Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 28 Lwetse 2016

1. Go Tsenngwa Tirisong ga Mananeo a Botlhokwa a Puso

1.1. Jaaka puso, re itlamile tota go tsholetsa batho ba rona, mme ke ka moo thuto e salang go nna nngwe ya ditlapele tsa rona tsa botlhokwa. Re bontshitse seno ka kabelo ya ditlamelo, moo Thuto e Kgolwane le Katiso e nnileng mongwe wa baamogelatshiamelo ba bagolo go gaisa mo tekanyetsokabong ya bosetšhaba ya monongwaga, ka go amogela 18% ya tlaleletso mo ngwageng wa 2016/17.

Le fa go ntse go na le mathata a ikonomi, re tswelela go aba ditlamelo go bontsha tshegetso ya rona go atolosa phitlhelesego ya Thuto e Kgolwane, le thuto ka kakaretso. Monongwaga puso e tlametse ka R1.9 bilione ya tlhaelo ya R2.3 bilione e e bakilweng ke ketleetso ya koketsego ya 2016. Go rebotswe gape go feta R4.5 bilione mo ngwageng wa ditšhelete wa 2016/17 go thusa Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti go kgontsha baithuti ba ba humanegileng go fitlhelela thuto e kgolwane.

1.2. Puso e itse sentle gore go beeletsa mo thutong ya bana ba rona go tla nna le seabe se segolo mo kgolong e e kwa godimo ya ikonomi, e leng se se tlhokegang go samagana le dikgwetlho tse tharo tsa botlhokatiro, lehuma le go tlhoka tekatekano.

Puso e utlwile mme e tsibogetse selelo sa baithuti mme e tla etleetsa paakanyo ya dituelo tsa baithuti ba yunibesithi ba ba humanegileng gongwe ba le mo magareng mo ngwageng wa dithuto wa 2017. Baithuti bao batsadi gongwe batlhokomedi ba bona ba kgonang go duelela thuto ya yunibesithi ba tshwanetse go tswelela go dira jalo, gonne thuto ga se maikarabelo a puso kanosi.

1.3. Paakanyo e lebeletse ntlha ya go kgona go duela ga baithuti le batsadi ba bona, gammogo le tlhokego ya go netefatsa gore ditheo tsa thuto e kgolwane di tswelela go ikgona mo go tsa ditšhelete. Pegelo ya nakwana ya Lekgotla la Thuto e Kgolwane e tshitshintse paakanyo e e golaganeng le infoleišene go ralala ditheo ka 2017.

1.4. Puso e amogetse katlenegiso ya paakanyo ya dituelo ya 8% e e tshitshinyeditsweng diyunibesithi le dikholetšhe tsa Thuto le Katiso ya Tiro ya Setegeniki (TVET), fa e ntse e tlamela ka matlole a go thiba sekgala sa paakanyo se se amang baithuti ba ba humanegileng le ba ba mo magareng.

Fa Khomišene ya Dipatlisiso ya Moporesitente e e Mabapi le Ttlamelo ya Matlole a Thuto le Katiso e Kgolwane e konosetsa tiro ya yona, ditsamaiso tsa diyunibesithi di tshwanetse go tswelela go dira, go tlhagisa bokgoni go ya kwa ikonoming, mmogo le go maatlafatsa bašwa ba maAforika Borwa mmogo le baithuti go tswa kwa dinageng tse dingwe go ralala lefatshe, bogolo segolo ba Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika (SADC).

1.5. Kabinete e ikuela kwa baithuting, bogolo segolo baeteledipele ba baithuti, go tlhagisa matshwenyego a bona ka tshwanelo go ya ka Molaotheo, o o kaelang maAforika Borwa otlhe. Ditshupetso tsa baithuti tsa fa gautshwane di ne di aparetswe ke tirisodikgoka, moo naga e itemogetseng tshenyo, tshenyo ya dithoto, go fisiwa ga dilaeborari tota le go tlhokafala ga modiri wa yunibesithi.

1.6. Moporesitente Jacob Zuma o laetse Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelo ya Bosenyi le Tshireletso (JCPS) go samagana le tlhakantsuke e e senyang ditheo tsa rona tsa thuto e kgolwane. Moporesitente o tlile go kopana le Ditona go tswa kwa Setlhopheng sa JCPS kgantejana. Ditheo tsa tiragatso ya molao, tse di dirang go ya ka molao, di tla dira tsotlhe tse di tlhokegang go fitlhelela botlhe ba ba rweleng maikarabelo a ditiragalo tsa bosenyi tse di itemogetsweng.

1.7. Fa re amogela kitsiso ya Lefapha la Thuto ya Motheo ya gore tsotlhe di apere tshiamo malebana le Ditlhatlhobo tsa Bosetšhaba tsa Setifikeiti se Segolwane/sa Materiki tsa 2016, re ikuela mo baameging botlhe go dira mmogo go netefatsa gore ditheo tsa thuto e kgolwane di kgona go amogela Mophato wa 2016 gore re bonele bana ba rona isago e e galalelang. Baamegi botlhe, bogolo segolo batsadi le batlhokomedi, ba tshwanetse go nna le seabe se se tlhaga mo go boneng ditharabololo tsa leruri tsa kgwetlho ya tlamelo ya matlole a thuto.

Ditlhatlhobo tsa Mophato wa 12 di simolola ka la bo 26 Diphalane go fitlha ka la bo 29 Ngwanaitseele 2016. Tona ya Thuto ya Motheo o tla itsese dipholo tsa ditlhatlhobo tsa 2016 tsa Mophato wa 12 ka la bo 4 Ferikgong 2017. Ditlhatlhobo tsa 2016 di na le barutwana ba le 677 141 ba ba tsenang nako e e tletseng le ba le 150 183 ba ba tsenang nakwana, mme seo se dira barutwana ba le 9 000 go feta ba 2015, e leng se se supang maitlamo a puso a go netefatsa gore bontsi jwa bašwa bo konosetsa thuto ya bona ya motheo gore ba kgone go nna le seabe mo ikonoming. Kabinete e eleletsa Mophato wa 2016 masego jaaka ba tla bo ba tsena mo legatong la bofelo la leeto la bona la sekolo.

1.8. Jaaka lefatshe le keteka Letsatsi la Lefatshe la Barutabana ka la bo 5 Diphalane 2016, Kabinete e akgola barutabana botlhe ba rona ka ntlha ya boineelo le go dira ka natla go tlhomela baeteledipele ba rona ba isago motheo. Boineelo le botswapelo jwa barutabana ba rona bo godisitse batho ba rona mme bo tswelela go rotloetsa bana ba rona go ya kwa isagong e e galalelang.

Ikonomi

1.9. Kabinete e rotloediwa ke ditlamorago tsa dikgolagano tse di tswelelang pele magareng ga puso le baeteledipele ba madirelo, tse di eteletsweng pele ke Moporesitente Zuma ka maiteko a kantoro ya Moporesitente a Bakhuduthamaga go dira gore go nne le boikanyego mo ikonoming, go tlhosetsa kgolo ya ikonomi le go tila go folosiwa mo maemong a tlamelo ya sekoloto.

Tswelelopele e akaretsa lenaneo la go thapiwa ga bašwa la go baya bašwa ba le milione mo ithutelotirong e e duelelwang mo dingwageng di le tharo mo lephateng la poraefete, go akaretsa go tlhomiwa ga Letlole la Aforika Borwa la Dikgwebopotlana la R1,5 bilione go beeletsa mo dikgwebopotlaneng. Go lepalepana le Leano la puso la Dintlharobongwe, go setse go dirilwe tiro ya go sekaseka maphata a le robedi a ikonomi le go supa dikarolo tsa peeletso le kgolo e ntšhwa.

Fa go gatelwa kwa pele, kgwebo e tla dirisana le puso ka diporojeke tse di latelang: go tlhomiwa ga Letlole la Kgolo ya Temothuo; bokgoni jwa go tshegetsa papatso ya bojanala; go oketsa palo ya baoki ba ba katisiwang; le tsosoloso ya madirelo a a welang tlase, bogolo segolo kwa Vaal Triangle.

1.10. Go nnile le tswelelopele gape mo go diragatseng Togamaano ya Bosetšhaba ya Patlisiso, Tlhabololo le Boitlhamedi jwa Haeterojene le Thekenoloji ya Disele tsa Leokwane (eo e itsegeng ka leina la Togamaano ya HySA). Kabinete e amogetse Togamaano ya HySA ka 2007 go dira gore go nne le kitso le go kgontsha tlhabololo ya ditlhagiswa tsa kgwebo tsa boleng jo bo kwa godimo mo lephateng la Haeterojene le thekenoloji ya Disele tsa Leokwane ka go fetolwa ga ditlamelo tsa naga tsa tshipi mo setlhopheng sa polatinamo. Seno gape se na le bokgoni jwa go tsweletsa tiragatso ya selegae ka maitlhomo a go maatlafatsa madirelo a bantsho. Boitlhamedi jono jwa Aforika Borwa bo akaretsa go tshwaela mo boitlhameding jwa boditšhabatšhaba ka go gweba ka thekenoloji go ntse go ikgapelwa 25% mo mmarakeng wa Haeterojene le Disele tsa Leokwane, e leng se e tla nnang R1.37 bilione ka 2020.

1.11. Kabinete e amogetse go itsisewe ga molawana o montšhwa o o laolang botsalano magareng ga mothapi le modiri malebana le go gwebisana le Mmuso. Melawana e e kasetilweng e diragatsa Molao wa Botsamaisi jwa Tsamaiso ya Setšhaba, 2014 (Molao wa bo 11 wa 2014).

1.12. Go rebolwa ga dintlo tsa ntlha di le 500 kwa Porojekeng e e Lotaneng ya Bonno jwa Batho kwa Savanna City, e e neng e eteletswe pele ke Tona ya Bonno jwa Batho, Mme Lindiwe Sisulu, ke karolo ya maiteko a puso a go tlamela batho ba ba tlhokang dintlo  tse di nang le seriti le go thusa go busetsa seriti sa bona ka go netefatsa gore ba itumelela tshwanelo ya bonno jo bo lekaneng e bile e le jwa boleng. Bagale ba sesole ba neetswe dintlo di le 200. Fa e konosediwa mo dingwageng tse tlhano tse di tlang, porojeke e tla bo e na le dintlo di feta 18 000, mme di le 500 tsa tsona di tla bo di abetswe bagale ba sesole.

1.13. Foramo ya Aforika ya Bolaodi jwa Inthanete, le Ntlhathefosanyo ya Inthanete ya Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika e tlhomilwe ka katlego ke Tona ya Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso, Ngaka Siyabonga Cwele le Mokhomišinara wa Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU), Ngaka Elham Ibrahim.

Foramo ya Bosetšhaba ya Bolaodi jwa Inthanete (AfIGF) e tlhamile seemo sa naga, go ipaakanyetsa AfIGF ya naga go tloga ka la bo 16 go fitlha ka la bo 18 Diphalane 2016, kwa Durban, KwaZulu-Natala. AfIGF e tla lebisa kwa ditlhotlhweng tse di kwa tlase tsa phitlhelelo ya Inthanete mo kgaolong gonne pharakano ya Inthanete e tla dikologa magareng ga dinaga tsa Aforika.

Ditlhabololo tseno di sedifatsa botlhokwa jo Aforika Borwa le AU di bo bayang mo seabeng se se nang le bokao mo ikonoming ya Inthanete mme e seng mo go nneng badirisi fela. Seno gape se re atametsa mo go tlhameng ikonomi e e akaretsang ya dijitale le kitso, jaaka go tlhagelela mo Leanong la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP). Puso e itlamile go netefatsa gore maAforika Borwa otlhe a fitlhelela Inthanete, mme seo se tshwaela mo go tlhameng baagi ba ba akaretsang.

1.14. Pontsho ya Aforika ya Diphofo le Tshireletso le Pontsho ya Tshireletso di ne di amogetswe ka katlego ke Lefapha la Tshireletso, Armscor, SA Aerospace, Mokgatlho wa Madirelo a Mawatle le Tshireletso, Denel le Mokgatlho wa Diphofo tsa Kgwebo wa Aforika Borwa. Serala seno se letleletse madirelo a Aforika Borwa a tshireletso go bapatsa bokgoni jwa ona kwa ditheong tsa boditšhabatšhaba, mme monongwaga gape go nnile le babontshi ba palo e e kwa godimo go gaisa le dipontsho tsa bosetšhaba tse di neng di emetswe ke dinaga tse di farologaneng.

2. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya ga jaana

2.1. Kabinete e ikamanya ka botlalo le polelo e e rebotsweng ke Kantoro ya Moporesitente ka la bo 23 Lwetse mo morerong o o amanang le Motlhankedimogolo wa Tiragatso (COO) wa SABC. Kabinete e tlotla katlholo ya Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo (SCA) e e tlhomamisang go beelwa thoko ga go thapiwa ga ga Rre Hlaudi Motsoeneng jaaka COO wa SABC.

Kabinete e ikuela mo Botong ya SABC go obamela lekwalo le katlholo ya SCA. Maiteko a go gwetlha katlholo ya SCA ka dithanolo tse di belaetsang tsa semolao ke go gataka ntlhatheo ya molaotheo ya molao mme ke go gwetlha dithata tsa bosiamisi tsa dikgotlatshekelo tsa rona tse di tlhomilweng go ya ka molaotheo. Tshwetso ya go thapa gape Rre Motsoeneng mo maemong a mantšhwa e bontsha go nyatsa molao.

Kabinete e gakolotse Boto ka Karolo ya 165 ya Molaotheo: gore taelo gongwe tshwetso e e ntshitsweng ke kgotlatshekelo e tlama batho gongwe ditheo tsa mmuso tse di amiwang ke tshwetso eo.

Kabinete e laetse Tona ya Ditlhaeletsano, Mme Faith Muthambi, go tsaya dikgato tsa potlako go samagana le morero ono le Boto ya SABC.

2.2  Kabinete e amogela dipoelo go tswa kwa seabeng sa Aforika Borwa kwa Kokoanokakaretsong ya bo 71 ya Ditšhabakopano (UNGA), e e neng e eteletswe pele ke Moporesitente Zuma. Seno se diragetse go tloga ka la bo 20 go fitlha ka la bo 26 Lwetse 2016 ka fa tlase ga moono wa "Diphitlhelelo tsa Leruri tsa Tlhabololo: Maitlhomo a lefatshe lotlhe a go fetola lefatshe la rona". 

Ka nako ya kopano eno, baeteledipele ba lefatshe ba amogetse Kgoeletso ya New York e e tlhalosang maikaelelo le maitlamo a sepolotiki a go sireletsa ditshwanelo tsa bafudugedi le bafaladi. Maitlamo a tlhagola tsela ya dipuisano tse di yang kwa khonferenseng ya boditšhabatšhaba le go amogelwa ga tumelano ya lefatshe ya bofaladi jo bo babalesegileng, jo bo rulaganeng e bile bo tsamaya sentle ka 2018.

Naga ya rona e ne gape ya boeletsa boikuelo jwa yona jwa gore go maatlafadiwe ditheo tsa bolaodi jwa lefatshe, go akarediwa UN, bogolo segolo Lekgotlatshireletso mme ya ikuela gore go nne le phetogo ya ka bonako ya ditheo tseno ka maitlhomo a go siamisa go tlhoka bosiamisi ga maloba kgatlhanong le Aforika go go bonalang mo dipopegotheong tse di sa tlholeng di na le bokao.

Moporesitente Zuma le Moporesitente Hollande wa France e ne e le baamogedi ba Khomišene e e kwa Godimo ya UN ya Ditiro mo Boitekanelong le Kgolo ya Ikonomi ka la bo 20 Lwetse 2016. Khomišene e tlhomilwe ke Mokwaledikakaretso wa UN mme maikaelelo a yona ke go buisana le baeteledipele kwa legatong le le kwa godimo go rotloetsa gore go tlhamiwe ditšhono tse dintšhwa tsa ditiro mo lephateng la boitekanelo mo lefatsheng lotlhe. Pegelo ya Khomišene e e amogetsweng ke Kokoanokakaretso, e dira dikatlenegiso go ya kwa Mebusong e e leng Ditokololo, go tloga ka ditlhokego tsa katiso, thuto e e tswelelang pele mmogo le tlhokego ya go tota tlhokomelo ya boitekanelo ya motheo. Seno se akaretsa maitlamo a gore go bo go katisitswe badiri ba boitekanelo ba le dimilione di le 40 ka 2030.

Moporesitente Zuma o fetisitse semmuso bodulasetilo jwa boeteledipele jwa Selekane sa Puso e e seng Bofitlha (OGP) go Fora kwa tiragalong ya keteko ya dingwaga di le tlhano kwa kopanong e e neng e le kwa tlhakoreng kwa UNGA. Ka nako ya boeteledipele jwa Aforika Borwa jwa OGP, re eteletse pele Tumelano ya Puso e e seng Bofitlha ya go tsenngwa tirisong ga Lenaneo la Tlhabololo e e nnelang Leruri la 2030, le le tla lebisang kwa goreng dinaga tse e leng ditokololo tsa OGP di diragatse Diphitlhelelo tsa Ditlhabololo tse di nnelang Leruri mo maanong a tiragatso a dinaga tsa tsona tsa OGP. Gape Aforika Borwa e dirile gore go se nne bofitlha mo peo molaong, go se nne tshedimosetso e e bofitlha, le go atolosa seabe sa baagi go akaretsa ditheo tse di kwa tlase tsa baagi mmogo le ditlhopha tse di mo matshosetsing e nne ditlapele mo OGP.

3. Ditshwetso tse di Botlhokwa tsa Kabinete

3.1. Kabinete e itsisitswe ka tshekatsheko ya Akademi ya Saense ya Aforika Borwa ka ga gore Aforika Borwa e siame mo ntlheng ya setegeniki go ka tshegetsa indasetiri ya gase ya šale, go akarediwa dikatlenegiso ka dikgato tse di tshwanetseng go diragadiwa ke mafapha a a maleba.

Mo kgabaganyong ya go ya kwa thekenolojing e e tlhagisang khabone e e kwa tlase go ntse go tokafadiwa go nna teng ga maatla, Aforika Borwa e lebeletse gore gase ya šale e ka nna le seabe mo tlamelong ya maatla a naga mo isagong.

Pegelo, e e tla gololwang gore baagi ba e sekaseke, e tlhagisa dintlha di le mmalwa tse di tlhokang go elwa tlhoko go dira gore naga e nne mo seemong se se siameng tota. Tsona di akaretsa: go maatlafatsa bothati jwa taolo, dilaesense le tlhokomelo, go netefatsa gore Aforika Borwa e na le bokgoni jo bo maleba; go tshegetsa ditlamo tse di maleba go diragatsa ditšhono tsa ikonomi; go baya dithulaganyo tse di tla sireletsang ditlamelo tsa tlhago, le go simolola ka dipatlisiso.  Pegelo e tla dirisiwa jaaka motheo wa go tlhama leano la patlisiso, tlhabololo le boitlhamedi mo ntlheng ya gase ya šale.

3.2. Go nnile le tswelelopele mo Letsholong la Operation Phakisa la Temothuo, Ntšhwafatso ya Naga le Tlhabololo ya Metsemagae. Ka Letsholo la Operation Phakisa, puso e ikaelela go atolosa kgolo, ka maitlhomo a go dira gore Aforika Borwa e nne le setšhaba se se nang le dijo mo magatong otlhe.

Fa e sa le ka Motsheganong 2016, go nnile le patlomaikutlo e e tseneletseng mo pakeng ya dikgwedi di le nne. LAB e tla diragala mo pakeng ya dibeke di le tlhano go tloga ka la bo 25 Lwetse go fitlha ka la bo 28 Diphalane 2016. Maitlhomo magolo ke go netefatsa gore go tlhamiwa ditsereganyo tse di tlhokegang e bile di ka tsenngwa tirisong tse di lebisang kwa goreng lephata le akarediwe mo ikonoming. Letsholo la Operation Phakisa: La Temothuo le Ntšhwafatso ya Naga le ikaelela go tlhama ditiro di le milione, le go jala mo diheketareng di le milione ka 2019 jaaka e le ponelopele ya NDP.

3.3. Kabinete e amogetse Letlhomeso la Togamaano ya go aga bokgoni jwa Makgotlatoropo a Kgaolo le a Selegae go tshegetsa Lenaneo la Agri-Parks.

Lenaneo la Agri-Parks ke motheo wa setlapele wa puso wa go Tsosolosa Temothuo le go fetolwa ga ditlhagiswa tsa Temothuo, e leng nngwe ya ditlapele mo Leanong la Dintlharobongwe Makgotlatoropo a kgaolo otlhe a le 44 a akareditswe mo lenaneong leno. Seno se tla kgontsha Agri-parks go dira jaaka sediriswa sa botlhokwa go diragatsa togamaano e e tshitshintsweng ya NDP ya tlhabololo ya metsemagae ka ntlha ya bokgoni jwa go tshegetsa tlhagiso e nnye ya temothuo le go susumetsa go fetolwa ga ditlhagiswa tsa temothuo mo metsemagaeng.

3.4. Gape Kabinete e amogetse Lokwalopuso la mabudusatsela la Pholisi ya Bosetšhaba ya Thekenoloji e e Lotaneng ya Tshedimosetso ya Tlhaeletsano (ICT), e e emelang Makwalopuso a a farologaneng a mabudusatsela a Mafaratlhatlha a Megala (1996) le Ditirelo tsa Poso (1998).

Pholisi eno ya ICT e e lotaneng e tlhagisa ka moo puso e tla netefatsang ka teng gore lephata le diragatsa bokgoni jwa lona go gokaganya phetogo e e akaretsang ya loago le ya ikonomi mo Aforika Borwa. Tona ya Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso, Ngaka Cwele, o tla nna le puisano e e kwa thoko ya bobegakgang go tlhalosa pholisi eno go ya pele.

3.5. Kabinete e amogetse tlhagiso ya Tumelano ya Mokgatlho wa Aforika wa Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano (ATU) ya 1999 kwa Palamenteng gore e rebolwe go ya ka Karolo ya 231(2) ya Molaotheo.

ATU ke setheo se se tsweletsang phitlhelelo ya botlhe mo Aforika le tiriso ya di-ICT - go tshwana le go atolosa mafaratlhatlha, seemo sa makhubu a radio mmogo le bokgoni jwa go refosanya tshedimosetso mo mafaratlhatlheng a thekenoloji - mo kontinenteng.

Seabe sa Aforika Borwa ke go lepalepana le NDB mmogo le maitlhomo a dipholisi tsa dinaga di sele a go baya seemo sa naga sentle mo lefatsheng le go maatlafatsa setheo sa AU gore se kgone go fitlhelela maitlhomo a pholisi ya tlhabololo ya dinaga di sele.

3.6. Kabinete e amogetse letlhomeso le le tshitshintsweng la go tlhamiwa ga Motsamaisi wa Motheo wa bontsi wa Boagiteke jwa Dilo tsa Dijitale (DOA)), mme leina le le tshitshintsweng ke Setheo sa MISAVA sa Tshupo ya Dijitale (MISAVA Agency) e leng Mmatli wa dijithale.

Go tsenngwa tirisong ga DOA go na le bokgoni jwa go tokafatsa seemo sa Aforika Borwa ka go maatlafatsa bokgoni jwa kgaisano ka go siamela go nna le seabe mo Tsosolosong ya Bone ya Indaseteri.

3.7. Kabinete e amogetse maemo a a baakantsweng a Aforika Borwa mo tshitshinyong ya Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika Borwa (SADC) ya go kwalwa ga memorantamo wa ditumelano malebana le go tlhamiwa ga Setheo sa Botsamaisi jwa Tsela ya Bokoneborwa (NSCMI).

Ditona tsa Dipalangwa tsa SADC di dumelane go tlhama NSCMI go samagana le go tlhoka bokgoni mo tiragatsong le dikgoreletsi mo Tsela ya Bokoneborwa. Gape Kabinete e amogetse gore Tona ya Dipalangwa a amogele kopano ya Ditona tsa Dipalangwa tsa Tsela ya Bokoneborwa ka 2016/17.

3.8. Kabinete e itsisitswe ka go tlhamiwa ga motseletsele o montšhwa wa dipapetlana tsa madi a segopotso le a a rekisiwang a a tla emelang setso, kgololesego le temokerasi ke Setheo se se dirang Madi sa Aforika Borwa le Boto ya sona ya Bakaedi, ka tirisanommogo le Tona ya Ditšhelete.

Kabinete e amogetse kitsiso le sethalo sa papetlana ya madi a segopotso a mantšhwa a R10 le R5 a selefera; papetlana ya ledi le lentšhwa la segopotso la R5 (1/2 oz) la dikarate tse 24 tsa gauta mo Motseletseleng wa Madi a Natura wa 2017; le 

a. Dithalo tsa motseletsele wa dipapetlana tsa madi a a latelang a segopotso:

  • Motseletsele wa Papetlana ya madi a Natura wa 2017;
  • Motseletsele wa Papetlana ya madi a a selefera wa 2017;
  • Motseletsele wa Korone ya R2 ya selefera le Tiki ya 2½ wa 2017

b. Dipapetlana tse di latelang tsa madi a Krugerrand tsa 2017:

  • Go ntshiwa sešwa ga Krugerrand ya bogologolo ya 1967 ka 2016; le
  • Go itsisiwe ga di-Krugerrand tse dintšhwa mo kokoanyong ya 2017.

4. Melaotlhomo

4.1. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Melaotlhomo o o Baakantsweng wa Thuso ya Loago, wa 2016 gore go tshwaelwe mo go ona. Melaotlhomo o baakanya Molao wa Thuso ya Loago, wa 2004 (Molao wa bo 13 wa 2004).

Maikaelelo a Melaotlhomo o o Baakantsweng ke go dira tlamelo ya dituelo tsa tlaleletso le/gongwe ditshiamelo tse di golaganeng le thuso ya loago. Dipaakanyo di tla kgontsha gore go dirwe ditshiamelo tsa phitlho le ditshiamelo tse dingwe tsa dikhutsana le bana ba ba mo malapeng a a eteletsweng pele ke bana.

5. Ditiragalo tse di tlang

5.1. Kabinete e itsisitswe ka dipaakanyo tsa Aforika Borwa mme ya amogela togamaano ya seabe sa Samiti ya bo 8 ya BRICS e e tlang e e etelelwang pele ke Komiti ya Ditona ya BRICS. Samiti ya bo 8 ya BRICS e tla tshwarwa ka fa tlase ga moono wa "Go tlhama Ditharabololo tse di Tsibogang, tse di Akaretsang mme e le tsa Botlhe (BRICS)" go tloga ka la bo 15 go fitlha ka la bo 16 Diphalane kwa Goa, India.

Kabinete e itsisitswe gape le ka seemo sa go dira ga Tikwatikwe ya Kgaolo ya Bankatlhabololo e ntšhwa ya Aforika. Aforika Borwa e tla tswelela go tshegetsa go dira ga Bankatlhabololo e Ntšhwa ya BRICS, go go akaretsang go amogela Tikwatikwe ya Kgaolo ya Aforika mo Johannesburg.

Ditheo tsa ditšhelete tse di tlhamilweng pele tsa BRICS, di tshwana le Bankatlhabololo e Ntšhwa le Thulaganyo ya Rasefe ya Nakwana di dira jaaka ditheo tse di thankgololang go rotloetsa mananeo a indaseteri le mafaratlhatlha mo Aforika Borwa le mo kontinenteng.

5.2. Kabinete e amogetse thomo ya dipuisano ya Aforika Borwa go dira jaaka motheo wa puisano kwa Kopanong ya bo 28 ya Ditokololo tsa Phorotokholo ya Montreal ya Dire tse di Fedisang Boalo jwa Ozounu (Montreal MOP 28) e e tla tshwarwang go tloga ka la bo 10 go fitlha ka la bo 14 Diphalane 2016 kwa Kigali, Rwanda. Phorotokholo ya Montreal e nnile mosola tota malebana le go fedisa Dire tse di Fedisang Ozounu. Seno se golagana le Molaotheo wa rona o o dirang tlamelo ya gore phokotso ya lehuma le tlhabololo ya ikonomi-loago e tshwanetse go tswelediwa go lebeletswe tlhabololo e e nnelang leruri.

5.3. Khonferense ya Boraro ya UN e e ka ga dintlo le Metsesetoropo e e nnelang Leruri (Habitat III) e tla tshwarwa ke UNGA kwa Quito, Ecuador go tloga ka la bo 17 go fitlha ka la bo 20 Diphalane 2016. Maikaelelo a yona ke go amogela Lenaneo le Lentšhwa la Metsesetoropo; lekwalo le le ikaegileng ka dikgato le le tla tlhomang seemo sa lefatshe sa diphitlhelelo mo tlhabololong ya metsemagae e e nnelang leruri, go akanya sešwa ka moo re agang, tsamaisang le go nna mo ditoropokgolong ka gona ka tirisanommogo le balekane ba ba itlamileng, baamegi ba ba maleba, le badiragatsi ba metsesetoropo mo magatong otlhe a puso gammogo le mo lephateng la poraefete.

5.4. Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya Mafaratlhatlha a Dipatlisiso (ICRI 2016) e tla amogelwa kwa Motsekapa go tloga ka la bo 3 go fitlha ka la bo 5 Diphalane 2016 ke Lefapha la Saense le Thekenoloji mmogo le Khomišene ya Yuropa.

Maikaelelo a khonferense ke go bontsha seabe sa botlhokwa sa mafaratlhatlha a lefatshe a dipatlisiso mo go samaganeng le dikgwetlho tse dikgolo gammogo le jaaka ditikwatikwe tsa boitlhamedi; go lebelela ditlhokego, tlhabololo le go nnela leruri ga mafaratlhatlha a dipatlisiso a lefatshe/kgaolo; le go buisana ka kgonagalo ya go leba kwa mosupatseleng wa boditšhabatšhaba.

Aforika Borwa e bontshitse bokgoni jwa yona jwa dipatlisiso tsa saense le thekenoloji, mme e lemogwa jaaka legae la tlholego la mangwe a mafaratlhatlha a dipatlisiso a a botlhokwa go gaisa mo lefatsheng. Go amogela ICRI 2016 go tla tokafatsa tswelelopele ya naga ya go nna ikonomi e e ikaegileng ka kitso jaaka go lebeletswe mo NDP.

5.5. Kabinete e amogela kitsiso ya kgato ya legato la ntlha e e lebisang kwa go timiweng ga kgaso ya analoko ka la bo 28 Diphalane 2016 ke Tona ya Ditlhaeletsano, Faith Muthambi, kwa ditoropong tsa botlhokwa tsa dikarolo tsa Square Kilometre Array (SKA) kwa Kababokone, kwa toropong ya Carnavon mo Lekgotlatoropong la Selegae la Kareeberg. Magae a feta 86% mo dikarolong tsa SKA a ntse a golagantswe e bile a itumelela ditirelo tsa thelebišene tsa dijitale mo dintlong tsa ona.

Phuduso eno e lepalepane le NDP ka go tlhama mafaratlhatlha a a itekanetseng, a a ikanyegang, a a sireletsegileng mme a se tlhotlhwagodimo a ICT. E tla golaganya metsemagae le metsesetoropo, bahumi le bahumanegi, e netefatsa gore baagi ba Aforika Borwa ba diragatsa le go tlhaeletsana botoka ka tiriso ya thekenoloji.

5.6. Puso e tla keteka Kgwedi ya Tlhabololo ya Loago ka Diphalane ka fa tlase ga moono wa "Mmogo re isa Aforika Borwa pele kwa Tlhabololong ya Ikonomiloago" mme ka Lefapha la Tlhabololo ya Loago (DSD), e tla tshwara dipuisano go ralala naga go tlhaloganya ditlhokego tse di farologaneng tsa baagi botoka.

DSD, mmogo le Setheo sa Bosetšhaba sa Tlhabololo (NDA) le Setheo sa Aforika Borwa sa Tshireletsego ya Loago, di tla itsise baagi ka mananeo a a farologaneng a tshireletsego ya loago a a gona le gore a ka fitlhelelwa jang. Kabinete e rotloetsa maphata otlhe go thusa puso go netefatsa gore go tlhokomelwa ditlhokego tsa batho ba ba mo matshosetsing go gaisa mo baaging.

Ka la bo 1 Diphalane 2016 ke Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Bagodi, le le tla ketekwang jaaka karolo ya beke ya ntlha ya Diphalane. Seno se tla dirisiwa go gwetlha megopolo e e fosagetseng ka ga bagodi le go tsofala.

5.7. Lefapha la Metshameko le Boitapoloso le Mokgatlho wa  Boditšhabatšhaba wa Metshameko ya Botlhe le tla amogela legato la bo6 la "The Big Walk" ka la bo 2 Diphalane 2016 kwa Fountains Valley Resort, Pretoria. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go rata mokgwatshelo o o tlhaga le o o boitekanelo go lwantsha seelo se se kwa godimo sa malwetse a mokgwatshelo le bokima.

5.8. Ka la bo 19 Diphalane 2016 ke segopotso sa bo30 sa go sugakana ga sefofane se se tsereng botshelo jwa Moporesitente wa Mozambiki, Samora Moises Machel le banna le basadi ba le 34 ba naga ya gaabo, go akarediwa bafofisi le babegakgang.

Batho ba Mozambiki ba tshwaetse mo kgololesegong ya Aforika Borwa le dinaga tse dingwe mo kontinentepotlaneng. Puso ya Rephaboliki ya Aforika Borwa, ka tirisanommogo le puso ya Rephaboliki ya Mozambiki, e tla amogela ditiragalo tsa segopotso sa bo30 kwa lefelong la tshugakano kwa Mbuzini, Mpumalanga ka la bo 17 Diphalane 2016.

Seno se tshwaela mo go tlhamiweng ga tsela ya kgaratlho le kgololesego ke Lefapha la Botsweretshi le Setso, e e tla golaganyang mafelo otlhe a ditsela tsa ngwaoboswa ya kgololesego mo Aforika Borwa, SADC le kontinente.

Kabinete e romela matshediso go ba ba latelang:

5.9. Balelapa le ditsala tsa mogaka wa mmino wa Aforika Borwa le mongwe wa basimolodi ba mofuta wa mmino wa Kwaito, Mduduzi Tshabalala, yo a neng a itsege jaaka Mandoza. Mmino wa gagwe o nnile le phitlhelelo e e kgethegileng go ralala ditso mme o tswelela go itumelelwa ke maAforika Borwa otlhe.

5.10. Balelapa le ditsala tsa mogaka wa bobegadikgang, motseleganyi le mokwadi, Allister Sparks, yo a tlhokafetseng a na le dingwaga di le 83. Sparks o dirisitse maemo a gagwe jaaka motseleganyi wa Rand Daily Mail mo dingwageng tsa tshimologo tsa bo 1980 go senola puso e e neng e se na bosiamisi ya tlhaolele. E ne e le Tokololo ya Barutegi ba Nieman (Nieman Fellow) kwa Yunibesithi ya Harvard mme e le mokwadi wa Aforika Borwa wa dikgatiso di le mmalwa tsa boditšhabatšhaba, go akarediwa The Washington Post le The Economist.

5.11. Batho ba India, ka ntlha ya go tlhokafala ga Mogalaledi Pramukh Swami Maharaj, tlhogo ya bodumedi ya tumelo ya Swaminarayana Hindu kwa India. Mogalaledi o ne a itsege ka tshwaelo ya gagwe e e gaisang e a e dirileng mo tumelong ya maIndia le setso ka go aga ditempele, di-mandir le ditheo tsa thuto kwa India le kwa dinageng tse dingwe.

5.12. Go bamalapa a botlhe ba ba latlhegetsweng ke matshelo ka nako ya tirisodikgoka kwa Rephaboliking ya Temokerasi ya Congo (DRC) mme botlhe ba ba gobetseng ba elelediwa pholo ya ka bonako. Kabinete e ikuela mo maphateng otlhe a kwa DRC go nna le seabe mo Puisanong e e Akaretsang ya Bosetšhaba, e e gokaganngwang ke Rre Edem Kodjo mo boemong jwa AU mme e tshegediwa ke ditheo tsa kgaolo le tsa boditšhabatšhaba.

5.13. Go balelapa le ditsala tsa ga Shimon Peres, moeteledipele wa mogolwane wa Iseraele yo a neng a arogana Moputso wa Nobel ka ntlha ya go dira gore go nne le tumelano ya kagiso magareng ga Baiseraele le Bapalesetina. Rre Peres o dirile go utlwala ka sebaka se seleele mo dipolotiking tsa Iseraele.

Kabinete e akgotse ba ba latelang:

5.14. Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Indaseteri ka thekenoloji e ntšhwa e e lemogang dikgatiso tsa menwana e e tla thusang badiri ba tiragatso ya molao le baforensiki mo tirong ya bona. Sediriswa seno sa segompieno, se se tlametsweng ka matlole ke Lefapha la Saense le Thekenoloji, se ka dirisediwa go sekaseka mafelo le go bona dikgatiso tsa menwana kwa ntle ga tiriso ya lerojana gongwe matshosetsi a kgotlhelego ya bopaki.

5.15. Ngaka Ismail Bhorat le setlhopha sa gagwe ka karo ya matlhagolatsela ya lesea le le iseng le belegwe kwa Sepetlele sa Bogareng sa Inkosi Albert Luthuli. Eno ke karo ya ntlha go dirwa mo leseeng le le iseng le belegwe mo nageng mme e beile e tlotlomatsa Aforika Borwa mo mmapeng wa lefatshe.

5.16. Mamelodi Sundowns ka go fitlhelela makgaolakgang a Bosimega jwa Lega ya Kgwele ya Dinao ya Mokgatlho wa Aforika morago ka go fenya Zesco United. Phenyo eno ga se fela ya Sundowns ka e tla ungwela gape le kgwele ya dinao ya Aforika Borwa ka kakaretso. E neela batshameki ba rona tšhono e ba e tlhokang le maitemogelo a a tlhokegang go gaisana le ditlhopha tse di gaisang mo kontinenteng ya Aforika le mo lefatsheng.

5.17. Kabinete e akgola Brad Binder ka ntlha ya phenyo ya gagwe ya hisetori ya Bosimega jwa Lefatshe jwa Moto3. Mokgweetsi ono wa sethuthuthu wa dingwaga di le 21 e nnile moAforika Borwa wa ntlha fa e sale ka 1980 go amogela sekgele sa Grand Prix morago ga go fenya bosimega jwa gagwe jwa ntlha jwa Moto3.

5.18. Mme Kabinete e romela malebo go maAforika Borwa otlhe a a nnileng le seabe mo ditiragalong tse di farologaneng tsa go keteka le go tlotla ditso tsa rona tse di farologaneng mo Kgweding ya Ngwaoboswa. Pontsho e e tlhaga ya ditso tsa rona tse di farologaneng le go amogana ngwaoboswa ya rona e e humileng di utlwetse go ralala naga.

Kabinete e rometse melaetsa ya pholo le ya masego go ba ba latelang:

5.19. Kabinete e eleletsa Mobishopo Emeritus Desmond Tutu pholo ya ka bonako morago ga karo ya gagwe.

5.20. Mme e ikamanya le maAforika Borwa go eleletsa Mama Winnie Mandela masego mo matsatsing a gagwe a botsalo a dingwaga di le 80.

 

6. Ba ba Thapilweng

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a tlhomamisitswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

6.1. Lekgotla la Bosetšhaba la Bogakolodi la Boitlhamedi:

a. Rre Mafika Mkwanazi; le
b. Rre Sullivan O’Carroll.

6.2. Lekgotla la Akademi ya Saense ya Aforika Borwa:

a. Moporofesara Eugene Cloete;
b. Moporofesara Sabiha Essack;
c. Moporofesara Shireen Hassim;
d. Moporofesara Jonathan Jansen;
e. Moporofesara Nancy Phaswana-Mafuya;
f. Moporofesara Barney Pityana;
g. Moporofesara Stephanie Burton (o thapilwe gape);
h. Moporofesara Norman Duncan (o thapilwe gape);
i. Moporofesara Johann Mouton (o thapilwe gape);
j. Moporofesara Himla Soodyall (o thapilwe gape);
k. Moporofesara Zeblon Vilakazi (o thapilwe gape);
l. Moporofesara Brenda Wingfield (o thapilwe gape); le
m. Ngaka Shadrack Moephuli (Moemedi wa Lekgotla la Bosetšhaba la Bogakolodi mme o thapilwe gape).

6.3. Ngaka Sarah Mosoetsa mo Botong ya Setheo sa Bosetšhaba sa Dipatlisiso.

6.4. Setheo sa Bosetšhaba sa Bobegadikgang jwa Eleketoroniki sa Aforika Borwa (NEMISA)

a. Mme Mymoena Williams jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo (CEO).
b. Mme Rahimoonisha Abdool jaaka Motlhankedimogolo wa Matlole (CFO).

6.5. Bakaedi ba e seng ba Khuduthamaga ba NEMISA NPC SOC Limited:

a. Moporofesara Walter Theophilus Claassen (Modulasetilo);
b. Rre Thami ka Plaatjie (o thapilwe gape mme ke Motlatsamodulasetilo); le
c. Moporofesara Manoj Maharaj;
d. Mme Sarienne Rana Kersh;
e. Mme Nelisiwe Gloria Mkhaliphi;
f. Rre Phuthi Nehemia Phukubje;
g. Mme Alina Thandiwe Mfulo; le
h. Rre Moraka Lucas Mello (o thapilwe gape).

6.6. Zolani Kgosie Matthews jaaka tokololo e e seng ya khuduthamaga mo Botong ya Kantoro ya Poso ya Aforika Borwa.

6.7. Rre Mahomed Iftekhar Chowan jaaka CFO ya Setheo sa Tirelo ya Botlhe le Phitlhelelo sa Aforika Borwa (USAASA).

6.8. Lekgotla la Aforika Borwa la Merero ya Lefaufau:

a. Mme Pontsho Maruping (Modulasetilo);
b. Mme Nomfuneko Irene Majaja (Motlatsamodulasetilo);
c. Moatefokate Lulekwa Makapela;
d. Rre Themba Beatus Tenza;
e. Rre Linden Sydney Petzer;
f. Moambasadara Peter Goosen;
g. Rre Humbulani Aaron Mudau;
h. Ngaka Sandile Bethuel Malinga;
i. Rre William Simon Makwinja;
j.Mme Nosiphiwo Monica Sonjani;
k. Rre Lloyd McPatie; le
l. Rre Leeandran Annamalai.

6.9. Moatefokate Rory Wayne Voller jaaka Mokomišinara wa Khomišene ya Dithoto le Dithata tsa Ditlamo (CIPC).

6.10. Rre Jayaseelan Manickum Nair mo Botong ya Mokgatlho wa Aforika Borwa wa Di-Inšorense tsa Matshosetsi a a Kgethegileng, SOE, jaaka mokaedi yo e seng wa khuduthamaga.

6.11. Go supiwa ga Mme Patience Bongiwe Kunene jaaka Mokaedikhuduthamaga, yo o emetseng Aforika Borwa, Angola le Nigeria, kwa Botong ya Bakaedi ya Setlhopha sa Banka ya Lefatshe (Banka ya Lefatshe).

6.12. Bolaodi jwa Pabalesego ya Diporo:

a. Go thapiwa gape ga Rre Nkululeko Andrew Stephen Poya jaaka CEO.

Ditokololo tse e seng tsa Khuduthamaga mo Botong ya Bolaodi jwa Pabalesego ya Diporo:

b. Ngaka Nomusa Zethu Qunta (Modulasetilo);
c. Rre Boy Johannes Nobunga (Motlatsamodulasetilo);
d. Rre Zacharia Mosothoane (Motlhophiwa wa Mokgatlho wa Badiri ba Dipalangwa le ba ba Amanang le Tsone wa Aforika Borwa (SADTU));
e. Rre Christiaan Johan de Vos (Motlhophiwa wa Feterasi ya Mekgatlho ya Aforika Borwa);
f. Majoromogolo Michael Monashi Motlhala (Lefapha la Mapodisi, ka maemo);
g. Rre Ngwako Makaepea (Lefapha la Dipalangwa, ka maemo);
h. Mme Hilda Thamaga Thopola;
i. Majoromogolo Willem Adriaan Venter (tokololo e e seng ya khuduthamanga e e ikemetseng);
j. Mme Khulekelwe Mbonambi (o thapilwe gape);
k. Mme Ntombizine Mbiza (o thapilwe gape);
l. Rre Andre Harrison (o thapilwe gape); le
m. Rre Tibor Szane (o thapilwe gape mme ke wa Lefapha la Badiri, ka maemo).

6.13. Go thapilwe gape ga Rre Japh Ronnie Chuwe jaaka CEO (Morejisetara) wa Setheo sa Tlolomolao ya Pharakano ya Tsela.

6.14. Rre Skhumbuzo Dennis Macozoma jaaka CEO ya Setheo sa Aforika Borwa sa Ditsela SOC Limited.

6.15. Rre Sisa Neil Ntshona jaaka CEO ya Bojanala jwa Aforika Borwa.

6.16. Rre Dhesigen Pydiah Naidoo o thapilwe gape jaaka CEO ya Khomišene ya Dipatlisiso tsa Metsi.

6.17. Khomišene ya Lesotho Highlands Water:

a. Rre Bhekizwe Simon Nkosi jaaka Moemedimogolo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa; le
b. Rre Vusi Nhlapo jaaka Moemedi wa Leruri.

6.18. Boto ya Setheo sa Ditšhelete sa Dikgwebopotlana:

a. Mme Charmaine Groves;
b. Mme Happy Ralinala;
c. Rre Kholofelo Molewa;
d. Mme Nomcebo Dlamini;
e. Rre Nazir Ahmed Osman;
f. Mme Nonkululeko Dlamini;
g. Rre Phakamile Mainganya;
h. Mme Kate Moloto;
i. Mme Hlonela Lupuwana (o thapilwe gape); le
j. Rre Lawrence Mavundla (o thapilwe gape).

6.19. Mme Cladie Thamo Hloniphile Mzobe jaaka CEO ya Setheo sa Tlhabololo ya Naga (NDA).

Dipotsiso:
Donald Liphoko
Mogala: 082 901 0766

Share this page

Similar categories to explore