Go dira kgwebo ka go rekisa tlhapi

Ka ga | Se o tshwanetseng go se dira | Se o tshwanetseng go se dira | Tuelo ke bokae | Diforomo tse di tladiwang | O ka golagana le mang

Ka ga kopo ya tshwanelo ya go tshwara ditlhapi ka mabaka a kgwebo

Go tshwara ditlhapi kgotsa go amega mo tiragalong e e amang ditlhapi go gweba ka tsona, o tshwanetse go bo o na le tshwanelo ya go tshwara ditlhapi ka mabaka a kgwebo. O ka dira fela kopo ya go tshwara ditlhapi ka mabaka a kgwebo ka go tsibogela taletso eo mo Kuranteng ya Puso. Taletso ya bofelo e ne e le ka 2005 mme e e latelang e tla bulwa ka 2013.

Makala a a rileng a go tshwara ditlhapi a ikaegile ka Palogotlhe e e Letlwang ya Tshwaro kgotsa Maiteko (Total Allowable Catch or Effort) (TAC/E) go rebola ditshwanelo tsa go tshwara ditlhapi ka mabaka a kgwebo.

Fa o tshotse tshwanelo ya go tshwara ditlhapi ka mabaka a kgwebo, o ka dira kopo ya phemiti ya go tshwara ditlhapi ka mabaka a kgwebo kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi kwa Cape Town.

Ela tlhoko: Ga go motho yo o tshwanetseng go tsena mo mererong ya ditlhapi ka mabaka a kgwebo ntle le phemiti, o tla tlhoka gape le phemiti ya sepalangwa go tsamaisa ditlhapi tseo.

O tshwanetse go ntšhwafatsa phemiti ya gago ngwaga le ngwaga. Fa o ka retelelwa ke go ikobela dipeelano tsa phemiti, e ka sekegwa, ya phimolwa kgotsa wa tseelwa tshwanelo.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Mo taletsong e e phasaladiwang mo Kuranteng ya Puso, o tla itsisiwe ka lefelo la phatlalatso le gore o ka ya go tsaya foromo kwa kae.
  2. Buisa ka tlhoafalo mme o tlhaloganye le go netefatsa gore o ka kgotsofatsa ditlhokego le dipeelano.
  3. Tlatsa, saena mme o ise foromo ya kopo ya tshwanelo ya go tshwara ditlhapi le ditlankana tse di maleba di kannwe tse di tla tlhagelelang mo taletsong e e mo Kuranteng ya Puso.
  4. Duela tlhotlhwa e e beilweng e e ka se boeng kwa lefelong le le kailweng ke Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa, le Bodirelatlhapi mo Kuranteng ya Puso.

Nako ya tiragatso

Tshwanelo ya go tshwara ditlhapi:

Tiragatso ya kopo e ka tsaya kgwedi go ya go tse tharo ka ntlha ya palo ya dikopo tse di amogetsweng. Tiragatso ya tshekatsheko e tla simolola morago ga letlha la tswalo ya go amogela dikopo mme Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi le tla rebola dipholo.
 
Phemiti ya go tshwara ditlhapi:

Tiragatso ya kopo ya phemiti e ka tsaya matsatsi a tiro a le 7 kgotsa go feta go lebilwe palo ya dikopo le gore a kopo e dirilwe sentle.

Tuelo ke bokae

Tshedimosetso ka ga ditlhwatlhwa e tla tlhagelela le taletso mo Kuranteng ya Puso.

Diforomo tse di tladiwang

Diforomo tsa kopo di tla nna teng kwa lefelong la phatlalatso le le tla itsisiweng mo taletsong ya go dira kopo ya tshwanelo ya go tshwara ditlhapi e e tla tlhagelelang mo kuranteng ya puso fa ditshwanelo tsa ga jaana di felelwa ke nako.

O ka golagana le mang

Tikwatikwe ya Ditirelo tsa Badirisi
Tel: 021 402 3911
Fax: 021 402 3367
City/town: Cape Town
Province: Western Cape
Physical address: Customer Service Centre, Department of Agriculture, Forestry and Fisheries, Ground Floor, Foretrust Building, Martin Hammerschlag Way, Foreshore, Cape Town, 8000.
Postal address: Department of Agriculture, Forestry and Fisheries, Private Bag X2, Roggebaai, Cape Town, 8012

 

Share this page