Ditiro tsotlhe tse di amanang le ditshedinnye tsa bolosika tse di fetotsweng

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya tumelelo ya ditiragalo tsotlhe di tse di amanang le ditshedi tse di fetotsweng ka mokgwa wa jenetiki mo Aforikaborwa

A o batla tetla ya go nna le seabe mo ditiragalong tse di amanang le ditshedi tse di fetotsweng ka mokgwa wa jenetiki mo Aforikaborwa? Dira kopo kwa go Mokwadisi wa Ditshedi tse di Fetotsweng ka Mokgwa wa Jenetiki (GMO).

Tetla e e go letla go:

  • rekantle GMO go tla mo Aforikaborwa
  • romelantle GMO go tswa mo Aforikaborwa
  • tiriso ya GMO mo laboratoring, phaposi ya kgolo kgotsa lefelo la tshomarelo ya tikologo
  • tlhagisa GMO mo tikologong ya Aforikaborwa kwa go dirwang diteko
  • tsweletsa ditiragalo tse di neng di dumeletswe mo nakong e e fetileng
  • tumelelo ya dithoto (tumelelo ya tiriso jaaka dijo, mafulo kgotsa go fetola) tsa GMO
  • jala le go dirisa GMO go bona lotseno
  • kwadisa lefelo le le amegang mo ditiragalong tsa GMO
  • maemo a dithoto tsa GMO. 

Se o tshwanetseng go se dira

  • Tlhopha mofuta wa tiragalo e o batlang tumelelo ya yona mme o tlatse foromo e e maleba.
  • Ela tlhoko ditlhokego tse di latelang tsa dikopo tse di rileng:
    • dikopo tsa thebolelo e e kgethegileng di tshwanetse go latela morago ga go konosediwa ga ditiragalo mo teng ga tikologo ya Aforikaborwa mo pakeng ya ditlha tse tharo tsa temo.
    • dikopo tsa go tswelela ka tiragalo di tla amogelwa fela fa tiragalo eo e ne e amogetswe pele.
  • Isa kopo e na le palo e e kailweng ya dikhopi go Mokwadisi wa diGMO.
  • Isa khopi e nngwe ya kopo, e e senang tshedimosetso ya sephiri ya kgwebo go Mokwadisi wa diGMO.
  • Duela tlhotlhwa e e beilweng.
  • Isa pegelo ya ditiragalo tse di dirilweng mo nakong e e fetileng (fa go le maleba).
  • Isa bopaki jwa dikitsiso tsa botlhe (fa go le maleba).
  • Badirakopo ba tshwanetse go dirisa dikaedi tse di latelang:

Nako ya tiragatso

  • Mokwadisi o sekaseka gore a kopo e ikobela ditlamelo tsa Molao wa GMO, 1997.
  • Komitikgakololo e tlhatlhoba tshedimosetso ya saenthifiki e e isitsweng le kopo mme e dire katlenegiso ka ga pabalesego ya tiragalo e e tshitshinngwa go Khanselekhuduthamaga.
  • Mokwadisi o amogela seabe sa baagi mo pakeng e e letlilweng.
  • Khanselekhuduthamaga e dira tshwetso ka kopo, e etse tlhoko kopo, katlenegiso ka Komitikgakololo, seabe sa baagi le seabe sa makala a a jaaka temothuo, boitekanelo, tikologo, ditiro, kgwebo, le ditlhabololo tsa saense le thekenoloji.
  • Fa tshwetso ya Khanselekhuduthamaga e le e amogelegang, Mokwadisi a ka rebola tetla.
  • Ditetla tsotlhe di tshwanetse go tsamaya di dipeelano tsa ditsholwa.

Batlhatlhobi go tswa kwa Lefapheng la Temothuo ba ela tlhoko go tsenngwa tirisong ga dipeelano tse.

Tuelo ke bokae

Dituediso tsa 2021/22

Diforomo tse di tladiwang

(Diforomo di tla rebolwa ka mokgwa wa PDF. Go bula ditlankana tsa PDF, o tlhoka go nna le Adobe Acrobat Reader 4 kgotsa e e kwa godimo mo khompiuteng ya gago.

Difomo [PDF]

O ka golagana le mang

 

Share this page