Kopo ya laesense ya go tlhagisa ditlhagiswa tsa peteroliamo

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya laesense ya go ntsha dikuno tsa peteroleamo

Laesense ya motlhagisi wa peteroliamo e go letla go tlhagisa ditlhagiswa tsa peteroliamo le go di rekisetsa rakgwebokgolo kgotsa morekisi yo o nang le laesense, ntle le mo mererong ya dithomelontle.

Ela tlhoko: motho a ka se tlhagise ditlhagiswa tsa peteroliamo ntle le laesense ya tlhagiso.

O tla tsewa o na le laesense ya go tlhagisa, le fa go le jalo o tshwanetse go dira kopo ya laesense ya go tlhagisa mo pakeng ya dikgwedi tse thataro go tloga ka nako ya go tsenngwa tirisong ga Molao o, fa o ne o dira jaaka motlhagisi pele ga go tsena tirisong ga Molao o, 17 Mopitlwe 2006.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. O tshwanetse go tlatsa Foromo ya kopo ya laesense ya ntshodikuno: DE 40.
  2. Romela foromo ya go dira kopo kwa kantorong ya kgaolo ya Lefapha la Maatla.
  3. Lefapha le tla go romela lekwalo le le tlhalosang gore o tshwanetse go phasalatsa kitsiso ya go dira kopo mo dikuranteng di le nne.
  4. O tshwanetse go tlamela Lefapha ka bosupi jwa phasalatso ya kitsiso ya kopo.
  5. Fa o setse o na le laesense, o tshwanetse go tlamela ka tshedimosetso ya kgwebo ya gago ngwaga le ngwaga o dirisa tshedimosetso ya ngwaga le ngwaga ya laesense ya Ntshodikuno (Foromo ya Ikwadiso), DE 33.

Nako ya tiragatso

Go tshwanetse ga tsewa tshweetso mo sebakeng sa matsatsi a le 90 go tloga ka letlha le Lefapha le amogetseng bosupi jwa go phasaladiwa ga kitsiso ya kopo.

Tuelo ke bokae

  • R1 000 fa o ne o setse o dira pele ga Molao o o Baakantsweng wa Dikuno tsa Peteroleamo, wa 2003 (Molao wa bo 58 wa 2003), o tsena mo tirisong.
  • R10 000 fa o ne o sa dire pele ga Molao o o Baakantsweng wa Dikuno tsa Peteroleamo, wa 2003 (Molao wa bo 58 wa 2003), o tsena mo tirisong.
  • Tefo ya ngwaga le ngwaga ya laesense ya ntshodikuno ya R5 000 malebana le dikuno tsa peteroleamo tse di dirilweng ka haeterokhabone e nngwe le e nngwe di akaretsa peteroleamo, oli e tala, gase ya tlholego, diedi tsa gase ya tlholego, gongwe malatlha gongwe motswako yo mongwe le yo mongwe wa tseo.
  • Tefo ya ngwaga le ngwaga ya laesense ya ntshodikuno malebana le dikuno tsa peteroleamo tse di dirilweng ka dire tse dingwe tsa tlholego.

O ka golagana le mang

 

Share this page