Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 19 Tlhakole 2014

1. Seemo sa Kabinete mo mererong e e kwa setlhoeng mo maemong a ga jaanong

1.1. Puo ya bo 24 ya Maemo a Setšhaba (SoNA) fa e sale go goroga ga temokerasi e tlametse ka tshekatsheko ya botlhokwa ya bokhutlo jwa paka malebana le go diragadiwa ga ditlapele tsa puso tsa 2009-2014. Go itsesewe ga thulaganyo ya dipoelo ka 2009 e kgontshitse gore go nne le bookamedi le tiragatso e e ikaegileng ka bosupi le dipholo go netefatsa gore puso e dira ka bokgoni.
1.2. Go latela SoNA le Dikganetsano tsa SoNA, metseletsele ya ga jaanong ya dipegelo tsa bobegakgang tsa Ditona, di tlamela ka tšhono ya go buisana le Ditona tse di farologaneng gore ba tlhalose Puo ya Moporesitente. Pegelo ya bokhutlo jwa paka ya paka ya 2009 go ya go 2014 e tla tlalelediwa ke Pegelo ya Tshekatsheko ya Dingwaga di le 20 e e ikaegileng ka bosupi, e e leng karolo ya letsholo la rona la keteko ya Dingwaga di le 20 tsa Kgololesego.

Go ikuelwa go ma Aforika Borwa otlhe go Dira Seabe sa Gago go fedisa boswa jwa kgethololo ka go keteka Dingwaga di le 20 tsa Kgololesego, tse di supang ntle le pelaelo epe gore Aforika Borwa ke naga e e botoka go na le jaaka e ne e ntse ka 1994.

1.3. Kabinete e gatelela molaetsa wa ga Mopresitente Jacob Zuma malebana le ditshupetso. Ditshupetso tse di tshosetsang matshelo le dithoto mme di senya mafaratlhatlha a botlhokwa a a ikemiseditseng go direla baagi, di nyatsa yona temokerasi e e tshegetsang tshwanelo ya go dira ditshupetso. Jaaka maAforika Borwa, rotlhe re na le maikarabelo a a tlhakanetsweng a go aga setšhaba se se tlotlang molao, se se tlotlanang e bile se tlotla botshelo le dithoto.

Kabinete e netefaletsa baagi gore ga go kitla go ikgatolosiwa gongwe go itshokelwa tatlhegelo ya botshelo ka ntlha ya botlhaswa jwa mapodisi fa ba samagane le ditshupetso. Fela jalo, badiraditshupetso ba ba tshotseng dibetsa gongwe ba ba fitlhelwang ba tshuba dikago tsa setšhaba gongwe ba tsenya matshelo a ba bangwe mo kotsing, ba tla lebanwa ke letsogo le le bokete la molao.

Puso e tla dira le baagi go tokafatsa seemo sa botshelo mo dikarolong tsotlhe tsa naga. Baagi ba rotloediwa go buisana le bakhanselara gore go kgonwe go rarabolola dikgotlhang tsa tlamelo ya ditirelo ka kagiso.

1.4. Dipuisano tsa dituelo magareng ga meepo ya polatinamo le Mokgatlho wa Badirameepong le Badikonteraka (AMCU) di tsereganngwa ke CCMA. CCMA e thapile bakomišinara ba bagolwane go tsamaisa thulaganyo eo.

Kabinete e dumela gore maphata a tla tlhagisa tumelano e e mosola mo maphateng otlhe, e e tla sireletsang ditshwanelo tsa badiri mme e sireletsa ikonomi ya naga.

1.5. Kabinete e amogela go kwadisiwa ga batlhophi ba ba nang le tshiamelo ba feta 80% ka ntlha ya letsholo le le atlegileng la ikwadiso la Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho (IEC). Fa re ntse re le mo maikutlong a go keteka le go gopola Dingwaga di le 20 tsa Kgololesego, Kabinete e akgola IEC, makoko a sepolotiki mmogo le ditokololo tsa setšhaba ba maiteko a bona a a kopanetsweng a netefaditseng gore go ikwadisa batlhophi ba le bantsi ba ba nang le tshiamelo.

Gape Kabinete e akgola seabe se se tlhaga sa baagi ba ba netefaditseng gore maina a bona a teng mo lenaaneng la batlhophi.

Batlhophi ba ba nang le tshiamelo ba ba sa ntseng ba tlhoka go tlhomamisa dintlhakwadiso tsa bona le ba ba sa ntseng ba tlhoka go kwadisa ba ka etela dikantoro tsa selegae tsa IEC pele ga lenaane la batlhophi le tswalelwa. Lenaane la batlhophi le tla tswalelwa fa Moporesitente a goeletsa (a phasalatsa mo Kaseteng ya Puso) la bo 7 Motsheganong jaaka letlha la ditlhopho. Go ikuelwa go ma Aforika Borwa otlhe a a nang le tshiamelo go diragatsa tshwanelo ya bona ya go tlhopha kwa Ditlhophong tsa botlhano tsa Bosetšhaba. Kabinete e ikuela mo baeteledipeleng botlhe ba sepolotiki go rotloetsa itshokelano ya sepolotiki mo makokong le batshegetsing ba ona. Seno se botlhokwa go netefatsa ditlhopho tse di gololesegileng e bile di sa gobelele mmogo le go tshegetsa dintlhatheo tsa Molaotheo wa rona.

1.6. Kabinete e amogela tikologo ya ntlha ya letsholo la moento la Moento wa Human Papillomavirus (HPV), le le simololang ka la bo 7 Mopitlo 2014. Go tla entiwa basetsana ba dingwaga di le 9 le 10 ka moento o o thibelang kankere ya popelo. Batsadi le batlhokomedi ba basetsana ba sekolo ba Mophato wa 4 ba dingwaga di le 9 le 10 ba rotloediwa go tshegetsa letsholo leno ka go rebola tetla le go buisana le bana ba bona malebana le botlhokwa jwa moento ono.

Tswelelopele eno mo boitekanelong jwa setšhaba, e e lepalepanang le dikatlenegiso tsa Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo, e solofetswe go tshwaela mo go fokotseng kankere ya popelo mo basading mmogo le go fokotsa dintsho tse di amanang nayo.

1.7. Gape Kabinete e amogetse go tlhomiwa ga Kaedi e e baakantsweng ya Pholisi ya Dithibelapelegi le Thulaganyo ya Lapa le Tlamelo ya Ditirelo ka la bo 27 Tlhakole, ke Tona ya Boitekanelo. (Seno se tla letla makgarejana go fetsa sekolo le go tsweletsa ditoro tsa ona kwa ntle ga go kgorelediwa ke botsadi jo bo sa rulaganngwang. Gape Tona ya Boitekanelo o tla tlhoma semametlelelwa se se tsenngwang ka fa tlase ga letlalo, e leng sediriswa se sentšhwa sa basadi se se dirang sebaka se seleele.

1.8. Moporesitente Jacob Zuma, jaaka Monayaditaelomogolo wa Sesole sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa (SANDF), o tla tsenela Letsatsi la Matsholo a Batlhabani kwa Bloemfontein ka 21 Tlhakole 2014.

Tiro eno ya ngwaga le ngwaga e akgola tirelo e e boineelo ya banna le basadi ba rona ba ba aparang yunifomo mme e tlotla ba ba oleng mo tirong. Gape e tlamela ditokololo tsa setšhaba ka tšhono ya go ithuta ka tlhamalalo ka ga tiro le maikarabelo a SANDF.

Kabinete e itumedisiwa ke palo ya ditiro tsa borongwa tse di atlegileng tse di diragaditsweng ke SANDF mo kontinenteng, go tshwana le kwa Burundi e gompieno e nang le puso e e tsepameng, botlhaba jwa DRC, koo SANDF, jaaka karolo ya Force Intervention Brigade (FIC), e sulafaditseng ditlhopha tse di neng di tlhometse, mmogo le tshwaelo ya yona mo go bolokeng matshelo a le dikete di le makgolo kwa kgaolong ya Darfur kwa Sudan.
Mo godimo ga moo, Kabinete e lemogile thibelo e e atlegileng ya SANDF ya bogodu mo dikepeng jo bo aparetseng kgaolo ya Borwa jwa Aforika, ka go tlhoma matsholo le go paterola Kanala ya Mozambique.

1.9. Moporesitente Jacob Zuma o tla tsaya leeto la tiro go ya kwa United Kingdom go tloga ka la bo 2 go fitlha la bo 4 Mopitlo 2014, koo a tla tsenelang Tirelo ya Bosetšhaba ya Ditebogo go keteka botshelo le tiro ya Moporesitente wa maloba Nelson Mandela kwa Westminster Abbey, London ka la bo 3 Mopitlo 2014.

1.10. Motlatsamoporesitente Kgalema Motlanthe o tla tsenela Segopotso sa dingwaga di le 100 sa Kopanyo ya Bokone le Borwa jwa Nigeria kwa Abuja ka la bo 27 Tlhakole 2014. Kabinete e akgola batho ba Rephaboleki ya Bofeterale ya Nigeria ka phitlhelelo eno e e diragalang mo ngwageng o mo go ona Aforika Borwa a ketekang Dingwaga di le 20 tsa Kgololesego.

1.11. Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Botho e tla ketekwa ka moono wa: "Re keteka dingwaga di le 20 tsa go fetola matshelo ka ditshwanelo tsa botho".

Moporesitente Jacob Zuma o tla tlhagisa puo ya letsatsi ya Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho (21 Mopitlo 2014) kwa tiragalong e kgolo kwa Sharpeville.

Lenaneo la puso le tla maatlafatsa letsholo la Dingwaga di le 20 tsa Kgololesego ka go tlhagisa dintlha tse di godisang le go tsweletsa kutlwano ya loago, kago ya setšhaba le kopano mo baaging ba Aforika Borwa.

1.12. Lefapha la Tlhabololo ya Ikonomi, Setheo sa Bosetšhaba sa Tlhabololo ya Bašwa (NYDA) le kantoro ya Moporesitente di tla amogela Indaba ya Moporesitente ya Bašwa e e ka ga Ditiro le Bokgoni kwa Tikwatikweng ya Dikhonferense ya Birchwood, kwa Boksburg, go tloga ka la bo 28 Tlhakole go fitlha la bo 3 Mopitlo 2014, ka fa tlase ga moono wa:  "Re dira mmogo go maatlafatsa le go tlamela bašwa ba Aforika Borwa ka tsholofelo".

Mo dingwageng tse di fetileng di le 20, puso e diragaditse togamaano ya maphatamantsi go samagana le botlhokatiro jwa bašwa. Ditumelano tsa Bosetšhaba tsa Bokgoni, Thuto ya Motheo le go Thapiwa ga Bašwa di na le maitlamo a a maatla a balekane ba loago, a tshegediwa ke Mananeo a a farologaneng a Go Thapiwa mo Setšhabeng le melao e tshwana le Molao wa Tshiamelo ya Lekgetho la Go Thapa wa bo26 wa 2013.

1.13. Kabinete e amogela kokoano ya balekane botlhe ba loago kwa Khonferenseng ya Lephata la Loago ya Ditiro tse Di Atolositsweng tsa Setšhaba (EPWP) go sekaseka tswelelopele ya EPWP le go bona gore e ka atolosiwa jang go ya pele.

Khonferense e tla tshwarelwa kwa Bloemfontein go tloga ka la bo 14 go ya la bo 28 Tlhakole 2014 ka fa tlase ga moono wa: "Re tshwaragane mo tirong ya go akofisa go tlhamiwa ga ditiro ka lephata la loago la EPWP."

EPWP e tlhomilwe ka 2004 mme e sa ntse e le maiteko a botlhokwa a puso a a tlhamelang dimilione-milione tsa ma Aforika Borwa ditšhono tsa tiro tsa pakakhutshwane le pakagare.

1.14. Kabinete e eleletsa setlhopha sa Bafana Bafana masego mo motshamekong o o tlang wa kgwele ya dinao wa botsalano wa boditšhabatšhaba kgatlhanong le baamogelabaeng ba Sejana sa Lefatshe, Brazil, kwa Setediamong sa FNB ka la bo 5 Mopitlo 2014.

Kabinete e ikuela mo maAforikaborweng otlhe go amogela baeng ba rona ka kamogelo e e bothitho ya Ubuntu, le go tshegetsa setlhopha sa rona sa bosetšhaba.

2. Dipuisano le ditshweetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e rebotse go kwalwa ga pholisi ya Bosetšhaba ya Tirelo ya Tlhabololo ya Tsela ya tiro (National Career Development Service) , togamaano ya go tsenya tirisong mmogo le thulaganyo ya patlomaikutlo go ralala magato otlhe a puso.

Go tlhokega tirelo e e gokaganeng ya tlhabololo ya tsela ya tiro ka bonako go netefatsa gore bašwa, baithuti, badiri ba ba sa direng sentle, le baagi ba ba sa direng ba fitlhelela tshedimosetso ya boleng ya ditsela tsa tiro mmogo le ditirelo tsa ditsela tsa tiro.
Seno se tla ba kgontsha go dira boitlhophelo jo bo botoka le jo bo sedimogileng jwa tsela ya tiro jo bo tla kgontshang seelo se se kwa godimo sa go thapiwa le go thusa go oketsa kgolo ya leruri ya ikonomi mo nageng.

2.2. Kabinete e tshegetsa go tsenngwa tirisong ga thulaganyo ya eDisclosure mo Tirelosetšhabeng go tloga ka Moranang 2014, e e emelang ya maloba ya tlhagiso, tsamaiso le tlhomamiso ya ditshenolo. eDisclosure ke rejisetara ya eleketoroniki go tsenya le go tsamaisa ditshenolo tsa ditšhelete tsa badiri ba ba rileng (ditokololo tsa SMS) ba ba tlhokang go senolela Bothatikhuduthamaga jwa bona ka dikgatlhego tsa bona tse di kwadisiwang ka la bo 30 Moranang ngwaga mongwe le mongwe.
Thulaganyo ya e-Disclosure e mo tsebegaeng ya setsha sa webe sa Lefapha la Tirelosetšhaba le Tsamaiso – www.dpsa.gov.za - mme e golagane le dipolokelotshedimosetso tse dingwe tse di maleba di tshwana le Khomišene ya Ditlamo le Dithoto tsa Botlhale (Companies and Intellectual Property Commission), dikantoro tsa kwadiso ya dikano mmogo le eNatis malebana le go tlhomamisa le go netefatsa.

Maikaelelo a thulaganyo ke go maatlafatsa maikarabelo go lepalepana le maitlhomo a puso a go se itshokele bobodu le go bo fedisa.

2.3. Kabinete e lemogile go amogelwa ga Samiti ya Ombudsman wa Aforika (the African Ombudsman Summit) le ditiragalo tse di amanang le tseo kwa Gauteng go tloga ka la bo 24 go ya go la bo 27 Tlhakole 2014. Tikwatikwe ya Dipatlisiso ya Ombudsman wa Aforika e tla amogela Samiti ka fa tlase ga moono wa: "Re maatlafatsa Bolaodi jo bo Siameng mo Aforika ka Seabe sa Ombudsman".

Maikaelelo a Samiti ke go lebelela ditshwaelo tse di dirwang ke ditheo tsa Ombud  go golaganya temokerasi le bolaodi jo bo siameng, ka go rialo di tshwaela mo kagisong le tsepamong mo kontinenteng. Gape e tlamela ka serala sa go buisana le go maatlafatsa mogopolo wa Ombudsman mo Aforika.

Samiti e tla ka nako e go gatelelwang ntlha ya bolaodi jo bo phepa, maikarabelo le go tlamela batho fela ka ditirelo ka tshiamo mo mebusong ya Aforika.

3. Melaotlhomo

3.1. Kabinete e rebotse gore Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Dikepe tsa Kgwebo, wa 2014 o tlhagisiwe mo Palamenteng.

Maikaelelo a Molaotlhomo ke go baakanya Molao wa Dikepe tsa Kgwebo, wa bo57 wa 1951 o o nnileng gona pele ga Molaotheo, wa 1996 mme ka jalo o dira gore go nne botlhokwa gore go lepalepanngwe dintlhatheo le ditlamelo tsa Molaotheo mmogo le go o lepalepanya le Ditumelano tsa ga jaanong tsa Boditšhabatšhaba.

Molaotlhomo o o Baakantsweng gape o maatlafatsa Tumelano ya Bodiri jwa mo Mawatleng, ya 2006 le Tumelano ya Tiro ya Botshwaratlhapi, ya 2007. Ditumelano tseo tsotlhe di amogetswe ke Mokgatlho wa Badiri wa Boditšhabatšhaba wa Ditšhabakopano.

Go lepalepanngwa ga melao ya selegae le Tumelano go tlamela Aforika Borwa ka sediriswa sa lefatshe ka bophara sa go netefatsa tshireletso ya lefatshe ka bophara ya ditshwanelo tsa badiri ba mo lewatleng mmogo le maemo a a seriti a tiro le botshelo. Seno se tla kgontsha Aforika Borwa go tsereganya mo mabakeng a mo go ona dikepe tsa dinaga di sele tse di tsenang mo maemelakepeng a rona, di gatakakileng ditshwanelo tsa badiri ba mo lewatleng. 

Go diragadiwa ga Molaotlhomo gape go tla tokafatsa ditiro le selebo sa madirelo a mo lewatleng, e leng se se botlhokwa mo dikgwebong tsa boditšhabatšhaba le mo ikonoming ya boditšhabatšhaba.

4. Go thapiwa

Kabinete e amogetse go thapiwa ga ba ba latelang:

4.1. Mme Carlize Catherina Elizabeth Strydom - Morejisetaramogolo wa Dikano (Legato la DDG) mo Lefapheng la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga
4.2. Rre Eugene Malcholm Southgate - Motlatsamokaedikakaretso: Ditirelo tsa Ditheo kwa Lefapheng la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga.
4.3. Gape Kabinete e amogetswe go thapiwa gape ga Rre Mohammed Riaz Jawoodeen jaaka tokololo E e seng ya Khuduthamaga ya Boto ya Letlole la Bogareng la Maatla (Central Energy Fund (SOC) Ltd.
4.4.  Kabinete e amogetse go thapiwa ga batho ba ba latelang jaaka ditokolo tsa taolo tsa Bolaodi jwa Bosetšhaba jwa Maatla jwa Aforika Borwa.
Nakwana
a) Rre Jacob Rasetlhake Daniel Modise (Modulasetilo)
b) Mme Maleho Margaret Nkomo (Motlatsamodulasetilo)
c) Rre Fungai Khumbulani Sibanda
d) Mme Khomotso Ramasela Mthimunye
Nako e e tletseng
e) Mme Nomfundo Maseti

Dipotsiso: Phumla Williams (Mmueledi wa Kabinete wa Namaosatshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore