Polelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 15 Motsheganong 2013

1. Seemo sa Kabinete mo mererong e e kwa setlhoeng mo maemong a ga jaanong

1.1. Kabinete e tlhagisitse matshwenyego a yona tebang le dikhuduego tsa fa gautshwane tse di bakileng go ngala tiro le go kgoreletsa tlhagiso kwa Moepong wa Lonmin kwa Marikana. Go begwa fa mooko wa kgotlhang e le ntlha ya kemedi e kgolo go gaisa e e akaretsang Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Badiramoepong (NUM) le Mokgatlho wa Meepo le Boagi (AMCU).

Kabinete e ikuela kwa boeteledipeleng jwa mekgatlho ka bobedi (NUM le  AMCU) go rarabolola dikgotlhang tsa bona ka kagiso le go baya dikgatlhegelo tsa naga le badiri godimo ga tsotlhe. Badiri ba tshwanetse go lemoga gore mogwanto yo o sa sireletsegang o ka nna le ditlamorago tse di bosula mo badiring le mo isagong ya meepo le ditiro tsa bone.

Gape Kabinete e ikuela kwa botsamaising jwa Lonmin go dira tsotlhe tse di kgonegang go netefatsa gore mathata a rarabololwa ka bonako jo bo ka kgonegang kwa ntle ga ditshenyegelo tse dingwe. Go mo dikgatlhegong tsa naga le mekgatlho ka bobedi mmogo le botsamaisi jwa Lonmin go supa boeteledipele jo bo tlhokegang le tsamaiso ya dikamano tsa badiri.

1.2. Kabinete e tshegetsa ka botlalo diphitlhelelo tsa pulamadibogo tsa patlisiso ya go tsuruma go go sa letlelelwang ga sefofane sa banamedi kwa Boemelafofaneng jwa Sesole jwa Waterkloof.
Kabinete e gateletse gore pabalesego le go ikemela ga Aforika Borwa go botlhokwa thata. Go tshwanetse ga samaganwa le kgatako ya melao le melawana e e malebana le matseno le ditlamelo tsa botlhokwa tsa setšhaba ka tsepamo, kwa ntle ga letshogo gongwe go direla yo mongwe molemo. Ba go fitlhelwang ba tlola gongwe ba nyatsa melawana ba tshwanetse go lebagana le bogale jotlhe jwa molao.

1.3. Kabinete e amogela tiro ya Mafapha a Puso e e begilweng ke Ditona tse di farologaneng ka nako ya Ditekanyetsokabo tsa mafapha. Kabinete e lemoga gore go begwa ga Ditekanyetsokabo go thusa go maatlafatsa baagi ka tshedimosetso le go rwesa puso maikarabelo.
1.4. Kabinete e amogela dipuisano tse di lebisitseng kwa go sekegiweng ga dikgato tsa ngongorego magareng ga Lefapha la Thuto ya Motheo le Mokgatlho wa Temokerasi wa Barutabana wa Aforika Borwa
Kabinete e ikuela mo batsayakarolong botlhe mo lephateng la thuto go rarabolola dikgotlhang tsa bone gore thuto ya bana e se ke ya amega.

1.5. Kabinete e itemogetse Tshekatsheko ya Kotara ya Palo ya Badiri e e bontshang koketsego ya seelo sa botlhokatiro go tloga go diphesente di le 24,9 go ya go diphesente di le 25,2.
Puso e akofisa dikgato di tshwana le letsholo le le eteletsweng pele ke mmuso la mafaratlhatlha, go oketsa ditiro ka ditsereganyo tsa Lephata la Setšhaba.
Puso mmogo le lephata la badiri le kgwebo, ba tlhomile Tumelano ya Loago ya Go Thapiwa ga Bašwa ka Moranang 2013. Seno se bontsha gape maitlamo a a tlhakanetsweng malebana le go samagana le ntlha ya botlhokatiro. E tlhalosa maikano a maphata a a farologaneng tebang le go tsayakarolo mo go lwantsheng botlhokatiro jwa bašwa ka dipeelo tse di tsepameng le nako e e beilweng go lebeletswe tiragatso, tlhokomelo mmogo le tshekatsheko e e tlhakanetsweng ya ditsereganyo tse di supilweng.
Kabinete e na le bonnete jwa gore dikgato tse di setseng di tsentswe tirisong di tla thusa naga go tlhama ditiro tse dintšhwa le go fitlhelela diphitlhelelo tse di totilweng tsa ditiro tse dintšhwa di le dimilione di le tlhano ka 2020.

1.6. Kabinete e amogela go saeniwa ga leano la tiragatso go tsenya tirisong Memorantamo wa Ditumelano o o ka ga Tshomarelo le Tshireletso ya Ditshedi tse di Farologaneng magareng ga Aforika Borwa le Vietnam.
Leano la Tiragatso le tla dira go fitlha ka 2017 mme le tla thusa maiteko a go lwantsha bosenyi jo bo amang diphologolo tsa naga, bogolo segolo bogodu jwa go tumola dinaka tsa ditshukudu. Kabinete e boeletsa gore Puso e itlamile go samagana le leroborobo la bogodu jwa go tumola dinaka tsa ditshukudu mme e boa e itlama gore ba ba molato ba tla sekisiwa.

1.7. Kabinete e amogela kitsiso ya Lefapha la Merero ya Selegae go lekeletsa Thulaganyo ya karata ya Boitshupo, e e gokaganyang boitshupo jwa rona jwa bosetšhaba mme e tokafatse tshireletsego ya bosetšhaba.
Go na le kgonagalo ya gore phitlhelelo eno ya botlhokwa e ka akofisa ditirelo tsa puso, fa e tla bo e fokotsa bosenyi le bobodu jo bo amanang le makwaloitshupo.
Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng go tshegetsa tsamaiso eno gore ka 2020 rotlhe re bo re amogetse Karata ya Boitshupo jaaka karolo ya boitshupo jwa bosetšhaba.

1.8. Kabinete e nyatsa tlhaselo e e bakileng dintsho tsa kgosi ya morafe le modiri wa kagiso wa Itopia mo mokolokong wa Ditšhabakopano kwa Abyei, Sudan. Tiragalo eno e e swabisang e tshosetsa go tsepama ga Abyei gammogo le tswelelopele e e sa tswang go fitlhelelwa ke Sudan le Sudan o o kwa Borwa.

1.9. Kabinete e nyatsa tlhaselo ya Seria e e dirilweng ke masole a tshireletso a Iseraele. Kabinete e ikuela go Ditšhabakopano go netefatsa gore maphata a kwa ntle a tlotla go ikemela ga Seria le go letla maSeria go dira mmogo go rarabolola dikgotlhang tsa ona.

1.10. Kabinete e amogetse go tlhomiwa ga Moatefokate Lawrence Mushwana jaaka Modulasetilo o montšhwa wa Komiti ya Boditšhabatšhaba ya Kgokaganyo (ICC) ya Ditheo tsa Bosetšhaba tsa Tsweletso le Tshireletso ya Ditshwanelo tsa Botho. Ke la ntlha Aforika e etelela pele kantoro ya Modulasetilo wa ICC. Maemo a Modulasetilo wa ICC a netefatsa tebo e e oketsegileng mo rekotong ya ditshwanelo tsa botho ya naga gammogo le kobamelo ya yona ya maitlamo a boditšhabatšhaba a ditshwanelo tsa botho.

1.11. Kabinete e amogetse segopotso sa bo 50 sa Mokgatlho wa Tshwaragano ya Aforika (OAU) se se tla ketikiwang ka Letsatsi la Aforika, la bo 25 Motsheganong 2013. 
Kabinete e sedifaditse gore kemonokeng ya OAU ya go se akaretse puso ya tlhaolele mo ditokololong tsa yona e maatlafaditse kgaratlho ya rona ya kgololesego le phitlhelelo ya temokerasi.

Aforika Borwa e tla golagana le kontinete go keteka Segopotso sa bo 50 sa Tshwaragano ya Aforika. Ditiragalo di akaretsa dipontsho tsa kgwedi yotlhe tsa botsweretshipono mo kgaolong ya SADC go tloga ka la bo 24 Motsheganong go fitlha ka la bo 28 Seetebosigo 2013. Setheo sa tsa Aforika sa Aforika Borwa se tla kokoanya barutegi le ba ditšhaba jaaka karolo ya segopotso ka la bo 19-21 Motsheganong 2013. Godimo ga moo, go tla nna le dipontsho kwa Musiamong wa Ditsong (Motsemogolo wa Tshwane) go keteka Letsatsi la Aforika ka la bo 21 Motsheganong 2013 ka moono wa "Dingwaga tse 50 morago ga go tlhamiwa ga OAU - Aforika e tshwanetse go tshwaragana kgotsa e nyelele." Seno se tla latelwa ke konsarata ya mmino ya Letsatsi la Aforika kwa Union Buildings ka la bo 25 Motsheganong 2013.

1.12. Kabinete e amogetse tsibogelo ya ka bonako ya Moporesitente Jacob Zuma mo taletsong ya moagi gore a etele batho ba kwa Eldorado Park le ba kwa Kliptown e e gaufi, ka Labobedi, la bo 14 Motsheganong 2013. Kopo ya baagi e ne e le malebana le go buisanela go gola ga kgwebo e e seng mo molaong ya diritibatsi le bothata jwa tiriso ya tsone e e botlhaswa mo tikologong eo.
Puso, mmogo le baagi, ba itlamile go akofisa lenaneo la tsereganyo go emisa leroborobo le le bolayang bašwa.

1.13. Kabinete e amogetse ketelo ya tatediso ya Motlatsamoporesitente Motlanthe, a patilwe ke baeteledipele ba magato a le mararo a puso, go ya kwa De Doorns kwa Kapa Bophirima ka Lamatlhatso, la bo 11 Motsheganong 2013. Ketelo le dipuisano le baamegi ba ba akaretsang badiri ba dipolase e latela ketelo ya ntlha ya Motlatsamoporesitente ka la bo 12 Tlhakole 2013. Go lemogilwe tswelelopele e e tsepameng ya go tokafatsa ditirelo mo tikolong eo go tswa mo mafapheng a le mmalwa. Maitlamo a a bontshitsweng ke maphata otlhe ke motheo wa dipuisano tse di tswelelang go lebeletswe gore go nne le lephata la leruri la temothuo.

2. Dipuisano le ditshweetso tsa botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e itsisitswe ka dithulaganyo tsa Beke ya Tshireletso ya Bana (CPW) magareng ga 27 Motsheganong le 2 Seetebosigo 2013 ka moono wa "Re dira mmogo go sireletsa bana."
Go tsweletswe ka dipuisano tsa bana le bašwa mo diporofenseng tsotlhe go baakanyetsa go tlhomiwa ga CPW le Khonferense. Jaaka karolo ya go oketsa temogo, CPW e tla tlhomiwa mmogo le Khonferense ya Dikhutsana, Bana le Bašwa ba ba mo Matshosetsing (OVYC), ka la bo 27 Motsheganong kwa Tikwatikweng ya Bosetšhaba ya Dikopano ya Inkosi Albert Luthuli kwa KwaZulu Natal.
Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe go tshayakarolo mo tshireletsong ya bana ba rona le go tlhama tikologo e e babalesegileng e bile e sireletsegile. MaAforika Borwa a ka bontsha tshegetso ya ona ka go apara lente le le tala jaaka letshwao la go supa botshelo, kgolo, tsholofelo, tlhokomelo le tshegetso ya baeteledipele ba rona ba isago.
CPW le OVYC di lebeletse seabe sa baagi gore bana ba reediwe malebana le merero e e ba amang.

2.2.  Kabinete e rebotse Letlhomeso la Pholisi ya Bosetšhaba ya Boruatlhapi (NAPF). Pholisi eno e tlamela ka letlhomeso le le kopaneng la go tlhamiwa le go tlhabololwa ga intaseteri e e tsayang karolo mo go tlhamiweng ga ditiro tsa leruri mmogo le dipeeletso tse di oketsegileng.
NAPF e tlhamilwe go lebeletswe lephata la boruatlhapi le le itemogetseng koketsego ya go batlega ga dikuno tsa ditlhapi. Mo Aforika Borwa, boruatlhapi jwa mo lewatleng le mo metsing a a foreše bo tlamela ka tšhono e e siameng ya go atolosa tlhagiso ya ditlhapi go kgotsofatsa tlhokego ya selegae, go tsayakarolo mo tlhagisong e e sa tlhaeleng ya dijo, go tlhama ditiro, go tlhabolola ikonomi mmogo le go tlhabolola metseselegae, gammogo le ditšhono tsa thomelontle.

2.3.  Kabinete e rebotse gore Aforika Borwa, e eteletswe pele ke Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi, e amogele Khonferense ya Boraro ya Lefatshe ya Temothuo, Tlhagiso e e sa Tlhaeleng ya Dijo le Phetogo ya Tlelaemete mo kotareng ya bone ya 2013.
Tlhagiso e e sa tlhaeleng ya dijo e sa ntse e le ntlha e e tshwenyang go gaisa mme Khonferense e tla nna le ditlamorago tse di siameng tebang le ka moo re tlhagisang, re tsamaisang le go dirisa dijo ka gona.
Fa e sa le ka COP17/MP7, Aforika Borwa e ntse e le nngwe ya dinaga tse di eteletseng pele mo go tsweletseng temothuo e e botlhale e e tsibogelang dikgwetlho tsa go nna teng ga dijo mmogo le phetogo ya tlelaemete. Maikaelelo a Khonferense ya Lefatshe ke go tlhama mekgwa ya kgolo e e ka dirisegang go ya go ile mo loagong le mo tikologong.

2.4.  Kabinete e amogetse tlhomamiso ya Aforika Borwa ya Mametlelelo ya Tlhokomelo ya Ditshedi le Tlhokomelo ya Dijalo (SPS) mo Mametlelelong ya Molao wa Kgwebisano ya Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) le gore e isiwe kwa Palamenteng.
Molao wa Kgwebisano ya SADC e Aforika Borwa e dumelaneng nayo e tsweletsa tirisanommogo ya kgaolo le kgolagano magareng ga dinaga tse e leng ditokololo malebana le kgwebisano ya dithoto le ditirelo mo kgaolong, go akarediwa dikumo tsa temothuo.
Mametlelelo ya SADC SPC ya Molao wa Kgwebisano ya SADC e tlamela ka letlhomeso le le kgontshang tirisanommogo ya SPS. Gape e tsweletsa kgokaganyo ya dikgato tsa SPS tse di ikaegileng ka seemo le kaedi ya boditšhabatšhaba go gokaganya kgwebisano e e babalesegileng le e e sa gobeleleng ya dikuno tsa temothuo mo kgaolong.

2.5.  Kabinete e sedimoseditswe ka tswelelopele e e amanang le go amogela Dikopano tsa Aforika Borwa ka ga Sekema sa Ditifikeiti tsa Tiragatso sa Kimberley (KPCS), go simolola ka la bo 4 go fitlha ka la bo 7 Seetebosigo le Kopano ya KPCS kwa Gauteng go tloga ka la bo 26 go fitlha ka la bo 29 Ngwanaitseele 2013. Go amogelwa ga dikopano tsa KPCS go tla tsayakarolo mo tsweletsong ya intaseteri ya ditaemane le bojanala.
Maemo a Aforika Borwa jaaka modulasetilo wa KPCS a lemoga seabe se segolo se Aforika Borwa e nang naso mo lephateng la boditšhabatšhaba la ditaemane. Jaaka modulasetilo, Aforika Borwa o ikaelela go maatlafatsa dikamano tsa kgwebo tsa boditšhabatšhaba ka maikaelelo a go golaganya le go oketsa seabe sa Aforika mo KPC le go tsayakarolo mo tikologong e e babalesegileng ya lefatshe.

3. Melaotlhomo

3.1.  Kabinete e rebotse go phasaladiwa ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Pusetso ya Ditshwanelo tsa Lefatshe wa 2013, le Memorantamo o o ka ga Maitlhomo a Molaotlhomo, gore baagi ba tshwaele.
Seno se diragatsa kitsiso ya Moporesitente ya Puo ya Maemo a Setšhaba ya 2013 malebana le dipaakanyo tse di tshitshintsweng mo go Molao wa Pusetso ya Lefatshe. Seno se amana le go atolosiwa ga letlha la go tsenya dkopo tsa pusetso ya lefatshe, go kgontsha ba ba sa kgonang go tsenya dkopoi ka letlha la go tswala la bo 31 Sedimonthole 1998 gongwe ba ba neng ba sa akarediwa mo tsamaisong, go dira jalo.
Go bulwa gape ga go tsenngwa ga dkopo go kaelwa ke ponelopele ya Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) mmogo le Lenaneo le le Akaretsang la Tlhabololo ya Metseselegae le maano a mangwe a kgolo a a ikaeletseng go tsweletsa poelano ya bosetšhaba le tomagano ya loago.

3.2.  Kabinete e rebotse go tlhagisiwa ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Tlhaeletsano ya Eleketeroniki kwa Palamenteng.
Paakanyo e tlhodilwe ke kgololesego ya lephata la tlhaeletsano ya eleketeroniki mmogo le kgolo e e bonako ya thekenoloji e e dirang gore go nna teng ga ditlamelo dingwe tsa Molao ono go se ke ga nna mosola. Paakanyo e ikaelela go samagana le tekanyetso ya tsweletso ya kgaisano, phitlhelelo ya mafaratlhatlha a tlhaeletsano ya eleketeroniki, ditshenyegelo tsa eleketeroniki mmogo le go tokafatsa nako ya tsamaiso ya patloditirelo.
Molaotlhomo wa Paakanyo o lepalepanya Molao le molao wa maatlafatso e e atolositsweng ya ikonomi ya bantsho; o tokafatsa dintlha tsa dilaesense; o tokafatsa ditlamelo tsa dikgaisano; o tlosa dikgoreletsi tsa taolo mme o na le tlamelo ya merero e e amanang le tseno.

3.3.  Kabinete e rebotse go tlhagisiwa ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Bothati jo bo Ikemetseng jwa Tlhaeletsano jwa Aforika Borwa (ICASA) kwa Palamenteng. Molaotlhomo o o Baakantsweng o tsibogela dingwe tsa dintlha tse di mo NDP.

Dipaakanyo tsa Molao wa Bothati jo bo Ikemetseng jwa Tlhaeletsano wa bo 13 wa 2002 (Molao wa ICASA) di tshegeditswe ke tlhokego ya ditokafatso tsa setheo go maatlafatsa Bothati jo bo Ikemetseng. Seno e tla nna ka go sedifadiwa ga dintlha tsa maatla a jona; go lepalepanya Molao thata le ditlhokego tsa Molao wa Tsamaiso ya Ditšhelete tsa Setšhaba le go tokafatsa bokgoni jwa bona. Seo se dirwa go totilwe go tokafatsa maikarabelo le go direla dilo mo pepeneneng e leng se se tla tsayang karolo mo taolong e e lolameng mo teng ga ICASA.
Puso e tshwanetse go nna le seabe se se golwane go netefatsa gore lephata la tlhaeletsano ya eleketoroniki le laolwa ka tsela e e tshegetsang maitlhomo a bosetšhaba ka kakaretso. Seno ga se a tshwanela go tsewa e le tshitshinyo ya go lekanyetsa go ikemela ga ICASA.
Go ka se gatelelwe botlhokwa jwa bolaodi jo bo ikemetseng le jo bo sa tseyeng letlhakore jwa lephata la tlhaeletsano.

4. Go thapiwa

4.1.  Kabinete e amogetse go thapiwa ga Rre Ebrahim Mohamed jaaka Mokhomišenara wa Khomišene ya Bosetšhaba ya Badirisi, sebaka sa dingwaga di le tlhano (5).

Dipotsiso: Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa Namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore