Pegelo ya Kopano ya Kabinete e e Neng e Tshwerwe ka Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Dibidio ka Laboraro,  29 Lwetse 2021 

A.    Dintlha mo Tikologong

1.    Go Phatlaladiwa ga Moento wa Bolwetse jwa Corona (COVID-19) 

1.1.    Kabinete e rotloediwa ke dimilione tsa batho mo Aforika Borwa ba ba tsereng tshweetso ya go tlhabela moento wa COVID-19, jaaka go setse go entilwe ditekanyetso tsa moento tse dimilione tse 17 go fitlha ga jaana. 
1.2.    Kabinete e lebogile ditheo tsa bodumedi, gammogo le lephata la metshameko le botsweretshi jaaka ba tsweleditse matsholo a moento go rotloetsa go tsewa ga moento.  
1.3.    Fa batho ba le bantsi ba entiwa, naga e tla kgona go fokotsa dikiletso tsa ga jaana tsa Legatotsiboso le le Baakantsweng la 2. Seno se tla lebisa kwa go bulweng ka botlalo ga ikonomi gore e kgone go gola le go tlhama ditiro tse di tlhokegang thata.  
1.4.    Kabinete e boeletsa kgoeletso ya gore gore go fokodiwe ditshwaetsego tse dintšhwa, rotlhe re tshwanetse go tswelela go rwala mmaseke fa re le fa gare ga batho, go tlhapa diatla ka metsi le sesepa gongwe go dirisa sebolayamegare se se tswakilweng ka alekhoholo ya bontsi jo bo kanaka 70%, le go katogana ka tshwanelo ka mogkwa o o babalasegileng gore re kgontshe naga ya rona go tswelela go atlega mo dikgatong tsa yona tsa go fokotsa ditshwaetsego tse dintšhwa.

2.    Letsholo la Vooma Vaccination Weekend go tloga ka la bo 1 go fitlha ka la bo 2 Diphalane 2021
2.1.    Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa a a sa entiwang le batho ba ba nnang mo Aforika Borwa go sola mosola letsholo la Vooma Vaccination Weekend le le tla diragalang naga ka bophara ka Labotlhano, 1 le Lamatlhatso, 2 Diphalane 2021.
2.2.    Letsholo la Vooma Vaccination Weekend ke letsholo le le tshwaraganetsweng ke setšhaba le go tshegediwang ke balekane ba loago, go akarediwa le maphata a tsa sedumedi, baeteledipele ba setso, mekgatlho ya badiri le dikgwebo. Mafelo ano a beke go totilwe go enta bonnye batho ba le halofo ya milione.
2.3.    Seno ke tšhono ya gore bagolo botlhe ba itlele fela ba sa beelwa nako kwa mafelong a go tlhabela meento mme ba tle go entiwa kwa mafelong a setšhaba a go tlhabela meento, a poraefete le a nakwana.
2.4.    Ga o tlhoke go nna le inšorense ya boitekanelo gongwe medical aid go bona moento. Baeteledipele ba puso, ba kgwebo, ba badiri le ba mekgatlho ya baagi ba tla rotloetsa baagi mo dikarolong tsotlhe tsa naga go tswa ka makatlanamane go ya go tlhabela moento. 
2.5.    Letsholo leno la Vooma Vaccination Weekend le tla re thusa go ripitla mogare ono o o nang le sebaka sa ngwaga o ntse o re tlhorontsha. Ga go ope yo o tshwanetseng go fetwa ke tšhono eno. Tla rotlhe re bolokesegeng.

3.    Leeto la Moporesidente go ya kwa Borogong jwa Msikaba
3.1.    Moporesidente Cyril Ramaphosa o ne a ile go tlhatlhoba kago ya mafaratlhatlha kwa Borogong jwa Msikaba kwa Lusikisiki kwa Kapa Botlhaba ka Labone, 23 Lwetse 2021. Porojeke eno ya mafaratlhatlha ya R1,65 bilione ke karolo ya porojeke ya Tsela ya N2 ya Wild Coast. Kwa ntle ga go bebofatsa motsamao o o bonolo wa batho ka go golaganya baagi ba metsemagae le ditikwatikwe tsa ditoropo go ralala naga, gape borogo bo tla tlhotlheletsa dipeeletso le kgolo. 
3.2.    Kgolagano ya tsela ya N2 ya Wild Coast ke nngwe ya Diporojeke tse di Gokaganeng tsa Togamaano tsa botlhokwa tsa puso tsa go thankgolola kgolo ya ikonomi mo legatong la bosetšhaba, la porofense le la selegae. Kabinete e kgotsofaditswe ke tswelelopele mo letsholong la yona la dipeeletso mo mafaratlhatlheng, tse e salang go nna pilara ya Thulaganyo ya Kagosešwa le Tsosoloso ya Ikonomi (ERRP), mme e na le diporojeke tse 88 tsa boleng jwa go feta R2.3 tirilione tse di sa leng mo tseleng.   

4.    Dikamano le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba, Kgwebisano le Bojanala
4.1.    Kabinete e amogetse tshwetso ya naga ya Jeremane ya go tlosa naga ya Aforika Borwa mo lenaneng la yona la dinaga tse di leng kotsi go ka di jela nala mmogo le tshwetso ya Amerika ya go amogela bajanala ba ba entilweng ka botlalo mo nageng ya yona.
4.2.    Le gale Kabinete e swabisitswe ke tshwetso ya Borithane (UK) ya go tswelela go baya Aforika Borwa mo lenaneng la yona la dinaga tse di leng kotsi go ka di jela nala. Ga go na lebaka le le utlwalang la go se tlose Aforika Borwa mo lenaneng leno ka ntlha ya kgatelopele e naga eno e e dirileng mo go lwantsheng leroborobo la COVID-19 le seelo se se fokotsegang ka lebelo sa ditshwaetso gammogo le letsholo la rona le legolo la go tlhabela moento.
4.3.    Kabinete e begetswe ke Lefapha la Dikamano le Tirisanommogo le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba ka ga se se setseng se dirilwe mo go tloseng Aforika Borwa mo lenaneng leno. Kabinete e na le tsholofelo ya gore Puso ya UK e tla sekaseka gape tshwetso ya yona e e sa kgotsofatseng, e e sa ameng fela indaseteri ya bojanala mme gape e ama le dikgwebo go tswa mo dinageng ka bobedi, malapa le maphata a mangwe a ikonomi,

5.    Tsosoloso ya ikonomi 
5.1.    Kabinete e amogetse go tlhomiwa ga Potale ya Ikwadiso ya Tatlhegelo ya Kgwebo go kwadisa dikgwebo tse di amilweng ke dikhuduego tse di nnileng gona magareng ga la bo 9 le le la bo 19 Phukwi 2021 kwa KwaZulu-Natal, Gauteng le mafelo a mangwe a a amegileng.
5.2.    Potale ya kwadiso e kokoanya tshedimosetso go tswa kwa dikgwebong tse di amegileng go gokaganya botoka dikgato tsa namolo le go thusa ka ditsereganyo tsa isago. E dira jaaka lefelo le le leng le legolo la puso moo dikgwebo di tla kwadisang ditshenyegelo tsa tsona le go supa bogolo le bontsi jwa tseo di ba latlhegetsweng. 
5.3.    Kabinete e ikuetse go beng ba dikgwebo tsotlhe tse di amegileng go ikwadisa mo potaleng kwa www.relief4sa.co.za. Go seng jalo, ba ka letsetsa 080 006 00850 go bona thuso magareng ga ura ya borobedi mo mosong le ura ya botlhano mo maitseboeng mo gare ga beke.
5.4.    Ka Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana, go amogetswe palogotlhe ya makwalokopo a le 192 go tswa go beng ba dikgwebopotlana le dikgwebo tse di magareng tse di amilweng ke dikhuduego. Kabinete e kgotsofaletse gore go setse go rebotswe palogotlhe ya R54,2 milione go ka abelwa beng ba dikgwebo tseno. 

6.    Go Boela go Fofa ga South African Airways (SAA)
6.1.    Kabinete e amogetse dithulaganyo tsa fa gautshwane tsa go busetsa tirong SAA, e e dirang mo ditseleng di se kae magareng ga Johannesburg le Cape Town. Setlamo seno se tla dira gape magareng ga mešateng ya Aforika e tshwana le Accra (Ghana), Kinshasa (Democratic Republic of Congo), Harare (Zimbabwe), Lusaka (Zambia) le Maputo (Mozambique), mme mafelo a mangwe a tla tsenngwa mo ditseleng fa maemo a mebaraka a tokafala. 
6.2.    Kabinete e ikuetse mo maAforika Borweng otlhe go tshegetsa SAA e e butsweng sešwa, e leng se se bontshang tshimologo ya paka e ntšhwa mo diphofong tsa Aforika Borwa. 

7.    Yuniti ya go Thusa ka Merero ya Maitsholo, Botshepegi le Dikgatokgalemo tsa Badiri mo Tsamaisong ya Puso (PA-EID-TAU)
7.1.    Kabinete e amogetse go tlhomiwa ga PA-EID-TAU, e e tla maatlafatsang maiteko a puso mo ntweng kgatlhanong le bobodu mo Tsamaisong ya Puso. 
7.2.    PA-IED-TAU e tla samagana le tiro ya go netefatsa gore go nna le dipholisi tse di tlhotlheletsang maitsholo le botshepegi le tse di emang kgatlhanong le bobodu mo pusong di tshwana le go thibela batlhanedi ba puso go gweba le Puso, go ela tlhoko batlhankedipuso ba ba refoletsweng go ka dira tiro e nngwe e e duelelwang, tsamaiso ya dikgatokgalemo tsa batlhankedi ba puso le le go phuruphutsa matshelo a batlhankedipuso ka fao ba phelang ka teng.
7.3.    Kabinete e ikuetse mo badiredipusong go nna le boineelo le go dira ka botswapelo mo go ripitleng bobodu. Ka go tsaya kgatonyana fela ya go bega ditiragatso tsotlhe tse di amanang le bobodu tse di diragalang mo ditheong tsa puso, re ka dira gore matsapa ano re se tlhole re itemogela ona mo isagong le go dira gore bana ba rona mo isagong le bona ba se anngwe ke ditiragalo tsa mothale ono.

8.    Ditlhopho tsa Pusoselegae (LGE) tsa 2021
8.1.    Kabinete e akgola batlhophi ba ba tla bong ba tlhopha la ntlha ba le dimilione di le 1,7 ba ba ikwadisitseng mo mafelong a beke a ikwadisetso ditlhopho a la bo 18 go fitlha go la bo 19 Lwetse 2021. Seno e ne e le tsela ya bašwa ya go re le bona ba batla go nna le seabe mo temokerasing ya rona ka go itlhophela boeteledipele jwa selegae.
8.2.    Ka ntlha ya fa bašwa ba dira bontsi jwa baagi ba rona, mafolofolo a bona a go nna karolo ya tirego ya ditlhopho ke sengwe se re se amogelang e bile re a se tlotlomatsa. 
8.3.    Di-LGE tsa 2021 tse di rulaganyeditsweng go tshwarwa ka la bo 1 Ngwanaitseele 2021 di tlamela maAforika Borwa ka tšhono ya go diragatsa tshwanelo ya bona ya molaotheo ya go itlhophela baemedi ba setšhaba.
8.4.    Batlhophi ba ba sa kgoneng go tlhopha ka Letsatsi la Ditlhopho le ba ba sa kgoneng go tsaya maeto go ya kwa diteišeneng tsa ditlhopho ka ntlha ya bokoa jwa mmele gongwe bogole ba ka tlhopha ka Ditlhopho tse di Kgethegileng mo matsatsing a mabedi pele ga Letsatsi la Ditlhopho. Go dira dikopo tsa ditlhopho tse di kgethegileng go buletswe ka la bo 20 Lwetse 2021 mme go tla tswalelwa ka la bo 4 Diphalane 2021 ka ura ya botlhano maitseboa. 

9.    Tirisodikgoka mo Bathong ba Bong jo bo Rileng le Dipolao tsa Basadi (GBVF)
9.1.    Kabinete e amogetse go atlholelwa botshelo jotlhe kwa kgolegelong gabedi ga ga Rre Sbusiso Nkosi wa dingwaga di le 36 ke Karolo ya Kgotlhatshekelokgolo ya Mpumalanga ka Mosupologo, 13 Lwetse 2021, malebana le petelelelo le polao ya ga Mme Nomcebo Simelane wa dingwaga di le 23 ka la bo 5 Lwetse 2020.
9.2.    Kgotlatshekelo e atlholetse mmeteledi le mmolai dipaka tse pedi tsa botshelo jotlhe kwa kgolegelong le dingwaga tse dingwe gape tse tharo tsa bogodu, tse di tla tsamayang mmogo.
9.3.    Seno ke kgalemo e e tseneletseng go badiramolato ba GBVF gore ba itse gore ba tla tshwarwa mme ba lebagane le letsogo le le bokete la molao. Ka go dira mmogo le sepodisi le ditheo tsa tiragatso ya molao, re ka fetola mebila ya rona le mafelo a baagi ba rona go nna a a babalesegileng go botlhe. 
9.4.    Bega ditiragalo tsotlhe tse di amanang le GBVF kwa mapodising gongwe o letsetse Tikwatikwe ya Taolo ya Bosetšhaba ya GBVF: 0800 428 428 gongwe Mogala wa thuso wa EMISA Tirisodikgoka ya Bong (STOP Gender Violence): 0800 150 150 / *120*7867#

10.    Kwadiso ya manyalo a setso
10.1.    Kabinete e lemogile katlholo ya Karolo ya Kgotlhatshekelokgolo ya KwaZulu-Natal mo morerong o o amang mongongoregi, Mme Phumza Ethel Mankayi le batsibogi,Tona ya Merero ya Selegae, Mme Ntombizakhe Portia Miya le Masetara wa Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa. Katlholo e tlhomamisa ditshwanelo tsa batho ba ba nyetsweng ka fa tlase ga Molao wa Temogo ya Manyalo a Setso wa ngwaga wa 1998 (Molao wa bo 120 wa 1998).
10.2.    Kabinete e ikuela mo balekaneng go kwadisa manyalo a bona a setso kwa lefapheng la Merero ya Selegae mo dikgweding di le tharo morago ga lenyalo la bona. Tona ya Merero ya Selegae o atolositse paka ya kwadiso go fitlha ka la bo 30 Seetebosigo 2024. Seno ke go thusa ba manyalo a bona a sa kwadisiwang mo dikgweding tse tharo. Go kwadisa, batho ba tlhoka go tlisa bosupi jwa ditherisano tsa magadi gongwe lekwalo la maikano la batho ba ba nyalanang le dipaki tsa bone, go supa gore go nnile le lenyalo gongwe le ketekilwe.
10.3.    Go fitlha ga jaana, ke manyalo a setso a le 99 491 fela a a kwadisitsweng kwa Lefapheng la Merero ya Selegae fa e sale molao o simolola go dira ka Ngwanaitseele 2000.

B.    Ditshwetso tsa Kabinete

1.    Khonferense ya Dipeeletso ya Aforika Borwa (SAIC)
1.1.    Kabinete e amogetse go rulaganngwa ga SAIC e e latelang e e tla diragalang ka Mopitlwe 2022. Khonferense e mo ngwageng wa boraro mme e ikaeletse go ngokela dipeeletso tsa R1,2 tirilione mo dingwageng tse tlhano. Letsholo la dipeeletso le tswelela go agelela mo diSAIC tse pedi tse di fetileng tse di atlegileng. Ditlha tsa khonferense le letlha di tla itsesewe moragonyana.

2.    Lenaneo la Phuduso ya Kgaso ya Dijitale (BDM) 
2.1.    Kabinete e ne ya begelwa ka lenaneo la BDM. Go nnile le tswelelopele e e bonalang mo go fuduseng dikarolo dingwe tsa naga go tswa go analoko go ya ko dipolatefomong tsa dijitale. 
2.2.    Kabinete e amogetse thulaganyo e e boeleditsweng e e gokaganeng ya tsenyotirisong ya go timiwa ga anoloko, e leng sejule ya go konosetsa mafelo a a setseng ka Mopitlwe 2022. Aforika Borwa ke nngwe ya dinaga di le dintsi mo lefatsheng tse di itlamileng go akofisa porojeke ya phuduso ya dijitale, e e tla lebisang kwa go timiweng gotlhelele ga analoko ka 2022.
2.3.    Kabinete e tlhomamisitse molebo wa tirisanommogo o o amogetsweng malebana le go akofisa go konosediwa ga phuduso ya naga yotlhe go tswa go analoko go ya kwa dipolatefomong tsa dijitale.

3.    Pholisi ya Bosetšhaba Malebana le Thibelo le Tsamaiso ya Boimana jwa Barutwana kwa Dikolong 
3.1.    Kabinete e amogetse Pholisi ya Bosetšhaba malebana le Thibelo le Tsamaiso ya Boimana jwa Barutwana kwa Dikolong Pholisi e tsibogela Katlholo ya Kgotlatshekelo ya 2012 e e atlhotseng kgatlhanong le Lefapha la Thuto ya Motheo mo dikarolong dingwe tse di reng barutwana ba tseye boikhutso go tswa kwa sekolong sebaka se se fitlhang go dingwaga tse pedi morago ga go belega.
3.2.    Pholisi e dira tlamelo ya gore go nne le maemo a a kgontshang go tshegetsa barutwana le go thibela go tlhaolwa kgatlhanong le barutwana ba ba imileng. Gape e dira tlamelo ya phitlhelelo ya tshedimosetso e e akaretsang ya thibelo ya boimana; tshegetso ya maikutlo le dikaedi tsa tlhokomelo, gammogo le go tlhomiwa ga dipopegotheo tsa tsamaiso le kgokaganyo ya pholisi.
3.3.    Pholisi e fetile mo thulaganyong ya patlomaikutlo e e tseneletseng le baamegi ba ba maleba mme e lepalepane le melao yotlhe e e maleba. 

4.    Kamogelo ya Tumelano ya Mokgatlho wa Ditšhabakopano wa Thuto, Saense le Setso (UNESCO) ya Tlhokomelo ya Ngwaoboswa ya Setso e e Sa tshwaregeng (ICH)
4.1.    Kabinete e amogetse kamogelo ya Aforika Borwa ya Tumelano ya UNESCO 2003 ya Tlhokomelo ya ICH.  Tumelano e dira tlamelo ya tlhokomelo, tshomarelo le tsweletso ya ICH ke dinaga tse di rileng tse e leng ditokololo. 
4.2.    ICH e akaretsa gareng ga tse dingwe, dibaka tsa baagi tsa setso, kitso, dilwana le tse di bopilweng mo baaging. 
4.3.    Tumelano e tlama dinaga tse e leng ditokololo go supa, go tlhalosa le go tla ka dikgato tse di maleba tsa tshomarelo ya tsona. Gape e rotloetsa dinaga go amogela dikgato tsa semolao, tsa tsamaiso ya setegeniki le tsa ditšhelete go tlhokomela le go tsweletsa ICH. Kamogelo e tla isiwa kwa Palamenteng go fetisiwa.

5.    Tumelano ya UN e e kgatlhanong le Bobodu (UNCAC)
5.1.    Kabinete e amogetse go phatlaladiwa ga Pegelo ya Tshekatsheko ya Aforika Borwa malebana le tsenyotirisong ya Tumelano. Aforika Borwa e saenetse UNCAC ka 2004. Dinaga tse e leng ditokololo di sekasekwa ke balekane malebana le tsenyotirisong ya tumelano. 
5.2.    Aforika Borwa e sekasekilwe la ntlha ka 2012 malebana le tsenyotirisong ya go  tsaya jaaka bosenyi le ditsereganyo tsa tiragatso ya moalo, gammogo le go obamela tirisanommogo ya boditšhabatšhaba. Pegelo ya ga jaana ya 2019/20 e ne e totile dikgato tsa thibelo le pusetso ya dithoto.
5.3.    Thulaganyo ya tshekatsheko e tsweletsa tirisanommogo e e agang ka, gareng ga tse dingwe, go tlamela dipuso tse e leng ditokololo ka mananeo a thuso ya setegeniki. 

6.    Go busediwa morago ga gore Aforika Borwa e amogele Tiragalo e e diragalang ka Nako e le Nngwe ya Letsatsi la  Lefatshe la Mawatle (World Maritime Day Parallel Event (WMDPE))
6.1.    Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Mawatle o neetse Aforika Borwa tetla gape go busetsa morago go amogela WMDPE ka ntlha ya COVID-19. Go busediwa morago go tswa go Diphalane 2021 go ya go Diphalane 2022 go latela ga ntlha ga 2020 ka ntlha ya leroborobo. 
 

C.    Melaotlhomo 

1.    Molaotlhomo wa Lekgotla la Bosetšhaba la GBVF wa 2021  
1.1.    Kabinete e amogetse go phatlaladiwa ga Molaotlhomo wa Lekgotla la Bosetšhaba la GBVF wa 2021 mo Kaseteng ya Puso  gore baagi ba tshwaele. 
1.2.    Molaotlhomo o tsibogela taelo ya togamaano go tswa mo Thulaganyong ya Togamaano ya Bosetšhaba (NSP) ya GBVF e e amogetsweng ke Kabinete ka Mopitlwe 2020. Molaotlhomo o tshitshinya go tlhamiwa ga lekgotla ka kemedi e e ikemetseng go okamela NSP ya GBVF.

2.    Molaotlhomo wa Bosetšhaba o o Baakanngwang wa Melelo ya Naga wa 2021 
2.1.    Kabinete e amogetse go neelwa ga Molaotlhomo wa Bosetšhaba o o Baakanngwang wa Melelo ya Naga wa 2021 kwa Palamenteng. Molaotlhomo o neetswe Palamente la ntlha ka 2017 mme o ne wa busediwa morago gore go batlwe maikutlo a baagi gape.
2.2.    Gareng ga ditlamelo tse dingwe, Molaotlhomo o dira dipopegotheo mo lephateng la setšhaba le mo legatong la baagi, tse di tla dirang mmogo go fokotsa matshosetsi a melelo ya naga, le go tsweletsa kobamelo e e nonofileng le tiragatso ya molao.
2.3.    Melelo ya naga e e sa laolegeng e rwele maikarabelo a tshenyego ya tikologo, tatlhegelo ya ditiro, go tlhoka magae ga baagi, le tshenyo ka kakaretso ya mafaratlhatlha, leruo, bonno le botshelo.

D.    Ditiragalo tse di Tlang

1.    Simphosiamo sa Tlhabololo ya Mafaratlhatlha a a Tsweletsegang sa Aforika Borwa (SIDSSA)
1.1.    Puso e tla bo e tshwere SIDSSA 2021 ka Laboraro, 6 le 7 Diphalane 2021. Simphosiamo se tla akaretsa baamegi ba ba farologaneng go tsosolosa thulaganyo ya mafaratlhatlha.
1.2.    Thulaganyo ya mafaratlhatlha ya SIDSSA e ikaeletse go tshwaela mo phetolelong mo madirelong le go tlhamiwa ga ditiro jaaka go solofetswe mo ERRP le Togamaano e e Akantsweng sešwa ya Madirelo. Ditsereganyo tse di supilweng di ikaeletse go tlhosetsa go batliwa le go netefatsa gore go nna le kgokaganyo e e bokgoni ya baamegi botlhe mo mafaratllhatlheng. Go solofetswe gore ditsereganyo tseno di tla tshwaela gape mo kagong ya ikonomi e e nang le kgotlhelelo ka go akofisa tlamelo ya mafaratlhatlha. SIDSSA 2021 se tshwarwa ka moono wa: "Mafaratlhatlha a boleng malebana le tlhabololo, pusetso le kgolo e e akaretsang". 

2.    Kgwedi ya Dipalangwa ya 2021 
2.1.    Diphalane e beetswe thoko go tota merero ya dipalangwa mo nageng. Ke ngwaga wa bo16 naga e ntse e obamela Kgwedi ya Dipalangwa. Kabinete e amogetse moono wa monongwaga: "Mmogo, tlaya re baakanyeng dipalangwa". Setlhogo sa letsholo ke "Brika Bova: Re dira mmogo gore go nne le tsamaiso e e botoka ya dipalangwa ka moso".
2.2.    Lephata la dipalangwa ke karolo ya botlhokwa ya ikonomi-loago mo Aforika Borwa. Letsholo la monongwaga le tla tota go baya dipalangwa jaaka mokgontshi wa botlhokwa mo pusetsong ya ikonomi ya naga; go lemosa le go ruta ka pabalesego mo mefuteng yotlhe ya dipalangwa, gammogo le go bontsha tokafalo e e dirilweng mo tsamaisong ya dipalangwa.
2.3.    Lefapha la Dipalangwa le tla abelana ditiragatso tsa kgwedi le baagi mme tshedimosetso e nngwe e ka fitlhelwa kwa www.transport.gov.za.

E.    Melaetsa

1.    Dikakgolo
Kabinete e akgotse le go eleletsa masego go: 

  • Setlhopha sa Aforika Borwa sa Dipharalimpiki ka ntlha ya go dira gore folaga ya Aforika Borwa e phaphasele ka go gapa dimedale di le supa – di le nne tsa gauta, wa selefela le tse pedi tsa boronse. Baamogedi ba dimedale ba Setlhopha sa SA kwa Tokyo e ne e le Ntando Mahlangu (digauta tse pedi ), Pieter du Preez (gauta), Anrune Weyers (gauta), Louzanne Coetzee (selefera le boronse) le Sheryl James (boronse). 
  • Mme Verity Price, sebui sa porofešenale le mobebofatsi, ka ntlha ya go gapa Bosimega jwa Lefatshe jwa Toastmasters jwa 2021 jwa go Bua mo Phatlhalatseng (2021 Toastmasters World Champion of Public Speaking). Ke mosadi wa borataro go gapa Bosimega jwa Lefatshe mo dingwageng tse di fetileng tse 80 tsa kgaisano le mofenyi wa ntlha go tswa Aforika.
  • Setlhopha sa Springbok Sevens, ka go gapa Motseletsele wa bone wa HSBC World Rugby Sevens fa ba ne ba konosetsa sebedi sa Amerika Bokone ka go gapa thonamente ya bobedi ya tse pedi tsa HSBC Canada Sevens kwa Edmond. 

2.    Matshediso 
Kabinete e fetiseditse matshediso go bamalapa le ditsala tsa: 

  • Moporofesara Hlengiwe Buhle Mkhize, yo a neng a na le dingwaga di le 69, Motlatsatona mo Kantorong ya Moporesidente wa Lefapha la Basadi, Bašwa le Batho ba ba nang le Bogole. Mo botshelong jwa gagwe jotlhe o ne a ipontshitse jaaka moemakgatlhanong yo o sa felelweng le yo o lerato kgatlhanong le tlhaolele le molweladitshwanelo tsa botho, le mmueledi wa phediso ya go tlhoka tekatekano ya bong.
  • Rre Karabo Gungubele, yo a neng a na le dingwaga di le 32, morwa Tona mo Kantorong ya Moporesident, Rre Mondli Gungubele. 
  • Mme Zanele kaMagwaza-Msibi, yo a neng a na le dingwaga di le 59, Moeteledipele wa Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Kgololesego le Motlatsatona wa maloba wa Saense le Thekenoloji, yo o neng a ineetse go dira ditshwaelo di le mmalwa tse di kgethegileng mo temokerasing ya rona le mo baaging.
  • Rre Jolidee Matongo, yo a neng a na le dingwaga di le 46, Ratoropokhuduthamaga wa Johannesburg, yo o neng a ineetse go tokafatsa maemo le go tlhamela batho botlhe ba Johannesburg le baamegi ditšhono mo ikonoming ya toropo.

F.    Go Thapiwa

Kabinete e tlhomamisitse go thapiwa ga Mokomišinara le Motlatsamokomišinara wa Setheo sa Tsamaiso ya Melelwane (BMA):
1.    Ngaka Nakampe Michael Masiapato jaaka Mokomišinara wa BMA.
2.    Majoro-Generala David Chilembe jaaka Motlatsamokomišinara wa Ditiro kwa BMA. 
Kabinete e dumelane le go thapiwa ga ditokololo tsa Boto morago ga go tlhomamisiwa ga borutegi le dikgololo tse di maleba.
3.    Boto ya Bakaedi ba Diphaka tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa:
(i)    Mme Pamela Bulelwa Yako;
(ii)    Mme Gertrude Bulelwa Koyana;
(iii)    Mme Nandi Nyameka Mayathula-Khoza;
(iv)    Mme Yolan Friedmann;
(v)    Mme Zukisa Millicent Ramasia;
(vi)    Rre Jeoffrey Godfrey Mashele;
(vii)    Kgosi Livhuwani Lyborn Matsila;
(viii)    Rre Lourence Bernad Mogakane;
(ix)    Rre Fulufhelo Edgar Neluchalani;
(x)    Rre Ntsako Brian Ngobeni; le
(xi)    Mme Hulisani Helen Mushiane.
4.    Boto ya bakaedi ba Setheo sa Aforika Borwa sa Biodiversity:  
(i)    Mme Joanne Yawitch; 
(ii)    Mme Beryl Delores Ferguson;
(iii)    Naka Pulane Elsie Molokwane;
(iv)    Naka Lesley Thulani Luthuli;
(v)    Rre Paul Graeme Daphne;
(vi)    Moporofesara Azwihangwisi Edward Nesamvuni;
(vii)    Naka Mmaphaka Ephraim Tau; le
(viii)    Naka Reginald Sethole Legoabe.

Dipotsiso: Mme Phumla Williams – Sebueledi sa Kabinete 
Selefounu: 083 501 0139
 

Share this page

Similar categories to explore