Letshwao la Ikhamanga

Letshwao le le neelwa baagi ba Aforika Borwa ba ba dirileng ka botswerere mo go tsa botsweretshi, setso, bokwadi, mmino, bobegakgang le metshameko.

Thulaganyo

Letshwao le le ka abiwa go ya ka maphata a le mararo:

  • Lephata la ntlha = Gauta
  • Lephata la bobedi = Selefera
  • Lephata la boraro = Kgotlho.

Matshwao/Dielemente tsa botaki

Thotloetso/bokao

Semela sa Ikhamanga (Strelitzia) se supa bontle jo bo kgethegileng jwa diphitlhelelo ka banna le basadi ba ba tsholeletsang Aforika Borwa kwa mankalenkaleng mo go tsa itlhamelo, botsweretshi, setso, mmino, bobegakgang le metshameko.

Dielemenete

Betšhe ya molala

Le lennye

Mokgabiso wa tlotlo

  1. Ditlhogo tsa Lydenburg – (botsweretshi) – tlhogo ya lefatshe e emetse botsweretshi jwa pono le itlhamelo, tiragatso le terama.
  2. Moropa wa Seaforika – e amana le ditso tsotlhe mme e supa botsweretshi, ke letshwao la talente mo dikgokaganong le keteko ya setso.
  3. Setlho/letsatsi – setlhoa se supa serwalo sa tlhogo se se rwalwang ke badiragatsi, ba bogosi le batho ba tlotlegang. Marang a letsatsi, a a supang maatla, kgalalelo, lesedi le maatla, di supa diphitlhelelo tsa badiragatsi mo makaleng a a farologaneng.
  4. Didiko tsa ka fag are kgoma melelwane – (kgalaletso mo metshamekong) – di supa go lemoga diphitlhelelo tse di gaisang mo ditiragalong tse di farologaneng tsa metshameko le setso
  5. Ditsela – (phitlhelelo le tswelelopele) – di supa ditsela tsotle tse di isang kwa Aforika le Cradle of Humankind, e e gatelelang tsela e telele e le bokete ya phitlhelelo, bothakga le katlego.

Share this page