Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 21 Seetebosigo 2017

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka la bo, 21 Seetebosigo 2017, kwa Tuynhuys, Motsekapa.

1. Merero ya ga jaanong
1.1. Kabinete e tsibogetse ditsiboso tsa sešweng tse di tlhagisitsweng ke ditheo di le tharo tse dikgolo tsa tshekatsheko maemo a ikonomi. Ditheo ka bojotlhe di le tharo di tlhagisitse dintlha tse di tshwanang tse di jaaka kgolo e e gogang maoto- kgagamatso ya phetolothefosano, ka fao ditlamo tsa puso (di-SOC) di dirang ka gone le matshosetsi a sepolotiki, gareng ga dintlha tse dingwe.

Kabinete e tlhagisitse botshepegi mo dikgatothulaganyong tsa yona tsa tsereganyo go ka samagana le dikgwetlho tsa ikonomi mmogo le mo tirong e e setseng e dirilwe go matlafatsa ka fao di-SOC di dirang ka gone. Puso e santse e le mo tseleng mo go tlhokomeleng letlhomeso la yona la matlole, go netefatsa boikanyego jwa dipholisi, le go dira ka natla mo go netefatseng fa go nna le kgolo ya ikonomi e e akaretsang botlhe le phetolothefosano ya ikonomi.

Kabinete e a boeletsa gore motheo wa tsela ya kgolo e e kwa godimo le tlhabololo ya ikonomi ya loago e setse e adilwe. E tsepamisitse mogopolo mo go boitshepo jwa babeeletsi le bareki ka go sala morago tsenngotirisong ya dirala tsa kgolo ya ikonomi.

Moporesitente Jacob Zuma o ne a tshwere kopanotirelo ya Lekgotlakeletso la Matlafatso ya Ikonomi ya Bathobatsho (BEE) ka Labobedi, 20 Seetebosigo 2017, e e neng e tsepamisitsemegopolo mo phetolothefosano ya phetakapejana ya ikonomi ya loago. Kopanotirelo eno, gareng ga tse dingwe, e ne e baakanya dikgwetlho tsa tsenngotirisong ya thulaganyo e e neng e tlhomilwe ke Molao wa Matlafatso e e Anameng ya Bathobatsho mo Ikonoming (BBBEE), 2003 (Molao wa bo 53 wa 2003) mmogo le ditshitshinyo tse di tshitshintsweng gore go fitlhelelwe dipeelo tsa puso mabapi le phetolothefosano ya phetakapejana ya ikonomi ya loago.

Tirisanommogo magareng ga puso, makala a dikgwebo le mekgatlho ya badiri le ya baagi e botlhokwa mo go tsholetseng boitshepo mo nageng, gore tirisanommogo ya rona e kgone go re busetsa mo maemong a go nna naga e go ka beelediwang mo go yona.

1.2. Fa ntse kgwedi ya bašwa e ntse e atumela, Kabinete e leboga makala otlhe a a ntse a tsaya karolo mo ditiragalong tse ntseng di diriwa go ralala le naga. Go tsaya karolo ga diketekete tsa bašwa mo ditiragalong tse di farologaneng tsa matlafatso mo Kgweding ya Bašwa tseo di neng di tshwerwe ke mafapha, ditheo tsa puso le makala a poraefete di naya matla.

Monongwaga o tla bo o tshwaya segopotso sa bo 41 sa Mogwanto wa kwa Soweto mme mokete ono wa tlotlo e tla nna segopotso sa gore bašwa ba naga eno e ne e le bona ba ba neng ba eteletse pele kgaratlho.

Kabinete e ikuela mo bašweng go dirisa tshegetso le didirisiwa tsotlhe tseo puso e di ba neelang gore ba tokafatse maemo a bona le go atolosa seabe sa bona mo ikonoming.

1.3. Kabinete e kgalema ka bogale tirisodikgoka ya sešweng ya le matshosetsi ao a dirilweng mo banameding fa go ne go na le mogwanto wa beng ba dithekesi. Ditiragalo tsa mothale oo ga di sa na bonno mo setšhabeng sa temokerasi. Ditsereganyo tse di renang kagiso mo ntlheng e nngwe le e nngwe ka gale e tla unngwela botlhe ba ba amegang.

Tumelano e e latelang mogwanto ono e e magareng ga Mokgatlho wa Naga wa Dithekesi tsa Aforika Borwa le Setlamo sa Matlole a Dithekesi tsa Aforika Borwa ke netefaletso e nngwe ya go re bontsha gore dipuisano tse di se nang dikgaruru di ka kgona go rarabolola matsapa a a jaaka ao ntle le go ama batho bao ba senang molato le go ama maemo a ikonomi. Kabinete e amogetse tshweetso eno, eo e tla nnang mosola mo banameding le mo ba intasetering ya dithekesi.

Kabinete e amogetse dipuisano tse di tsweletseng ga jaana magareng ga Lefapha la Dipalangwa mmogo le boeteledipele jwa intasetering ya dithekesi mo go ka iponeleng tharabololo ya leruri. Lefapha le tla buisana le ditheo tsa tlamelo ka matlole go ka senka ditsela tse dingwe tsa go ka tlamela boradithekesi ka matlole.

1.4. Kabinete e romela matshediso a yona kwa go botlhe bao ba latlhegetsweng ke matshelo a bao ba ba ratang mo matlhotlhapelong a sešweng a kwa Kapa Bophirima LE KWA Kapa Botlhaba. Baagi ba le bantsi ba iphitlhetse ba sena magae le kwa ba ka latsang tlhogo gone.

Puso e akgotse dikgato tsa ka pejana tse di akaretsang botlhe mmogo le tsibogelo ya puso le ya makala a dikgwebo mmogo le baagi ba maAforika Borwa mo go thuseng bao ba amegileng. Kabinete e romela tlotlo ya yona kwa bagaleng ba batimamelelong ba ba ithaopileng Bradley Richards mmogo le mokganni wa teroko John Blaaw bao ba neng ba thusana le batimamelelo mo go lateng metsi mme ba latlhegelwa ke matshelo a bona ba leka go thusa setšhaba sa bona.
Kabinete gape e romela ditebogo kwa setlhopheng sa go direla Merero ya tsa Molelo seo se lwantshitseng melelo eno e e tukang malakabe ka bopelokgale. Re ikgantsha ka bona! Kabinete e eletsa batimamolelo ba babedi bao ba itemogetseng dikgobalo pholo ya ka bonako, mmogo le Ian Barnard yo a itemogetseng dikgobalo fa a ne a leka go thusa Bradley Richards.

Moporesitente Zuma o etetse baagi ba kwa Wit Lokasie le ba kwa Knysna Heights bao ba amilweng bogolo ke melelo. Moporesitente Zuma o ne a tsenela tebello ya moswi Richards. Ka go nna motimamolelo wa konokono, rre Barnard o ne a gapeletse go tsenela tebello ya modirikaene moswi Richards.

Moporesitente o ne a golola tshegetso ya ditirelo tsa botho le tse dingwe go leba kwa mafelong otlhe ao a amegileng. Seno se ne sa rulaganngwa ka dikarolo tsa Ditirelo tse di Kopanetsweng tsa Naga tsa Tikwatikwe ya Ditirelo tsa Botsamaisi jwa Ditiragalo tsa Matlhotlhapelo, ka tirisanommogo le Puso ya Porofense ya Kapa Bophirima mmogo le ditlhotshwana tsa Ditirelo tsa Botsamaisi jwa Ditiragalo tsa Matlhotlhapelo tsa Porofense.
Kabinete e leboga mekgatlho yotlhe ya puso, lekala la poraefete, bao ba ithaopileng le baagi bao ba tshegetsang bao ba amegileng.

1.5. Kabinete e ikuela mo baaging ba kwa molelwaneng wa Limpopo le Zimbabwe go ntsha matlho dinameng le go tlhokomela dikgogo tsa bona. Seno ke morago ga gore go gololwe dipegelo tsa mokgotlhwane wa dinonyane le dikgogo o o bidiwang H5N8. Kgwebisano ya ditlhagisiwa tsa kgogo go tswa kwa Zimbabwe e santse e emisitswe. Kokwanatlhoko eno ya H5N8 e bogale e le tota mme e fetelana bonolo le go tlhola dintsho tse dintsi. Barui ba ba gwebang ka dikgogo ba rotloediwa go ka oketsa dikgato tsa bona tsa go peita ka melemo mo dipolaseng.

1.6. Kabinete e amogetse katlholo ya Kgotlatshekelokgolo e e reng Karolo ya bo 18 ya Molao wa Tsamaiso ya Dithulaganyo tsa Bosenyi, wa 1977 (Molao wa bo 51 wa 1977) ga e a lolama le Molaotheo, mme go fedisiwe ka paka e e beetsweng ya gore motho yo a beteletsweng o na le sebaka sa dingwaga di le 20 go ka tlhatlhela kgetse kgatlhanong le bao a ba rwesang molato wa petelelo. Katlholo eno e tla thusa thata mo go natlafatseng bokgoni jwa thulaganyo ya rona ya bosiamisi jwa go tsaya dikgato kgatlhanong le bao ba fetlhang tirisodikgoka mo basading le mo baneng.
1.7. Kabinete e amogetse kopano ya baagi ya mo malobeng e e ka ga Inthanete ya Botlhe e e neng e tshwaretswe kwa Kliptown, Soweto. Kopano eno – e e neng e eteletswe pele ke Tona ya Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso Siyabonga Cwele, ka tirisanommogo le Foramo ya Ikonomi ya Lefatshe, lekala la poraefete le mekgatlho ya baagi – e leng se se tlhodileng katiso ya bašwa ba ka nna 500 mo Thekenolojing ya Ditlhaeletsano le Tshedimosetso (ICT). Thebolo ya Inthanete ya Botlhe e amogetse thulaganyo ya boeteledipele mmogo le go nopola dipeelo tse di tshwanetsweng go tsenngwatirisong mo dikgweding tse di tlang di le thataro.

Kabinete e amogetse gape le ditsereganyo tsa Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso le le emetsweng ke Bothati jwa Ditlhaeletsano jo bo Ikemetseng jwa Aforika Borwa (Icasa) mmogo le Lefapha la Tlhabololo ya Ikonomi le le emetsweng ke Khomišene ya Dikgaisano, gore go sekasekiwe dituediso tsa datha tseo di tswelelang go nna selo se se kgoreletsang koketsego ya go fitlhelela di-ICT.

1.8. Kabinete e tshwenngwa ke dipegelo tsa kgoreletso ya ditirelo kwa dimošaring tsa kwa Gauteng ka ntlha ya ditshupetso tsa badiri. Ka ntlha ya seo, malapa ao a leng mo materaseng ba retelelwa ke go ya go tsaya ditopo tsa ba losika. Leso mo lelapeng le lengwe le le lengwe le tlisa tlalelo le kutlobotlhoko mo go ba lelapa bao ba santseng ba tshela. Jaaka baagi ga gona dikgogakgogano tse di ka dirang gore batho ba tlhoke kutlwelobotlhoko mo ntlheng eno. Kabinete e ikuela mo go botlhe ba ba amegang go rarabolola dikgotlhang tsa bona ka tshwanelo ntle le go ama ba malapa a baswi.
1.9. Kabinete e amogetse go tlhomiwa ga Foramo ya Pusoselega e e e ka ga Tlhabololo ya Bašwa. Foramo eno e solofetswe fa e tla nna sebueledi sa kgatelopele ya bašwa mo go tsenyengtirisong matsholo a tlhabololo ya bašwa a a farologaneng mo pusoselegaeng. Foramo eno e tshwere khonferense ya yona ya ntlha ya kamogelo ka la bo 20 - 21 Seetebosigo kwa Muldersdrift, mo bophirimeng jwa Johannesburg.

2. Ditshwetso tsa Kabinete
2.1. Kabinete e amogetse Lokwalotemoso lwa Lefapha la Puso lo lo ka ga Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo (NHI), gore lo phasaladiwe mo kaseteng jaaka tokomane ya pholisi. Lokwalotemoso leno lo isa naga gaufi le netefaletso ya gore maAforika Borwa a nne le mafelo a tlhokomelo ya boitekanelo, go sa kgathalesege maemo a bona a ikonomi ya loago.
NHI ke thulaganyo ya tlamelo ka matlole a boitekanelo e e tlamelang ka matlole a go kgontsha gore batho ba fitlhelele ditirelo tsa boitekanelo.
Seno se tsamaisana le peelo ya Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) eo maitlhomo a yona e leng go netefatsa gore batho botlhe ba fitlhelela tlhokomelo ya boitekanelo, go sa kgathalesege merokotso ya bona.
Lefapha la Boitekanelo le tla tshwara kopanotsiboso ka la bo 29 Seetebosigo 2017 go tlharolola ka botlalo dintlha tse di ka ga Lokwalotemoso lwa Lefapha la Puso leno.

2.2. Kabinete e amogetse Togamaano e e Kwalolotsweng Sešwa ya Tlhabololo ya Tsamaiso ya Badiredi go leba kwa 2030. Togamaano e e kwalolotsweng sešwa eno e samagana le makoa a go itemogetsweng ona mo dingwageng tse di fetileng di le tlhano mo dikgaolong tse dingwe tsa thulaganyo ya thuto le katiso mmogo le go nopola tlhaelo ya tsamaiso magareng ga dikgaolo tse di farologaneng tsa thulaganyo.

Togamaano ga jaana e tsamaisana le NDP le Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) 2014-2019.
Gape e tsepamisitse megopolo ya bannaleseabe botlhe ba ba maleba (puso, mekgatlho ya badiri, mekgatlho ya baagi le makala a poraefete) mo ditlhokweng tsa ikonomi mmogo le botlhokwa jwa go tshegetsa togamaano ya diintaseteri gore go fitlhelelwe kgolo ya ikonomi e e akaretsang botlhe le tlhabololo.

2.3. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga diphitlhelelo tse di bitlhokwa tsa dipatlisiso tsa ngwaga wa 2015/16 tse di ka ga tlamelo ya matlole ya puso mo Ditiragalong tsa Saense le Thekenoloji. Lokwalotemoso lwa Lefapha la Puso lwa ngwaga wa 1996 lo lo ka ga Saense le Thekenoloji lo tlhoka gore Lefapha la Saense le Thekenoloji lo ele tlhoko tlamelo ka matlole ya puso mo makaleng a saense le thekenoloji mmogo le seabe sa yona mo kgolong le tlhabololong ya Aforika Borwa.

Dipoelo tsa diphitlhelelo tsa mafapha a le 30 a naga di bontsha gore madi a a ka balelwang go R23,4 billion e dirisitswe go tswa mo letloleng la naga mo ngwageng wa matlole wa 2015/16. Kabinete e nopotse koketsego e e tlwaelegileng ya 6.6% fa go bapisiwa le mo ngwageng yo o fetileng go lebeletswe matsapa a ga jaana a matlole.

Palogotlhe eno ya dipeeletso e emetse 1.7% ya palogotlhe ya tekanyetsokabo ya naga mo ngwageng. Kabinete e itumeletse gore bontsi jwa matlole ano a diriseditswe ditirelo tsa saense tse di tshegetsang kaboditirelo mo dikarolong tse di botlhokwa tsa tiro ya puso tse di jaaka thuto, boitekanelo, dimenerale, eneji, temothuo le tikologo.

3.  Melaotlhomo
3.1. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa Karo ya Setso gore setšhaba se dire ditshwaelo. Molaotlhomo o ikaeletse go sireletsa, go rotloetsa le go laola ka fao dikaro tsa setso di diriwang ka gone. Gang fa o sena go amogelwa, Molaotlhomo ono o tla neelana ka ditiragalo tse di matshwanedi tse di tshwanetsweng go latelwa mo go diragatseng ditiro tsa karo ya setso. O tla samagana le tirisobotlhaswa ya go diragatsa ditiro tsa karo ya setso, e leng seo se tlhodileng dintsho di tlhoka palo tsa basimanyana ba ba tlhokafetseng kwa dikolong tsa karo ya setso.

Puso le ditheo tsa baeteledipele ba setso ba eme ka le le reng ga ba kitla ba amogela dintsho tsa bao ba tlileng karong ya setso ka ntlha ya tirisobotlhaswa ya go diragatsa ditiro tsa karo ya setso.

3.2. Kabitene e amogetse Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Setheo sa Dipatlisiso tsa Naga (NRF) wa 2017 gore o romelwe kwa Palamenteng. Molaotlhomo ono o setse o fetisitswe mo thulaganyong yotlhe ya go senka maikutlo a baagi. Dipaakanyo tse di dirilweng di tlhalosa ka botlalo maatla a Tona ya Lefapha la Saense le Thekenoloji mo setheong le go tlhalosa ka botlalo maikarabelo a di-NRF tebang le merero ya saense. Dipaakanyo tseno di tla matlafatsa maatla a Tona go laela NRF gore e baakanye tirelo ya yona.

Di tla tokafatsa gape le tsibogelo le mosola wa dipatlisiso, tlhabololo le dikgato tsa boitshimololedi mo boleng jwa botshelo jwa maAforika Borwa, ka ga tolamiso e e botoka ya ditlapele tsa puso.

3.3. Kabinete e amogetse Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Difofane tsa Baagi wa 2017 gore o romelwe kwa Palamenteng. Molaotlhomo ono o matlafatsa letlhomeso la melawanataolo ya pabalesego ya difofane, tshireletsego ya pabalesego le tikologo go netefatsa gore intaseteri ya Difofane tsa Baagi e dira go ya go ile le ka nonofo.

Dipaakanyo tse di dirilweng di akaretsa, gareng ga tse dingwe, tetlelelo ya semolao tebang le boikemedi jwa tiragatso fa go tla mo
dikotsing tsa difofane le dipatlisiso tsa tsone; melawana ya go tlhoma Boto ya Dipatlisiso tsa Pabalesego ya Difofane. Gape e baakanya le go tsenyeletsa ditlhaloso tse dingwe gape mo Molaong ono.

3.4. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Makwalobopaki jwa Dikarolo tsa Madulo wa 2017 gpre baagi ba dire ditshwaelo. Dipaakanyo di tsenya dinakong go dira, tiro, tirisetso le tsamaiso ya Molao wa Makwalobopaki jwa Dikarolo tsa Madulo, 1986 (Molao wa bo 95 wa 1986).

3.5. Kabinete e amogetse Molaotlhomo wa Pakatiriso ya Lefatshe la Baagi wa 2017 gore o phasaladiwe gore baagi ba dire ditshwaelo. Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go sireletsa beng ba mafatshe a baagi, bogolosegolo bao ba leng mo tlalelong kwa metseselegaeng.

4. Ditiragalo Tse Di Tlang
4.1. Moporesitente Zuma o tla tsenela Samiti yaMokgatlhotshwaraganelo wa Aforika o tla tsenela Samiti ya botlhano ya Mokgatlho wa Lekgetho wa Dinaga tsa Borwa jwa Aforika (SACU) o o tla tshwarelwang kwa Swaziland ka la bo 23 Seetebosigo 2017. Samiti eno ya letsatsi le le lengwe e tla tsenelwa ke Ditlhogo tsa Dinaga le tsa Dipuso tsa dinaga tseo e leng ditokololo tsa SACU, e leng tseo di akaretsang Aforika Borwa, Botswana, Lesotho, Namibia le Swaziland.

Samiti eno e tla sekaseka dintlha tse dintsi tse di farologaneng tseo di leng ka ga lenaane la ditiro tsa go gwebisana le go tlhama diintaseteri mo kgaolong eo. E tla senola gape le dintlha tse dingwe tsa tumelano le SACU mmogo le tseo di utlwanetsweng, gore go kgonwe go tsamaisa tlhabololo ya diikonomi tsa SACU. Ke ka SACU mo go tla okediwang dimaraka tsa ditlhagisiwa le ditirelo go tswa mo kgaolong eno mo di tla rekisetswang kgwebisano le dipuisanelo tse di tsweletseng tseo maitlhomo a tsona e leng go oketsa tirisano e kgolo ya kgaolo le ya kontinente.
4.2. Jaaka karolo ya go tsweletsa Imbizo ya ntwa kgatlhanong le bosenyi, Moporesitente Zuma o tla tsenela maeto a Lenaane le Tshekatsheko a Moporesitente a Siyahlola go leba kwa Lusikisiki, kwa Kapa Botlhaba ka Lamatlhatso, la bo 24 Seetebosigo 2017.
4.3. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go tshegetsa Mokete o o tlang wa Knysna Oyster le wa Knysna Marathon. Ono e ke o mongwe wa mekete e e itsegegeng e e ratiwang ke barati ba metshameko le malapa a bona. Bannaleseabe botlhe ba dira ka natla go netefatsa gore Knysna e boela kwa serodumong sa yona le go dira ka botlalo.

4.4. Letsatsi la Mandela le ka ga rona rotlhe, letsatsi le lengwe le le lengwe, go dira se se botoka mo lefatsheng gore lefatshe e nne lefelo le le botoka go tshela mo go lona. Moono wa monongwaga wa Letsatsi la Mandela leo e le tla nnang ka la bo 18 Phulwe, ke #ActionAgainstPoverty.
Go dira gore letsatsi le lengwe le le lengwe e nne Letsatsi la Mandela ke go keteka botshelo le lefa la ga Madima ka tsela ya leruri eo e tla tlhagisang diphetogo tseo go itshoketsweng tsone.

5. Melaetsa Ya Matshediso
5.1. Kabinete e ikamanya le Moporesitente Zuma mo go romeleng matshediso:
• kwa ba lelapeng le ditsala tsa ga Tona ya Lefapha la Thuto le Katiso e Kgolwane, Ngaka Blade Nzimande, go latela go tlhokafala ga mme wa gagwe, Mme Nozipho Nzimande.Mme yo a neng a ratega yono, Mama Nzimande, o ne a tshwara dingwaga di le 90 mo kgweding e e detileng. O ne a amogela ka diatla tsoopedi balwelakgololesego ba South African Communist Party (SACP) le ba African National Congress (ANC) kwa ntlong ya gagwe mo nakong e e neng go le boima ka yona fa go santse go rena dintwa kwa Pietermaritzburg kwa KwaZulu-Natal le mo mafelong a a mabapi mo dingwageng tsa bo ma 1980 kwa bokhutlhong le bo ma 1990 kwa tshimologong.
• kwa ba lelapeng le ditsala tsa ga Lord Joel Joffe. Lord Joel Joffe, yo a tlhokafetseng a na le dingwaga di le 85, e ne e le mmueledi mo ditshekong tsa Rivonia le tsa Little Rivonia. O ne a emelela ka bogale bao ba neng ba le kgatlhanong le tlhaolele, mme a nna le seabe se segolo mo porojekeng ya temokerasi mo Aforika Borwa.

• kwa baaging ba Namibia go latela go tlhokafala ga Toivo ya Toivo, mokgaratlhela kgololesego kwa Namibia le molwelakgaratlho kgatlhanong le tlhaolele. Tona ya Ditlhaeletsano Ayanda Dlodlo o tla emela semmuso puso ya Aforika Borwa kwa phitlhong eo e tla tshwarwang ka Lamatlhatso, la bo 24 Seetebosigo 2017.

6. Melaetsa Ya Kakgolo
6.1. Kabitene e akgotse Tshiamo Legoale mojeoloji yo a dirileng dimakatso ka go nna moAforika Borwa wa ntlha go neelwa maemo a tlotlo a Baganka ba Boditšhabatšhaba a FameLab tebang le porojeke ya gagwe e e dirileng dipatlisiso ka mokgwa wa go dirisa mabele go utolola gauta mo meepong e e sa tlholeng e dirisiwa. Legoale ke yo mongwe wa bao ba thusitsweng ke manaane a puso a dibasari mme mo malobeng o sa tswa go amogela sekgele seno kwa Moketeng wa Disaense wa Cheltenham o o neng o tshwarwetswe kwa United Kingdom.
6.2. Kabinete e lakaletsa Setlhopha sa Aforika Borwa masego tebang le Metshameko ya Botlhe ya Bašwa ya 2017 e e tlang kwa Nassau, Bahamas go simolola ka la bo 19 go fitlha ka la bo 23 Phukwi 2017.
Metshameko eno, e e tshwarwang morago ga dingwaga tse dingwe le tse dingwe di le nne, se iponetse Setlhopha sa Aforika Borwa se ithopela maemo a bobedi me dimetaleng, ka dimetale di le 35, mo metshamekong ya 2015 kwa Apia, Samoa.

Metshameko ya Botlhe ya Bašwa e santse e le botlhokwa mo go tlhagiseng dinaledi tsa rona tsa isago. Setlhopha sa Aforika Borwa se rotloetsa bašwa go tsaya karolo mo metshamekong ka maitlhomo a go fetola matshelo a bona gore a tokafale.
6.3. Kabinete e akgola setlhopha sa di-Springbok seo se tshamekileng sentle e le ruri mo metshamekong e le mebedi go e le meraro mo go tlhaseleng le mo go sireletseng ka se fentse metshameko e le mebedi go e le meraro kgatlhanong le Fora.

6.4. Kabinete e akgotse Tona ya Lefapha la Saense le Thekenoloji Naledi Pandor gore a bo a abetswe kabo ya tlotlo ya Bongaka ke Yunibesiti ya Nova, Portugal.

6.5. Kabinete e eletsa molemo maMoselemeng a a leng mo nageng ya rona go lebilwe mekete ya bona ya sedumedi ya Eid-ul-Fitr fa go tla bo go konosediwa Ramadaan. Mekete ya Ramadaan le Eid-ul-fitr di naya maMoseleme tšhono e e itlhophileng ya go maatlafatsa tshwaragano ya bona ya botsalano le bolesika mmogo le ya maAforika Borwa ka bobona.

Dipotsiso:
Mme Phumla Williams – Mokaedikakaretso wa Namaotshwere (GCIS)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore