Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Tshwerweng ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio ya Labone, 7 Phukwi 2022

A.    Merero ya ga Jaanong
1.    Tshedimosetso ka Bolwetsi jwa Mogare wa Corona (COVID-19)


1.1.    Kabinete e akgotse batho botlhe ba Aforika Borwa ba ba tlhophileng go enta le go obamela diporotokholo tsotlhe tsa COVID-19, e leng se se bakileng gore naga e efoge dipalo tse di tlhatlhogang tsa dikgetse tse dintšhwa ka nako ya lekhubu la botlhano la leroborobo. 
1.2.    Fela, ga re a tshwanela go itebala gonne COVID-19 e sa ntse e le teng. Le fa naga e sa tswa go phimola melawana e e neng e saletse ya go apara dimaseke fa re le fa gare ga batho, batho ba ba nang le malwetse a mangwe a a sa alafegeng le ba ba lwalang ba rotloediwa go tswelela go apara dimaseke. Re tshwanetse gape go tswelela go tlhapa diatla gongwe go dirisa sebolayaditwatsi, le go katogana le go dira gore mafelo a re leng mo go ona a tlhabiwe ke phefo. 
1.3.    Moento go ya ka bopaki jwa saense e santse e le ona o o gaisang mo go re sireletseng mo bolwetseng jwa COVID-19 mme Kabinete e rotloetsa batho botlhe ba ba sa entiwang gore ba se senye nako mme ba ye go enta mme ba ba entilweng bone ba ye go tlhabela moento wa go tsosolosa e ba e tlhabileng kwa lefelong le le gaufi nabo la go tlhabela moento ntle le go duelela tirelo eo. 

2.    Monkeypox

2.1.    Kabinete e reboletswe tshedimosetso e e mabapi le bolwetsi jwa Monkeypox ya gore ka fa nageng go setse go fitlhetswe batho ba le babedi ba ba nang le bolwetsi jwa Monkeypox mo nageng go latela gore fa gautshwane go fitlhelwe motho wa bobedi. Batho bano ba itlhaotse mo setšhabeng mme ba kwa magaeng a bona mme go samaganwe le dithulaganyo tsa go gata motlhala batho bao ba ka tswang ba kopane le batho bano go lekola gore ga ba tshwaetsega. 
2.2.    Lefapha la Boitekanelo le Setheo sa Bosetšhaba sa Malwetse a a Tshelanwang ba dirisana le Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo go sekaseka matshosetsi a go tshelana ka bolwetse jono ka fa nageng gore a tsamaisane le Melawana ya Boditšhabatšhaba ya Boitekanelo. 
2.3.    Mogare wa monkeypox ga o tshelane bonolo mme gantsi o tshelana fa batho ba ka tshwarana go tshwana le go sunana, go tlampurelana gongwe go kgoma dikarolo tsa mmele tse di nang le dintho tsa monkeypox. Batho ba ba se nang matshwao a monkeypox ba ka se ke ba tshela batho ba bangwe ka mogare ono. 
2.4.    Kabinete e eletsa batho ba ba itemogelang matshwao a letshoroma, matshwao a a tshwanang le a mokgotlhwane, a a latelwang ke boswata jo bo nang le metsi go ya kwa maokelong a a gaufi gore ba bone thuso le kalafi ka bonako.

3.    Matlhotlhapelo a thabene ya East London

3.1.    Matlhotlhapelo a kwa Thabeneng ya Enyobeni kwa East London kwa Kapa Botlhaba ka Latshipi, 26 Seetebosigo 2022, a a tsereng matshelo a bašwa ba le 21, a hutsafaditse naga yotlhe. Ga go bonolo go akanya ka manyaapelo a malapa a a latlhegetsweng ke bana ka tsela e e botlhoko jalo. 
3.2.    Kabinete e rometse matshediso go malapa a a latlhegetsweng ke ba malapa mme ya leboga botlhe ka tshegetso ya setho e e neilweng malapa a a mo khutsafalong ka nako eno e e boima. 
3.3.    Ke selo se se re tshwenyang gore bana ba bonnye jwa dingwaga tse 13 ba ne ba letleletswe go tsena mo lefelong leo gore ba tle go nwa notagi. Re ikuela mo baaging botlhe go nna le seabe ka go dira gore bana ba rona ba babalesege ka dinako tsotlhe. 
3.4.    Bana ba ba nang le dingwaga tse di ka fa tlase ga di le 18 ga ba a letlelelwa go tsena mo dithabeneng, dišabining, dibareng le kwa marekisetsong a bojalwa. Barekisi ba nnotagi ba ba fitlhelwang ba tlola melao eno ba tla latofadiwa ka bosenyi mme ba tseelwa dilaesense tsa bona tsa go rekisa notagi. 

4.    Se se Tswileng mo Samiting ya Setlhopha sa Baeteledipele ba Dinaga tse Supa (G7)

4.1.    Moporesidente Cyril Ramaphosa o nnile le seabe kwa Samiting ya Baeteledipele ba G7 e e neng e tshwaretswe kwa Bavaria, Jeremane ka Mosupologo, 27 Sedimonthole 2022. Moporesidente – yo o nnileng le seabe mo dikopanong tse mo go tsona go buisanweng ka merero ya tlelaemete, motlakase, boitekanelo, go nna teng ga dijo mo lefatsheng le merero ya tekatekano ya bong – o ne a laleditswe ke moamogelabaeng, Motšhanselara Olaf Scholz. 
4.2.    G7 ke foramo ya sepolotiki ya dipuso e e gogwang kwa pele ke naga ya Canada, Fora, Jeremane, Itali, Japane, Borithane le Amerika.

B.    Ditshwetso tsa Kabinete
1.    Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Melao ya Lephata la Molao (LSC)


1.1.    Kabinete e letleletse gore LSC e ka phasaladiwa gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka go sona. Maikemisetso a melawana eno ke go bebofatsa diphetogo mo lephateng la molao go dira gore ditheo tsa molao di nne le kemedi go ya ka sebopego sa baagi ka fa nageng. Molao ono o tla netefatsa gape le gore go dirwa setheo se se tla tlhagisang batlamedi ba ditirelo tsa molao ba ba katisitsweng go utlwagala le ba ba itseng tiro ya bona ka botlalo.
1.2.    Letsholo la go kwadiwa ga LSC le ne le okametswe ke Lekgotla la Tiro ya Molao, setheo sa semolao se se tlhamilweng go ya ka Karolo ya bo 4 ya Molao wa Tiro ya Molao, wa ngwaga wa 2014 (Molao wa bo 28 wa 2014) mmogo le go kaelwa ke Molao wa Matlafatso ya Maemo a Ikonomi a Bathobatsho (B-BBEE), wa ngwaga wa 2013 (Molao wa bo 46 wa 2013).
1.3.    Molao wa B-BBEE wa 2013 o rwesa Tona ya Kgwebisano, Indaseteri le Kgaisano maikarabelo a go kwala melao ya tiro e e tswileng diatla mo go diragatseng matlafatso ya maemo a ikonomi mo bathobantshong mo maphateng a a rileng. Ga jaana ditokololo tsa porofešene ya molao ga di na molao o o di kaelang mo go samaganeng le go tlhoka tekatekano mo porofešeneng ya molao.
1.4.    LSC e tla phatlaladiwa mo Kaseteng ya Puso matsatsi a le 60 go letla gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka go sona. 

2.    Dipegelo tse di Rebolwang Gabedi mo Ngwageng tsa Kgatelopele ya Tiro e e Dirilweng 

2.1.    Kabinete e neseditse pula dipegelo tse di rebolwang gabedi mo ngwageng tsa kgatelopele ya tiro e e dirilweng tsa paka e e akaretsang Diphalane 2021 go fitlha Mopitlwe 2022. Dipegelo tseno ke karolo ya Leano la go Tsamaisa Tiro ya Pakagare (MSTF) 2019-2024. MTSF 2019-2024 ke leano la go diragatsa tiro e bile gape le disa leano la go tsamaisa tiro ya go dira gore re diragatse Leano la Tlhabololo ya Naga: e leng Ponelopele ya 2030 e e ka ga dilo tse di botlhokwa tse di tshwanetseng go fitlhelelwa mo pusong e e busang ga jaanong ya borataro.
2.2.    Dipegelo tseno di bua ka dikarolo tse di botlhokwa di le supa tsa puso, e leng (1) Phetogo ya ikonomi le go tlhola ditiro; (2) Thuto, bokgoni le boitekanelo; (3) Go tiisa megolo ya go thusa baagi ka ditirelo tsa motheo tse di ikanyegang le tsa boleng; (4) Kgolaganyo ya dibaka, bonno le pusoselegae; (5) Go nna seoposengwe le go babalela baagi; (6) Mmuso o o nang le bokgoni, o o nang le maitsholo a a siameng le o o tlisang tlhabologo; le (7) Aforika o o botoka le lefatshe le le botoka, gammogo le dikgato tsa go tlisa tharabololo tse di tshwanang le tse di tlhalositsweng tsa pusong e e busang ga jaanong ya borataro. 
2.3.    Kabinete e itumedisitswe ke kgatelopele e e dirilweng mo dintlheng tse di neng di beilweng tsa paka e e sekasekwang. Kabinete gape e nopotse le dintlha tse go santseng go saletswe morago mo go tsona ka ntlha ya leroborobo la COVID-19 tse go tlhokwang gore go samaganwe le tsona. 
2.4.    Ditona di tla tshwara dikopano le bobegakgang mo dibekeng tse di tlang go tlhalosa ka botlalo se dipegelo tseno di buang ka sona mmogo le go neelana ka tshedimosetso e e tseneletseng ka ga dintlha tse di santseng di tlhoka go gagamadiwa.

C.    Ditiragalo tse di Tlang
1.    Khonferense ya Bathobantsho ba e Leng Beng ba Diintaseteri le Beng ba Dikgwebo tse di Gwebang le Dinaga tsa kwa Ntle (BIEC)


1.1.    BIEC ya ntlha e tla tshwarelwa kwa Tikwatikweng ya Boditšhabatšhaba ya Dikhonferense ya Sandton kwa Johannesburg ka Laboraro, 20 Phukwi 2022. 
1.2.    Khonferense eno e tshwarwa morago ga gore puso ngwaga ono o sa le gale e thankgolole Lephata la Kemonokeng ya Bathobantsho ba e Leng Beng ba Diintaseteri le Beng ba Dikgwebo tse di Gwebang le Dinaga tsa kwa Ntle, le maitlhomo a lona e leng go tshegetsa beng ba diintaseteri ba bathobantsho gore ba kgone go rekisetsa mebaraka e mentšhwa, le go thusiwa ka ditšhelete tsa dikgwebo tse di gwebang le dinaga tsa kwa ntle mmogo le go thusiwa le ka dirala tsa go bapatsa dikgwebo tsa bona. 

D.    Molaetsa
1.    Dikakgolo


Kabinete e akgotse le go eleletsa masego: 

  • Springboks, ka phenyo e e gapileng maikutlo ya motsotso wa bofelo kgatlhanong le Wales ka nako ya motshameko wa ntlha wa e meraro ya teko kwa Lebaleng la Metshameko la Loftus Versveld kwa Tshwane ka Lamatlhatso, 2 Phukwi 2022. 
  • Banyana Banyana, ka phenyo ya bona ya dino di le pedi go e le nngwe mo motshamekong wa bona wa pulo ya metshameko ya Sejana sa Metshameko ya Kgwele ya Dinao ya Basadi sa Dinaga tsa Aforika kgatlhanong le Nigeria, e e tshwaretsweng kwa nageng ya Morocco, ka Mosupologo, 4 Phukwi 2022.

E.    Go Thapiwa

    Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang..
1.    Ngaka Nyameko Barney Pityana jaaka Modulasetilo wa Khomišene ya Bosetšhaba ya Dilothari. 
2.    Moatefokate Rory Voller jaaka Mokhomišinara wa khomišene ya Dithoto le Dithata tsa Ditlamo (CIPC). 

Dipotsiso Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete 
Selefounu: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore