Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 25 Moranang 2018

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka la bo, 25 Moranang 2018, kwa Tuynhuys, Motsekapa.

A. Merero ya ga Jaanong

1. Poloko ya bagale le bagaka

1.1. Kabinete e leboga batho botlhe go ralala le lefatshe ka bophara, bogolosegolo maAforika Borwa, ka tsibogelo ya bona e e mofutho le botho fa go ne go itsesewe gore ‘imbokodo’ Mama Winnie Madikizela-Mandela, mogale wa Kgaratlhelo ya Kgololesego Ngaka Zola Skweyiya mmogo le molweladitshwanelo tsa badiri Archie Sibeko ba latswitse kika.

1.2.  Bagale ba rona ba ineetse matshelo a bona mo torong ya go dira gore Aforika Borwa e nne naga e e botoka mme baagi ba rona mo nageng ba rotloediwa ke ka fao ba kgaratlhileng ka teng.

1.3.  Kabinete gape e ikgolaganya le Moporesitente Cyril Ramaphosa mo go supeng tlotlo mo go Mogaleng ono wa modipolomate, Moambasatara George Nene, yo a diretseng Aforika Borwa ka boineelo le ka botswapelo mo nakong ya fa a ne a le kwa botshabelo mo go golaganyeng kgaolo le kontinente ya rona go ka sireletsa kgololesego ya Aforika Borwa.

2. Ditshupetso tsa kwa Bokone Bophirima

2.1. Kabinete e tseregantse mo seemong se se sa iketlang se se runtseng kwa Bokone Bophirima, se se amileng ditirelo di le dintsinyana, bogolosegolo tsa boitekanelo. Jaaka puso e e nang le tlhokomelo, Kabinete e amogetse ditsereganyo tsa ka potlako di le pedi go ka busetsa taolo le tsetsepelo mo lefelong leno.

2.2. Kabinete e amogetse go tlhotlhediwa ga Kgaolo ya bo 100(1)(b) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 go ka samagana le matlhotlhapelo a a tsweletseng ano, bogolosegolo mo lekaleng la boitekanelo. Maitlhomomagolo a tsereganyo eno e tla nna go:

  • tsosolosa boikanyego le boitshepego magareng ga mekgatlho ya badiri le puso;
  • thusana le porofense go ntšhwafatsa dithulaganyo le bokgoni jwa yona go nna mo maemong a mantšhwa;
  • netefatsa kobamelo ya letlhomeso la melao le melawana ya puso;
  • ritibatsa maemo mo ditirong, tsosolosa tshomarelo ya kabo ya ditirelo, netefatsa gore badiredi ba bolokesegile le go tokafatsa botsamaisi jwa matlole.

2.3. Kabinete gape e rwesitse setlhophatiro sa Ditona maikarabelo a go etela Bokone Bophirima go phuruphutsha nnete. Setlhopha seno se solofelwa go neelana ka pegelo mo dibekeng tse di tlang di le pedi. Pegelo eno e tla thusana mo go tseyeng dikgato tse dingwe tsa tharabololo tse di ka tswang di tlhokagala.  

2.4. Setlhophatiro seno se akaretsa Tona ya Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro (Moeteledipele); ya Boitekanelo; ya Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (COGTA), mmogo le Ditona tsa Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelobosenyi le Tshireletsego

2.5. Le fa go etswe tlhoko matshwenyego a a tlhagisitsweng ke baagi, Kabinete e kgalema ka bogale ditiro tsa bosenyi, bogodu le tsa tshenyo ya dithoto tse di tlhakaneng le ditshupetso mo dikarolong tse dingwe tsa porofense.

3. Dipuisanelo tsa dituelelo tsa megolo mo lekala la puso

3.1 Kabinete e nopoletswe ka dipuisano tse di tsweletseng ga jaana tsa dituelelo tsa megolo mo lekala la puso. Kabinete e ikuela mo Lefapheng la Bodiredipuso le Tsamaiso (DPSA) mmogo le mo komiting e e rweleng maikarabelo ano go direla ka bonako go rarabolola dikganetsano tseno tse di ka ga dipuisanelo tsa dituelelo tsa megolo.

4. Go ngala tiro ga bakganni ba dibese

4.1. Kabinete e ikuela mo go bannaleseabe botlhe mo lekaleng la dipalangwa tsa botlhe go konosetsa ka bonako go ngalwa ga ditiro ga bakganni ba dibese. Re ikuela mo maphateng otlhe go boela kwa tafoleng ya dipuisanelo gore ba kgone go fitlhelela ditumelelano tse di tla nnang le matshwanedi mo maphateng otlhe le mo nageng.

5. Dikgaruru tsa kwa Lebaleng la Metshameko la Moses Mabhida

5.1. Kabinete e kgalema ka bogale dikgaruru tse di senang tlhogo le ditshenyo tsa dithoto tse di tlhotlhilweng ke barati ba motshameko wa kgwele ya dinao go latela gore ba itelekele mo lebaleng kwa Lebaleng la Metshameko la Moses Mabhida le le kwa Durban mo motshamekong wa Llikikgolo ya Kgwele ya Dinao (PSL) mo bokhutlhong jwa beke.

5.2. Ditheo tsa tiragatso ya molao di lopiwa go netefatsa gore botlhe ba ba golaganngwang le ditiragalo tseno tsa dikgaruru kwa motshamekong ono ba arabela ditiro tsa bona.

5.3. Kabinete e ikuela gore go nne le diphuruphutso tsa ka bonako mmogo le go tsenngwatirisong dikgato tse di gagamaditsweng tsa pabalesego go netefatsa fa babogedi le badiredi ba kgwele ya dinao ba bolokesegile. E ikuela bannaleseabe botlhe gore ba dirisane le diphuruphutso go thibela go ipoeletsa ga ditiragalo tseno mo nakong ee tlang.

6. Diteišene tsa setšhaba tsa diyalemowa

6.1. Kabinete e amogetse tumelano e e utlwanetsweng ya go busetsa kgasong diteišene tsa setšhaba tsa diyalemowa di le 15 tse di neng di ileditswe ke Sentech ka ntlha ya fa di ne di retelelwa ke go duelela dituelelo tsa kgaso, fa go ntse go lebelelwa ditharabololo tsa pakatelele.

6.2. Tumelano eno e utlwanetswe morago ga gore puso e ikopanye le ba Sentech, Foramo ya Naga ya Diyalemowa tsa Setšhaba, Lekala la Tlhabololo le Pharologano ya Bobegakgang (MDDA) mmogo le Bothati jwa Ditlhaeletsano jo bo Ikemetseng jwa Aforika Borwa (Icasa).

6.3. Lekala la diyalemowa tsa setšhaba ke serala sa botlhokwa tota se se naya batho ba borona tshedimosetso e leng seo se se dirang gore re nne le baagi ba ba fatlhogileng. Maphata otlhe a dumelane gore a tla kopana go ka tšhotlha kgang ya ditharabololo tse di tla nnelang ruri e leng se se tla somarelang diteišene tseno.

7. Kopano ya Ditlhogo tsa Dipuso tsa Dinaga tsa Seoposengwe

7.1. Kabinete e amogetse go amogelwa ga Lenaanetiro la Dinaga tsa Seoposengwe le go tla itshetlegiwang ka lona mo dingwageng tse di tlang di le pedi.

7.2. Moporesitente Ramaphosa o eteletsepele Baromiwa ba Aforika Borwa kwa  Kopanong ya Ditlhogo tsa Dipuso tsa Dinaga tsa Seoposengwe (CHOGM 2018) ka moono yo o reng: “Re Lebile Bokamoso jo bo Tshwanang” go tloga ka la bo 19 go fitlha ka la bo 20 Moranang 2018.

7.3. Mo go bayeng Aforika Borwa mo maemong a go nna o mongwe wa mebaraka e e supogang e e di gogang kwa pele mo go nneng lefelo le go beelediwang mo go lona, Moporesitente Ramaphosa o ne gape a baya ka lefoko Tafole e e Dikaganyeditsweng ke Baeteledipele ba Aforika ya Foramo ya Dikgwebo tsa Dinaga tsa Seoposengwe, mmogo le go buisana le babeeletsi ba boditšhabatšhaba ba bagolo mmogo le baeteledipele ba dikgwebo. O ne gape a laletsa babeeletsi ba ba di gogang kwa pele mmogo le baeteledipele ba kgwebo go tsenela Samiti ya Dipeeletso e e lebeletsweng ka leitlho le le ntšhotšho ya Aforika Borwa e e tla tshwarwang mo bokhutlhong jwa monongwaga.

7.4. Mo boeteledipeleng jwa Moporesitente Ramaphosa, boromiwa jwa Aforika Borwa  gape bo dirisitse tšhono e bo e neetsweng ke CHOGM go ka tswelela go ngokela  Aforika Borwa maemo a kggaisanelo mo Khanseleng ya Tshireletsego ya Dinagakopano (UN) mo Pakeng ya 2019 – 2020. Ditlhopho tseno di tla tshwarwa ka la bo 8 Seetebosigo 2018 kwa New York, Amerika.

8. Depeeletso

8.1. Kabinete e amogela go thapiwa ke Moporesitente Ramaphosa ga barongwa ba le nne ba go tsoma dipeeletso go buisana le babeeletsi ba fa nageng le ba kwa ntle ga naga ka ditšhono tse di runtseng tsa go beeletsa mo nageng ya rona ya Aforika Borwa.

8.2. Barongwa bano maikarabelo a bona ke go ngokela dipeeletso ka mokgwa o o lopameng e bile o sa senye madi. Letsholo la dipeeletso le tla feletsa ka go tshwarwa ga Khonferense e kgologadi kwa bokhutlhong jwa monongwaga e e tla tlisang dipeeletso di feta R1 trilione mo dipeeletsong tse dintšhwa mo pakeng e feta dingwaga di le tlhano.

9. Go thankgololwa ga Lefelo la Ditirelontsi la Gauteng la InvestSA

9.1. Kabinete e rotloetsa ka mafolofolo babeeletsi ba fa gae le ba boditšhabatšhaba go ka dirisa Mafelo a Ditirelontsi a dipeeletso a a kwa diporofenseng a a ntseng a thankgololwa go ralala le naga – mme la bofelo ke Lefelo la Ditirelontsi la Gauteng.

9.2. Lefelo la Ditirelontsi la InvestSA ke lenaane la moporesitente le maitlhomo a lona e leng go rotloetsa le go tsamaisa dipeeletso mo Aforika Borwa. Go fitlheng ga jaanong Lefelo la Ditirelontsi la InvestSA le setse le atlegile mo go tsenngweng tirisong kwa KwaZulu-Natal le kwa Kapa Bophirima.

9.3. Ditikwatikwe tsa Mafelo a Ditirelontsi di ntse di thankgololwa go ralala le diporofense tsotlhe tsa naga, mme di tla dirisiwa go rulaganya le go tsenyeletsa dizoune tse di itlhophileng tsa ikonomi, ditheo tsa dipeeletso tsa diporofense, boeteledipele jwa setšhaba mmogo le mafapha a a matshwanedi a puso a a samaganang le merero ya melawanataolo, ikwadiso, thebolelo ya diphomete le dilaensense.

10. Dikarata tse dintšhwa tsa Kantoroposo-SASSA Postbank

10.1. Kabinete e amogetse katlego ya go tsenyatirisong dikarata tse dintšhwa tsa Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA) tse di ka bonwang kwa dikantoroposong tse di rileng tse di nopotsweng kwa porofenseng ya Kapa Bophirima go kgontsha bao ba iponelang madithuso go tswa kwa pusong go ya go tsaya dikarata tseno tse dintšhwa tsa Kantoroposo(SAPO)-SASSA Postbank tse di tla tsenang mo legatong la tsa bologololo.

10.2. Bao ba iponelang madithuso go tswa kwa pusong mmogo le beng ba dikarata ga jaanong ba santse ba tla kgona go dirisa dikarata tse ba nang le tsone ga jaanong mme letlha la bofelo la go di dirisa ke la Sedimonthole 2018, mme Kabinete e eletsa batho bano gore ba itlhwatlhwaetse ka go iponela dikarata tse dintšhwa ka go etela dikantoro tse di gaufi nabo tsa SASSA kgotsa SAPO go tloga ka la bo 2 Motsheganong go fitlha kwa bokhutlhong jwa Lwetse 2018.

11. Thuto le Katiso e Kgolwano

11.1. Kabinete e amogela kgatelopele e e diriwang mo go tsenyeng tirisong thuto e e sa duelelweng jaaka go tlhagisitswe ke Tona ya  Lefapha la Thuto le Katiso tse di Kgolwane. Tsiboso ya go okediwa ga madineelo a Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti (NSFAS) a go tloga go R9,849 bilione ka 2017/18 go ya go R35,321 bilione ka 2020/21 a bontsha maikaelelo a puso a go thusa baithuti ba ba tswang kwa malapeng a a humanegileng le a badiri ba ba iponelang morokotso o o kwa tlase.

12. Lenaane la Tshegetso la SMME

12.1. Kabinete e amogela thankgololo ya Lenaane la Tshegetso la go Oketsa Ditiro ka go dirisa Dikgwebopotlana, tsa mo Magareng le tse Digolwane (di-SMME), e leng tirisanommogo magareng ga Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana le  Dinagakopano tsa Yuropa.

12.2. Le tla tshegetsa di-SMME ka ditirelo tsa go tlhabolola dikgwebo, go dithusa go fitlhelela dimaraka, go tokafatsa ka fao di fitlhelelang tlamelo ka matlole le go thusa go di fokoletsa morwalo wa dikgoreletsi tsa tsamaiso le kobamelomelao mo dikgwebopotlaneng.
 
13. Saense le Thekenoloji

13.1. Kabinete e rolela hutshe botlhe ba e leng karolo mo go iponeleng ZACUBE-2, e leng sathalaete e kgolo e bile e tlhabologile tota ya khupe. Sathalaete eno e e bokete jwa dikilokerema di le pedi ya ZACUBE-2 – e e agilweng ke Yunibesiti ya Thekenoloji ya Cape Peninsula (CPUT) mmogo le Setheo sa Aforika Borwa sa Thekenoloji ya Sefora, le go laolwa ke Setheo sa Naga sa tsa Lefaufau sa Aforika Borwa – e tlametswe ka matlole ke Lefapha la Saense le Thekenoloji. Ke sathalaete ya bobedi e e diirisang thekenoloji ya nano e e agilweng kwa CPUT
13.2. Sathalaete eno ya Khupe e rometswe kwa India gore e thankgololwe mo lefaufaung. E tla thusa mo go kgobokanyeng tshedimosetso e e tla bulelang kgolo ya ikonomi mo ikonoming ya mawatle. Sathalaete eno e e diirisang thekenoloji ya nano e tla thusa mo go samaganeng le ditlhokwa tsa lenaane la Ikonomi ya kwa Mawatleng ya Operation Phakisa mmogo le go thusa mo ditiragalo tsa kwa mawatleng mo meelwaneng ya Aforika Borwa mmogo le tsibosa go sa le gale ka melelo e e runyang mo dikgweng.

14. Kopano ya KwaZulu-Natal Mining Indaba

14.1. Kabinete e amogela dipoelo tsa kopano ya Mining Indaba e e neng e tshwerwe mo matsatsing a le mabedi kwa KwaZulu-Natal, moo baromiwa ba neng ba samagane le merero e e tla rarabololang dintlha tsa go fetola thefosano mo lekaleng leno mmogo le go bulela lethathama la ditšhono tsa meepo mo porofenseng eno.

14.2. Moepo ke le lengwe la makala a a botlhokwa le le ka re thusang go fetola thefosano mo ikonoming ya rona mme Kabinete e ikuela mo ditlamong tsa meepo, mekgatlho ya badiri le baagi go natlafatsa botsalano jwa bona gore meepo e somarelwe.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Kabinete e atlenegisitse Letlhomeso la Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro mabapi le Pholisi ya Naga ya Bašwa (NYP) 2015-2020. Letlhomeso le dira gore go nne le maikarabelo le tolamo mo go fitlheleleng dipeelo tsa NYP 2020. Maitlhomo a pholisi ke go tokafatsa tiragatso le go nolofatsa kaboditirelo, bogolosegolo mo manaaneng a bašwa.

2. Kabinete e letleletse gore go tshwarelwe Lenaane la Aforika la Ngwaga le Ngwaga la Kgwedi ya Motsheganong 2018 mo nageng ka moono yo o reng: “Ngwaga wa ga Nelson Mandela – Re Aga Aforika yo o Botoka le Lefatshe le le Botoka”. Kgwedi ya Motsheganong e keteka diphitlhelelo tse di fitlheletsweng mo go tlhabololeng Aforika. Mekete eno e diragala ka nako e le nngwe ka la bo 25 Motsheganong, e leng letsatsi le le goeleditsweng ke Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika mme le ketekiwa mo Aforika.

3. Kabinete e tsopoletswe ka pegelo le ditsereganyo tse di dirilweng mo dikgetseng tsa tirisobotlhaswa ka thobalano, pogiso le tsa maitsholo a a sa lolamang tse di butsweng kgatlhanong le maloko a borongwa a Sesole sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa (SANDF) a a tshegetsang Matsholokagiso a Dinagakopano (UN) kwa nageng ya Temokerasi ya Rephaboliki ya Congo (DRC).

3.1. Le fa Kabinete e kgotsofaditswe ke dikgato tse di tserweng mo go samaganeng le dipogiso tseno, e kgalema ka mafoko a a bogale tota dikgato dingwe le dingwe fela tse di lebisang kwa dipogisong tsa thobalano le dikgato dingwe fela tsa maitsholo a a sa lolamang a ditokololo tsa SANDF mo mafelong ao a rometsweng go diragatsa ditiro tsa Matsholokagiso gone.

3.2. Setlhopha sa remotswe koo go dira diphuruphutso ka ga ditatofatso tsotlhe tse di begilweng. Le fa e le gore tse dingwe tsa dikgetse di setse di konoseditswe, tse dingwe tsa tsone di setse di le mo seemong sa dikgotlatshekelo tsa sesole. Diphuruphutso tseno tsotlhe di latetse thulaganyo ya molao wa sesole ka ditsela tse di senang bofitlha le ka mekgwa e e nang le maikarabelo.

3.3. Aforika Borwa jaaka metlha e tla tswelela go tsibogela ka tolamo fa e samagana le merero e e jaaka ono. Maitsholo a a leswe le mekgwa ya bogodu mo sesoleng sa SANDF ga e batlege ka gope e bile ga go foo e beiwang. Bao ba ka fitlhelwang ba tshetse melao go tla samaganwa le bona ka Molao wa Maitsholo le ka Molao wa Kgalemo wa Sesole.

3.4. Kabinete gape e tshegetsa go konosediwa ga Molaotlhomo wa Kgalemo wa Sesole, o maotlhomo a ona e leng go samagana le kgalemo ka kakaretso mo sesoleng sa SANDF, go akaretsa go gagamatsa tlhaloso ya tirisobotlhaswa ya thobalano le go okediwa ga kotlo ya teng go nna ya boleele jwa dingwaga di le 10.  

C. Melaotlhomo

1. Kabinete a letleletse gore go phasaladiwe Molaotlhomo wa Mokgwataolo wa Tlamelo ka Didirisiwa tsa Motsoko o o Gogiwang le wa Eleketeroniki wa 2017 mo Kaseteng ya Puso gore setšhaba se dire ditshwaelo.

Molaotlhomo ono o phimola Molao wa Taolo ya Didirisiwa tsa Motsoko, wa 1993 (Molao wa bo 83 wa 1993) jaaka o beela kwa pele boitekanelo jwa baagi le go lepalepanya molao wa naga ya Aforika Borwa le Letlhomeso la Mokgatlho wa Boitekanelo wa Lefatshe la Dikutlwanelo tsa Taolo ya Motsoko. O samagana le dintlha tse di botlhokwa tse di amanang le go tsubela ka fag are ga meago le kwa ntle ga meago, go bapatsa didirisiwa tsa motsoko mo mafeloborekisetsong mo mafelong a tuelo, mekgwa e e amogelesegang ya go dirisa didirisiwa tsa motsoko tsa eleketeroniki mmogo le go tsenya tirisong diphuthelwana tse di senang mekgabo tsa metsoko.

2. Kabinete e atlenegisitse gore go phasaladiwa Molaotlhomo wa 2018 wa Letlhomeso la Kgolaganyo mo Kaseteng ya Puso gore setšhaba se dire ditshwaelo. Maitlhoma a Molaotlhomo ono ke go dira gore go nne le togomaano e e lolameng e bile e golagane mo maphateng otlhe a puso, e leng go dira ka natal ka go tshwana le go dira ka tshwaraganelo go tlotlomatsa tsengotirisong e e gagamaditsweng ya Leanotlhabololo la Naga (NDP).

Go theofatsa togomaano go tsamaisana le NDP mme e bile gape go leka go naya mosola maikano a a tlhagelelang mo go Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) 2014-2019 go tlhama mekgwa le bokgoni ka fa gare ga Puso go samagana le tlhabololo ya togomaano a pakatelele. E tla tlotlomatsa Puso e e golaganeng e bile e na le tsibogelo e e tla nnang le mosola go gaisa mo go tlotlomatseng diphetogo tsa popego tse di tlhokagalang mo kgolong ya botlhe, le mo go tlhabololeng sefalanatshedimoso sa badiri le temokerasi e e lolameng.

D. Ditiragalo tse di Tlang

1. Letsatsi la Kgololesego

Kabinete e akgotse maAforika Borwa otlhe le makala ao a tsereng karolo ka ditsela tse di farologaneng mo meketeng eno ya Kgwedi ya Kgololesego. Moporesitente Ramaphosa o tla neela puo e e botlhokwa kwa moketeng wa Letsatsi la Kgololesego la Naga ka la bo 27 Moranang 2018 kwa Lebaleng la Metshameko la Ngaka  Petrus Molemela kwa Bloemfontein, Foreistata ka moono yo o reng: “Ngwaga wa ga Nelson Rolihlahla Mandela: Re lebile kwa go itemogeleng kgololesego ya rona ka botlalo ka phetolothefosano ya ikonomiloago”.

Mokete ono o tla latelwa ke wa Dikabo tsa 2018 tsa Matshwao a Tlotlo a Bosetšhaba ka Lamatlhatso, 28 Moranang 2018 kwa Pretoria, moo Moporesitente Ramaphosa a tla di abelang bao ba nang le matshwanedi a go ka di amogela e leng Letshwao la Tlotlo la Baobab, Letshwao la Tlotlo la Ikhamanga, Letshwao la Tlotlo la Luthuli le Letshwao la Tlotlo la Botsalano jwa OR Tambo. Matshwao a Tlotlo a Bosetšhaba ke dikabo tse di kwa godimo tseo Aforika Borwa a di abelang, ka Moporesitente wa yona, mo baaging le mo baaging ba dinaga tse di kwa ntle ba ba nnileng le seabe se segolo mo go direng gore naga eno e gololesege, e nne le temokerasi le go nna naga e e atlegileng; ka go tshwaragana le fa re farologane.

2. Mekete ya Letsatsi la Motsheganong

Kabinete e laletsa badiri botlhe mo nageng go ikamanya le mekete ya Letsatsi la Badiri ka Labobedi, 1 Motsheganong 2018 le go lebelela dipoelo tsa ditshwanelo tsa badiri fa e sale go tloga motsing wa temokerasi. Letsatsi leno ke segopotso sa gore mafelotirelo a tshwanetse go nna a babalesegile ka dinako tsotlhe le gore bathapi ba tshwanetse go dira tsotlhe mo matleng a bona go netefatsa gore badiredi ba bona ba babalesegile, bogolose mo lekaleng la meepo.  

Kabinete e rometse matshediso a yona ka kutlobotlhoko e e tlhagetseng ba malapa le ditsala tsa badiredi ba le barataro ba kwa meepong bao ba tllhokafaletseng mo beseng ya bona e e ba thotang go ya tirong fa e ne e lakaotswa ka molelo wa bomo ya peterole e e konopetsweng ke batho bao ga jaanong ba sa itseweng gore ke bo mang.
Kabinete e ikueletse mo baaging go thusana le mapodisi mo maitekong a bona a go golega ba ba amegang mo kgetseng eno.

E.Melaetsa

Kabinete e Akgola:

1.Motaki wa MoNdebele Esther Mahlangu, yo a amogetseng kabo ya tlotlo ya bongaka go tswa kwa Yunibesiting ya Johannesburg mo go tlotlomatseng seabe sa gagwe se se duleng diatla mo setsong le mo botaking jwa tlhago ya boAforika jwa Aforika Borwa.

2. Setlhopha sa Barongwa sa Aforika Borwa se se tlotlomaditseng folaga ya rona kwa Metshamekong ya Botlhe mo Dikgaisanong tsa Gauta kwa Australia, fa ba ne ba fenya mo maemong a borataro mo dimetaleng tsotlhe di le 37 (se oletse ya gauta e le 13, ya selefera e le 11 le ya boronse e le 13). Go atlegeng ga bona ke ka ntlha ya go dira ka natla, go nna le maikemisetso le go itshoka. Seno se tiisa mmooko mo baatleleteng ba bangwe ba ba santseng ba le bannye mme se totobatsa gape le gore metshameko ke sengwe se se botlhokwa thata mo loagong se se re kopanyang jaaka maAforika Borwa.

2.1. Bafenyi ba ba kwa setlhoeng ba ba fentseng dimetale tsa gauta:

  • Caster Semenya – Lebelo la basadi la dimitara di le 800 le di le 1500;
  • Luvo Manyonga –  long jump ya banna;
  •  Ndodomzi Ntutu – Lebelo la banna la dimitara di le 100 la T12;
  • Henri Schoeman – Lebelo la triathlon la banna;
  • Tatjana Schoenmaker – Lebelo la basadi la dimitara di le 100 le di le 200 la go thuma;
  • Chad le Clos – Lebelo la banna la dimitara di le 100 le di le 200 la go thuma;
  •  Cameron van der Burgh – Lebelo la banna la dimitara di le 50 la go thuma;
  • Akani Simbine – Lebelo la banna la dimitara di le 100; le
  •  Martin Erasmus – Motshameko wa banna ba ba kalang dikhilokerema di le 97 wa dikgoka ka go kgamelana fa fatshe.

3. Moporofesara Sibongile Muthwa le Dr Geraldine Fraser-Moleketi ka boikaniso jwa bone jwa mo malobeng jwa go nna motlatsamotšhanselara le motšhanselara ka tlotlo mo Yunibesiting ya Nelson Mandela.

4. Setlhopha sa Barongwa sa Aforika Borwa ka go fenya dikabo di le tharo kwa Kgothakgotheng ya Boitlhamedikgwebo ya Lefatshe e e tshwaretsweng kwa Istanbul, Turkey ka Moranang 2018, mo go tlotlomatseng maikemisetso le boinelo jwa puso mo go godiseng di-SMME. Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana le molekane wa lona, 22 on Sloane, e leng letsholo le legologadi la boitshimololedi, le fentse Kabo ya Ngwanga ya Naga ya Boitlhamedikgwebo ya Lefatshe. Setlhopha sa Barongwa sa Aforika Borwa gape se fentse Kabo tsa Mofenyi wa Leinakgwebo le ya Mofenyi wa Dipatlisiso, e leng e e akgolang Letlotlo la Boitlhamedikgwebo ya Lefatshe mo dinageng le mo lefatsheng ka bophara.

F. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

1. Motlatsatona Mondli Gungubele jaaka Monnasetulo wa Boto ya Public Investment Corporation SOC Limited.

2. Mme Thandaza Zenobia Lungile Shandu jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Tshegetso le Tsanaiso ya Ditheo mo Lefapheng la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (CoGTA).

Dipotsolotso: Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore