O ka dira kopo ya gore tshedimosetso e e mo lenaneong la baagi e baakangwe go:
- kwadisa gape ngwana yo o belegweng kwa ntle ga lenyalo fa batsadi ba nyalane morago ga tsalo ya gagwe
- tsenya dintlha tsa rraagongwana mo lenaneong la botsalo la ngwana yo o belegweng kwa ntle ga lenyalo
- tsenya leina gongwe sefane mo lenaneong la botsalo la motho yo o kwadisitsweng kwa ntleng ga leina gongwe sefane
- baakanya leina
- baakanya sefane sa ngwana
- tsaya sefane se se farologaneng
- fetola bong jwa gago
- baakanya letlha la botsalo, bong gongwe lefelo la botsalo.
Bona tshedimosetso ka botlalo ka ga go dira kopo ya paakanyo gonwe golagana le Lefapha la Merero ya Selegae.