Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang
Kaga go dira teko ya boimana
Fa o belaela gore o imile o tshwanetse go ya kwa tleliniking e e gaufi nao kgotsa kwa ngakeng go dira teko ya boimana. O ka reka didirisiwa tsa go dira teko ya boimana kwa gae kwa khemising.
Fa o na le matshwao a a jaaka:
- go tlolwa ke kgwedi
- go sellega
- mabele a a boleta
- letsapa
Teko ya boimana e ka fedisa dipelaelo tse o nang le tsona.
Ela tlhoko: Teko ya boimana e ka dirwa fa go tlhatlhetswe kgetse ya petelelo.
Se o tshwanetseng go se dira
- Etela tleliniki e e gaufi nao kgotsa ngaka
- Tlatsa foromo ya teko ya boimana
- Fa o batla:
- teko ya madi, ngaka ya gago e tla tsaya sampole ya madi mo go wena mme e e romele kwa laboratoring go sekasekwa
- teko ya moroto, ngaka ya gago e tla go naya kopi ya diteko e o tla ba nayang sampole ya moroto wa gago ka yona.
Ela tlhoko: O ka reka didirisiwa tsa go dira teko ya boimana kwa gae kwa khemising.
Go tsaya nako e e kana kang
- Dipoelo tsa teko ya moroto – ka gangwe
- Dipoelo tsa teko ya madi- diura di le mmalwa kgotsa matsatsi
Go ja bokae
Tirelo e ke mahala kwa ditleliniking le kwa maokelong a puso. Ditheo tsa boitekanelo tsa poraefete di ka duedisa tlhotlhwa e e rileng.
Ela tlhoko: O ka reka didiriswa tsa go dira teko ya boimana kwa gae kwa khemising
Diforomo tse o tshwanetseng go di tlatsa
Foromo ya teko ya boimana.
Ke mang yo o ka ikgolaganyang le ena
Etela bookelo, tleliniki kgotsa setheo sa boitekanelo se se gaufi nao.