Kopo go CCMA go iponela molao wa go phiketa mo nakong ya boipelaetso

Mokgatlho o o kwadisitsweng wa badiri o ka neela tetla ya tlhagiso ya dingongorego ka maloko a one le batshegetsi ba one mabapi le ditshupetso tse di ikaegileng ka kagiso.

Tlhagiso ya dingongorego e ka tshwarelwa kwa lefelong lengwe le lengwe le batho botlhe ba kgonang go le fitlhelela. E ka tshwarelwa kwa ntle kgotsa mo teng ga lefelo ka tetla go tswa go mothapi.

Fa go na le kgotlhang ka melawana ya tlhagiso ya dingongorego, mokgatlho o o kwadisitsweng wa badiri kgotsa mothapi a ka kopa CCMA go netefatsa gore go nna le tumelano fa gare ga batho ba ba amegang.

Fa go sa fitlhelelwe tumelano, CCMA e tshwanetse go tlhoma melawana ya tlhagiso ya dingongorego, e tsaya tsia mabaka a a rileng a lefelotiro kgotsa mafelo a mangwe a go tlhagisediwang dingongorego kwa go one le melawana e e maleba ya maitsholo a a siameng.

Bona dintlha ka botlalo mabapi le go bona tumelano ka ga melawana ya go tlhagisa dingongorego kgotsa ikgolaganye le CCMA.

 

Share this page