Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 26 Seetebosigo 2019

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka Laboraro, 26 Seetebosigo 2019 kwa Tuynhuys kwa Motse Kapa

A. Merero ya ga Jaanong

1. Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA)

1.1. SoNA ya ntlha ya tsamaiso ya borataro ya temokerasi ya Moporesitente Cyril Ramaphosa mo bekeng e e fetileng, e rotloeditse le go tsosolosa maAforika Borwa otlhe go direla isago ya botlhe e e tsweletseng pele. SoNA ya tsamaiso e ntšhwa e mepa tsela ya go tsenngwa tirisong ga taolelo ya ditlhopho e e amogetsweng ke lekoko le le busang go tswa kwa bathong ba rona.

1.2. Seno se tlhalosa gore ka go dira mmogo, re tla tokafatsa matshelo a maAforika Borwa le go godisa ikonomi ya naga ya rona, ka go mekamekana le botlhokatiro, bohuma le go sa lekalekaneng tseo re tsweletseng go di itemogela. Boipiletso jwa ga Moporesitente Ramaphosa ka ga tumelano ya tirisanommogo ya loago bo tlhoka seabe sa maAforika Borwa otlhe go dira mmogo go fenya dikgwetlho tsa rona le go baya naga mo tseleng ya kgolo e kgolwane.

1.3. Seno se tsenyeletsa go oketsa lephata la intaseteri, go matlafatsa intaseteri ya meepo, go tshegetsa lephata la temothuo, go tokafatsa motheo wa bokgoni jwa bašwa ba rona le go dira gore go nne bonolo gore bajanala ba etele naga ya rona. Jaaka maAforika Borwa, re tshwanetse go tswelela go rotloetsa le go tshegetsa diintaseteri tsa selegae le go reka dikungo tsa selegae.

1.4. Tiro e e boima e puso e tla e tsayang e ikaegile go dintlha tsa botlhokwa di le supa tseo e tla di salang morago mo sebakeng sa dingwaga di le tlhano tse di latelang, le go neela phetogo go Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) le go isa kwa go fitlheleleng Ponelopele ya 2030.

1.5. Ngangisano ka ga SoNA e tlhagisitse botlhokwa jwa go baakanya ikonomi le dikarolo tse di phutlhameng tsa didirisiwa tsa puso ya rona mo go tsenngweng tirisong ga taolelo ya ditlhopho. Seno se tla re lebisa mo go fitlheleleng Aforika Borwa yo re mo batlang le Aforika Borwa wa ditoro tsa rona jaaka e tlhalositswe mo Ponelopele ya 2030 ya NDP.

1.6. Kabinete e ikuela go badirammogo botlhe ba loago, kgwebo, bodiri, baagi le mekgatlho ya sepolotiki, go matlafatsa maiteko a ba a tshwaraganetseng go dira naga ya rona lefelo le le botoka la botlhe le go arogana maikarabelo go itlhaganedisa tsela ya kgolo ya naga.

1.7. Karolo ya rona jaaka puso e tla nna go oketsa le go menagana maiteko a rona jaaka Moporesitente a laetse go tlosa dikgoreletsi tsa kgolo ya ikonomi ya rona le go aga bokgoni jwa maphata a puso go direla batho ba rona. Mo sebakeng sa Phukwi, Ditona tse di farologaneng di tla neela ka dipolelo tsa Tlhopho ya Tekanyetsokabo ya bona, moo maano a tiro a tla ribololwang go ya pele gore go tle go fitlhelelwe ponelopele e Moporesitente a e beileng fa pele ga setšhaba.

2. Kgwedi ya Bašwa

2.1. Kgwedi ya Bašwa ya Seetebosigo ke segopotso se se botlhoko sa karolo e e tshamekilweng ke bašwa ba rona mo go bakeng maemo ao a re lebisitseng kwa kgololesegong ya rona. SoNA ya Moporesitente e baya ikonomi e e golang le go tlhamiwa ga ditiro tsa bašwa kwa setlhoeng sa tiro ya tsamaiso ya Borataro. Moporesitente ka thulaganyo ya Setheo sa Bosetšhaba sa Tlhabololo ya Bašwa o buisane le diseketara tse di farologaneng tsa bašwa go tsenyeletsa le ba ba tshelang ka bogolofadi, bašwa ba ba nang le dikgwebo, ba botaki le barutegi pele ga SoNA ya gagwe, ka fa tlase ga thitokgang:  “Dingwaga di le 25 tsa temokerasi – go keteka kgaratlho ya bašwa”. Puisano eno ya Bašwa le Moporesitente e gateletse mathata le dikgwetlho tse di tsweletseng tse bašwa ba rona ba lebaganeng natso tseo di tlhokang tsereganyo ya ka bonako ya puso ya rona.

2.2. Mo ntlheng eno re batla go netefatsa gore manaane a a farologaneng a puso, go tsenyeletsa le Lenaane la go neelwa Tšhono Gape, mmogo le letsholo la Tirelo ya Bašwa ya Bosetšhaba le la go Thapiwa ga Bašwa mo Ditirong e leng a Lefapha la Thuto ya Motheo, a dira go bonagala mo go baakanyetseng bašwa ba rona go ka simolola go tsena mo ditirong.

2.3. Le fa go le jalo re tlhoka go oketsa mmogo le go menagana maiteko a rona jaaka naga mo go tlhameleng bašwa ba rona ditiro tseo di tlhokegang thata. Gore re kgone go dira jalo ke maikarabelo a rona go tlhotlhetsa kgolo ya ikonomi ya rona jaaka Moporesitente a laetse. Re a itse gore ga go kitla go nna bonolo, re a itse gore ga go kitla go nna le tharabololo ya ka bonako go tsosolosa ikonomi fela re a itse gape gore e tshwanetse go direlwa naga ya rona le bašwa ba rona.

2.4. Kabinetse e ikuela mo makaleng otlhe go tsaya sesupo go tswa go Moporesitente le go dirisana ka bojotlhe le bašwa mo go direng mmogo go batla ditharabololo tsa tiro mo dikgwetlhong tse ba di itemogelang. Le rona re tla tshameka karolo ya rona mo go tokafatseng tiragatso ya ikonomi ya rona go tlhamela bašwa ba rona ditiro.

3. Kagosešwa ya puso

3.1. MaAforika Borwa a neile tsamaiso ya borataro taolelo e e tlhamaletseng go itlhaganedisa kgolo ya ikonomi e e tsenyeletsang botlhe, ba dire ka potlako go mekamekana le bohuma, go tokafatsa ditirelo tsa puso, go lwantsha bonweenwee le go fedisa dikgato tsa go goga puso ka nko.

3.2. Kabinete e netefatsa gore phetolo yotlhe ya puso e tla nolofatsa le go tokafatsa thebolo ya ditirelo go batho ba rona ka go tlhoma puso e e bonolo, e e dirang ka thata e bile e nonofile eo e arabelang ditlhoko tsa maAforika Borwa.

4. Ditumelano tsa kgwebo

4.1. Kabinete e amogetse go saeniwa ga ditumelano di le 93 magareng ga batlamedi ba ditirelo ba Aforika Borwa le dikhamphani tsa China, go reka dikuno tsa selegae go di romela kwa China, ka konteraka ya boleng jo bo lekanyediwang go R27 bilione, eo e tla matlafatsang kgolo le go tlhama ditiro.

Mo godimo ga seo, e le nngwe ya ditumelano tse di saenilweng e ne e le tumelano ya peeletso e e tsenyeletsang peeletso ya Koporasi ya Intaseteri ya Dikoloi ya Beijing mo polanteng ya go aga dikoloi mo mafelo a tlhabololo ya kgwebo kwa Coega. Ke intaseteri ya go aga dikoloi mo Aforika Borwa tebang le mamaraka wa Aforika Borwa fela gape le dimmaraka tse dingwe kwa mafelong a mangwe. Ditumelano tseno ke karolo ya maitlamo ao a tlhageletseng mo tumelanong e e tseneletseng ya togamano ya tirisanommogo ya 2010, le maitlamo a le robedi a magolo a a dirilweng kwa Foramomg ya Tirisano ya dinaga tsa China le Aforika.

5. Dipalopalo tsa diphatlatiro tsa kgweditharo nngwe le nngwe

5.1. Lefapha la Dipalopalo la Aforika Borwa (StatsSA) le golotse Patlisiso ya Tiro ya Kgweditharo nngwe le nngwe mo kgweditharong ya ntlha ya 2019 mo bekeng e e fetileng.

5.2. Dipatlisiso di rebotse koketsego ya ditiro di le 22 000 (+0.2%) go tswa go 10 152 000 go ya go 10 174 000 mo lekaleng la kgwebo e e lolameng e e seng ya temothuo. Seno se bakilwe thata ke dikoketsego mo diintasetering tse di latelang: ditirelo tsa baagi, meepo le dikwari, ditirelo tsa ditlhagiso le kgwebo.

5.3. Palogotlhe ya tiro e oketsegile ka 76 000 kgotsa 0,8% ngwaga ka ngwaga magareng ga Mopitlwe 2018 le Mopitlwe 2019. 

5.4. Kabinete e etse tlhoko tswelopele eno e e namatshang fela e santse e eme ka le lereng go santse go le go gontsi go re tshwanetseng go go dira go tokafatsa tiragatso ya makala otlhe a ikonomi ya rona le go tlhama ditiro tse di tlhokegang thata mo nageng ya rona. Go fitlha ga jaana Kabinete e ikana go dirisana mmogo le makala otlhe a setšhaba sa Aforika Borwa go tsenyeletsa le lephata la poraefete.

6. Paka ya Lekgetho

6.1. Lekgetho le le kgobokantsweng go tswa mo lekgethong la letseno le netefatsa gore puso e na le bokgoni jwa go neelana ka ditirelo tse di tlhokegang thata le tshegetso ya loago go dimilione tsa baagi ba ba leng dikobo dikhutshwane.

6.2. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go ipaakanyetsa go romela lekgetho la lotseno la bona la setlha sa lekgetho la 2018/19. Go kgobokanya lekgetho go go nonofileng go maleba go kgontsha puso go netefatsa gore naga e na le taolo ya matlole.

6.3. Baduelalekgetho ba ba ikwadiseditseng eFiling kgotsa go dirisa MobiApp ya Tirelo ya Lekgetho ya Aforika Borwa ba ka romela dipoelo tsa bona tsa lekgetho go tloga ka la bo 1 Phukwi 2019. MaAforika Borwa a a bonang letseno le le kwa tlase ga R500 000 ka ngwaga le go kgotsofatsa maemo a mangwe a a rileng, ga ba tlhoke go romela dipoelo tsa lekgetho.

7. Go lwantsha bosenyi

7.1. Kabinete e etse tlhoko le go tshwenngwa ke dipolao tse di latelanang tsa batlhankeding ba ditheo tsa tirgatso ya molao. Ka Lwetse 2018, batlhankedi ba le 28 ba sepodisi ba bolailwe. E sale go tloga kwa tshimologong ya ngwaga wa 2019, mapodisa a le 26 a bolailwe.

7.2. Dikgetse tsa sešweng ke tsa ga Sajene Zephania Dladla, Mokonsetabole Nomasonto Mhlanga le Mokonsetabole Nhlamulo Vukeya. Kabinete e romela matshediso go balosika, ditsala le badirimmogo.

7.3. Kabinete e kgalema ka bogale ditlhaselo le dipolao tseno. Mapodisa a tsenya matshelo a bona mo kotsing go sireletsa baagi ba rona. Rotlhe re tshwanetse go dira mmogo le ditheo tsa tiragatso ya molao go netefatsa gore ditlhokotsebe tsa bosenyi jono jo bo masisi ba a golegiwa le go sekisiwa go ya ka molao.

7.4. Kabinete e akgola tsamaiso ya bosiamisi eo e bakileng gore disenyi di le robongwe tsa bosenyi jono di atlholelwe botshelo jotlhe kwa kgolegelong, mo ngwageng ono o le esi.

8. Tiragalo ya thuntshano kwa molelwaneng wa Mozambique

8.1. Kabinete e etse tlhoko gore Puso ya Aforika Borwa e rometse setlhopha sa maemo a a kwa godimo kwa Mozambique go latela tiragalo ya go thuntshana moo mapodisa a mabedi a kwa Mozambique a neng a bolawa kwa molelwaneng wa KwaZulu-Natal.

8.2. Setlhopha se dirwa ke Sesole sa Tshireletso sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa (SANDF) le Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), mme ba tla kopana le badirammogo ba bona ba kwa Mozambique. Setlhopha seno se eteletswe pele ke Tlhogo ya Ditirotshwaraganelo Molefotenente Mogenerale wa SANDF Barney Hlatshwayo le Motlatsa Mokhomišenara wa Bosetšhaba wa Sepodisi Molefotenente Mogenerale Sehlahle Masemola.

8.3. Setlhopha seno se mo letsholong la go batlisisa mabaka a a dirileng gore go nne le thuntshano jaaka go diragetse. Gareng ga tse dingwe, ba solofetswe go buisana ka go tlhoma setlhopha sa dipatlisiso se se tshwaraganetsweng magareng ga Mozambique le Aforika Borwa.

8.4. Kabinete e kopa maAforika Borwa otlher go emela tshwetso le dipoelo tsa dipatlisiso tse di tshwaraganetsweng tseno. Re ikemiseditse go dira mmogo le puso ya Mozambique jaaka baagisane ba ba siameng le go tokafatsa matshelo a baagi ba rona botlhe.

9. Khonferense ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Badiri

9.1. Kabinete e amogela botsaakarolo jwa Moporesitente Ramaphosa mo Kopanong ya bo 108th (Ngwagakgolo) ya Khonferense ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Badiri e e neng e tshwerwe magareng ga la bo 10 le la bo 21 Seetebosigo 2019. Moporesitente o rometse semmuso pegelo ya Khomišene ya Lefatshe ka ga Ditiro tsa Isago, eo e neng e le modulasetilo mmogo le Tona Kgolo ya Sweden, H.E. Stephan Lofven, go khonferense.

9.2. Tona ya Ditiro le Badiri, Rre Thulas Nxesi, o tsamaile mmogo le Moporesitente le go etelela pele kemedi ya mekgatlho ya badiri eo e tsereng karolo mo dikomiting tse di farologaneng tsa khonferense le dipuisano tsa kopano tseo di buisaneng ka ga pegelo ya Mokaedikakaretso wa Mokgatlho wa Boditšhaba wa Badiri.

9.3. Dipoelo tsa botlhokwa tsa khonferense di tsenyeletsa tshwaraganelo ya Maikano a Ngwagakgolo wa makoko otlhe. Mo godimo ga moo, khonferense e tlhomile Kopano e ntšhwa e e ka ga Tirisodikgoka le Tshotlakako mo Lefelotirong e maitlhomo a yona e leng go gagamatsa tshireletso ya badiri ba ba tseelwang kwa tlase. Dipoelo tseno di botlhokwa mo go beyeng dintlhatiriso tsa boditšhaba le dikaedi go tlhagisa le go sireletsa ditshwanelo le maemo a badiri.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Samiti ya Maemo a a kwa Godimo ya bo 12

1.1. Kabinete e ne ya tlhalosetswa ka bokhutshwane ka ga Samiti ya Maemo a a kwa Godimo ya bo 12 go tlhoma kgato ya tiro ya Mafelo a Kgwebisano e e sa Duelelweng mo Kontinenteng ya Aforika (AfCFTA) le Kopano ya Ntlha fa Gare ga Ngwaga ya Tsamaiso ya Dinaga tse di Kopaneng tsa Aforika (AU) le Dinaga tsa Kgaolo ya Ikonomi (di-REC).

1.2. Moporesitente Ramaphosa o tlile go etelelapele kemedi ya Aforika Borwa fa Samiti ya Maemo a a kwa Godimo ya bo 12 e tshwarwa ka la bo 7 Phukwi 2019 kwa Niamey, Niger.

1.3. Aforika Borwa e tla tlhomiwa mo setulong sa Monnasetulo wa AU kwa tiragalong e e botlhokwa fa kontinente e tla bo e tsenya tirisong AfCFTA, eo e tla dirang gore Aforika e nne mmaraka o mogolo wa botlhe mo lefatsheng. AfCFTA e tla oketsa kgwebo magareng ga dinaga tsa Aforika, ya tsosolosa gape tlhabololo ya diintaseteri, le go bula tsela ya go dira gore go nne le tshwaragano ya boammaruri mo dinageng tsa Aforika mo dikgwebong tsa boditšhaba le mo ikonoming ya lefatshe ka kakaretso.

1.4. Aforika Borwa e santse e tshwareletse mo kgopolong ya Morero wa Aforika, le go tshegetsa tsenogare ya kgaolo ya ikonomi le ya sepolotiki. Seno se tsenyeletsa go matlafatsa tomagano magareng ga Khomišene ya AU le di-REC go fitlhelela tlhabololo e e tswelelang mo Aforika e e nang le kagiso ebile e tsepame jaaka e bonetswepele mo Morerong wa Aforika wa 2063.

1.5. Aforika Borwa e ineetse ka pelo yotlhe mo tsamaisong ya AfCFTA go lebeletswe botlhokwa jwa yona mo morerong wa tshwaraganelo ya ikonomi  ya kontinente ya Aforika mmogo le mo morerong wa tlhabololo ya Aforika Borwa.

2. Ditlhopho tsa Bommasepala tsa 2021

2.1. Mo go baakanyetseng ditlhopho tsa Bommasepala tsa 2021, Kabinete e atlenegisitse go tlhomiwa ga Komiti ya Ditona (IMC) ka ga Ditlhopho tsa Bommasepala, gammogo le foramo ya setegeniki go e tshegetsa.

2.2. Ditlhopho tsa Bommasepala tsa 2021 e tla bo e le ditlhopho tsa botlhano tsa go nna jalo e sale tshimologo ya temokerasi. IMC e tla dira mmogo le Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho le maphata a mangwe a a maleba go netefatsa gore tsamaiso e e isang kwa ditlhophong tsa selegae e direga bonolo.

2.3. Maloko a IMC a tla dirwa ke Ditona tse di latelang: Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (Modulasetilo): Merero ya Selegae: Ditirelo tsa Kgopololo le Bosiamisi, Matlotlo, Pabalesego ya Puso le Tona mo Lefapheng la Moporesitente. Setlhopha sa Tshegetso ya Setegeniki e tla nna Bakaedikakaretso go tswa kwa mafapheng ao.

C. Ditiragalo tse di tlang

1. Samiti ya Baeteledipele ba Dinaga di le 20 (G20)

1.1. Moporesitente Ramaphosa o tla etelela pele kemedi ya Aforika Borwa – e e dirwang ke Tona ya Dikamano tsa Boditšhaba, Ngaka Naledi Pandor; Tona ya Matlotlo, Rre Tito Mboweni, le Tona ya Kgwebo le Intaseteri, Rre Ebrahim Patel – eo e tla tsayang karolo mo Samiting ya 2019 ya Baeteledipele ba G20.

1.2. Gape Moporesitente Cyril Ramaphosa o tla etelela pele kemedi ya batlhankedi ba Aforika Borwa mmogo le bakhuduthamaga ba dikgwebo mo dipuisanong le bakhuduthamaga ba dikgwebo ba kwa Japan. Dipuisano di tla ikaelela go tsweletsa tsibogelo ya ditšhono tsa kgwebo le peeletso mo Aforika Borwa, go rarabolola dingongorego tse balekane ba kgwebo ba kwa Japan ba nang le tsona bao ba ka feletsang e le balekane ba rona mo kgwebisanong mmogo le go nopola le go ribolola dikgaolo tse re ka gwebisanang le go beeletsa mo go tsona.

1.3. Dipuisano tseno di diragadiwa ka tirisanommogo le Khansele ya go Tlhaloganya Kgwebo ya Boditšhaba (BCIU), eo e leng motheo o o kwa pele wa Kgwebo ya Boditšhaba wa kwa nageng ya Amerika, mmogo le Mokgatlho wa Kgwebisano ya Kwa Ntle wa Japan (Jetro).

1.4. Dipuisano tseno di diriwa ka go latelana le tiragalo ya isago, e e tla diragalang ka nako ya Khonferense ya Boditšhaba ya Tokyo ya Tlhabololo ya Aforika (TICAD) e e tla tshwarwang go tloga ka la bo 28 go ya go la bo 30 Lwetse 2019 kwa Yokohama, Japana. Japan ke naga e re gwebisanang mmogo le yona thata e e leng mo maemong a botlhano mo dinageng tseo re romelang dikuno tsa rona kwa go yona mme e bile gape ke naga e e leng mo maemong a borobongwe mo dinageng tseo re rekang dikuno tsa bona go tla ka fa nageng.

1.5. Botsaakarolo jwa Aforika Borwa bo kaelwa ke dipilara tse di botlhokwa tse di latelang: Go tsweletsa dikgatlhego tsa naga go fitlhelela dipeelo tsa ka fa nageng; Go atolosa Morero wa Aforika le go tsholetsa tlhabologo e e tswelelang ya Aforika; Go susumetsa dipopego tsa matlhakorentsi tsa lefatshe; le go Tsweledisa morero wa dinaga tsa Borwa ka go matlafatsa Kgwebisano ya dinaga tse di leng mo karolong ya Borwa mo lefatsheng le Dipuisano magareng ga dinaga tse di leng mo karolong ya Bokone le ya Borwa mo lefatsheng.

2. Kgwedi ya Mandela

2.1. Jaaka re lebile segopotso sa bo 10 sa Letsatsi la Boditšhaba la Nelson Mandela ka Phukwi, Kabinete e ikuela go maAforika Borwa otlhe go dirisa kgwedi eno go tsholetsa letlotlo la ga Madiba, ka fa tlase ga setlhogo: “Dira sengwe, Rotloetsa phetogo, Dira letsatsi le letsatsi go nna Letsatsi la Mandela”, ka go tsaya dikgato mmogo kgatlhanong le bohuma.

2.2. MaAforika Borwa a ka tsaya karolo mo boaging ka go tshwaragana le baagi ba bona le mekgatlho e e farologaneng eo e tla rebolang matsholo a go fedisa tlala le go tlhoka matlo, go aga metse e e bolokesegileng le go netefatsa gore bana ba fitlhelela thuto.

2.3. A rotlhe re tseyeng karolo mo letsholong leno la lefatshe leo le reetsweng ka leina la yo mongwe wa baeteledi ba rona le go aga manaane a a tla nnnelang ruri ao a tla tswelelang le morago ga kgwedi ya Phukwi. Tla re direng sengwe, re rotloetse phetogo le go dira gore letsatsi le letsatsi e nne Letsatsi la Mandela

D. Melaetsa

1. Melaetsa ya matshediso

1.1. Kabinete e romela matshidiso go ditsala le malapa otlhe a a tlhokafaletsweng ke bao ba ba ratang e le ka ntlha ya dikotsi tsa tsela ka fa nageng. Go tloga ka kotsi ya tsela ya R81 kwa Maphalle, Limpopo eo mo go yona bašwa ba le bantsi ba latlhegetsweng ke matshelo, le dikotsi tsa tsela tse di tsweletseng go itemogelwa ke maAforika Borwa go ralala naga. Kabinete e ikuela go badirisi botlhe ba ditsela go obamela melao ya tsela, eo e tlhokang kelotlhoko le go rekegela badirisi ba bangwe ba tsela.

2. Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e akgola ba ba latelang:

2.1. Setlhopha sa bosetšhaba sa kgwele ya dinao sa basadi, Banyana Banyana, ka go fofisa folaga kwa godimo fa ba ne ba tlhagelela lwa ntlha kwa Sejaneng sa Lefatshe sa Basadi sa FIFA.

2.2. Rre Botha Msila, molatedi wa metshameko, yo o gorogileng kwa Egepeto ka nako go bona pulo ya metshameko ya Sejana sa Metshameko ya Kgwele ya Dinao ya Dinaga tsa Aforika sa 2019. Rre Msila, yoo a tsamaileng ka go kopa dilifiti go tloga kwa Motse Kapa, o ne a thusiwa ke mogasi wa metshameko, Rre Robert Marawa, go bona sefofane go tswa kwa Kenya go ya kwa Cairo go tshegetsa Bafana Bafana.

2.3. Seopedi le mokwadi wa mmino wa Aforika Borwa Mme Sho Madjozi, yo o fentseng Sekgele sa Magorogomašwa yo o gaisitseng wa Boditšhaba wa Mmino kwa Dikgeleng tsa 2019 BET kwa Los Angeles, Amerika.

2.4. Setlhopha sa baithituti ba dikerii ba le barataro ba Aforika Borwa (go tswa kwa Yunibesiting ya Motse Kapa le Yunibesithing ya Witwatersrand) bao ba fentseng moputso wa ntlha kgatlhanong le ditlhopha di le 13 kwa Khonferenseng ya Supercomputing ya Boditšhaba kwa Frankfurt, Germany.

Setlhopha seno se ne se le ka fa tlase ga botsamaisi jwa Setheo sa Khomphiutha ya Tiragatso e e kwa Godimo sa Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Indaseteri, eo e leng letsholo la Lefapha la Thuto e Kgolwane, Saense le Thekenoloji, mme ke nngwe ya dipilara tse tharo tsa tsamaiso ya mafaratlhatlha a inthanete a Aforika.

2.5. Junior Springboks, bao mowa wa bona wa kgaratlho o ba lebisitseng kwa go boneng mmedale wa boronse kwa Makgaolakgang a Sejana sa Lefatshe sa Rakabii sa ba ba kwa tlase ga dingwaga di le 20.

Kabinete e eleletsa ba ba latelang masego:

2.6. Setlhopha sa bosetšhaba sa kgwele ya dinao ya banna, Bafana Bafana, mo Sejaneng sa 2019 Sa Aforika kwa Egepeto.

2.7. Setlhopha sa di-Proteas sa bosetšhaba sa bolotloa, jaaka ba gaisana kwa Sejaneng sa Lefatshe sa Bolotloa se se tla tshwarelwang kwa Liverpool, England, go tloga ka la bo 12 go ya go la bo 21 Phukwi 2019. Setlhopha sa bosetšhaba sa bolotloa ga jaana se kwa godimo mo dipalopalong tsa Aforika mme se mo maemong a botlhano go ya ka dipalopalo tsa lefatshe. Tona ya Metshameko, Botaki le Setso, Rre Nathi Mthethwa, o tsamaile le di Proteas go tshegetsa setlhopha gammogo le go amogela maikarabelo jaaka Aforika Borwa e ipaakanyetsa go tshwara Sejana sa Bolotloa sa Lefatshe ka ngwaga wa 2023.

Dipotso:
Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete sa Namaotshwere
Mosokelwatsebeng : 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore