Polelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 29 Motsheganong 2013

1. Seemo sa Kabinete mo mererong e e kwa setlhoeng mo maemong a ga jaanong

1.1. Kabinete e ikuela mo baaging go nna kelotlhoko kgatlhanong le kgonagalo ya go tsoga gape ga bosenyi jwa tirisodikgoka jo bo totileng baditšhaba. Kabinete e tila go ka re tirisodikgoka eno ke ya letlhoo la baditšhaba gonne bosupi jwa ga jaana bo supa gore ditiragalo tseno di susumediwa ke bosenyi.

Kabinete e akgotse maphata a tiragatso ya molao ka ntlha ya dikgato tse di bonako le tse di maikaelelo.

1.2. Kabinete e romela matshidiso kwa malapeng le kwa ditsaleng tsa makawana a a latlhegetsweng ke matshelo ka ntlha ya ditiro tse di seng maleba tsa go rupisa. Kabinete e amogela boikuelo jwa Moporesitente Jacob Zuma jwa gore go diragadiwe bosiamisi ka bonako mme e ikuela mo magosing le ditokololo tsa baagi go ema kgatlhanong le tshotlakako le botlhaswa.

Puso e tshegetsa ditso tsa baagi ba rona ba ba farologaneng ka botlalo mme e gatelela gore di tshwanetse go lepalepana le ditshwanelo tsa molaotheo.

1.3. Kabinete e amogetse seabe sa Aforika Borwa mo Samiting ya Tshwaragano ya Aforika (AU) fa gautshwane, moo Aforika Borwa e beetseng kwa pele dintlha di le mmalwa mo lenaneong la Samiti. Tsona di akareditse Leano la Togamaano la Khomišene ya AU mo pakeng ya 2014-2017 le Tekanyetsokabo ya AU ya 2015; seemo sa kagiso le pabalesego mo Aforika; metswedi e mengwe ya tlamelo ka matlole ya AU; Lenaneo la Tlhabololo la morago ga 2015; kopano ya Ditlhogo tsa Mebuso tsa Bodirisanimmogo jo Bontšhwa jwa Tlhabololo ya Aforika le Komiti ya Kitsiso ya Puso, mmogo le Samiti ya Foramo ya Thulaganyo ya Tshekatsheko ya Balekane ba Aforika.

1.4. Kabinete e akgotse boeteledipele jwa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Dinaga tsa Borwa jwa Aforika ka go gokaganya thulaganyo e e lebisitseng kwa goreng Zimbabwe e amogele Molaotheo o montšhwa. Molaotheo wa Zimbabwe ke sesupo sa tswelelopele mo tiragatsong e e atlegang ya Tumelano ya Kagiso ya Lefatshe.

1.5.  Pele fela ga Kgwedi ya Bašwa, Kabinete e ikuela mo dikarolong tsotlhe tsa baagi go godisa manaane a a lwantshang tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi. Moono wa Kgwedi ya Bašwa ke: "Re Dira Mmogo go Tlhabolola Bašwa le go bona Aforika Borwa yo o se nang Diritibatsi."

Kgato ya puso ya go samagana le tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi kwa Eldorado Park kwa Gauteng, e atametsa batho ba lefelo le gaufi le go fitlhelela go nna lefelo le le se nang diritibatsi. Kabinete e lemoga le go amogela tswelelopele e e dirwang ke mapodisi, baeteledipele ba baagi le ditheo tse dingwe kwa Eldorado Park ka fa tlase ga boeteledipele jwa Puso ya Porofense ya Gauteng. Mmogo ba nnile le tswelelopele e e bonalang mo ntweng kgatlhanong le bosula jwa tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi. Kabinete e lemoga gore seemo sa kwa Eldorado Park ke sesupo sa mathata a a lebaneng bontsi jwa baagi mo nageng ka bophara mme e ikuela mo baaging go ralalala naga go etelela pele ntwa ya go fedisa diritibatsi mo Aforika Borwa mo mafelong a bona.

Mo Kgweding ya Bašwa, tlaya re itlameng gape go lwa ntwa kgatlhanong le tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi le botagwa mo dikarolong tsotlhe tsa naga.

1.6. Kabinete e amogela kitsiso e e tla okediwang ya puo ya seAforika kwa Mophatong wa R le Mophato wa 1 koo dipuo tseno di neng di sa rutiwe teng.
Gape Kabinete e akgola kitsiso ya Yunibesithi ya KwaZulu-Natal ya go dira gore baithuti ba ngwaga wa ntlha, ba ba sa itseng puo ya SeZulu ba patelesege go ikwadisetsa serutwa seno gore ba oketse bokgoni jwa go tlotla.

Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa otlhe go ithuta dipuo tsa tlholego ka ntlha ya fa seno se rotloetsa go nna dipuodintsi mme se maatlafatsa kago ya setšhaba.

1.7. Kabinete e nopotse gore go tloga ka la bo 1 go fitlha ka la bo 3 Seetebosigo 2013, Moporesitente Jacob Zuma o tla tsaya leeto la semmuso go ya Japane koo a tla tsenelang Khonferense ya Botlhano ya Boditšhabatšhaba ya Tokyo e e ka ga Tlhabololo ya Aforika (TICAD V). Moono wa TICAD V kwa Yokohama, Japan, ke: “Re tshwaragane ka diatla le Aforika e e Mafolofolo go Gaisa.”

1.8. Kabinete e utlwisitswe botlhoko ke loso la mankge wa mmegadikgang Vuyo Mbuli mme e romela matshidiso kwa lelapeng la ga Mbuli, kwa ditsaleng le kwa badiringmmogo ka ene mo lephateng la bobegakgang. Rre Mbuli o tsere karolo go bonala mo go rulaganyeng dikganetsano tsa bosetšhaba mo mererong ya botlhokwa mme lerato la gagwe mo tirong ya gagwe le amile dipelo tsa maAforika Borwa.

1.9. Kabinete e romela matshidiso kwa baaging ba kwa Bangladesh le ba malapa le ditsala tsa badiri ba le 1 000 ba feme ya diaparo ba ba tlhokafetseng fa kago e ne e gosomana. Re na le baagi ba Bangladesh mo megopolong le dithapelong.

1.10. Kabinete e utlwisitswe botlhoko thata ke tatlhegelo ya matshelo le dikgobalo ka ntlha ya merwalela e e boitshegang kwa borweng jwa China.

1.11.  Gape Kabinete e tlhagisitse kutlobotlhoko ka ntlha ya dintsho tsa barutwana ba le batlhano go tswa kwa motseng wa Lwandile kwa Ngqeleni, kwa Eastern Cape, ba ba tlhokafetseng mo kotsing ya bese. Barutwana ba le 30 ba gobetse mo kotsing eno e e masisi. Puso e romela matshidiso kwa malapeng, kwa ditsaleng le kwa barutwana ka bona le barutabana ba batswasetlhabelo. Go utlwisa botlhoko fa Aforika Borwa e latlhegelwa ke baeteledipele ba isago.

2. Dipuisano le ditshweetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e amogetse gore Lokwalotshwaelo lwa Puso tebang le Sepodisi le phasaladiwe mo Lekwalodikgang la go Tlhomamisa Melao ya Puso gore baagi ba dire ditshwaelo.

Fa e sa le go tlhamiwa Tirelo ya Sepodisi ya Aforika Borwa (SAPS) ka 1994, go nnile le diphetogo di le dintsi mo tikologong ya ka fa gare le kwa ntle, tse di amileng ka moo Tirelo e tlhaloganyang le go tsibogela merero ya bosenyi le pabalesego ka gona.

Morago ga 1994, puso e ne e lebanwe ke go samagana le maitlhomo a le mabedi a go tlhama mmuso o o tlhabologang mme gape e ntse e fetola sepodisi go nna setheo sa taolo.

Lokwalotshwaelo lwa Puso leno le tsibogela dikgwetlho tse di supilweng go latela tshekatsheko ya bomaleba jwa Togamaano ya Thibelo ya Bosenyi ya Bosetšhaba ya 1996 le Lokwalotemoso lwa puso lwa 1998 le le ka ga Pabalesego le Tshireletsego. Mo teng ga dipholisi tseno go ne go na le ntlha ya go samagana le pabalesego le tshireletsego ka tsela e e akaretsang tlhabololo le go tsenngwa tirisong ga manaane a a kopaneng a a kgabaganyang maphata. Ka bobedi, di ne di batla go tlhoma letlhomeso le le akaretsang la go samagana le merero ya pabalesego le tshireletsego ka bophara go fitlha ka 2004.

Lokwalotshwaelo lwa Puso le bua ka "Go Tota Bosenyi mo go Aforika Borwa wa Temokerasi, Sepodisi mo Aforika Borwa, Go Tiisa Boporofešenale jwa Sepodisi gammogo le Dithulaganyo tsa Setheo." Maikaelelo a seno ke go baya SAPS mo maemong a go kgona go tsibogela bosenyi jo bo nnang bo fetoga mme e ntse gape e fitlhelela ditlhokego tsa Mmuso o o tlhabologang.

2.2. Kabinete e amogetsa Leano la Bosetšhaba la Dikgato Tebang le Bana la 2012-2017 jaaka leano le le akaretsang le e tla nnang kaedi le mosupatsela wa mafapha a puso, baagi le balekane ba bangwe mo lephateng la bana go lebisa kwa go fitlheleleng ditshwanelo tsa bana.

Leano le akaretsa Molaotheo, ditumelano tsa boditšhabatšhaba le tsa kgaolo, molao o o tlhagelelang wa bana mo Aforika Borwa, Diphitlhelelo tsa Tlhabololo tsa Ngwagakete gammogo le Ponelopele ya Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) ya 2030.

Leano le na le meono e megolo e le metlhano: go tshela ga bana (sekao. phokotso ya dintsho tsa bana); kgolo ya bana (sekao. ditirelo tsa tlhabololo ya bana ba bannye); tshireletso ya bana (sekao. tshireletso kgatlhanong le tirisodikgoka le tshotlakako ka thobalano); seemo sa botshelo sa bana (sekao. seemo sa bonno jwa bana) le seabe sa bana (sekao. bana ba nna le maikarabelo fa ba itumelela ditshwanelo tsa bona).

Leano leno la Bosetšhaba la Dikgato la Bana la 2012-2017, le tla tlhalosiwa ka botlalo kwa kopanong e e farologaneng ya bobegakgang.

2.3.  Kabinete e amogetse gore Tumelano ya Tsosoloso ya Setso sa Aforika e isiwe kwa Palamenteng gore e amogele tlhomamiso go ya ka Karolo ya 231 (92) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa.

Tlhomamiso ya Tumelano ke puso ke go tsibogela Kgoeletso ya tsosoloso ya Setso le Ditumelo tse di Aroganwang ya Kopano ya Tlwaelo ya bo 16 ya Ditlhogo tsa Dinaga le Mebuso ya AU e e neng e tshwaretswe kwa Equatorial Guinea ka Ferikgong 2011, le go tlhomiwa ga Letsholo la AU la Tumelano ya Tsosoloso ya Setso sa Aforika le le neng le tshwerwe go ya kwa bokhutlong jwa 2011 mo Aforika Borwa.

Tlhomamiso ya Tumelano e tokafatsa tshireletso ya ditumelo tsa setso tsa seAforika le ngwaoboswa ya setso mme e tsweletsa mowa wa BoAforika.
Tumelano e tsweletsa kopano ya setso, botsweretshi, ditumelo tsa setso, puo, ngwaoboswa mmogo le diintaseteri tsa setso le boitlhamedi jaaka mooko wa tlhabololo ya leruri. Seno se ka nna le bokgoni jwa go tsayakarolo mo kgolong ya ikonomi le mo go nneng seoposengwe. Tumelano e lepalepane le Tsela e Ntšhwa ya Kgolo, NDP, Lokwalotemoso lwa Puso lwa Botsweretshi, Setso le Ngwaoboswa mmogo le Togamaano ya Mzansi ya Ikonomi ya Gauta. Tona ya Botsweretshi le Setso e tla nna le kopano ya bobegakgang malebana le seno.

2.4. Kabinete e nopotse go amogelwa ga Samitii ya ntlha ya Saense, Thekenoloji le Boitlhamedi go tloga ka la bo 20 go ya go la bo 21 Phukwi 2013.

Dipuisano tse di rulagantsweng ka nako ya Samiti di tlamela ka motheo wa go lebelela ditsela tsa go tokafatsa kgolagano magareng ga puso le lephata la poraefete.

Samiti e tla kgontsha batsayakarolo go lebelela ditsela tse saense, thekenoloji le boitlhamedi di ka nnang le seabe sa botlhokwa ka tsona mo leetong la rona la go nna naga e e tletseng kitso le go re re fitlhelele Ponelopele ya 2030.

3. Melaotlhomo

3.1. Kabinete e amogetse dipaakanyo tse di tshitshintsweng mo Molaotlhomong wa Botsamaisi jwa Tsamaiso ya Setšhaba (PAM) o jaanong o tla phasaladiwang gore baagi ba tshwaele mo go ona.

Molaotlhomo o ikaelela go tlhama letlhomeso le le tshwanang la molao la tsamaiso ya badiri le merero mengwe ya ditheo le taolo mo ditsamaisong tsa bosetšhaba, porofense le makgotlatoropo. Maikaelelo a seno ke go tokafatsa tlamelo ya ditirelo ka thulaganyo e e tshwanang ya tsamaiso ya setšhaba, tiriso e e tokafaetseng ya badiri mmogo le go tlhamela baagi mafelo a le mangwe fela a ditirelo tsotlhe tsa puso.

3.2. Kabinete e amogetse Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Khomišene ya Tirelo ya Setšhaba gore baagi ba tshwaele mmogo le go itsisewe ga Molaotlhomo o o Baakantsweng kwa Palamenteng.

Maitlhomo a Molaotlhomo o o Baakantsweng ke go lepalepanya Molao wa Khomišene ya Tirelo ya Setšhaba wa 1997 le Molaotheo. Gape o ikaelela go maatlafatsa Khomišene ya Tirelo ya Setšhaba go supa tsela malebana le dintlhatheo tse di laolang tsamaiso ya setšhaba.

Seno se ikamanya le seabe se se maatlafaditsweng se se solofetsweng mo Khomišeneng ke NDP.

3.3. Kabinete e amogetse gore Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Tirelo ya Maemo A Bosa ya Aforika Borwa wa 2013 o phasaladiwe gore setšhaba se tshwaele.

Molaotlhomo o o Baakantsweng o ikaelela go baakanya Molao wa Tirelo ya Maemo a Bosa ya Aforika Borwa wa 2001, (Molao wa bo 08 wa 2001) o o nang le ditlamelo tsa go tlhamiwa, maikaelelo, maatla le ditiro tsa Tirelo ya Maemo a Bosa ya Aforika Borwa.

Maitlhomomagolo ke dipaakanyo tse di tla tlamelang Tirelo ya Maemo a Bosa ya Aforika Borwa ka thomo ya semolao go diragatsa tiro ya tsamaiso ya tshedimosetso ya boleng jwa mowa, mmogo le go dira jaaka motlhokomedi wa Thulaganyo ya Tshedimosetso ya Boleng jwa Mowa ya Aforika Borwa.
Seno se tshwaela mo go sireletseng le mo go tokafatseng dithoto tsa rona tsa tikologo le ditlamelo tsa tlholego.

3.4. Kabinete e amogetse gore Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Tlhabololo ya Ditlamelo tsa Diminerale le Peteroliamo wa 2012 o tlhagisiwe kwa Palamenteng.
Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Tlhabololo ya Ditlamelo tsa Diminerale le Peteroliamo wa 2012 (Molaotlhomo) o ikaelela go baakanya Molao wa Tlhabololo ya Ditlamelo tsa Diminerale le Peteroliamo wa 2002 (Molao wa bo 28 wa 2002) jaaka o baakantswe ke Molao o o Baakantsweng wa Tlhabololo ya Ditlamelo tsa Diminerale le Peteroliamo wa 2008 (Molao wa bo 49 wa 2008).

Maikaelelo a ntlha a Molaotlhomo o o Baakantsweng, gareng ga tse dingwe, ke go tokafatsa tlamelo ya go fetolwa ga diminerale gore go tswelediwe madirelo le go tshwaela mo maitlhomomg a setšhaba a go tlhamiwa ga ditiro le kgolo ya ikonomi jaaka a lebeletswe mo NDP. Go tla nna le kopano e e farologaneng ya bobegakgang malebana le seno.

4. Go thapiwa

Kabinete e amogetse go thapiwa ga ba ba latelang:

4.1. Rre Sithembiso Freeman Nomvalo jaaka Motlhankedi wa Bookamedi jo Bogolo wa Setheo sa Puso sa Thekenoloji ya Tshedimosetso le jaaka tokololo ya Mookamedi Mogolo mo Botong ya Bakaedi sebaka sa ngwaga o le mongwe.

4.2. Rre Trevo Gordon jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Botsamaisi jwa Dikhemikhale le Maswe mo Lefapheng la Merero ya Tikologo.

4.3. Mme Yoliswa Makhasi jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Botsamaisi jwa Setheo kwa Lefapheng la Dikgwebo tsa Puso.

4.4. Mme Rose Mbono jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Tseokarolo ya Ikonomi le Tepatepanyo ya Pholisi kwa Lefapheng la Dikgwebo tsa Setšhaba.

4.5. Kabinete e amogetse go thapiwa ga ba ba latelang kwa Setheong sa Tshireletsego ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA):
a) Mme Emmarentia Dianne Dunkerley mo maemong a Motsamaisikhuduthamaga: Tsamaiso ya Madi a Thuso ya Loago,
b) Rre Frank Earl mo maemong a Motsamaisikhuduthamaga: Phetiso ya Ditshiamelo tsa Madi a Loago.

4.6. Kabinete e lemogile katoloso ya paka ya kantoro, ka dikgwedi di le thataro, ya ditokololo di le 20 tsa Lekgotla la ga jaana la Lekgotla la Diporofešene tsa Saense ya Tlholego la Aforika Borwa go fitlha ka la bo 30 Lwetse 2013.

Dipotsiso:
Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa Namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore