Tuelelopele ya botsietsi jwa 419 le botsietsi jwa lothari

Fa o ka amogela makwalo a boferefere a gore o tshwanetse go beeletsa madi ka tuelelopele le a boferefere a gore o tshwere llotho o tshwanetse go romela dikwalo le dipuisano tsotlhe kwa Mapodising a Boditšhabatšhaba (Interpol).

Interpol e tla fetisetsa merero yotlhe e e amanang le boferefere kwa Yuniting ya Bosenyi jwa Dikgwebo ya Tirelong ya Sepodisi sa Aforika Borwa.

Dintlha tsa kgolagano tsa Interpol ke tse di latelang:

Nomoro ya Mogala: (+27) 12 309 3866
Nomoro ya Fekese: (+27) 12 309 3003/4
Imeile : vdventera@saps.org.za

Tsietso eno gape e itsege jaaka 'boferefere jwa 419' mme e dirwa ke motsietsi, yo gantsi e leng tokololo ya segongwana sa disenyi. Boferefere jo bo simolotse kwa Nigeria mme digongwana kwa dinageng tse dingwe di setse e le karolo ya boferefere jwa gore o tshwanetse go beeletsa madi ka tuelelopele. Gantsi e nna lekwalo, imeile gongwe SMS e e nang le tshitshinyo ya kgwebo mme motswasetlhabelo o kopiwa go tsenya madi mo akhaontong ya banka.

Boferefere jwa llotho bo akaretsa imeile gongwe SMS e e itseseng motswasetlhabelo gore o tshwere llotho.

Bona tshedimosetso ka botlalo mabapi le go bega tsietso ya gore o tshwanetse go beeletsa madi ka tuelelopele le ya boferefere jwa gore o tshwere llotho.

 

Share this page