Batlhami ba Matshwao a Bosetšhaba

Gold Mametja

[Letshwao la Mapungubwe, Baobab, balekane ba ga OR Tambo, Luthuli, Mendi wa Bopelokgale]

Gold Mametja o na le leina le nyalanang sentle le ditalente tsa gagwe. Botaki jwa gagwe bo ne jwa tlhophiwa mo teng ga bontsintsi jo bo neng jwa romelwa morago ga gore GCIS e laletse bataki ba dibenya go romela botaki jwa Matshwao a mašwa a Bosetšhaba.

Mo botshelong jwa gagwe go lenaneo le legolo la diphitlhelelo fa e sale a tswa kwa Technikon Witwatersrand. Di akaretsa motseletsele wa botaki mo Aforika Borwa go akaretsa mela ya gauta ya (Lebelo la Comrades) Comrades Marathon.

O bonolo e bile o lentswe le kwa tlase, o akanya gore go dira ka Matshwao a Bosetšhaba e ne e le: ‘Sengwe se se botlhokwa go gaisa mo botshelong jwa me. Go ntetla gore ke dire botaki jo, ke mpho e kgolo e naga eno e e nneileng.” Mametja o dira jaaka motaki wa madirelo kwa CSIR kwa Pretoria. O nna kwa Kempton Park le mosadi wa gagwe le bana ba babedi.

Gareth Smart

[Letshwao la Ikhamanga]

Gareth Smart o itlhagisitse jaaka motaki mo makaelong le diraleng tse dintsi morago ga go konosetsa gerata ya BA Graphic Design (mo go tsa Botaki) kwa Midrand Graduate Institute. O ne a kobile thata karolo ya 3D Multimedia. Polokelo ya gagwe e supa lenaneo le maatla la badirisi le a le dirileng ka nakwana e khutshwane.

Mo go ena e ne e le ‘tšhono ya botshelo’ go tlhophiwa gore a take Letshwao la Bosetšhaba le lešwa. O nna kwa Pretoria a thusa badirisi ka tiro ya gagwe e a dirang nakwana ya go taka, go diragatsa le botlhami.

Share this page