Fa o le motswasetlhabelo wa bosenyi, o tshwanetse go bega tiragalo kwa seteišeneng se se gaufi sa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa.
Sepodisi se tla bula dokete ya kgetse mme se batlisisi bosenyi.
Gape o ka bega bosenyi o le tlhokaina ka go leletsa 08600 10111 gongwe go leletsa 10111 malebana le merero ya tshoganyetso ya bosenyi. Tirelo eno o e bona diura di le 24.
Bona tshedimosetso ka botlalo mabapi le tsela ya go bega bosenyi.