Polelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 7 Phatwe 2013

1. Seemo sa Kabinete mo mererong e e kwa setlhoeng mo maemong a ga jaanong

1.1. Kabinete e akgola batho ba Zimbabwe le makoko a sepolotiki mo go tshwareng ditlhopo tsa palamente le tsa selegae tse di edileng ka katlego.
Kabinete e akgola matsapa a a dirilweng ke Moporesitente Jacob Zuma jaaka Mogokaganyi wa Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika mo Dipuisanong tsa Zimbabwe go netefatsa fa makoko otlhe a ikgolaganya le ditlhopo tsa kagiso.

1.2.  Kabinete e kgadile tlhaselo ka bomo ya kago e e dulang badiredi ba Ntlokemedi ya Turkey kwa Mogadishu, Somalia, mmogo le go atolosa matshediso kwa mebusong le mo bathong ba Somalia le Turkey.

1.3.  Letsatsi pele ga dingwaga di le 20 tsa Kgololosego, Kabinete e ikamanya le setšhaba go keteka Kgwedi ya Bomme ka fa tlase ga moono wa “Dingwaga di le Lekgolo tsa Tirisanommogo ya Ntshetsopele ya Matlafatso ya Bomme le Tekano ya Bong.”

Keteko ya dingwaga di le lekgolo e tlotlomatsa dikgaratlho tse di dirilweng ke bomme, fa esale ka nako ya mogale Charlotte Maxeke, yo a neng a eteletsepele setlhopha sa bomme ka mogwanto o o neng o tshwaretswe kwa Bloemfontein yo o neng o eme kgatlhanong le melawana ya dipasa ka 1913.

Karolo e e tshamikilweng ke bomme mo go lwantsheng melao ya dipasa le mo maphateng a mangwe a kgaratlhelo ya kgololosego ke tshusumetso enngwe e e botlhokwa ya letsholo la ga jaanong la Karata ya Boitshupo e e sa tswang go tlhongwa.

Jaaka setšhaba se tlotlomatsa bomme, Kabinete e dira boikuelo go maAforika Borwa otlhe go ema kgatlhanong le tlhokafatso ngwe le ngwe ya bomme le bana le go tlotla ditshwanelo tsa bomme jaaka di sireletsegile mo Molaotheong wa rona.

1.4.   Kabinete e boeleditse tebogo ya mo malobeng ya ga Moporesitente Jacob Zuma mo setšhabeng le mo baaging ba boditšhabatšhaba mo go direng Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Nelson Mandela letsatsi le legolo go gaisa la keteko ya letsatsi la matsalo a ga Madiba go fitlha ga jaanong. Ka la bo 18 Phukwi, diketekete tsa batho go ralala Aforika Borwa le lefatshe ba ile ba ipha nako go tshwara phage ka mangana le go thusa batho ba ba dikobo dikhutshwane.

Kabinete e dira boikuelo go maAforika Borwa go ema nokeng Letsatsi la Pulo ya Metshameko le Setso la Nelson Mandela kwa FNB Stadium, Johannesburg, ka la bo 17 Phatwe. Di-springboks di tla tshameka le Argentina, Bafana Bafana e tla nkgisana magwafi le Burkina Faso, mme Setlhopha sa Matsopa a Kgwele ya Dinao a Aforika Borwa se tla tshameka le Italy, mme go latelwe ka konsarata ya maemo a kwa godimo bosigo.

Matlole otlhe a tla abelwa porojeke ya Sepetlela sa Bana sa Nelson Mandela.
Kabinete e boetse gape ya dira boikuelo go maAforika Borwa go “Tsaya Kgato; Tlhotlheletsa Phetogo (le) Go dira Letsatsi lengwe le lengwe go nna Letsatsi la Mandela.”

Kabinete e tswelela go dira boikuelo mo maAforika Borweng go tswelela go baya Moporesitente wa mo malobeng Nelson Mandela mo megopolong le mo dithapelong tsa bone jaaka a tsibogela kalafo sentle.

1.5. Kabinete e utlwile botlhoko ka go tlhokofala ga Moatlhodi Mogolo wa Maloba Pius Langa yo o bolokilweng ka la bo 3 Phatwe 2013 ka Phitlho e e Kgethegileng ya Semmuso. Kabinete e romela matshediso kwa lelapeng, ditsaleng le kwa badirimmogong ba gagwe.

Moatlhodi Mogolo wa Maloba Pius Langa o tla gopolwa ka seabe sa gagwe sa go kgaratlhela kgololosego, tshireletso ya gagwe ya molaotheo wa rona wa temokrasi mmogo le tiro ya gagwe ya mo malobeng jaana mo Khomišeneng ya Kgololosego ya Bobegakgang.

1.6. Kabinete e akgola ditlhabololo tse di namatshang tsa lephata la thuto, segolo setonna matlafatso ya Pegelo ya Pholisi ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo (CAPS) le kemo nokeng ya barutabana mo go e tsenyeng tirisong. Kabinete e amogetse go tlhamiwa ga Setlhopa sa Tiro se se tla tsamaisang tsenngotirisong ya kharikhulamo ya Puo ya Diatla ya Aforika Borwa (SASL) ka 2014, e e tla simololang mo Mophatong wa R go fitlha ko wa 12, go tsamaelana le kgoeletso ya Moporesitente ya go amogela puo ya diatla jaaka puo ya semmuso. Kharikulamo entšhwa e tla oketsa phitlhelelo ya ditšhono tsa thuto go botlhe.

1.7. Kabinete e dira boikuelo go baithuti ba 2013 ba marematlou go ikwadisa kwa ditheong tsa thuto e kgolwane jaanong boemong jwa 2014 go tsamaelana le Letsholo la Khetha la Lefapha la Thuto e Kgolwane le Katiso la Dira Kopo jaanong! .

Baithuti ba rotloediwa go sekaseka ka botlalo boikgethelo jwa bona jwa dirutwa le go sekaseka ditlhokego tsa bona tsa matlole. Baithuti ba gakololwa gape le ka Sekema sa Thuso ya Matlole a Baithuti sa Bosetšhaba seo se tlamelang baithuti ba ba falolang sentle mmogo le le baithuti ba ba tlhokang ka thuso ya matlole.

1.8. Kabinete e akgola go tlhonngwa ga kanala ya dikgang ya diura di le 24 ya Lekgotla la Kgaso la Aforika Borwa, eo e tsibogelang dikgatlhegelo tse di oketsegang tsa kgaso ya dikgang tse di leng mo dinakong ka ga ditiragalo tsa bosetšhaba le tsa boditšhabatšhaba le ka go abela maAforika Borwa otlhe lentswe le serala.

1.9. Kabinete e akgola bathumi; Cameron van der Burgh, Chad le Clos le Giulio Zorzi ba ba dirileng naga motlotlo ka go fenya dimetale kwa dikgaisanong tsa Federeišhene ya bo 15 ya Boditšhabatšhaba ya go Thuma (FINA) ya Bommampodi jwa Lefatshe kwa Barcelona.

1.10. Kabinete e eleletsa maMoseleme a Aforika Borwa matlhogonolo mo nakong eno, ka gonne ba keteka Eid. Gape, Kabinete e eleletsa morafe wa maJuta a Aforika Borwa masego mo kgweding ya Elul.

2. Dipuisano le ditshweetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1.  Kabinete e amogetse go simolola ga dipuisano tebang le Maemo a Dipholisi tsa Bosetšhaba tsa Metsi boemong jwa Lefapha la Merero ya Metsi.
Maikaelelo a tshekatsheko eno ya dipholisi ke go tlhomamisa le go siamisa ditlamorago tse di sa ikaelelwang le diphatlha mo dipholising tsa ga jaanong tsa metsi.

Seno, se tobile go fitlhela ponelopele ya Puso ya tekano le phitlhelelo e e tswelelang pele ya metsi.

Tokafatso ya maemo a dipholisi e tla thusa, mo go tsedingwe, ka go abiwa ga metsi mo badirising ba metsi bao mo malobeng ba neng ba sa a bone. E tla netefatsa gape le gore baagi botlhe ba fitlhelela mafaratlhatlha a metsi, segolo jaang baagi ba metseselegae ba ba senang metswedi ya metsi.

2.2. Kabinete e amogetse phatlalatso ya Pholisi ya Dithoto le Dithata ya Bosetšhaba ka maikaelelo a go tlamela baagi ka tšhono ya go tshwaela mo nakong ya matsatsi a le 30.

Maikaelelo a pholisi eno ke go lepanya le go tobana le merero e e farologaneng e e amang dithoto le dithata, eo e amanang le dikarolo tse di farologaneng, go akaretsa: kgwebo, saense, temothuo le boitekanelo. Ka jaalo, go tlhokega leano la pholisi-e nosi go tswa mo maemong a puso ya bosetšhaba le ya boditšhabatšhaba.

2.3.  Kabinete e amogetse letlhomeso la pholisis malebana le tekolo ya baagi la setlhogo sa, “Letlhomeso la go Matlafatsa tirisanommogo ya Setšhaba le Puso mo go lekoleng Thebolo ya Ditirelo tsa Motheo.”

Mafapha a puso a a rweleng maikarabelo a thebolo ya ditirelo tsa baagi, a tshwanetse go lepanya le go sekaseka matlhomeso a bona go akaretsa mekgwatiriso ya go tsenyeletsa ditshwaelo le maitemogelo a baagi ka thebolo ya ditirelo. Seno se tlhama tshimologo ya go netefatsa fa tlhokomediso ya baagi e akarediwa mo mokgwatirisong wa tlhokomediso ya puso.

Go ya ka letlhomeso leno, tlhokomediso ya baagi e tlhalosa mokgwa wa go lekola tiro ya puso o o tsepamisitsweng mo maitemogelong a baagi ka maikaelelo a go matlafatsa boikarabelo jwa puso le go tokafatsa thebolo ya ditirelo.

2.4.  Kabinete e amogetse Meono ya Tsamaiso ya Puso le Ditaelo tsa Botsamaisi jwa Matlole.

Meono eno, ke mosupatsela wa ka moo dithata tsa Molaodi Khuduthamaga di abelwang Motlhankedi wa Morwalamaikarabelo ka gone, mmogo le go fetisetswa kwa magatong a kwa tlase jaaka go tlhalositswe mo Molaong wa Ditirelo tsa Puso le mo Molaong wa Taolo ya Matlole a Puso.

Meono eno, e dira tiro ya go abelana dithata bonolo, e bile, e tla matlafatsa le go feta thebolo ya ditirelo ka manontlhotlho le botswerere.

Tona ya Ditirelo tsa Puso le Tsamaiso o tla tlhalosa Meono le mabaka a ona ka botlalo mo nakong e e latelang.

2.5.  Kabinete e amogetse ditumelano tse di latelang, tse di tshwanetseng go atlenegisiwa ke Palamente go ya ka Karolo ya 231 ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa: Ya ntlha, Kamogelo ya Aforika Borwa ya Tumelano ya go tlhamiwa ga Khomišene ya Tšhuna ya Indian Ocean, ya bobedi, Tumelano ya Tshomarelo ya Tšhuna ya Bluefin ya kwa Borwa mmogo le; ya boraro Mokgatlho wa Dijo le Temothuo wa Dinagakopano Tumelano ya Maano ya Mabopo a Puso go Thibela, Diegisa le go Fedisa Bothwaratlhapi jo bo seng ka fa Molaong, jo bo sa Begiwang le jo bo sa Laolweng.

Tona ya Temothuo, Dikgwa le Bodirelatlhapi le yona e tsenetse dipuisano tseno go tlhalosa molemo yo o tla tlisiwang ke tumelano eno, mo intasetering ya bodirelatlhapi le seabe sa yona mo kgodisong ya ikonomi ya naga ya rona.

2.6.  Kabinete e atlenegisitse fa Aforika Borwa e tla tshwara Khonferense ya bo 11 ya Makoko (COP) ya Kokoanyo ya Abidjan kwa Motse Kapa go simolola ka la bo 24-28 Mopitlwe 2014.

Kokoanyo ya Abidjan ke e ngwe ya Dikhonfensene tsa Dikgaolo di le 18 tsa Mawatle moo maanotiro a neng a tlhamiwa ke Lenaane la Tikologo ya Dinagakopano jaaka karolo ya tiragatso ya Lenaneo la Stockholm la 1972.
Kokoanyo eno e tlamela ka letlhomeso la molao mabapi le tirisanommogo ya dikgaolo gare ga Dipuso tse di amegang tse di batlang go tsaya dikgato ka tlhakanelo mabapi le tharabololo ya mathata a a golaganeng le tikologo ya mawatle le ya mabopo eo e dirisiwang ka tlhakanelo.

Lephata la maemo a kwa godimo le le dirang ditshwetso la Kokoanyo ya Abidjan ke COP, kopano ya morago ga dingwaga di le pedi e e kopanyang Ditona tsa Tikologo le baitseanape ba setegeniki ba Makoko a Tumelano, le dinaga tsa balebeledi, ditheo tse dingwe tsa Dinagakopano le mekgatlho e eseng ya puso.

2.7. Kabinete e ile ya begelwa ka pegelo ya botsayakarolo jwa kemedi ya Aforika Borwa ya Puisano ya bo 57 ya Khomišene ya Dinagakopano ka ga Maemo a Bomme e e neng e tshwere go tloga ka la bo 4 go fitlhela la bo 15 Mopitlwe 2013.
Puisano eno ya bo 57, e ne e tshwerwe kwa Ntlokgolong ya Dinagakopano kwa New York, mme moono wa botlhokwa e ne e le, “Go fedisiwa ga Ntwa Kgatlhanong le Bomme le Basetsana.”

Batsayakarolo ba ile ba itlama le go amogela dintlha dingwe jaaka maano a go fedisa ntwa kgatlhanong le bomme le basetsana. Kabinete e dirile boikuelo mo makaleng otlhe a puso go nna le seabe mo tiragatsong ya maitlamo ao.

2.8. Kabinete e amogetse tshwaelo ya pegelo ya kgatelopele ya Aforika Borwa ya Pakagare ya Tshekatsheko ya Lefatshe ka Seemo sa AIDS ya Kopano ya Dinagakopano. Pegelo eno, e tsibogela Mametlelelo ya Sepolotiki ya dintlhakgolo di le 10 tsa HIV/AIDS go tswa mo setlhopheng sa maikaelelo. Kabinete e akgotse Lefapha la Boitekanelo ka pegelo e e bontshang fa maAforika Borwa a dira sentle go fitlhelela bontsi jwa setlhopha sa maikaelelo ka letlha la maparego la 2015.

2.9 Kabinete e tlhaloseditswe ka boripana ka tiragatso ya Karolo 100 (1) (b) ya maanotsereganyo ya Porofense ya Limpopo. Ba boleletswe ka ditshwaelo tsa phitlhelelo ya pegelo, maanotsereganyo a a tshitsintsweng le kgatelopele e e dirilweng go fitlha jaanong. Ba ile ba bolelelwa gape le ka merero e e saletseng kwa morago e e tlhokang go feleletswa.

Fa esale go tloga ka 31 Phukwi 2013 tšhelete e e setseng ene ele R3.3 bilione fa e bapisiwa le tiriso ya phetelelo ya R1,7 bilione fa porofense ene e bewa ka fa tlase ga tsamaiso ka Sedimonthole 2011.

Go tsamaelana le go itumedisiwa ke maano a tshiamiso a a dirisitsweng mo mafapheng a matlhano a a ka fa tlase ga tsamaiso, Kabinete e amogetse fa Komiti ya Tona e ka simolola ka tsamaiso ya dikgwedi di le thataro go busetsa tsamaiso ya Limpopo mo Tonakgolong e ntšhwa le bakhuduthamaga ba gagwe.
Kabinete e dumelane fa dipatlisiso tse dingwe di tshwanetse go tswelelapele mo go batlisiseng tsamaiso e e sokameng ebile go bonagala fa go na le batho ba ba sa itepanyang le tsamaiso ya theko mme dikgato di tshwanetse go tsewa tebang le ditsheko tsa kgalemo. Kanagelo e e anameng e tla diriwa ke Komiti ya Tona mo nakong e e siameng.

3. Melaotlhomo

3.1.  Kabinete e amogetse tlhagiso ya Molaotlhomo wa Dilekanyi tsa Semmuso kwa Palamenteng.

Maikaelelo a Molaotlhomo ke go nna mosupatsela wa dilekanyetsi tsotlhe tse di dirisiwang ke intaseteri fa go diriwa kgwebisano ka tiriso ya dikale, dimetara le go netefatsa fa ditlabakelo tse dingwe tsa go lekanya di nepile. Maikaelelo a Molaotlhomo ke go tlhotlheletsa kgwebisano e e lolameng le go sireletsa boitekanelo jwa baagi, pabalesego le tikologo. Gape, Molaotlhomo o tla samagana le tlhakano ya ga jaana ya Molao wa Dilekanyetsi tsa Kgwebisano wa 1973.

Molaotlhomo ono, o botlhokwa go matlafatsa Mafaratlhatlha a Setegeniki a Aforika Borwa a a totobatsang Maemo, Netefaletso ya Boleng, Katlanegiso le Leano la Dilekanyetsi (SQAM).

3.2. Kabinete e amogetse go itsisiwe ga Molaotlhomotlhabololo wa Melemo le Diritibatsi tse di maleba wa 2012 kwa Palamenteng.

Molaotlhomo o tlhabolola Molao wa Melemo le Diritibatsi tse di maleba wa 1965 (Molao wa bo 101 wa 1965) jaaka o tlhabolotswe ka Molao wa bo 72 wa 2008. Maikaelelo a Molaotlhomo ke go tlhoma bothati jwa taolo ya melemo jo bo maatla, manontlhotlho le jo bo lolameng.

4. Go thapiwa

Kabinete e amogetse go thapiwa ga ba ba latelang:
4.1. Moporofesara Edith Veronica Vries o thapilwe jaaka Mokaedikakaretso wa Lefapha la Temothuo, Dikgwa le Bodirelatlhapi.

4.2. Mohumagadi Duduzile Charity Baby Mbongwa o thapilwe jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Lekala la Togamaano le Ditiragatso mo Kantorong ya Moporesitente.

4.3. Mohumagadi Loraine Elzabe Rossouw o thapilwe jaaka Motlhankedi Mogolo wa Matlole wa Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo.

4.4. Kabinete e dumelana le tshwaelo ya Kantoro ya Moporesitente ya go thapa Moporofesara Fiona Tregenna jaaka leloko la nakwana la Kgotla ya Dikgaisano paka ya dingwaga di le tlhano go simolola ka 1 Lwetse 2013.

4.5.  Kabinete e etse tlhoko go thapiwa ga ba ba latelang go dira mo Botong ya Setheo sa Tlhabololo ya Dikgwebopotlana (seda) paka ya dingwaga di le tharo go simolola ka 1 Lwetse 2013 go fitlha ka 31 Phatwe 2016.
a) Ngaka Ivor Zwane (thapo ya poeletso)
b) Ngaka Marius Venter (thapo ya poeletso)
c) Mr Mojalefa Mohoto (kemedi ya dti).

4.6. Kabinete e amogetse go thapiwa ga Mohumagadi Thabang Sophie (Peppy) Kekana jaaka leloko la Boto la Dilothari tsa Bosetšhaba paka ya dingwaga di le tlhano go simolola ka 1 Lwetse 2013 go fitlha ka 30 Phatwe 2018.

Dipotsiso: Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore