Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 13 Lwetse 2017

Kabinete e tshwere kopano ka la bo 13 Lwetse 2017, kwa Tuynhuys, Motsekapa.

1. Merero ya ga jaanong

1.1. Ikonomi
1.1.1. Kabinete e amogela kgolo e e itumedisang ya Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) ya 2.5% mo kotareng ya bobedi ya 2017, e leng se se ntshitseng naga mo risešeneng ya setegeniki. Mo bekeng e e fetileng Lefapha la Mananepalo la Aforika Borwa (StatsSA) se rebotse dipalopalo, tse di supang kgolo ya ngwaga le ngwaga ya 1.1%.

1.1.2. Le fa tota e le kelotlhoko, Kabinete e na le bonnete jwa gore naga e bona matshwao a ntlha a se e ka tswang e le pholo ya ikonomi e e tlhomilweng mo go tsenngweng tirisong ga Leano la Dintlha di le Robongwe, le maikaelelo a lona e leng go godisa ikonomi ya Aforika Borwa le go tlhola ditiro. Se se bakile go thankgololwa ga diphaka di le nne tsa madirelo le tlhatlogo ya diromelwantle tsa ditlhagisiwa tsa temothuo ka palogare ya 14.6% ka ngwaga fa e sale ka 2012.

1.1.3. Lenaane la Boradiintaseteri ba Bantsho le tshegeditse diporojeke tdi le 62 tse di ngokileng R26 bilione tsa peeletso ya lekala la poraefete le go tlhola ditiro di le 19 859 go fitlha ga jaana. Go tshegetsa tsa selegae, ditlhagisiwa le makala a le 21 a tlhometswe ntshodikuno ya selegae.

Go fitlha ga jaana letsholo la Operation Phakisa le buletse peeletso e e lekanyediwang go R24.6 bilione mo ikonoming ya mawatle mme seabe sa puso mo tlhwatlhweng e ke R15 bilione. Le fa tota dipeeletso tseno di lebile segolo tlhabololo ya mafaratlhatlhatlha kwa maemakepeng, tlhagiso ya tsa mo teng ga metsi, segolo go agwa ga dikepe, botshelo jwa mo metsing le ditlhotlhomiso tsa saenthifiki mo lekaleng la oli le gase, mafapha a le mmalwa a Puso a nnile le seabe se se bonalang go netefatsa kgolo mo lekaleng le. Go tlhodilwe palogotlhe ya ditiro di le 6 517 mo Makaleng a a farologaneng.

1.1.4. Kabinete e tswelela go ikuela go makala otlhe a setšhaba, segolo puso, kgwebo le baagi, go tsweletsa serodumo se se nnileng teng mo kotareng ya bobedi go tsweletsa dielo tse di kwa godimo tsa kgolo ya ikonomi le tlhabololo, le go thusa go boloka ditiro.

1.1.5. Tona ya Matlotlo, Rre Malusi Gigaba, o tswelela go rerisana le makala a a farologaneng ka ga leanotiro le le akaretsang la kgolo ya ikonomi, le le tlhomilweng go godisa tshepo mo nageng. Tona o tla tswelela go tlhalosa se fa a ala Puo ya Pakagare ya Pholisi ya Tekanyetsokabo kwa Palamenteng kwa Motsekapa, ka la bo 18 Diphalane 2017.

1.2. Lefelo la Ditirelodintsi la InvestSA – Kapa Bophirima

1.2.1. Kabinete e akgotse go thankgololwa ga Lefelo la 0Ditirelodintsi la InvestSA la ntlha la diporofense. Moporesitente Jacob Zuma o thankgolotse semmuso Lefelo la Ditirelodintsi la InvestSA kwa Kapa Bophirima le go netefaletsa boineelo jwa puso mo go tokafatseng seemo sa peeletso mo Aforika Borwa, e leng lefelo le le ngokelang babeeletsi bao ba solofetsang.

1.2.2. Lefelo la Ditirelodintsi la InvestSA le fokotsa tlhwatlhwa ya go dira kgwebo le go nolofatsa go dira kgwebo mo nageng ka go tlamela ka kaedi ya togamaano, go fokotsa ditlhaelo mo taolong le go fokotsa boleele jwa tsamaiso go babeeletsi.

1.2.3. Lefelo la Ditirelodintsi la InvestSA la Puso la Bosetšhaba le ne la thankgololwa ka Mopitlwe monongwaga ke the dti. Mafelo a Ditirelodintsi a InvestSA a tla tlhongwa mo diporofenseng tsotlhe di le robongwe – ya ntlha kwa Kapa Bophirima go latele KwaZulu-Natal le Gauteng ka tolamo.

1.3. Segopotso sa bo 5 sa Leanotlhabololo la Bosetšhaba (NDP)

1.3.1. Kabinete e ikamanya le maAforika Borwa go keteta Segopotso sa bo 5 sa NDP, e e neng ya amogelwa ke Palamente ka la bo 12 Lwetse 2012 jaaka letlhomeso la naga la tlhabololo ya ikonomi le loago go samagana le dikgwetlho di le tharo e leng botlhoki, botlhokatiro le go se lekalekane ka 2030.

1.3.2. Jaaka mosupatsela o o isang katlegong, NDP ke ya maAforika Borwa otlhe mme e emetse ditsholofelo le dikeletso tsa makala otlhe a baagi go aga Aforika Borwa yo o botoka.

1.3.3. Kabinete e ikuela go maAforika Borwa otlhe go tshegetsa Ponelopele ya NDP ya 2030.

1.4. Samiti ya BRICS

1.4.1. Kabinete e lemogile Samiti e e atlegileng ya bo 9 ya Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa (BRICS), e e neng e tshwaretswe kwa Xiamen kwa Rephaboleking ya Batho ba China (PRC) go tloga ka la bo 3 go fitlha ka la bo 5 Lwetse 2017 ka fa tlase ga setlhogo: “BRICS: Dikamano tse di Maatla go tlisa Isago e e Tsabakelang”.

1.4.2. Samiti e e tlhoma phitlhelelo e e botlhokwa ya go aga momagano le tirisanommogo e e maatla gareng ga mebaraka e e tlhagelelang le dinaga tse di tlhabologang go tsenya tirisong Morero wa Tlhabololo e e Tswelelang wa 2030.

1.4.3. Semphato sa Aforika Borwa mo BRICS se ikaegile ka go tsweletsa dikgatlhegelo tsa naga tsa bosetšhaba, go rotloetsa momagano ya kgaolo le go tsweletsa tsamaiso e e akaretsang ya bobusi go ralala lefatshe.

1.4.4. Kgwebisano ya dinagapedi magareng ga Aforika Borwa le dinaga tse dingwe tsa BRICS e fitlhile go US$29 bilione ngogola. Lefelo la thomelontle e kgolo ya Aforika Borwa e tswelela go nna China, go latele India, Brazil le Russia. Tebego e e bonala gape le mo diromelwateng, ka China e sa ntse e le yona motswedi o mogolo o Aforika Borwa o rekang go tswa kwa go yona. Le fa Aforika Borwa e na le dikuno tse dintsi tsa tlhago, go botlhokwa go tsenya tirisong mananeo a go ungwela batho go tshegetsa pholisi ya madirelo.

1.4.5. Go amogelwa ga Kgoeletso le Leanotiro la BRICS Xiamen go supile motheo o o maatla o BRICS e o dirileng ka go tlhoma mekgwa ya ditheo ya tirisanommogo e e bonalang.
1.4.6. Kabinete e motlotlo ka ntlha ya gore Aforika Borwa ke Monnasetilo yo o tsenang wa BRICS le go gatelela maikaelelo a yona a go agelela mo  Lenaaneng la BRICS la tlhabololo le tswelopele mo dinageng tse e leng balekane, jaaka e ipaakanyetsa go nna moamogelabaeng wa Samiti ya BRICS ya 2018.

1.5. Aforika Borwa le Russia di saena tumalano

1.5.1. Kabinete e tswelela ka go amogela tumalano e e sannweng ke Aforika Borwa le Russia kwa Samiting ya bo 9 ya BRICS, e e dirileng gore go beelediwe US$400 milione mo tlhabololong ya lekala la Aforika Borwa la oli le gase.

1.5.2. Setlamo sa bosetšhaba sa oli, PetroSA le setlamo sa ditlhotlhomiso tsa jeoloji sa Federeišene ya Russia, Rosgeo, di dumalane go tlhoma mafelo a ditlhotlhomiso a diboloko 9 le 11a kwa Lebopong la Borwa la Aforika Borwa.

1.5.3. Tshenko ya metswedi ya oli le gase mo Aforika Borwa e botlhokwa thata mo tshireletsong ya maatla ya naga.

1.5.4. Rosgeo ya Russia e tla dira tiro ya ditlhotlhomiso tsa jeoloji ga mmogo le go tlhotlhomisa metswedi. Porojeke e e ka baka gore dikhubiki tsa dimitara di le dimilione di le nne di ntshiwe ka letsatsi mme e romelwe kwa motlhotlhong wa PetroSA o o fetolelang Gase-go-Seedi kwa Mossel Bay, kwa Lebopong la Borwa.

1.6. Mebaraka ya Aforika Borwa ya diromelwantle

1.6.1. Kabinete e akgola the dti ka go etelela pele setlhopha sa ditlamo tsa Aforika Borwa di le 20 kwa dipontshong tsa Dijo tsa Lefatshe kwa Moscow 2017, tse di tswelelang go fitlha ka la bo 15 Lwetse 2017.

1.6.2. Fa go santse go tsweletswe ka go tsholetsa intaseteri ya ditlhagisiwa tsa temothuo tsa Aforika Borwa, go nna le seabe ga ditlamo tseno tsa selegae go tswa mo lekaleng la ditlhagiswa tsa temothuo, go mametlelela le go tlhoma boteng jwa Aforika Borwa mo mebarakeng ya Russia.

1.6.3. Go nna le seabe ga tsona go kgontshitswe ka Sekema sa the dti sa Mebaraka ya Thomelontle le Thuso ya Peeletso, se se nang le seabe se segolo mo go tlhabololeng mebaraka ya diromelwantle ya ditlhagiswa le ditirelo tsa Aforika Borwa, gammogo le go ngoka dipeeletso tse dintšhwa tse di tlhamaletseng tsa boditšhabatšhaba go tla go beeletsa mo nageng.

1.6.4. Kgwebisano magareng ga Aforika Borwa le Russia e oketsegile go bonala go tswa go R5 bilione ka 2012 go ya go bokana ka R8 bilione ka 2016. Dithomelontle tse dikgolo tsa Aforika Borwa di akaretsa maungo le dikgeru, tshipi ya mankanese, dino, disepiriti le aseine, weine, metšhini ya motlakase le didirisiwa.

1.7. Tiriso ya bana
1.7.1 Kabinete e tshwentswe ke ditiragalo tsa sešweng tsa go dirisiwa ga bana tse mo go tsona go fitlhetsweng bana ba dira kwa dipolaseng kwa Bokone Bophirima le Foreisetata. Kabinete e kgalemela tshotlo le tiriso e e botlhaswa e ya bana ba ba leng mo tlalelong.

1.7.2 Kabinete e akgola baagi ba ba tsibositseng Lefapha la Ditiro, gammogo le Lefapha la Tlhabololo ya Loago, mme bobedi a tsaya dikgato ka bonako go samagana le tiriso e e botlhaswa e ya bana.

1.7.3 Kabinete e itumelela gore bana ba ba amegang ba fuduseditswe kwa mafelong a pabalesego le gore Lefapha la Ditiro le tla tiisa ditekolo tsa lona le go dirisana mmogo le ditheo tsa semolao go sekisa batlolamolao bao.

1.7.4 Bana ba rona ke isago ya naga ya rona. Kabinete e kgala mefuta yotlhe ya tiriso ya bana mme e ikuela go maAforika Borwa otlhe go nna ba ntshitse matlho dinameng ka gale le go bega ba ba gatakang melawana ya Molaotheo wa rona.

1.7.5 Molao wa Dikolo tsa Aforika Borwa, 1996 (Molao wa bo 84 wa 1996), gammogo le Molao wa Bana, 2005 (Molao wa bo 38 wa 2005), e supa gore bana botlhe ba ba magareng ga dingwaga di le supa le 15 ba tshwanetse go tsena sekolo. Go ya ka molao, batsadi le batlhokomedi ba tshwanetse go netefatsa gore baithuti ba dingwaga tse ba kwadisitswe go tsena sekolo le gore ka gale ba ya sekolong e seng jalo ba tla tshwanelwa ke go ikarabela gore ke ka ntlha ya eng ba sa ikobela melao e.

1.8. Komelelo

1.8.1. Kabinete e leboga botlhe mo Aforika Borwa ba ba tsereng tsia boikuelo jwa gore ba boloke metsi.

1.8.2. Aforika Borwa ke naga e e senang metsi a a lekaneng mme maemo a komelelo a a tsweletseng kwa dikarolong dingwe tsa naga ke segopotso go botlhe go boloka lerothodi lengwe le lengwe ka go dirisa metsi ka botlhale le ka tshomarelo.

1.8.3. Le fa maiteko a go boloka metsi a thusa go fokotsa kgatelelo mo metsweding ya metsi, pula e e kwa tlase ga ya ka gale ya setlha e e begilweng kwa Kapa Bophirima le kwa KwaZulu-Natal ke bopaki jwa gore go tshwanetse ga dirwa go le gontsi go boloka metsi.

1.8.4. Setlhopha sa Tiro sa Ditona ka ga Komelelo, se se eteletsweng pele ke Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (Cogta), se tswelela go disa maemo a komelelo le go tlamela ka tshegetso ka mafapha a makala a a maleba go samagana le bothata jo.

1.8.5. Puso e beetse thoko R74 milione ya letlole la namolo go tsibogela komelelo e e tsweletseng kwa Kapa Bophirima.

1.8.6. Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le lona le nnile le katlego ka dithulaganyetso tsa go tsenya tirisong Sekema sa Katoloso sa Noka ya Berg go ya go Voelvlei. Rekoto ya tshwetso ya Tshekatsheko ya Seabe mo Tikologong e tshwanetse go rebolwa kwa bokhutlong jwa Lwetse. Tona ya Metsi le Kgeleloleswe, Mme Nomvula Mokonyane, o setse a kaetse Bothati jwa Kanale ya Trans-Caledon go kokoanya matlole le go diragatsa porojeke e. Ba setse ba simolotse go rerisana le badirisi ba bagolo mme mo nakong e e sa fediseng pelo ba tla bo ba ya go Tona go dumalana le Tona ya Matlotlo tebang le ditekanyetso tsa kadimo mo porojekeng e.

1.8.7. Kabinete e santse e ikuela go maAforika Borwa go netefatsa gore tshomarelo ya metsi e nna karolo ya matshelo a bona a letsatsi le letsatsi.

1.9. Lesotho

1.9.1. Kabinete e ikamanya le Moporesitente Zuma ka go kgala polao e e senang tlhaloganyo ya Molaodi wa Sesole sa Lesotho, Mogenerala Khoantle Motšomotšo.

1.9.2. Tirigalo e ya sešweng ya tirisodikgoka ga e amogelesege. Jaanong go mo boeteledipeleng mmogo le mo baaging ba Lesotho go netefatsa gore khutso le maemo a boela sekeng ka bonako mo pusong eno ya bogosi.

1.9.3. Re tswelela go nna le tsholofelo ya gore Morero wa Ditona wa go Batla Dintlha wa Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika (SADC) o tla kgona go thusa Lesotho ka go tlhagisa ditsereganyo tse di maleba. SADC e tswelela go tsepama mo maikaelelong a yona a go rulaganya, go sireletsa le go tsweletsa temokerasi, kagiso, tshireletso le maemo a a edileng mo kgaolong ka go dirisana le boeteledipele jwa Lesotho.

1.10. Libya

1.10.1. Kabinete e amogela dipoelo tsa Komiti ya Maemo a a kwa Godimo ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) ka ga Libya kwa Maemong a Ditlhogo tsa Dinaga le Puso, e e neng e tshwaretswe kwa Brazzaville, kwa Rephaboleking ya Congo.

1.10.2. Moporesitente Zuma o nnile le seabe mo Komiting ya Maemo a a kwa Godimo e e buisaneng le go sekaseka maiteko a go fitlhelela tharabololo ya leruri ya kgotlhang e e tswelelang kwa Libya.

1.10.3. Jaaka tokololo ya Komiti ya Maemo a a kwa Godimo ka ga Libya, Aforika Borwa o tshegetsa maiteko otlhe a AU a go tlisa tharabololo ya kagiso ya bothata jwa Libya.
1.10.4. Kabinete e gatelela mafoko a ga Moporesitente Zuma gore Aforika Borwa e ikemiseditse go thusa Libya mo maitekong a Morago ga Kagosešwa le Tlhabololo le go abelana nayo maitemogelo a naga ka poelano, popo ya molaotheo le go fetolwa ga Puso go nna ya temokerasi.

1.10.5. Kabinete e gateletse gape le botlhokwa jwa ditherisano tsa boditšhaba tse di momaganeng e bile di edile kwa Libya.

1.11. Khonferense ya Maphata (CoP13)

1.11.1. Kabinete e amogela gore Aforika, jaaka e saenile Tumalano ya Ditšhabakopano (UN) go Samagana le Kakafatso, e na le seabe mo Kgaolong ya bo 13 ya COP13 e e tsweletseng ga jaana kwa Ordos, PRC go tloga ka la bo 6 go fitlha ka la bo 16 Lwetse 2017.

1.11.2. Go solofelwa gore khonferense e e tla amogela letlhomeso le lešwa la togamaano la 2018-2030 ka fa tlase ga moono, “Go Isa kwa Lefatsheng le le Itekanetseng la Ditshika tsa ga Jaana le tsa Isago”. Aforika Borwa o tla dira go netefatsa gore dipholisi tse di fetolelwa go dikgato tsa mmatota.

1.11.3. Aforika Borwa o tla dirisana le dinaga tsotlhe mo Aforika go tsweletsa maemo a naga le a kontinente. Karolo ya Maemo a a kwa Godimo ya khonferense e tla leba le go tlamela ka kaedi ya sepolotiki mo dikgwetlhong tsa dintlha tse di tlhagelelang mo kakafatsong, koafatso ya lefatshe le komelelo.

1.11.4. Kabinete e ikuela go maAforika Borwa otlhe go sireletsa le go tlhokomela tikologo go kgona go e bolokela ditshika tsa isago.

1.12. Bakganni ba dipalangwa tsa botlhe
1.12.1. Kabinete e kgala ditiragalo tsa tirisodikgoka, go fisiwa ga dijanaga le ditiragalo tsa go tshosetsana magareng ga Boradithekesi tsa Dimitara le Balekane ba E-Hailing tse di diragetseng kwa Sandton, kwa Johannesburg.

1.12.2. Kabinete e ikuela go ditheo tsa semolao go samagana le ba ba dirang ditiro tse tsa tirisodikgoka le matshosetsi mo teng ga Molaotheo.

1.12.3. Ditiragalo tse di ikamologanya le maiteko a naga a go tlhola maemo a kgwebisano e e gololosegileng le kgaisano e e sa gobeleleng.

1.13. Makhanselara
1.13.1.1. Kabinete e kgalema ditlhaselo le dipolao tsa Makhanselara mo diporofenseng tse dingwe e bile e romela melaetsa ya matshediso go malapa le ditsala tsa ba ba bolailweng. Se se kgatlhanong le meono ya Molaotheo e bile se kgatlhanong le temokerasi ya rona e e golang le tshwanelo ya batho go itlhophela baemedi ba bona.

1.13.2. Fa e sale kwa tshimologong ya ngwaga, go nnile le dintsho di le mmalwa kwa KwaZulu-Natal go sa le gale, mme go nnile le dintsho tse dingwe tse di begilweng kwa Kapa Botlhaba.

1.13.3. Tirisodikgoka e e tsere matshelo a balwelakgololesego ba bašwa go akaretsa Mokwaledi Kakaretso wa maloba wa Lliki ya Bašwa ya African National Congress (ANCYL) Sindiso Magaqa, yo o neng a santse a ka nna le seabe se segolo mo go ageng Aforika Borwa yo o atlegileng.

1.13.4. Re ikuela go makoko a sepolotiki go rotloetsa itshokelano gareng ga ditokololo tsa ona le go ikuela go baagi go tshegetsa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa mo dipatlisisong tsa yona.

1.14. Kgwedi ya Ngwaoboswa
1.14.1. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa otlhe go keteka Kgwedi ya Ngwaoboswa monongwaga ka fa tlase ga setlhogo: “Ngwaga wa Oliver Reginald Tambo: Re Keteka Ngwaoboswa ya Kgololesego ya rona”.

1.14.2. Kgwedi e e nyalana le ngwaga wa bolekgolo wa botsalo jwa ga OR Tambo, yo e leng Mogaka wa Aforika yo o supileng boineelo jo bo tsepameng jwa go direla batho ba Aforika Borwa, kontinente le lefatshe. Re nnile gape le segopotso sa ngwaga wa bo 40 wa loso lwa ga Steve Biko yo o bolailweng setlhogo ke puso ya tlhaolele.

1.14.3. Tona ya Botsweretshi le Setso, Rre Nathi Mthethwa, o rebotse Lenaane la go keteka kgwedi e.

2. Ditshwetso tsa Kabinete
2.1. Kabinete e ne ya itsisiwe ka ga dipegelo tsa tiragatso tsa kotareng ya ntlha ya 2017/18 ka ga go tsenngwa tirisong ga dipoelo tse di kwa setlhoeng mo pakeng ya Moranang go fitlha ka Seetebosigo 2017.

2.2. Puso e tswelela go bona katlego mo go tsenyeng tirisong dipoelo tse di kwa setlhoeng di le 14, tse di tswang mo Letlhomesong la Togamaano la Pakagare ya 2014-2019, e leng se se dirang gore re nne gaufi le go fitlhelela Ponelopele ya NDP ya 2030.

2.3. Kabinete e ne ya itsisiwe gape ka ga dikarolo tse di diegileng go tsenya tirisong ntlha e le go itsisiwe ka ga dikgato tse di tsewang go itlhaganedisa tiragatso.
Go tla nna le dipegelo go bobegakgang go itsise ka ga dipoelo tsa dipegelo mo gare ga bekeng ya la bo 6 go fitlha ka la bo 15 Diphalane 2017. Lenaane leno le tla nna le ntšhwafadiwa le go bewa mo go: www.gov.za.

2.4. Kabinete e amogetse tshitshinyo ya gore Aforika Borwa e nne moamogelabaeng wa Dipontsho tsa Lefatshe tsa Boditšhaba tsa Telecommunication Union Telecom ka Lwetse 2018. Ke dipontsho tsa ngwaga le ngwaga le serala sa gore baeteledipele ba puso le ba intaseteri ba lebe dikgwetlho, dimphato le ditharabololo, le go supa ditšhono tsa dipeeletso le ditiragatso tse di gaisang tsa tlhabololo ya ikonomi ya loago ka Thekenoloji ya Tshedimosetso le Tlhaeletsano (ICT).

E tla bo e le la ntlha tiragalo e e tshwarelwa mo Aforika. Mo tiragalong e, intaseteri ya Aforika Borwa ya ICT e tla newa tšhono ya go bontsha ditlhagisiwa tsa bona. Lekala la naga la bojanala le lona le tla boelwa go le gontsi mo pakeng e.

3. Ditiragalo tse di tlang
3.1. Moporesitente Zuma o tla etelela pele setlhopha sa Aforika Borwa go ya kwa Kopanong Kakaretso ya bo 72 e e Tlwaelegileng ya UN ka fa tlase ga setlhogo, “Tsepamo mo Bathong: Go Lwela Kagiso le Botshelo jo bo Seriti go Botlhe mo Polaneteng e e Sireletsegileng” kwa New York, United States of America. Aforika Borwa o tla tswelela go dira gore o fitlhelele poposešwa kwa UN jaaka e nna le seabe mo Kopanong ya bo 72.

3.2. Moporesitente Jacob Zuma jaaka Monnasetilo wa Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika (SADC), o tla bitsa Samiti ya Double Troika e e sa tlwaelegang ya Ditlhogo tsa Dinaga le Puso ka la bo 15 Lwetse kwa Pretoria.
Samiti ya Double Troika e tshwarwa ka ntlha ya maemo a ga jaana a sepolotiki le tshireletso kwa Nagabogosing ya Lesotho.

3.3 Setlhopha sa maemo a a kwa godimo sa Aforika Borwa se tla tlhagisa maiteko a sona a ntlha a go nna baamogelabaeng ba Sejana sa Lefatshe sa Rakabii sa 2023 kwa London ka la bo 25 Lwetse 2017. Aforika Borwa o supile rekoto e e maatla ya go tshola ditiragalo tsa mothale o. Kabinete e eletsa go gatelela tshegetso ya yona mo maitekong a e bile e ikuela go maAforika Borwa go tshegetsa Maiteko a ka ntlha ya fa a tla nna le seabe se segolo mo momaganong ya loago le popo ya setšhaba le go dira jaaka motlhodi wa tlhabololo ya metshameko.
 

4. Melaetsa
4.1. Kabinete e eleletsa baagi ba Jeremane katlego jaaka ba ipaakanyetsa ditlhopho tsa Feterale ka la bo 24 Lwetse 2017 go tlhopha ditokololo tsa Bundestag ya bo 19, e e tla tlhophang Motšhanselara le go bopa puso e ntšhwa. Jeremane ke mmeeletsi yo o itsegeng mo Aforika Borwa, mme o tswelela go solofela dikamano tse di tswelelang, tirisano le semphato.

4.2. Kabinete e romela melaetsa ya kutlwelobotlhoko kwa Caribean le dikarolo tsa Cuba le Unites Sates go latela matlhotlhapelo a a bakilweng ke Dintelo tsa Irma. Melaetsa ya matshediso e romelwa go ba malapa a ba ba latlhegetsweng ke matshelo le ditsabona mo matlhotlhapelong a.

4.3. Kabinete e ikamanya le setšhaba mo go akgoleng Kevin Anderson ka go fitlhelela makgaolakgang a US Open. Ke moAforika Borwa wa ntlha go fitlhelela makgaolakgang a bommampodi ba maemo a a kwa godimo ba thenese fa e sale ka 1994. Re dumela gore o tla tswelela go agelela mo phitlhelelong e e gaisang e le go rotloetsa bašwa ba bangwe le maAforika Borwa a a nang le talente.

4.4. Kabinete e akgola Trevor Noah ka go fenya Kabo ya Emmy mo karolong ya Best Short Form Variety Series Lenaane la gagwe le le tshamekang mo go YouTube, la The Daily Show: Between the Scenes.

Dipotsiso:
Mme Phumla Williams – Mokaedikakaretso wa Namaotshwere (GCIS)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore