Kopo ya bo agelo jwa Aforika Borwa

Fa o tsaletswe mo Aforika Borwa mme bonnye mongwe wa batsadi ba gago e le moagi wa Aforika Borwa gongwe e le motshodi wa tetla ya bonni jwa leruri jwa Aforika Borwa, gongwe fa o tserwe ke motsadi yo e leng moagi wa Aforika Borwa gongwe monni wa leruri, o na le tshiamelo ya go nna moagi le wena.

O ka dira kopo ya boagi jwa Aforika Borwa ka tatelano ya losika gongwe ka mokgwa wa setlwaedi.

Gape o ka dira kopo ya go somarela boagi jwa gago pele ga o ka bona boagi jwa naga e nngwe. Kwa ntle ga fa o setse o reboletswe go tshola boagi jwa gago pele ga o ka bona boagi jwa naga e nngwe, o tla latlhegelwa ke boagi jwa gago jwa Aforika Borwa ka itiriso.

O ka dira kopo ya go busediwa boagi jwa gago jwa Aforika Borwa fa o le moagi wa maloba ka tsalo gongwe tatelano ya tsalo mme o boetse mo Aforika Borwa leruri.

O ka fedisa boagi jwa gago jwa Aforika Borwa fa o ikaelela go bona boagi jwa naga e nngwe.

O ka dira kopo ya go gololwa mo go latlhegelweng ke boagi fa o bone boagi jwa naga e nngwe pele ga 6 Diphalane 1995.

Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga boagi kgotsa etela Lefapha la Merero ya Selegae.

 

Share this page