Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e neng e tshwerwe ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio ya Labone, 27 le Labotlhano, 28 Ferikgong 2022

A.  KOPANO YA LEKGOTLA LA KABINETE 

1.1.  Moporesitente Cyril Ramaphosa o ne a bitsa Kopano ya Lekgotla la Kabinete ka Labone, 27 Ferikgong 2022. E ne le tsenetswe ke ditheo tsa boeteledipele tse di emetseng makala otlhe a puso. Bona ba ne ba akaretsa Ditona, Batlatsatona, Ditonakgolo, Bakaedikakaretso le boeteledipele ba Mokgatlo wa Dipusoselegae wa Aforika Borwa.

1.2.  Moporesitente o ne a laleditse baeteledipele ba puso jaaka karolo ya go gokaganya le go nyalanya mekgwa e puso e tsibogelang ka teng dikgwetlho tse di lebaneng naga, segolo go lebilwe go samagana le dikgwetlho tsa maphatamararo tsa botlhoki, botlhokatiro le go se lekalekane. O ikuetse go baeteledipele go diragatsa diphetogo tse di tla tsosolosang kgolo ya okonomi le go tlhola ditiro tse di tlhokegang ka bonako jo bo kgonegang. 

1.3.  Moporesitente o ne gatisetsa moreromogolo wa Ponelopele ya 2030 ya Leanotlhabololo la Bosetšhaba le Leano la Kagosešwa le Tsosoloso ya Ikonomi go itlhaganedisa maiteko a go tokafatsa maemo a Maaforika Borwa. 

1.4.  Mo godimo ga maemo a ikonomi le phetolo ya ditheo, Lekgotla la Kabinete le buisane gape le ka tlhabololo ya mafaratlhatlha, tlhokomelo ya motlakase, ikonomi ya selegae le tlhabololo ya madirelo, phetolo ya lefatshe le temothuo, le phetolo ya dikgwebo tsa puso. 

1.5.  Maiteko a go fokotsa botlhokatiro le botlhoki a tla akaretsa motswako wa go tlholwa ga ditiro tse di oketsegileng mo lekaleng la poraefete, ditiro tse di tlamelwang ka matlole ke puso le tshireletso e e atolositsweng ya loago go batho ba ba sa direng. 

1.6.  Kopano e ne gape ya buisana ka ga dikgwetlho le tswelopele tebang le ntwa kgatlhanong le bosenyi le bonweenwee, gammogo le maiteko a go tiisa pabalesego le tshireletsego ya botlhe. E buisane gape le ka thebolo ya ditirelo ka pusoselegae – go akaretsa tlamelo ka motlakase, metsi le kgelelaleswe – jaaka karolo e e botlhokwa ya go aga bokgoni ba Puso. 

1.7.  Dintlhakgolo tse di tswang mo Kopanong ya Lekgotla la Kabinete di tla re sedimosetsa ka ditiro tseo puso e batlang go di dira mo ngwageng yo re o lebileng tseo Moporesitente Ramaphosa a tla buang ka tsona mo Puong ya gagwe ya Maemo a Setšhaba ka Labone, 10 Tlhakole 2022. 


B.  DITSHWETSO TSA KABINETE

1.   SA Connect – Leano la Kgato ya bo2

1.1.  Kabinete e dumeletse go thankgololwa ga kgato ya bobedi ya porojeke ya SA Connect. Leano le, le tsenya tirisong Pholisi ya Mafaratlhatlha a Inthanete ya naga e e neng ya amogelwa ke Kabinete ka ngwaga wa 2013. Kgato ya ntlha e ne e dira jaaka kgato ya teko ya go tlamela ka Dimekabiti (di-Mbp) tse 10 tsa ditirelo tsa mafaratlhatlha a inthanete go ditheo di ka nna 970 tsa botlhokwa tsa puso. 

1.2.  Kgato ya bobedi e e dumeletsweng e tla thankgololwa go dirisiwa ditheo tse e leng tsa puso (Setheo sa Thekenoloji ya Tshedimosetso sa Puso [SITA]; Brodband Infraco le Sentech) le intaseteri. Mo dikgweding di le 36 tse di tlang, porojeke e e tla golaganya ditheo tse di setseng tsa puso tse di iseng di gokelelwe mafaratlhatlha ano mmogo le mafelo a a dirisiwang ke baagi mo setšhabeng mmogo le mo malapeng. 

1.3.  Porojeke e ke karolo ya maikemisetso a puso a go tswala mokhino o o leng teng mo mererong ya dijithale, segolo kwa mafelong a metsemagae, le go tsweletsa ikonomi ya dijithale. Go nna le seabe ga lekala la poraefete go tla thusa le go tlisa tlhabololo mo lekaleng le ka go akaretsa bannaleseabe botlhe ba ba maleba mo lekaleng la mafaratlhatlha a ileketeroniki. 

1.4.  Maitlhomo a porojeke ya SA Connect ke go dira gore mafaratlhatlha a inthanete a fitlhelelwe ke 80% ya baagi le go nna teng le mo ditheong tsa puso mo dingwageng tse tharo tse re di lebileng ka lebelo la bonnye di-Mbp tse 10 le di-Mbp tse 100 kwa ditheong tse di tlhokang lebelo le le kwa godimo.

C.  GO THAPIWA
 
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.
1.  Mme Nomthandazo Lichie Moyo jaaka Motlatsa Mokaedikakaretso (DDG) mo lephateng la Tlhabololo ya Metsemagae kwa Lefapheng la Temothuo, Tlhabololo ya Mafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae (DALRRD). 
2.  Rre Clinton Rossouw Heimann jaaka DDG) mo lephateng la Togamaano ya Mabala le Taolo ya Tiriso ya Lefatshe kwa DALRRD.
3.  Rre Michael Currin jaaka DDG mo lephateng la Botsamaisi jwa Bannaleseabe le Bogokaganyi jwa Makala a Puso kwa Setheong sa Ditirelo tsa Ditlhaeletsano le Tshedimosetso ya Puso (GCIS). 
4.  Mme Regomoditswe Dorcas Mavimbela jaaka DDG mo lephateng la Botlhagisi le Bophasalatsi jwa Diteng le Kabo kwa GCIS. 
5.  Mme Nomonde Mnukwa jaaka DDG mo lephateng la Ditirelo tsa Tshegetso ya Lefapha kwa GCIS. 
6.  Rre Nhlanhla Edgar Sishi jaaka DDG mo lephateng la Kantoro ya Tekanyetsokabo kwa Matlotlong a Bosetšhaba.
7.  Ngaka Litha Magingxa jaaka Motlhankedi Khuduthamaga (CEO) le Moporesitente wa Lekgotla la Ditlhotlhomiso tsa Temothuo. Kabinete e dumalane le go thapwa ga gagwe mo Lekgotleng leno. 
8.  Mme Rofhiwa Irene Singo jaaka Motlhankedimogolo wa Matlole kwa Lefapheng la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo. 
9.  Rre Luvuyo Keyise jaaka CEO wa namaotshwere kwa SITA (O thapilwe gape).
Maloko a boto ya SITA SOC:

1.  Mme Makano Mosidi (Monnasetilo);
2.  Ngaka Stella Bvuma (Motlatsa Monnasetilo);
3.  Mme Shery-Lee Moonsamy;
4.  Mme Nolitha Pieterson;
5.  Mme Zimbini Hill;
6.  Mme Olwethu Ketsekile;
7.  Ngaka Tshilidzi Ratshitanga;
8.  Ngaka Rendani Ramabulana;
9.  Mme Jeanette Morwane (Moemedi wa Lefapha la Ditlhaeletsano le Dithekenoloji tsa Dijithale);
10.  Mme Laura Mseme (Moemedi wa Matlotlo a Bosetšhaba); le
11.  Rre William Vukela (Moemedi wa Lefapha la Bodiredipuso le Botsamaisi).

Dipotso: Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete 
Mogala: 083 501 0139
 

Share this page

Similar categories to explore