, ya go kgabaganya melelwane, mmogo le mo go letleleleng baagi le dithoto go kgabaganya melelwane ya dinaga ka bobedi ntle le tshitiso epe.
5.1.2.  Moporesitente Ramaphosa mmogo le Tonakgolo ya naga ya Lesotho e bong Samuel Ntsokoane Matekane e tla nna badulasetilo mo kopanong e e ka ga Dintlo tsa Barongwa ba Dinaga tsa Aforika Borwa le Lesotho ka Labone wa la bo 28 Lwetse 2023. Mo kopanong eno go tla tšhotlhiwa merero e e ka ga tirisanommogo magareng ga dinaga, ditirelo tsa sesole le tsa pabalesego, metsi, dipalangwa, motlakase le kgwebisano.

5.2.  Dipatlisiso tse di ka ga go Tsenya Letsogo mo Diraleng tsa go Rekisa mo Inthaneteng
5.2.1.  Kabinete e rometswe pegelo go tswa kwa go Khomišene e e Okameng Merero ya Dikgaisano tsa Dikgwebo e e ka ga tseo e di ribolotseng mmogo le ditharabololo tsa tsona mo Dipatlisisong tse di ka ga go Tsenya Letsogo mo Diraleng tsa go Rekisa mo Inthaneteng. Kabinete e rolela hutshe tiro e e dirilweng ke khomišene eno mo go samaganeng le matsapa a go paralela dikgwebo tsotlhe ga dikgwebo tse dingwe mo diraleng tseno, go akatsetsa le dirala tse di supetsang bareki koo ba ka rekang gone, dirala tse di rekisang ditlhagisiwa, dirala tsa inthanete tse di rekisang mareu ka go rulaganyetsa bao ba tsayang maeto dithulaganyo tsa dinamelwa tse ba tla di dirisang, dirala tse di tlisetsang bareki dijo ba le kwa ba leng gone, dirala tse di rekisang diepe, dirala tse di rekisang ditirelo tse di itlhophileng mmogo le dirala tsa go batla dilo mo inthaneteng.
5.2.2.  Kabinete e laetse Ditona tse di maleba go sala morago ditshitshinyo tse di dirilweng gore maemo a tle a nolofale, go atlhaatlha seo pholisi e ka se dirang mmogo le go tsaya dikgato tse di maleba go baakanya pholisi gore e tle e kgontshe gore maAforika Borwa a a nang le dikgwebopotlana, tse dikgolwane le tse dikgolo a tle a nne le seabe se se utlwagalang mo dikgwebong tse di golang tsa inthanete. 

6.  Mokgotlhwane wa Dikgogo
6.1.  Kabinete e tsibositswe ka Malwetse a a Tshelanang a Mokgotlhwane wa Dikgogo (HPAI) H5 le H7 a a aparetseng leruo la dikgogo ka fa nageng ya Aforika Borwa. Porofense ya Kapa Bophirima mmogo le ya KwaZulu-Natal di wetswe ke bolwetse jwa HPAI H5 fa HPAI H7 yona e begilwe kwa diporofenseng tsa Gauteng, Limpopo, Mpumalanga le Bokone Bophirima. Go setse go tsentswe dikgato tirisong go ka samagana le go thibela go anama ga malwetse ano mme barui ba rotloediwa gore ba obamele dikgato tsa go thibela malwetse ano. 
6.2.  Bolwetse jono bo dira gore go nne le tlhaelo ya dijo le dikgwebo di retelelwa ke go rekisetsa dinaga tse dingwe mae a go thuthusa ditsuane, mae a go jewa le dinama tsa kgogo go tswa ka fa nageng. Lefapha la Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae, Setheo sa Taolo ya Melemo ya Boitekanelo ya Aforika Borwa mmogo le intaseteri eno ba samagane le dithulaganyo tsa go dira kopo ya go kwadisa meento e e ka dirisiwang mo bolwetseng jono, mme merero ya go obamela melao ya pabalesego, kalafo le boleng ke tsona dikarolo tse di botlhokwa mo go kwadiseng meento eno. 

7.  Go Tshwaraganela go Lwantshana le Bosenyi 
7.1.  Kabinete e neseditse pula tshedimosetso ya go e baya mo dinakong e e ka ga dikgato tsa go lwantshana le bosenyi, e Tona ya Mapodisi, Bheki Cele, a neelaneng ka yona mo setšhabeng mmogo le Setlhopha sa Maphata a a Farologaneng a Naga a go Lwantshana le Bosenyi. 
7.2.  Letsholo la go lwantshana le bosenyi le le tshwaraganetsweng ke ditheo tse di farologaneng tsa molao kwa porofenseng ya Kapa Bokone le le samaganeng le bogodu jwa dirašwa tsa meepo le kgonne go ka tshwara batho ba le 867, mme bontsi jwa bona bo tswa kwa nageng ya Lesotho, Zimbabwe, Mozambique mmogo le ka fa nageng ya Aforika Borwa. Kabinete e boeletsa mafoko a ditheo tsa molao gore maAforika Borwa a a fitlhang ditlhokotsebe tse di amegang mo bogodung jwa dirašwa tsa meepo ba tla di gama ba sa di tlhapela. 

8.  Dipula tse di Bogale
8.1.  Maemo a a bogale a dipula ka fa nageng a bontsha gore re mo dinakong tsa phetogo ya maemo a loapi mmogo le gore go tlhokagala gore go tsewe dikgato tsa go fedisa kgotlhelo ya loapi mo ditirong tsa ikonomi ntle le go kgaotsa tlhabololo e e tsepameng. 
8.2.  Kabinete e beewa mo dinakong ka dipula le merwalela e e gogotseng mafelo kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba, Kapa Bophirima le Gauteng, mme go na le kgonagalo ya gore ditshenyegelo tseno di tla aparela le diporofense tse dingwe. 
8.3.  Kabinete e ikuela mo baaging go ntsha matlho dinameng fa go na le melaetsa e e ka ga dipula tse di bogale, tse di ka senyetsang pele ka fa nageng. 
8.4.  Puso e tswelela go ema nokeng ditirelo tsa tshoganyetso mmogo le ditikwatikwe tsa taolo ya masetlapelo gore di kgone go thusa ba ba leng mo tlalelong mmogo le go tswa baagi thuso ka ditlamelwana tse ba di tlhokang.

9.  Winnie Mandela Avenue 
9.1.  Kabinete e neseditse pula kgato ya go fetola leina la mmila wa William Nicol Drive kwa teropong ya Sandton go o neela leina la Winnie Mandela Avenue jaaka e tsaya seno e le kgato e kgolo mo hisetoring ya naga ya Aforika Borwa ka go dira gore bao ba nnileng le seabe se se botlhokwa mo kgaratlhelong ya kgololesego maina a bona a tlhagelele ka magetla. 
9.2.  Moletlo ono o diragetse ka nako e le esi le nako eo e ka bong go ketekiwa letsatsi la matsalo la ga Winnie Madikizela-Mandela mo a ka bong a ne a keteka dingwaga di le 87 ka la bo 26 Lwetse 2023 fa a ne a ka bo a tshela. 

B.  Ditshwetso tsa Kabinete 

1.  Leano le le Kwalolotsweng Sešwa la Naga ya Aforika Borwa la Nama ya Diphologolo tsa Naga 
1.1.  Kabinete e neseditse pula dikgato tsa gore go tsenngwe tirisong Leano le le Kwalolotsweng Sešwa la Naga ya Aforika Borwa la Nama ya Diphologolo tsa Naga, mme maitlhomo a lona ke go dira gore intaseteri ya nama ya diphologolo tsa naga e tsenngwe tirisong semmuso mmogo le go fetola intaseteri eno. 
1.2.  Maitlhomo a leano leno ke go gagamatsa intaseteri ya nama ya diphologolo tsa naga gore le yona e nne le seabe mo go direng gore go se nne le tlhaelo ya dijo mmogo le mo go godiseng ikonomi gore le yona e tlhole ditiro. 
1.3.  Aforika Borwa ke yona e e di gogang kwa pele ka fa kontinenteng ya Aforika fa go tla mo nameng ya diphologolo tsa naga. Leano leno le ikaeletse go tlhola ditiro di ka nna 202 666 tse di tla nnelang ruri mo lephateng la intaseteri ya nama ya diphologolo tsa naga mo ngwageng wa 2030. 
1.4.  Leano leno le tla phasaladiwa mo webesaeteng ya Lefapheng la Merero ya Dikgwa, Botshwaro jwa Ditlhapi le ya Tikologo mo go: www.dffe.gov.za.

2.  Leanokonokono la Kgwebo ya Bojanala 
2.1.  Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go bapisa Leano la go Tsosolosa Lekala la Bojanala le Leanokonokono la Kgwebo ya Bojanala. 
2.2.  Karolo e e botlhokwa ya leanokonokono leno ke go samagana le ditlamorago tsa leroborobo la COVID-19 mo lephateng la bojanala. Le thusa gape le gore naga e itharabologelwe ka botlalo mo lephateng la bojanala. Fela jaaka maitlhomo a Leano la go Tsosolosa Lekala la Bojanala le ne le logetswe go thusa go tsosolosa lekala leno, go somarela ditiro le ditsela tse batho ba iphedisang ka tsona, Leanokonokono leno le logetswe go tsweletsa pele tiro ya leano leno ka go dira gore go nne le ditšhono tse dintšhwa mo lekaleng leno.
2.3.  Leano leno le tshitshinya dikgato di le supa go thusa go busetsa lekala la bojanala mo maemong a le neng le le mo go ona mo motsing yoo botshelo bo neng bo itobetsa, mme le dira gore lekala leno le nne botlhokwa mo go tlholeng ditiro le mo go itshimololeleng dikgwebo. 
2.4.  Intaseteri ya bojanala e na le seabe se se botlhokwa thata mo ikonoming, mme pele ga leroborobo la COVID-19 e ne e eme nokeng ditiro di le 725 000. 

C.  Melaotlhomo

1.  Molaotlhomo wa Lekgotlakgaso la Aforika Borwa (SABC) wa Ngwaga wa 2023
1.1.  Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo wa SABC wa 2023. 
1.2.  Fa molaotlhomo ono o sena go fetisiwa go ka nna molao wa semmuso, o tla tsena mo legatong la molao wa ga jaana o o bidiwang Molao wa Kgaso wa ngwaga wa 1999 (Molao wa bo 4 wa 1999). Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa di tla dira gore ditiro tsa setheo sa kgaso di nne tse di manontlhotlho. 
1.3.  Molaotlhomo ono o dira gape le ditshitshinyo mo mererong e e ka ga tlamelo ya SABC ka matlole mmogo le mo go ya dithulaganyo tsa dilaensense tsa thelebišene.

2.  Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditirelo tsa Metsi 
2.1.  Kabinete e amogetse gore go phasaladiwe Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditirelo tsa Metsi gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona. 
2.2.  Maitlhomomagolo a Molaotlhomo ono ke go gagamatsa dikgato tsa go nna le maikarabelo ga batlamedi ba ditirelo tsa metsi mmogo le go dira gore mo lephateng leno go se nne mahunelo. 
2.3.  Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa mo Molaong wa Ditirelo tsa Metsi wa ngwaga wa 1997 (Molao wa bo 108 wa 1997) di tla dira bonnete jwa gore batlamedi ba ditirelo tsa metsi ba abelane ka metsi a maemo a ona a leng boleng jo bo kwa godimo jaaka seno e tla nna karolo ya ditlhokwa tse di beewang mo tumelanong ya go ba neela dilaesense.
2.4.  Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di tla thusa gape le go tswalela makoa a a nopotsweng mo lekaleng la ditirelo tsa metsi.
2.5.  Molaotlhomo ono o tlhoma maemo a batlamedi ba ditirelo tsa metsi ba tshwanetsweng go itepatepanya nao, mme tiro ya go netefatsa gore go itepatepanngwa nao e rwele ke magetla a Setheo sa Ditirelo tsa Metsi.

3.  Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Metsi a Naga 
3.1.  Kabinete e amogetse gore go phasaladiwe Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Metsi a Naga gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona. Molaotlhomo ono o kwalola sešwa Molao wa Metsi a Naga wa ngwaga wa 1998 (Molao wa bo 36 wa 1998). 
3.2.  Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa di tla thusa go tokafatsa melawanataolo ya metsi mmogo le go dira bonnete jwa gore metsi a naga a tlhokomelwa ka tshwanelo, a sirelediwa mmogo le go somarelwa. 
3.3.  Molaotlhomo ono o dira ditshitshinyo tsa gore go fedisiwe go tlhoka tekatekano go go tlhodilweng ke ditiragalo tsa mo nakong e e fetileng tse di ka ga kabelo ya metsi, mme o tshitshinya gore go nne le dikgato tse di matlhagatlhaga tsa go rarabolola ka bonako dikgogakgogano tse di nnang teng magareng ga ditheo tse di dirisanang mmogo. 

D.  Go Thapiwa 
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1.  Rre Kuberndran Moodley o thapilwe go nna Motsamaisimogolo: mo Lekaleng la Tlhagisodikuno le Boenjenere mo Setheong sa Puso sa Bogatisi
2.  Rre Sihle Ngubane o thapilwe go nna Motsamaisimogolo: mo Lekaleng la Tsamaiso ya Tiro mo Setheong sa Puso sa Bogatisi. 
3.  Mme Mmolaeng Mooki o thapilwe go nna Motsamaisimogolo: mo Lekaleng la Ditirelo tsa Taolo ya Tsamaiso ya Setheo mo Setheong sa Puso sa Bogatisi. 

4.  Go thapiwa ga Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga ba Boto ya Mokgatlho wa Ditlamo tsa Diinšorense tsa Matshosetsi a a Itlhophileng tsa Aforika Borwa
4.1.  Mme Deshnie Subbiah; le
4.2.  Rre Jannie Venter.

5.  Go thapiwa ga Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga ba Boto ya Bankatlhabololo ya Dinaga tsa Borwa jwa Aforika
5.1.  Rre Bongani Nqwabana (o thapilwe sešwa);
5.2.  Rre Petrus Matji (o thapilwe sešwa);
5.3.  Mme Pinkie Nqeto (o thapilwe sešwa);
5.4.  Rre Jonathan Muthige;
5.5.  Mme Chantal Naidoo;
5.6.  Mme Disebo Moephuli;
5.7.  Rre Barry Hore;
5.8.  Rre Joel Netshitenzhe; 
5.9.   Moporofesara Edgar Pieterse; le
5.10.  Mme Zodwa Mbele. 

E.  Ditiragalo tse di Tlang

1.  Kgwedi ya Dipalangwa 
1.1.  Monongwaga Kgwedi ya go Keteka Dipalangwa e tla ketekiwa ka molaetsamogolo yo o reng: “Re a Aga - Re aga mafaratlhatlha a a botoka thata gore Aforika Borwa e kgone go gola”. 
1.2.  Kgwedi ya Dipalangwa ya ngwaga wa 2023 e tla tsepamisa mogopolo mo dipeeletsong tse dikgolo mo lephateng la mafaratlhatlha a dipalangwa, mmogo le mo go direng boikuelo jwa gore mafaratlhatlha a dipalangwa a tlhokomelwe gore a se utswiwe le go phutlhamisiwa.

2.  Letsatsi la go Keteka Tiro ya Barutabana 
2.1.  Naga ya Aforika Borwa e tla keteka mmogo le lefatshe ka bophara Letsatsi la go Keteka Tiro ya Barutabana ka Labone wa la bo 05 Diphalane 2023 ka molaetsamogolo yo o reng: “Barutabana ba re ba tlhokang go tlisa thuto e re e batlang: dikgato tse di botlhokwa tsa lefatshe ka bophara tsa go dira gore barutabana ba se tlhaele”.Maitlhomo a letsatsi leno ke go lemosa setšhaba, go dira gore se tlhaloganye le go lemoga botlhokwa jo barutabana ba nang le bona mo thutong le mo go tliseng tlhabologo lefatshe ka bophara.
2.2.  Letsatsi leno le utlawnetswe mmogo ke Mokgatlho wa Lefatshe wa Badiri mmogo le Mokgatlho wa Dinagakopano o o ka ga Merero ya Thuto, Saense le Ditso go keteka tiro e e botlhokwa e barutabana ba rona ba e dirang.

F.  Melaetsa

1.  Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go: 

  • Rre Bheki Cele, Tona ya Mapodisi, yo a abetsweng Metale wa Tlotlo wa Great Wall go tswa kwa nageng ya China mabapi le go nneng le seabe ga gagwe mo Tirelong ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) mo go dirisaneng le ditheong ka bontsi tsa molao tse di dirisanang le dinaga ka bobedi. 
  • Mme Angie Motshekga, Tona ya Thuto ya Motheo, jaaka a tlhophilwe ke Mokwaledikakaretso wa UN Rre Antonio Guterres, gore a nne yo mongwe wa baeletsi ba gagwe ba bagolo mo Setlhopheng sa Merero e e kwa Godimo mo Lefatsheng ba ba mo eletsang ka fao dinaga di ka fetolang ka gone dithulaganyo tsa tsona tsa thuto. Go tlhophiwa ga Tona Motshekga mo Setlhopheng sa Merero e e kwa Godimo mo Lefatsheng go supa kitso e e tseneletseng e a nang le yona mo thutong e bile seno ke sesopu sa go bontsha tshepo mo dikgatong tsa thuto tse Aforika Borwa e di tsereng.
  • Mo setlhopheng seno go na le baemedi go tswa kwa Mokgatlhong wa Lefatshe wa Badiri, Setlhopha sa Barutabana sa Mokgatlho wa Dinagakopano o o ka ga Merero ya Thuto, Saense le Ditso, Mokgatlho wa Lefatshe wa Badiri mmogo le Ditona di le tharo tsa Thuto. Setlhopha seno se tla etelelwa pele ke Baporesitente ba mo malobeng ba le babedi. 
  • Disetudio tsa kwa Motse Kapa tsa Metshameko ya Difilimi, batshameko ba ka fa nageng mmogo le bao ba diragatsang ditiro tse di masisi mo legatong la batshameki, jaaka ba dirile bontle mo Metshamekong ya ditshwatsho tsa Netflix, mo setshwantsho sa One Piece, se tlhatlogetseng kwa maemong a ntlha a a kwa godimo a setshwantsho se se bogelwang ga jaana ke batho ba bantsi mo diraleng tse di gasang ditshwantsho tse di bogelwang.
  • Setlamo sa go titiela dinotagi sa Van Ryn's, jaaka kwa moletlong wa ngwaga wa 2023 wa dikgaisana tsa dinotagi o o neng o tshwaretswe kwa London, se abetswe terofi ya maemo a a kwa godimo ka ntlha ya bojalwa jwa bona jo bo bogale jwa porenti e e titieletsweng sebaka sa dingwaga di le 12 ka fa nkgong.
     

2.    Melaetsa ya Matshediso 
Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa: 

  • Rre Aziz Goolam Hoosein Pahad (82), yo e neng e le molwelakgololesego kgatlhanong le puso ya tlhaolele yo gape e nnileng ene Motlatsatona wa ntlha mo pusong ya temokerasi ya Aforika Borwa go ka tsorama maemo ano mo Lefapheng la Merero ya Tirisanommogo le Dinaga tsa Boditšhaba go simolola ka ngwaga wa 1994 go fitlha ka 2008.
  • Lieutenant Commander Gillian Elizabeth Hector, Master Warrant Officer William Masela Mathipa, mmogo le Warrant Officer Class One Mmokwapa Lucas Mojela, ba ba tlhokafetseng ba le mo letsholong la tiro fa ba ne ba le ka fa teng ga sekepe se se thumelang ka fa gare ga mpa ya lewatle se se bediwang, SAS Manthatisi, kwa ntle ga lefelo la Kommetjie kwa lewatleng la porofense ya Kapa Bophirima. 
  • Badiredi ba moepo ba le 22 ba ba neng ba direla Moepo wa Venetia Diamond, ba ba tlhokafetseng mo kotsing ya sejanaga se ba neng ba se nametse kwa Musina (kwa Tikologong ya Vhembe).
  • Mme Zoleka Mandela (43), yo e neng e le mokwadi, molwelakgaratlho wa balwetse ba kankere e bile gape e le setlogolo sa ga balwelakgaratlho ba ba neng ba le kgatlhanong le puso ya tlhaolele e bong Nelson Mandela le Winnie Madikizela-Mandela.
  • Batho ba le 11 ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya maemo a loapi a a sa iketlang a a kgabagatseng dikarolo di le mmalwa tsa naga ya rona mo bekeng e e fetileng.


Dipotsolotso: Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485
 

Share this page

Similar categories to explore