Puo ya ga Moporesidente Cyril Ramaphosa ka go Fedisa Seemo sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo mo Dikgatong tsa go Samagana le Leroborobo la COVID-19

MaAforika Borwa a gaetsho,

Mo matsatsing a le 750 a a fetileng, Aforika Borwa e ntse e le mo Seemong sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo.

Seno ke seemo se se sa tlwaelegang se se iseng se ke se diragale mo hisetoring ya naga ya rona.

Go tsenya tirisong seemo sa matlhotlhapelo e ne e le tsibogelo ya bothata jwa boitekanelo mo lefatsheng jo bo bakileng matshosetsi a magolo mo matshelong le itekanelong ya batho ba rona.

Ga go na pelaelo epe ya gore tsibogo e e jalo e ne e le yona e e tlhokagalang mo maemong ano.
Go tsenya tirisong Seemo sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo ka la bo 15 Mopitlwe 2020 go neetse puso dithata tsa go tsaya dikgato tse di thibetseng gore batho ba le bantsi ba se ke ba lwala thata mme di bolokile matshelo a a ka se keng a balwa.

Dikgato tseno di nnile le mosola mo go fokotseng lebelo la ka fao batho ba neng ba tshwaetsega ka lona, mo go fokotseng go imelwa ga dipetlele tsa rona, le mo go re neeleng nako e ka yona re kgonneng go ipaakanya le go baakanya mafaratlhatlha gore re kgone go samagana le dipalopalo tse dintsi tsa balwetse ba COVID-19.

Gape Seemo sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo se ne sa re neelaa maatla a semolao a go tlhama Megolo ya Madi a di-R350 a go Thusa Baagi ba ba sa Direng, mme yona e tsweletse go thusa thata bao leroborobo la COVID-19 le ba phuagantseng.

Se re neetse maatla a go tlhama sekema sa COVID TERS, se se emeng nokeng megolo ya dimilionemilione tsa badiri.

Gareng ga tse dingwe Seemo sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo gape se re neetse maatla a go thusa dikgwebopotlana, maatla a go atolosa paka ya go dira ga dilaesense tsa dikoloi le tsa go kgweetsa, le a go laola ka fao dikolo di tla dirang ka teng mo pakeng ya leroborobo.

Dikgato tseno tsotlhe di ne di tlhokega e seng fela go tsibogela ditlamorago tse di botlhoko tsa leroborobo mo boitekanelong jwa batho, mme gape le go fokotsa ditshenyegelo tse di boitshegang mo baaging le mo ikonoming.
Seno ke lona lebaka tota la gore go nne le seemo sa matlhotlhapelo: go dira gore re kgone go samagana ka katlego le matlhotlhapelo mme re kgone go bolokang matshelo a batho.

Fela, mo setšhabeng se se gololesegileng le se se nang le temokerasi, dithata tsa tlaleletso tse di tlisiwang ke seemo sa matlhotlhapelo ke tsa nakwana mme ga di nnele ruri.

Di tshwanetse go dirisiwa fa fela e le gore go tloga go tlhokagala gore di dirisiwe mo nakong eo di tlhokagalang ka yona.
Jaaka ke kaile mo Puong ya Maemo a Setšhaba, jaanong re tsene mo legatong le lentšhwa mo leroborobong la COVID-19.

Mokgwa o leroborobo leno le fetogang ka ona mo nageng ya rona o bonagetse thata mo lekhubung la bone la leroborobo ka Sedimonthole le Firikgong.

Le fa re nnile le palo e e kwa godingwana thata ya ditshwaetso mo lekhubung la bone go na le mo makhubung otlhe a a fetileng, go nnile le dipalo tse di kwa tlase thata tsa batho ba ba gatelelwang ke boletse, ba ba tsenang ka dikgoro tsa dipetlele le ba ba thulang botala ka tlhogo.

Ka lekhubu la boraro ka Phukwi ngogola, palo e e kwa godimodimo ya dipalo tsa letsatsi le letsatsi tsa batho ba ba neng ba tlhokafala ka ntlha ya COVID-19 e ne e le 420.

Ka lekhubu la bone, ka Tlhakole monongwaga, palo e e kwa godimodimo ya dipalo tsa letsatsi le letsatsi tsa batho ba ba neng ba tlhokafala ka ntlha ya COVID-19 e ne e le 240.

Mo bekeng e e fetileng, palo eno e fokotsegile go ya go lesomepedi fela. 

Re bona maemo a a tshwanang le ona ao le kwa maokelong a rona.

Mo malaong a le 108 000 a re nang le ona ga jaana mo nageng, ke a le 1 805 fela a a nang le balwetse ba COVID-19.

Mo malaong a Diphaposi tsa Balwetse ba ba Bobolang mo ba ka Ikelang Badimong (di-ICU) a le 5 600 mo nageng, ke a le 175 fela a a nang le balwetse ba COVID-19.

Seno ke sesupo sa gore maemo a ntse a fokotsega bogale mme ke sona seno se se tla re kgontshang gore re busetse maemo sekeng mo lephateng la boitekanelo jwa setšhaba. 

Seno se re bolelela gore le fa mogare o tsweletse go nna gone, ga o sa ripitla jaaka mo malobeng ka go tlisa malwetse a a galefileng a a gatelelang batho kgotsa gona go ba isa maotwana hunyela.

Le fa leroborobo lona le santse le le teng, le fa mogare o sa ntse o le teng mo gare ga rona, maemo ano ga a tlhole a tlhoka gore re tswelele go nna mo Maemong a Bosetšhaba a Matlhotlhapelo. 

Fa re gatela pele, leroborobo leno mo nakong e e tlang le tla laolwa ka Molao wa Bosetšhaba wa Boitekanelo.
Go phatlaladitswe Melawanatlhomo ya Boitekanelo e e kwalolotsweng sešwa gore setšhaba se tshwaele ka yona.

Fela fa paka ya ditshwaelo tsa setšhaba e khutla ka Lamatlhatso, 16 Moranang 2022, mme le ditshwaelo tseno di setse di sekasekilwe, melawana e mentšhwa e tla konosediwa le go tsenngwa tirisong.

Ka ntlha ya fa mabaka a ga jaana a a lebeletsweng a a dirang gore Seemo sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo se nne mo tirisong a tlhaetswa matlho go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Matlhotlhapelo, Kabinete e tsere tshweetso ya go fedisa Seemo sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo go tloga bosigogare gompieno.

Molao wa Tsamaiso ya Matlhotlhapelo o letlelela gore dikarolo dingwe tsa melawana di ka tswelela go dirisiwa sebakanyana se se lekanyeditsweng malebana le ‘go busetsa sekeng le go tsosolosa naga morago ga matlhotlhapelo’.

Mme ka jalo, e mengwe ya melawana eno, fa go santse go letilwe gore go tsenngwe tirisong melawana e mentšhwa, e tla nna ntse e le mo tirisong sebaka sa matsatsi a le 30 morago ga go fedisiwa ga Seemo sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo go netefatsa gore ga go kgorelediwe ditirelo dipetsa botlhokwa tsa boitekanelo jwa setšhaba le ditirelo tse dingwe tsa botlhokwa fa go santse go letilwe gore melawana e mentšhwa go ya ka Molao wa Bosetšhaba wa Boitekanelo e tsenngwe tirisong.

Se se kaiwang fano ke gore melawana yotlhe le dikaelo tse di dirilweng go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Matlhotlhapelo go latela go tsenngwa tirisong ga seemo sa bosetšhaba sa matlhotlhapelo go samagana le COVID-19 e a phimolwa go tloga bosigogare gompieno, kwa ntle ga melawananyana e se kae e e saletseng go re thusa go tsena mo melawaneng e mentšhwa.

Melawananyana eno ya go re tsenya mo melawaneng e mentšhwa yona e tla felelwa ke nako fa matsatsi a le 30 a sena go garela mme yona ke e e latelang:
Sa ntlha, re sa ntse re tla tlhoka go apara mmaseke wa sefatlhego fa re le fa gare ga batho mme re le fa teng ga meago. Seno se botlhokwa thata mo go thibeleng go tshwaetsana fa re le fa teng ga mafelo a a nang le kgonagalo e ntsi ya go ka tshwaetsana, segolo jang ka ntlha ya fa batho ba le ba ise ba tlhabele moento.

Mmaseke ga o tlhokege fa o le kwa ntle.

Sa bobedi, melawana e e ntseng e dirisiwa mabapi le go kokoana e tla tswelela go dirisiwa fela jaaka e ne e ntse e dirisiwa mo malobeng go re tsenya mo melawaneng e mentšhwa.
Seno se kaya gore gotlhe mo batho ba kokoanang gone e ka tswa e le ka fa teng ga meago kgotsa kwa ntle ga go na palo e e beilweng e ba sa tshwanelang go e feta, fela ga ba tshwanela go feta halofo ya palo yotlhe e e komediwang ke lefelo leo, mme seno se tla letlelelwa fa fela e le gore batho ba ba leng mo kokoanong eo ba tshwanetse go tla ka bopaki jwa gore ba tlhabetse moento kgotsa bopaki jo bo senang sebaka sa diura di le 72 jwa gore ba dirile diteko tsa COVID-19 jaaka e le ditokomae tse di tla tlhokegang gore ba letlelelwe go tsena 

Fa e le gore go tsenwa ntle le bopaki jwa gore batho ba tlhabetse moento kgotsa jwa gore ba dirile diteko tsa COVID-19, go tla tshwanelwa gore go tswelelwe ka go dirisa melawana e e reng ka fa teng ga meago e tshwanetse go nna batho ba le 1 000 fa kwa ntle ga meago e tshwanetse go nna ba le 2 000.

Sa boraro, melawana e e ntseng e dirisiwa malebana le maeto a batho ba ba tswang kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba go tla ka fa nageng e santse e tswelela go dira.
Seno se kaya gore baeti ba ba tsenang ka Aforika Borwa ba tlhoka go bontsha bopaki jwa gore ba tlhabetse moento kgotsa bopaki jo bo senang sebaka sa diura di le 72 jwa gore ba dirile diteko tsa PCR.

Fa moeti a se na bopaki jwa gore o tlhabetse moento kgotsa jwa gore o dirile diteko tsa COVID-19 mme ga a lwale, e tla re fa a goroga ka fa nageng a diriwe diteko tsa go tlhatlhoba gore o a lwala kgotsa jang.

Fa diteko di supa gore ba na le COVID-19 ba tla tshwanelwa ke go itlhaola matsatsi a le lesome.

Sa bone, melawana e e re nayang maatla a go duelela Megolo ya Madi a di-R350 a go Thusa Baagi ba ba sa Direng ba ba Phuagantsweng ke leroborobo leno e tla tswelela go dirisiwa.

Seno se tla kgontsha Lefapha la Tlhabololo ya Loago go konosetsa melawana e e tla letlelelang gore dituelo tsa madi ano a thuso di se emisiwe.

Sa botlhano, melawana e e re nayang maatla a go oketsa nako ya go nna mo tirisong ga dilaesense tsa ba ba ithutang go kgweetsa, dikarata tsa dilaesense tsa go kgweetsa, dilaesense tsa dijanaga, makwalo a go kgweetsa baagi le a go kwadisa dijanaga
e tla tswelela go dira.

Melawana e mengwe yotlhe ya matlhotlhapelo e tla emisa go dira bosigogare gompieno.

Yona e akaretsa melawana ya go tlhaolwa ga batho, ya go tsena kwa dikolong le ya go tsena kwa magaeng a bagodi, ya mo dipalangweng tse di kgweetsang baagi, e e mabapi le ditiragalo tsa thupiso, ya go rwala dithoto, le e e mabapi le go pegwa molato fa o sa obamele melao eno.

Go khutla ga Seemo sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo go kaya gape gore Magatotsiboso a Coronavirus ga a tlhole a dira.

Melawana e se kae e e setseng go re tsenya mo melawaneng e mentšhwa maatla a yona ga a kalo, mme e letla gore ditiragatso tse dintsi tsotlhe tse di amang ikonomi le baagi di boele sekeng.

Di botlhokwa go fokotsa matshosetsi a lekhubu le lengwe la COVID-19 le matlhotlhapelo a mangwe.

Gape di netefatsa gore batho ba tswelele go amogela R350 ya Megolo ya Madi a go Thusa Baagi ba ba sa Direng ba ba Phuagantsweng ke Leroborobo le gore go se nne le kgoreletsego malebana le dilaesense tsa go kgweetsa.

Jaaka ke tlhalositse, eno ke melawananyana fela e e re thusang go tsena mo melawaneng e mentšhwa mme fa matsatsi a le 30 a sena go garela le yona e tla khutla.
Seno se tla re thusa gore re samagane le taolo ya leroborobo leno ka tsela e e maleba ka go dirisa Melawana ya Boitekanelo le dithulaganyo tse dingwe.

Le fa go le jalo, go na le kgato e le nngwe fela ya bofelo e e tla dirisiwang le fa re setse re fetile mo Seemong sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo.

Yona ke Sekema sa Tuelo ya Kgobalo ya Moento wa COVID-19 e se ka Maikaelelo.

Sekema seno ka Moranang ngogola go ne ga gapelediwa gore se tsenngwe tirisong gore se tlamele batho ka ditirelo tse di bonolo tsa ka bonako tsa go duelela motho mongwe le mongwe yo o itemogelang kgobalo e e masisi ka ntlha ya go amogela moento wa COVID-19.

Sekema sa Tuelo ya Kgobalo ya Moento wa COVID-19 e se ka Maikaelelo, se se leng ka fa tlase ga taolo ya Lefapha la Boitekanelo, se tla tswelela go dira le fa Seemo sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo se khutlile.
Sekema se se tla fedisiwa fela morago ga fa se sena go fitlhelela maikemisetso a sona.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Go khutla ga Seemo sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo ke selo se se botlhokwa mo ntweng ya rona kgatlhanong le leroborobo leno.

Ke sesupo sa tswelelopele e re e dirileng mme se re gakolola ka seo setšhaba sa rona se fetileng mo go sona.

Ke nako ya go ikgopotsa ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bona le batho ba bantsi ba ba sa ntseng ba amilwe ke ditlamorago tsa bolwetse jono.

Gape ke nako ya go bonatsha tlotla ya rona mo badiring ba lephata la tlhokomelo ya boitekanelo, mapodisi, masole, baithaopi le badiri ba bangwe ba ba dirang kwa pele ka ntlha ya boineelo jwa bona jaaka ba abelane ka tirelo mo nakong eo go neng go le maswemaswe ka ntlha ya leroborobo leno.

Go khutla ga Seemo sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo ke kgato ya rona ya go bontsha maikemisetso a rona a go busetsa sekeng matshelo a rona le go aga sešwa naga ya rona le fa mogare o sa ntse o le teng mo gare ga rona.
Go tla re kgontsha gore re busetse sekeng matshelo a rona jaaka re ne re a tshela pele ga go goroga ga leroborobo leno, mme re tlhoka fela go dira diphetogo di le mmalwanyana mo go ona go sireletsa batho ba re tshelang mmogo le bona.

Go tshwanetse go dira gore dikgwebo di nne le tshepo e e feletseng gore jaanong di ka kgona go bula mejako le go beeletsa ntle le go boifa gore go tla nna le dikgoreletso tse dingwe gape.

Sa botlhokwatlhokwa, ka go khutlisa Seemo sa Bosetšhaba sa Matlhotlhapelo, mongwe le mongwe wa rona o tsaya maikarabelo a go sireletsa boitekanelo jwa gagwe le boitekanelo jwa ba bangwe.

Maikarabelo a rona a magologolo ke go netefatsa gore re entetswe COVID-19 le go
rotloetsa ba bangwe go entiwa.

Moento ke tshireletso ya rona e e gaisang kgatlhanong le COVID-19.

Gape moento ke sebetsa se se gaisang se re nang naso go fokotsa kgonagalo ya makhubu a mangwe a tshwaetso ya mo isagong a a tla gobelelang maokelo a rona a tsa boitekanelo – le a a tla dirang gore re iphitlhele re gapeletsega go boela mo tirisong ya seemo sa matlhotlhapelo.

Ka jalo, re tshwanetse go tswelela go nna kelotlhoko le go itlhokomela thata.

Re ithutile gore mogare ono ga o na nnete, le gore seemo se ka fetoga ka ponyo ya leitlho.
Ka jalo, re tswelela go dira le Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo le ditheo tse dingwe go tlhaloganya koketsego ya dikgetsi kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe le go sekaseka tshedimosetso e e maleba e e tlhagelelang ya saense.

Fa e sale mogare ono o goroga la ntlha mo ga rona dingwaga tse pedi tse di fetileng, re ne ra nna ngatananngwe, mme maitlhomo e le go fedisa leroborobo leno.

Le fa leroborobo leno le santse le le teng, le fa re tswelela go itlhokomela, re ka ikotla sehuba ka gore jaanong re mo seemong se se botoka thata go gaisa seo re kileng ra nna mo go sona mo letsatsing le lengwe le le lengwe la matsatsi a le 750 a a fetileng.

Re solofela gore dikgolo di fetile, mme re dumela gore matsatsi a a tlang a tla nna botoka.

Ga jaana ke nako ya go godisa ikonomi ya rona le go tlhama ditiro.

Ga jaana ke nako ya go busetsa sekeng naga ya rona.

Ga jaana ke nako ya go fola, go tsosolosa le go aga sešwa.

Pula.
 

Share this page

Similar categories to explore