Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 9 Diphalane 2013

10 Oct 2013

1. Seemo sa Kabinete mo mererong e e kwa setlhoeng mo maemong a ga jaanong

1.1. Kabinete e amogela go saeniwa ga Molaotlhomo wa Melao ya Dipalangwa le Merero e e Maleba ke Moporesidente Jacob Zuma go nna molao mmogo le tshweetso ya Kgotlatshekelokgolo ya go kgapelathoko boipelaetso jwa go nneng kgatlhanong le e-toll (go duelela ditselakgolo) jwa Mokgatlo wa Kgolagano ya Baemakgatlhanong ba Ditselafefo tsa Metseditorpo (Outa) jo bo kgatlhong le Ajensi ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa ya Ditsela (Sanral).

Kabinete e dumela fa ditlhabololo tsa ga jaanong di tla letlelela batho ba Gauteng le maAforika Borwa ka kakaretso go lebelela mabaka a a re tswelang molemo – le ao a tla re tswelang molemo mo isagong – go tswa mo ditlhabololong tsa ditselafefo mo moeding wa ikonomi ya Aforika le ya Borwa jwa Aforika.

Thulaganyo ya go duelela ditselafefo ke ntlha nngwe ya Porojeke ya Gauteng ya Tokafatso ya Ditselafefo eo e matlafaditseng motsamao wa batho le dithoto, e bile e tla godisa kgolo ya ikonomi ya bosetšhaba le ya porofense mo isagong.

Dituelo tsa e-toll di fokoditswe ka maikaelelo a go arabela ditshwaelo tsa baagi; bapalami ba ba humanegileng ba etswe tlhoko ka go iletsa bakgwetsi ba dipalangwa tsa botlhe go duela dituelo tsa ditselafefo; go tlhagisitswe selekanyetso sa tuelo sa kgwedi le kgwedi mmogo le leano la pusetso ya tšhelete boemong jwa ditlamo tsa dipalangwa.

Kabinete e dira boikuelo go badirisi ba Ditselafefo tsa Gauteng go obamela molao, go bontsha tlhompho ya go nna moagi yo o tlhwatlhwa le go nna le seabe mo tokafatsong ya Aforika Borwa ka go ikwadisetsa dikarata tsa go duelela ditselafefo le go duelela tiriso ya ditsela tseno tsa maemo a a kwa godimo.

Kabinete e ikuela go maAforika Borwa go ipopa ngata e le ngwe le go dirisana mmogo go dira gore Porojeke ya Gauteng ya Tokafatso ya Ditselafefo e atlege le go amogela kgolo e e gakgamatsang ya mafaratlhatlha a sešweng mo nageng.

Tona ya Dipalangwa e tla phatlalatsa kitsiso ya letlha leo dituelelo tsa ditselafefo e tla simololang ka lone. Kabinete e dira boikuelo go bakgwetsi botlhe ba ba dirisang Ditselafefo tsa Gauteng gangwe le gape go ikwadisetsa lenaneo le go reka dikarata tsa go duelela ditselafefo tsa bona go itumelela dituelo tse di fokoditsweng.

1.2. Kabinete e akgola tswelelopele e e diregang ka fa tlase ga boeteledipele jwa Moporesidente Jacob Zuma ya lenaane la mafaratlhatlha a baagi ya diranta di le ditrilionetrilione, leo le akaretsang tshimologo ya sešweng ya ditsela tsa R71 le R81 go golaganya Polokwane le toropo ya Giyani le go bulwa ga porojeke ya Leborogo la Teropokgolo le Kgolagano ya Seporo kwa KwaZulu-Natal ka la bo 19 Diphalane 2013. Mafaratlhatlha a ditsela a a golagantsweng ke karabo mo go ngokeleng babeletsi mo nageng le mo kontinenteng.

Jaaka re tokofatsa mebila go potologa naga, Kabinete e dira boikuelo go badirisi botlhe go nna kelotlhoko fa ba dirisa ditsela. Kabintete e tshwenngwa ke koketsego ya dikotsi tse di amang batsamayakadinao mo ditselafefo. Palo ya batsamayakadinao ba ba latlhegelwang ke botshelo jwa bona mo ditseleng ke 46%. Bakgwetsi le batsamayakadinao ba na le maikarabelo a go nna kelo tlhoko mo ditseleng. Kabinete e kopa maAforika Borwa otlhe go nna karolo ya letsholo la Kgato ya Ngwagakgolo ya Dinagakopano boemong jwa Pabalesego mo Ditseleng (2011-2020), leo le eteletsweng pele ke Lefapha la Dipalangwa.

1.3. Kabinete e dira boikuelo go maAforika Borwa otlhe go tsayakarolo mo Bekeng ya Dikopano eo e setseng e simolotse ga jaanong go fitlhela ka la bo 13 Diphalane 2013. Seno, se abela baagi tšhono ya go ikgolaganya le Khuduthamaga ka ga merero e e ba amang le gape go fa puso tšhono ya go bolelela batho ka ga tiro ya yona.

1.4. Mo boemong jwa baagi ba Aforika Borwa, Kabinete e leboga Sekgwama sa Lefatshe ka go ema nokeng Aforika Borwa mo nakong ya fa go ne go na le tlhokego ya matlole a tlaleletso. Eno ke thebolelo ya matlole e le nosi e e kwa godimo boemong jwa HIV le TB go tswa go mokoleki wa semphato sa dinagatharo mo historing ya go semagana le AIDS.

Fela go feta halofo ya (52%) ya diranta di le dibilione di le tharo di tla abelwa Lefapha la Bosetšhaba la Boitekanelo. Gare ga manaane a mangwe, matlole ano a tla dirisiwa boemong jwa: theko ya melemo ya dianthiretrobaerale mabapi le balwetsi ba le 350 000, thebolelo ya matlole ya leanoteko la go tlamelo balwetsi ba kwa magaeng ka melemo ya dianthiretrobaerale ka serori kgotsa mo mafelong a baagi a tirelo, ditirelo tsa go lekola TB boemong jwa batshwarwa botlhe mo dikgolegelong tsa Aforika Borwa, mmogo le tekolo ya TB le HIV boemong jwa badiri ba meepo ba le 100 000 mo meepong e mennye e e senang ditirelo tsa boitekanelo.

1.5. Kabinete e akgola phitlhelelo e e tswelelang pele ya Kgolagano kgatlhanong le HIV le AIDS, eo e neng e keteka segopotso sa dingwaga di le 15 entse e le teng ka la bo 9 Diphalane 2013.

Aforika Borwa ga jaanong e thankgotse porojeke e tonnagadi ya kalafelo ka dianthiretrobaerale mo lefatsheng. Kgolagano eno, gape e nnile le seabe se segolo mo Leanong la Bosetšhaba le Togamaano (NSP) 2012-2016.

1.6. Kabinete e leboga mowa oo dipuisano tsa meputso di tshwereng ka wona le go feleletswa ke makala ao, moo go ilweng ga fitlhelelwa ditharabololo ka bonako, e bile e le ditharabololo tse di siametseng botlhe.

Puisano ya baagi mo lenaanetsamaiso la melao ya badiri e dula e le botlhokwa go thibela tirisodikgoka e e amanang le megwanto.

Jaaka badiri ba boela kwa tirong, Kabinete e dira boikuelo go bathapi le bathapiwa go dirisanammogo, segolo jaang ka gonne ikonomi ya lefatshe e sa ntsane e le ka fa tlase ga kgatelelo, ka maikaelelo a go tlisa kgolo e e gaisang mo ikonoming, e e tsweletsang le go somarela ditiro tse di botoka.

1.7.  Kabinete e amogela Samiti ya Bosetšhaba ya Thibelo ya go Ipolaya mo Tirelong ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), eo e tla tshwarwang ka la bo 16 go fitlha ka la bo 18 Diphalane. Tsamaiso eno e tobile go tlhagisa Leano la Bosetšhaba la Thibelo ya go Ipolaya ya SAPS.

1.8. Moporesidente Jacob Zuma o tla amogela Moporesidente Francois Hollande wa Rephaboliki ya France ka Ketelo ya Puso kwa Union Buildings go simolola ka la bo 14 go fitlha ka la bo 15 Diphalane 2013.

Ketelo ya Puso e tla matlafatsa botsalano jwa rona jwa ditumelano tsa sepolitiki le ikonomi le France; le go godisa tirisanommogo ya Bokone-Borwa le go ntshetsa pele Maikaelelo a rona a Tlhabololo ya Aforika.

2. Dipuisano le ditshweetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1 Kabinete e amogetse go phatlaladiwa ga Melawana ya Setegeniki ya Tlhagiso ya Petroliamo le Tirisobotlhaswa mo Lekwalodikgang la Puso go abela baagi tšhono ya go tshwaela.

2.2 Kabinete e amogetse go tshwarwa ga Kopanotirelo ya Cartel ya Kgolagano ya ya Kgaisano Boditšhabatšhaba (ICN) ke Khomišhene ya Aforika Borwa ya Kgaisano go simolola ka la bo 16 go fitlha ka la bo 18 Diphalane 2013, kwa Motsekapa.

Kopanotirelo ya Cartel ya ICN e tla netefatsa thefosano ya dikakanyo le kgolagano ya dintlha tse di amang botsayakarolo jwa maloko a yona a cartel le Ditheo tseo Eseng tsa Puso mo lefatsheng ka bophara.

2.3 Kabinete e boleletswe ka ga tswelelopele ya sešweng e e dirilweng mo kotareng ya ntlha ya 2013/14 ka ga Tumelano ya go Thapiwa ga Bašwa e e saenilweng ka la bo 18 Moranang 2013.

Dintlhakgolo di le thataro tsa Tumelano eno ke (1) thuto le katiso, (2) maitemogelo a tiro, (3) masupatsela a bašwa, (4) selekanyetso sa bašwa se se beetsweng thoko, (5) boitlhamedikgwebo jwa bašwa le dikgwebotlhakanelo mmogo le (6) maano a makala a poraefete.

Phitlhelelo ya botlhokwa mo kotareng ya ntlha e akaretsa tshekatsheko ya maano a bašwa le maano go ralala makala a puso le dikgato tse di tsewang ke makala a poraefete.

3 Melaotlhomo

3.1 Kabinete e amogetse phatlalatso ya Molaotlhomotlhabololo wa Katoloso ya Netefaletso ya Bodulo go abela baagi tšhono ya go tshwaela.

Molaotlhomotlhabololo o tlhabolola Molao wa Katoloso ya Netefaletso ya Bodulo wa 1997 (Molao wa bo 62 wa 1997) go matlafatsa, go totobatsa le go sireletsa ditshwanelo tsa badudi (baagi ba kwa dipolaseng).

Maikaelelo a Molaotlhomo ke go bona tharabololo ya ketsaetsego ya bodulo ka go kopanya maano a kabo ya lefatshe le tshireletso ya molao e e dirang mmogo le maano a tharabololo ya dikgotlhang. Maikaelelo a Molaotlhomo ke go tokafatsa ditshwanelo tsa badiri ba dipolase le badudi. Go le gantsi badudi ba dipolase ba maemo a a kwa tlase ke bomme le bana.

3.2 Kabinete e amogetse go phatlaladiwa ga Molaotlhomotlhabololo wa Boitekanelo le Pabalesego kwa Meepong wa 2013 mo Lokwalodikgang la Puso go abela baagi tšhono ya go tshwaela.

Maikaelelo a Molaotlhomo ke go tlhabolola Molao wa Boitekanelo le Pabalesego kwa Meepong wa 29 wa 1996 ka maitlhomo a go sekaseka tiragatso ya ditaelo, go nolofatsa tsamaiso le go matlafatsa dikotlhao.

Mo go tokafatseng boitekanelo le pabalesego ya badiri ba meepo, maikaelelo a mangwe gape a Molaotlhomotlhabololo ke go mamemetlela maemo a boitekanelo le pabalesego ya meepo ka maikaelelo a go tsibogela ntshetsopele ya tikologo le go tsamaelana le ponelopele ya Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba.

4 Go thapiwa

4.1 Kabinete e amogetse go thapiwa ga batho ba ba latelang ke Lefapha la Tlhabololo ya Loago:
a) Rre Thokozani William Magwaza mo maemong a Motlatsamotlhankedikakaretso: Tshireletso ya Loago e e Golagantsweng
b) Mohumagadi Nelisiwe Ignatia Vilakazi mo maemong a Motlatsamotlhankedikakaretso: Togamaano le Tlhabololo ya Setheo.

4.2 Kabinete e amogetse go thapiwa ga Rre. Caiphus Ramushau mo maemong a Motlhankedimogolo wa Matlole/Molaodi wa Ditirelo tsa Kgwebo ke Lefapha la Dikamano le Tirisano Boditšhabatšhaba.

4.3 Kabinete e amogetse go thapiwa ga batho ba ba latelang ke Boto ya Banka ya Dinaga:
a)  Mohumagadi Duma Motau
b)  Mohumagadi Thembekile Thelma Ngcobo

4.4 Kabinete e etse tlhoko go thapiwa ga batho ba ba latelang ke Khansele ya Aforika Borwa ya Dipalopalo:

BOSETŠHABA
a) Rre Ian Assam (o thapiwa lekgetlo la bobedi)
b) Rre Faldie Esau (o thapiwa lekgetlo la bobedi)
c) Moporofesara Jacky Galpin (o thapiwa lekgetlo la bobedi)
d) Ngaka Maseka Lesaoana (o thapiwa lekgetlo la bobedi)
e) Rre Morore Mphahlele (o thapiwa lekgetlo la bobedi)
f) Ngaka Khangelani Zuma (o thapiwa lekgetlo la bobedi)
g) Rre Kenneth Brown
h) Moporofesara Phillippe Burger
i) Ngaka Rashad Cassim
j) Ngaka Jaya Josie
k) Rre Etienne le Roux
l) Moporofesara John Luiz
m) Moporofesara Julian May
n) Ngaka Ariane Neethling
o) Ngaka Sarah Radloff
p) Rre Sulaiman Salau.

POROFENSE
a) Ngaka Daniel Plaatjies (Foreisetata)
b) Rre Monde Nkasawe (Kapa Botlhaba)
c) Rre Glen Robbins (KwaZulu-Natal)
d) Mohumagadi Zeenat Ishmail (Kapa Bophirima)
e) Rre Mveli Maphanga (Mpumalanga)
f) Mohumagadi Lizell Henney (Kapa Bokone)
g) Ngaka David Everatt (Gauteng).

4.5 Kabinete e amogetse go thapiwa ga batho ba ba latelang ke Boto ya Sekgwama sa Dikotsi tsa Tsela:
a) Rre Thokwa Patrick Masobe
b) Mohumagadi Refiloe Mokoena
c) Ngaka Linda Kinse Lungelwa Nompumelelo
d) Rre Dawood Coovadia (Motlatsamodulasetilo)
e) Rre Ahmed Pandor
f) Ngaka Ntuthuko Bhengu (o thapiwa lekgetlo la bobedi jaaka Modulasetilo)
g) Moadfokata Dimakatso Qocha (o thapiwa lekgetlo la bobedi)
h) Rre Desmond Smith (o thapiwa lekgetlo la bobedi)
i) Mohumagadi Annemarie Steyn (o thapiwa lekgetlo la bobedi)
j) Rre Dumisa Hlatshwayo (o thapiwa lekgetlo la bobedi).

4.6 Kabinete e amogetse go thapiwa ga batho ba ba latelang ke Boto ya Borulaganyi jwa Pabalesego ya Diterena:
a) Mohumagadi Natalie Skeepers
b) Rre Masindi Tshamunwe Herry
c) Rre Andre Bain Harrison
d) Mohumagadi Masaccha Khulekelwe Mbonambi
e) Rre Norman Tinyiko Baloyi
f) Rre Matodzo Ratshimbilana (o thapiwa lekgetlo la jaaka Modulasetilo)
g) Mohumagadi Jane Barret (o thapiwa lekgetlo la bobedi )
h) Mohumagadi Thembelihle Mohibi (o thapiwa lekgetlo la bobedi jaaka Motlatsamodulasetilo).

Dipotsiso: Phumla Willia (Sebueledi sa Kabinete sa namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Issued by: Government Communications

Share this page

Similar categories to explore