Kopo ya laesense ya kgwebokgolo

Tlhaloso 
Dikgato tse di latelwang 
Boemo jwa tirelo 
Tlhotlhwa 
Diforomo tse tladiwang 
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

 

 

Tlhaloso

Mongwe le mongwe yo o ratang go rekisetsa badirisi ditlhagiswa tsa petroliamo, o tshwanetse go dira kopo ya laesense ya kgwebokgolo kwa Lefapheng la Diminerale le Maatla.

Laesense e e go letla go reka le go rekisa ditlhagiswa tsa petroliamo ka bontsi (dilitara tse 1 500 kgotsa go feta, ka phetisetso ya ditlhagiswa tsa petroliamo) go tswa go motlhagisi yo o nang le laesense. Laesense eo e tla tswelela go dira fa fela kgwebo e sa ntse e dira.

Dikgato tse di latelwang

  • Tlatsa:
    • Application for wholesale licence: DME 397 (Kopo ya laesense ya kgwebokgolo: DME 397) le
    • Wholesale licence annual information (submission form): DME 394 tse di bonwang kwa Lefapheng la Diminerale le Maatla.
    • Romela diforomo tse di tladitsweng kwa Lefapheng la Diminerale le Maatla.

    Boemo jwa tirelo

    Modirakopo o tshwanetse go bona tsibogo mo matsatsing a le 90 go tloga ka letsatsi la kopo. 

    Tlhotlhwa

    • R1 000 go sa kgathalatsego gore o ne o ntse o dira pele ga go tsena tirisong ga Molao o.
    • R500 ya tuelelo ya ngwaga le ngwaga ya laesense.

    Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

     

    Share this page