Letshwao la Mapungubwe

Letshwao le le abelwa Maaforika Borwa ka phitlhelelo e e manontlhotlho e e tswileng dinala.

Thulaganyo

Letshwao le le ka neelwa go ya ka Maemo a le mararo:

  • Maemo a ntlha = Letshwao la Mapungubwe la Polatimano (Polatinamo)
  • Maemo a bobedi = Letshwao la Mapungubwe la Gauta(Gauta)
  • Maemo a boraro = Letshwao la Mapungubwe la Kgotlho (Kgotlho).

Bokao/Dikarolo tsa botaki

Thotloetso/bokao

Mapungubwe: Puso ya Mapungubwe e ne e le kwa sekhutlong se se kwa bokone sa naga ya rona dingwaga di ka nna sekete tse di fetileng. Puso e e ne e na la tsamaiso ya naga ya maemo a a kwa godimo le temothuo e e tlhabologileng. E ne gape e na le intaseteri ya meepo le go fisiwa ga tshipi. Puso e e ne e ananya le dinaga tse di kgakala jaaka China. Ka nako ya yona e ne e emetse botswerere jwa kakanyo ya setho le botlhale.

Dikarolo

  1. Dikhutlo tse nne tsa lefatshe – di supa diphitlhelelo tsa Aforika Borwa mo lefatsheng ka bophara.

    Betšhe ya molala

    Le lennye

    Mokgabiso wa tlotlo

  2. Tlhabo ya letsatsi – tshimologo e ntšhwa e e runyang mo Aforika.
  3. Thaba ya Mapungubwe – e dira lemorago, thaba ya matlapana mo letlapeng la seretse mo lefelong le le omileng la bobatsatsana la dipula tse di fetofetogang tsa selemo. Mesima e supa gore bothakga bo tlhageletse mo teng ga maemo a a thata a tlhago.
  4. Tshukudu ya Mapungubwe – setlhagiswa sa botsweretshi se se itsegeng ga jaana se se fitlhelwang mo boalong jwa mosima, setshwantsho se sennye se se apesitsweng ka gauta se bopilwe go dikologa legare le le boleta, gongwe legolong le lo lo betlilweng, ke bopaki jwa bothakga jwa setho jo bo leng teng mo Pusong e.
  5. Thobane ya Mapungubwe – e tlhageletse mo pitseng e e gakolosang gauta mo letlhakoreng le lengwe; ke sengwe sa tse di fitlhelwang mo lebitleng mo lefelong la mesima.
  6. Pitsa e e kgabisitsweng e e gakolosang gauta – dipopego tsa tekano mo pitseng e e phophomang di supa motlele wa botswerere, saense le botlhami, se se supang diphitlhelelo tsa ntlha mo go gakoloseng tshipi.
  7. Kgabo ya molelo - bokgoni jwa molelo jwa go itshekisa le go tshedisa, tse di neng di ntse di dirisiwa fa e sale ka Paka ya Tshipi, go tsweletsa tlhabololo le botswerere mo baaging le mo ditšhabeng .

 

Share this page