Letshwao la balekane ba ga OR Tambo

Letshwao le le neelwa batswantle (Ditlhogo tsa Dinaga le Puso) le batlotlegi ba bangwe ba kwa ntle ga naga. Le neelwa ka ntlha ya botsalano jo ba bo bontshitseng Aforika Borwa. Ka jalo ke letshwao la kagisono, tirisano le go tlhagisa ka tlhamalalo kopano le tshegetso. Letshwao le le supa pilara ya botlhokwa mo dikamanong tsa boditšhabatšhaba le tsa maphatamantsi.

Thulaganyo

Letshwao le le abiwa go ya ka maemo a le mararo:

  • Maemo a ntlha = Molekane yo o kwa Godimo wa ga OR Tambo (Gauta)
  • Maemo a bobedi = Molekane yo o fa Gare wa ga OR Tambo (Selefera)
  • Maemo a boraro = Molekane wa ga Tambo (Kgotlho).

Dikabelo tsotlhe tse di akaretsa dikarolo tse nne: seikokotlelo, betšhe ya molala, lennye le mokgabiso wa tlotlo. Letshwao la bofelo le na le dikarolo tse tharo: betšhe ya molala, lennye le mokgabiso wa tlotlo.

Bokao/Dikarolo tsa botaki

Thotloetso/bokao

OR Tambo: OR Tambo o nnile le seabe se segolo mo kgodisong le tlhabololong ya kopano ya boditšhabatšhaba kgatlhanong le bosemorafe le tlhaolele. Gareng ga tse dingwe o tlhomile Morero wa ntlha wa mokgatlo wa kgololosego kwa Egypt, Morocco, Ghana le London. Se e nnile tshimololo e ntle ya go kopanya ditsala tsa Aforika Borwa go ralala lefatshe mo maitekong a a tswelelang a dinaga tsa boditšhabatšhaba go tshegetsa Aforika Borwa yo o gololosegileng wa temokerasi le go lwa kgatlhanong le bosula jwa bosemorafe, kgatelelo le Tlhaolele.

Majola (noga ya setlhodi): Noga e e etelang masea fa a sena go belegwa. Ga e ke e utlwisa bana botlhoko kgotsa maloko a lelapa mme tsela ya go e koba ka botsalano ke gore mme a e none ka mekgato ya gagwe. E etela lesea go le siamisetsa botshelo jo bo atlegileng le bo bo sireletsegileng fa le gola. E tla jaaka tsala le mosireletsi. Botsalano jo e bo tlhagisang ga bo a itshetlega ka pontsho ya tshiamo fela ke tlhagiso ka tlhamalalo ya kopano le go tlhoafalela go tshegetsa le go rotloetsa katlego yap aka e telele ya ngwana le maloko a setho a a golang. Noga e key a setso sa Seaforika gonne ka ntlha ya sekwalwa sa kanegelo e se se bidiwang The wrath of the ancestors ka AC Jordan. Kanegelo e tlodisa matlho kakanyo e e tlwaelegileng ya gore noga e botlhole mme e tlhagisa thanolo e e anameng ya Seaforika e e tlhaloganyang gore noga ke tsala e bile ke leloko la tlhago e e anameng.

Dikarolo

  1. Seikokotlelo – se betlilwe ka legong le le borokwa, ke letshwao la kamogelo ya tshegetso le kopanao e e supiwang, ga mmogo le boineelo jwa go tshegetsa le go ema nokeng moamogedi.
  2. Majola – leitlho le le tlhoko le le nang le dikgwage kwa godimo le kwa tlase le supa temogo ya go tlhagisiwa ga kopano le tshegetso go Aforika Borwa.
  3. Tomoye ya matlhakore a mane – e tlhotlhelediwa ke kgopolo e e itsegeng ya yin le yang e e supang kopano ya dintlha tse pedi go tswa matlhakoreng a a farologaneng a semowa.

Seikokotlelo

Betšhe ya molala

Le lennye

Mokgabiso wa tlotlo

 

Share this page