Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 25 Motsheganong 2016

1. Go tsenngwa tirisong ga Mananeo a Botlhokwa a Puso

1.1. Meletlo ya go keteka dingwaga di le lekgolo tsa Fort Hare e e neng e eteletswe pele ke Moporesitente Jacob Zuma e tsamaile ka thelelo. Makgolokgolo a baeng, go akaretsa dialogane tsa maloba le Moporesitente wa Zimbabwean, Robert Mugabe, gammogo le badipolomate bangwe ba ne a tsenetse phitlhelelo e kgolo e ya hisetori ya Aforika Borwa.

Tiragalo e, e diragetse mo Kgweding ya Aforika, e e leng segopotso sa Mokgatlho wa Tshwaragano ya Dinaga tsa Aforika (OAU), e ga jaana e biwang Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU).
Kabinete e amogetse tswelopele e nnileng teng mo rarabololeng mathata a baithuti, a tota a neng a sa tshwanela go baka tshenyo ya dithoto.

1.2. Mo leetong la ga Moporesitente Zuma la tiro kwa Rephaboliking ya Uganda, ditlhogo tsa dinaga tse pedi tse di ne tsa dumalana go maatlafatsa dikamano tsa semphato, le go buisana ka ga maemo a sepolotiki le tshireletso kwa Rephaboliking ya Burundi Rephaboliki ya Temokerasi ya Congo kwa botlhaba.

Moporesitente Jacob Zuma o ne gape a tsenela moletlo wa go tlhongwa ga ga Moporesitente Yoweri Museveni. Go fitlha ga jaana, Aforika Borwa le Uganda di saenile ditumalano tsa semphato di le 20 mme go setse go na le ditlamo di ka nna 70 tsa Aforika Borwa tse di dirang kwa Uganda. Ka 2015, thomelontle ya dithoto tsa Aforika Borwa kwa Uganda e tlisitse bokana ka R1.7 bilione fa Aforika Borwa yona e rekile tsa boleng jwa R98 milione go tswa kwa Uganda.

1.3. Kabinete e amogela go konosediwa ka katlego ga Leeto la Semmuso la ga Moporesitente Jacob Zuma kwa Pusong ya Qatar le go saeniwa ga ditumalano le maitlamo a le mmalwa jaaka Tumalano ya Tirisanommogo ya Tshireletso, Tirisanommogo ya Sepodisi, le Tirisanommogo ya Botsweretshi, Setso le Ngwaoboswa. Go tlhongwa ga Komiti ya Peeletso e e Kopanetsweng go ela tlhoko go tlhongwa ga ditumalano tse mo godimo ga Ditherisano tsa Semphato, go maatlafatsa le go tsholeletsa dikamano tsa semphato se kwa maemong a togamaano.

Go kopana ga Moporesitente le Foramo ya Kgwebo ya Aforika Borwa-Qatari go rotloeditse tirisanommogo ya Kgwebo-ka-Kgwebo e maikaelelo a yona e leng go anamisa diikonomi ka bobedi. Ka ntlha ya fa dinaga ka bobedi di tshwanelwa ke go nna diikonomi tsa mawatle, go ne ga buisanelwa gape le kgonego ya go dirisana mmogo mo Ikonoming ya Mawatle.

Ditlamo di le mmalwa tsa Aforika Borwa, segolo mo lekaleng la Dikhemikhale tsa Peteroliamo di a dira kwa Qatar. Nngwe ya dipeeletso tse dikgolo tsa Aforika Borwa kwa Botlhabagare ke Sasol, e e nang le seabe se segolo mo tlhabololong ya metswedi ya Qatar ya gase.

Dintlha tse dingwe tse di buisanetsweng di akaretsa dikamano tsa kgwebisano le ikonomi gammogo le merero ya kagiso le tshireletso mo lefatsheng le mo kgaolong.

1.4. Moporesitente Jacob Zuma o rebotse phimolakeledi ya mafatshe jaaka karolo ya Kgato 1 ya go diragadiwa ga ditopotuelo kwa Serapeng sa Bosetšhaba sa Diphologolo sa Kruger. Palogotlhe ya R84 milione e ne ya abelwa merafe e merataro, e meraro ya kwa Limpopo le e mengwe e meraro ya kwa Mpumalanga. Lefatshe le, le bogolo jwa diheketara di le 318 000.

Tsela e ya tharabololo e ne ya tsaya tsia botlhokwa jwa Serapa sa Bosetšhaba sa Diphologolo sa Kruger le go netefatsa phimolakeledi ka matlole e e amogelegang ka ntlha ya fa badiraditopo ba ka se kgone go boela mo lefatsheng la bona. Se se nyalana le tharabololo ka tekatekano ka fa tlase ga lenaneo la puso la pusetso ya mafatshe e bile ke phitlhelelo e kgolo mo lenaneong la naga la diphetogo.

Go tswelela go maatlafatsa merafe e, letlole la bojanala la morafe la 1% le ntse le dira madi a ka nna R6.5 milione ka ngwaga go tswela mosola merafe e. Se se bakile go agiwa ga ditheo di le mmalwa tsa thuto go akaretsa kago ya dikantorotsamaiso kwa Sekolong se Segolo sa Dumisani, laboratori ya dikhomphiuta kwa Sekolong se Segolo sa Masiza, dilaboratori tsa saense kwa dikolong tse dikgolo tsa Tlakulani le Sibusisiswe, boapeelo le lebala la metshameko la baithuti ba Mophato wa R kwa Sekolong se se Potlana sa Takheleni.

Ka 2016/17 ka ditherisano le merafe e e amegang, go agiwa ga dilaboratori tsa saense tse nne kwa Sekolong se Segolo sa Mbuyane; Sekolo se Segolo sa Mahlale; Sekolo se Segolo sa Lepato le Sekolo se Segolo sa Makuya tse di leng kwa diporofenseng tsa Limpopo le Mpumalanga go beilwe kwa setlhoeng.

Kabinete e gateletse botlhokwa jwa dikamano magareng ga baagi ba merafe e e farologaneng ka ntlha ya fa se se rotloetsa momagano ya loago. Tsela ya pusetso ya mafatshe ya Aforika Borwa e a fetoga ka ntlha ya maitemogelo a a nnileng teng mme ga jaana e tlhotlhelediwa ke go tlhola poelo e e tswelelang ya ikonomi go na le diphetisetso tse e leng tse di diragalang gangwe fela tse gantsi di sa tokafatseng maemo a baagi. Kgato 2 ya tharabololo e, e ka ga diporojeke tseo maikaelelo a tsona e leng go netefatsa gore baagi ba tswelela go tswelwa mosola mo pakeng e telele go tswa mo ditšhonong tsa kgwebo mo teng ga Serapa.

1.5. Dipoelo tsa Samiti ya Momaganyo ya Ditsamaiso tsa Phimolakeledi ka fa tlase ga setlhogo sa “Phitlhelelo ya tsamaiso ya phimolakeledi e e lekalekanang e sa gobelele e bile e tswelela” go badiri botlhe e e eteletsweng pele ke Ditona tsa Boitekanelo le tsa Ditiro, Aaron Motsoaledi le Mildred Oliphant, ba tshegediwa ke Batlatsatona ba Diminerale, Boitekanelo le Ditiro di amogetswe.

Samiti e, e ne e lebile boitekanelo le pabalesego mo tirong ka maitlhomo a go tlhoma tsamaiso e e momaganeng ya phimolakeledi ya Aforika Borwa. Ditona go tswa kwa kgaolong ya Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC); Intaseteri ya Meepo ya Aforika Borwa le mekgatlo ya badiri gammogo le mekgatlo ya ba ba kileng ba dira kwa meepong e nnile le seabe mo Samiting e.

Ka tsamaiso e e solofelwang ya phimolakeledi e e momaganeng, puso e tla netefatsa gore badiri le ba ba neng ba dira kwa meepong ba amogela dipoelo tsa phimolakeledi, tse di amogelegang go ya ka mebaraka, tse di ba tlamelang ka tlhokomelo e e tswelelang gammogo le ba malapa a bona. Ka tirisano le baemedi ba badiri mo lekaleng la meepo, puso e ikaelela go tsenya tirisong tsamaiso ya go disa le go ela tlhoko e e tla tlamelang ka dithotloetso go ditlamo tse di ikobelang sentle melao ya pabalesego le phimolakeledi.

1.6. Kabinete e amogetse go bulwa ga Tikwatikwe ya Tlhabololo ya Intaseteri ya Ditlhagiswatshelo (BIDC) kwa Pretoria ke Lefapha la Saense le Thekenoloji.

Tiro ya tikwatikwe e ke karolo ya Leano la Dintlharobongwe la naga go ribolola bokgoni jwa dikgwebopotlana, tse di magareng le tse digolwana (di-SMME). E Tshegetsa di-SMME tse di amegang mo go tsa ditlhagiswatshelo ka go di kgontsha go tsena mo ditšhonong tsa mebaraka. Ditlamo tse di upilweng kwa BIDC di kgona go dirisa didiriswa tsa ditlhagiswatshelo tse di setseng di le teng koo, tshegetso mo ditlhotlhomisong, le dilaboratori tsa tlhabololo.

Kgato ya ntlha e tla baka go tlholwa ga ditiro tsa leruri le tsa nakwana ka seabe se se solofelwang mo ikonoming sa bokana ka R250 milione ka ngwaga mo dingwageng di le tlhano tse di latelang. Ga jaana, BIDC e tshegetsa dikgwebo di le 19 mme di le 16 tsa tsona ke tsa bantsho go akaretsa le dikgwebo di le 10 tse beng ba tsona e leng basadi. Godimo ga moo, ditiro tsa leruri di le 55 le tsa nakwana di le 171 di setse di tlhomilwe mme go setse go katisitswe dialogane di le 54.

1.7 Pego ka Tona ya Maatla, Tina Joemat-Pettersson go tlhoma Pholisi ya Gase go kaela naga mo ntlheng ya ikonomi ya gase ya tlhago e e tswelelang. Go tsenngwa ga gase jaaka motswedi o mongwe wa maatla mo Aforika Borwa go tla fokotsa ntlha ya go ikanya thata malatlha le go netefatsa maatla a a leng teng a a lekaneng baagi botlhe le ikonomi, jaanong le mo isagong. Se se tla oketsa gape le bokgoni jwa naga jwa go fitlhelela ikonomi ya madirelo, tsela ya kgolo e e kwa godimo e bile e akaretsa gammogo le go tlholwa ga ditiro.

Mo pakeng ya nakwana, Lefapha la Maatla le tsweletsa lenaneo la maatla-ka-gase, le le tla tlisang 3,726 MW tsa motlakase le go dira jaaka motlhodi wa tlhabololo ya intaseteri ya gase ya selegae e e tla rotloetsang tlhatlogo ya go senka ditšhono mo tikologong e babeeletsi ba ka e kgatlhegelang. Ditšhono tsa ditiro tse di amanngwang ka tlhamalalo le ka tsela e e sa tlhamalalang le tlhabololo e ya madirelo, e tla nna ditšhono tsa ditiro tsa paka e telele di le dimilione di le 1.25 mo pakeng ya dingwaga di le 25. Mo pakeng e khutshwane, lenaneo la maatla-ka-gase le tla nna le seabe sa go sireletsa naga kgatlhanong le kwelotlase ya ikonomi le go thusa go thibela go latlhegelwa ke ditiro.

1.8 Go thankgololwa semmuso ga letsholo la bosetšhaba la ‘Save Energy’ kwa Khonferenseng ya Aforika ya Ditheo tse di Mosola ya 2016, e e neng e eteletswe pele ke Lefapha la Maatla, go agelela mo letsholong la puso la Tshomarelo ya Maatla le le thankgolotsweng ke Moporesitente Jacob Zuma ka 2015.   

1.9. Go thankgololwa gape letsholo la ‘Tekolo ya Didiriswa’ tsa motlakase, e leng tsela ya tshomarelo ya maatla e e tla neelang badirisi tlhopho fa ba reka didiriswa tse. Didiriswa tsotlhe di tla nna le papetlana e e supang gore di dira jang tebang le Maemo a a kwa Tlase a Tiragatso ya Maatla.

1.10. Kabinete e amogetse Morero wa Theko ya Maatla mo Teng ya Aforika o o neng o tshwerwe ke Lefapha la Kgwebisano le Madirelo le Lekgotla la Diromelwantle la Saense ya Tiriso ya Motlakase la Aforika Borwa. Ditlamo tsa Aforika Borwa tse di nang le bokgoni ba ditirelo tsa tlhagiso le boenjeneri di ne tsa kopana le baemedi ba ditheo tsa motlakase go tswa kwa Ethiopia, Kenya, Tanzania, South Sudan le Nigeria. Se se beile ditlamo tsa Aforika Borwa mo maemong a a botoka a go nna le seabe mo ditšhonong tsa peeletso tsa mafaratlhatlha a maatla mo Aforika tse di lekanyediwang go ka nna magareng ga $20 bilione le $42 bilione mo dingwageng tse lesome tse di latelang.

1.11. Kabinete e rotloediwa ke go thankgololwa ga tharabololo ya pakatelele ya Kgamololo ya Metsi a Asiti ya Meepo (AMD) kwa Mogopong wa Bogareng wa AMD kwa Germiston e peditharong ya yona e tla tlamelwang ka matlole ke lekala la meepo mme nngwetharong e tla tlamelwang ke badirisi ba metsi.

Se se tla morago ga go konosediwa ka katlego ga tharabololo ya paka e khutshwane ka fa tlase ga Komiti ya Ditona e e ka ga AMD. Ka 2011, puso e ne ya neela Trans-Caledon Tunnel Authority, setheo sa Puso ka fa tlase ga Lefapha la Metsi le Kgelelaleswe, maikarabelo a go tlamela ka tharabololo ya kgwetlho ya AMD mo Gauteng.

Maikaelelo a tharabololo ya pakatelele ke go tswelela go alafa metsi a a kgotletsweng ka go ntsha disalefeite le go dira metsi a a ka dirisediwa kgwebo e ka nna metsi a madirelo kgotsa metsi a a nowang.
1.12. Kabinete e ikuela go baagi botlhe ba Lesotho ba ba nnang mo Aforika Borwa e se ka fa molaong go dira kopo ya Lesotho Special Permit (LSP) kwa Tikwatikweng ya Ditirelo tsa Divisa pele ga la bo 30 Seetebosigo 2016.

LSP e rebolwa ka fa tlase ga maemo a a kgethegileng go baagi ba Lesotho ba ba dirang, ba ithuta kgotsa ba na le dikgwebo mo Aforika Borwa mme ba ntse ba le mo nageng ka maemo ao pele ga la bo 30 Lwetse 2015. Godimo ga moo, badirakopo ba Lesotho ba ba amogetseng ditokomane tsa Aforika Borwa ka bokhukhuntshwane ba rotloediwa go di isa kwa dikantorong tse di maleba tsa Merero ya Selegae gore ba newe lekwalo la boitshwarelo. Boitshwarelo jo, bo tla khutla ka la bo 31 Sedimonthole 2016. Batho ba ba thapileng baagi ba Lesotho le bona ba tshwanetse go dira gore phemiti e e ba tswele mosola.

1.13. Kabinete e amogela pego ka Tona ya Metshameko le Boitapoloso, Fikile Mbalula, ya gore mabole a selegae a a gasiwa gape mo SABC. Go fitlha ga jaana, mananeo a “Boxing is Back” le “TKO” mo SABC a setse a fitlheletse malapa a le dimilione di le 1.3. Go boela ga motshameko o mo thelebišeneng go tla thusa thata letlole la Mokgatlo wa Mabole wa Aforika Borwa, go maatlafatsa mabole a basadi le go tshegetsa barotloetsi le boramabole ba ba tlhagelelang.

2. Ditshwetso tsa Botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e ne ya begelwa ka ga go konosediwa ga dipuisano le go siamisiwa semolao ga Tumalano ya Semphato sa Ikonomi magareng ga SADC le Dinagatshwaraganelo tsa Yuropa (EU).
Kabinete e amogetse gore Tumalano ya Semphato sa Ikonomi e romelwe kwa Palamenteng.

Tumalano e, e tla tlhoma tsamaiso e le nngwe magareng ga Mokgatlo wa Makgetho a Melelwane wa Borwa jwa Aforika (SACU) le EU. E tla tokafatsa gape le phitlhelelo ya Aforika Borwa kwa mebarakeng ya EU ya ditlhagiswa tsa temothuo tse di jaaka sukiri, ethanolo, waene, bodirelatlhapi le maungo. EPA e agelela mo Tumalanong ya Tirisanommogo ya Kgwebisano le Tlhabololo (TDCA) e Aforika Borwa o e konoseditseng ka 2000 le EU.

Tumalano ya Semphato sa Ikonomi e tlamela Aforika Borwa ka kgonego ya dipholisi mo makaleng a a farologaneng. Aforika Borwa e buisanetse gape Tumalano ya Ditshupane tsa Tikologo ya sebedi le EU, ka ntlha ya kgatlhego e e golang mo go sireletseng maina a diwaene le a ditlhagiswa tsa temothuo tse di kgethegileng. Ka jalo, maina a diwaene a le 102 a tla sirelediwa ka fa tlase ga Tumalano e gammogo le maina a mararo a ditlhagiswa e leng Rooibos, Honeybush le Karoo Lamb.

Tumalano e, e netefatsa gore go ya ka maitlhomo a Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP), Aforika Borwa e tsweletsa madirelo le go rotloetsa thomelontle ya ditlhagiswa tsa Aforika Borwa go ya kwa mebarakeng ya EU. Sa botlhokwa, EPA e rotloetsa tlhabololo ya tsamaiso ya ditiragalo tsa kgaolo mo Aforika e leng se se tla thusang mo momaganong ya kgaolo.

2.2. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Molawana o o ka ga Khudugo ya Baagi ba Boditšhaba mo Kaseteng ya Puso gore baagi ba tshwaele. Kabinete e ne gape ya begelwa ka ga ditherisano le dipuisano tse dingwe le bannaleseabe tebang le molawana o mo ngwageng wa 2016/17.

Molawana o, o nyalana le NDP mme o tsaya maemo a gore go fedisa botlhoki le go tlhola ditiro tse di nang le seriti, khudugo e tshwanetse go dirisiwa go senya ditlwaelo tse ka go godisa dinonofo le kitso le go faposa dikgoreletsi tsa tlhabololo ya kgaolo. Se se dira gore Aforika Borwa a beeletse mo tlhabololong e e tswelelang le tsamaiso e e sireletsegileng ya khudugo.

Go Tsenngwa Tirisong ga Khudugo ya Boditšhaba go tla re atametsa kwa go fitlheleleng tekano magareng ga go fitlhelela ditlhoko tsa tlhabololo tsa Aforika Borwa le go tlhokomela seriti sa Aforika Borwa le tshireletso ya bosetšhaba.

2.3. Kabinete e amogetse gape gore Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi e nne baamogelabaeng ba Khonferense ya World Aquaculture Society mmogo le Aquaculture Association of Southern Africa, go tloga ka la bo 26 go ya go la bo 30 Seetebosigo 2017 mo Aforika Borwa. E tla bo e le la ntlha khonferense ya World Aquaculture e tshwarelwa mo Aforika.

Lekala la ditshedi tsa metsi le tlhomilwe kwa setlhoeng ke puso go nna le seabe se segolo mo tlamelong ka dijo le kgolo ya ikonomii ya naga. Ditshedi tsa metsi di akareditswe mo maitekong a botlhokwa a Operation Phakisa: Ikonomi ya Mawatle. Go tshwarwa ga Khonferense e go tla itlhaganedisa tlhabololo le peeletso mo lekaleng la ditshedi tsa metsi ka go abelana kitso le tshedimosetso gammogo le ditšhono tsa go buisana.

Go nna baamogelabaeng go tla tlholela gape lekala la bojanala tšhono ya go bontsha ditiragalo tsa bojanala tsa naga le balemi ba selegae le bona ba tla bontsha maiteko a bona a thekenoloji kwa dipontshong tsa tiro tse di tla amogelang babontshi ba feta 100 go tswa kwa dinageng tse di gaisang ka merero ya botshelo mo metsing.

Dinaga tsa Aforika le tsona di tla nna le tšhono ya go nna le seabe le go bontsha ditlhagiswa tsa bona tse di tla nnang le seabe se se botlhokwa mo thabololong ya ikonomi ya lekala la botshelo mo metsing mo kgaolong ya Aforika le Aforika Borwa.

2.4. Kabinete e ne ya begelwa ka ga diphetolo tse di dirilweng mo Kgaolong e e ka ga Poelo 12 ya Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) la Tiro la 2016/17. Se se tsibogela tshwetso ya Kabinete ya go maatlafatsa momaganyo magareng ga Kgaolo ya MTSF e e ka ga Poelo 12 – Bodiredipuso jo bo nonofileng e bile bo le bokgoni jo bo tsepileng kgolo, mo pakeng ya 2014-2019 le NDP.

3. Ditiragalo tse di tlang

3.1. Seetebosigo go tla nna le keteko ya dingwaga di le 40 tsa dikhuduego tsa 1976, tse di neng tsa fetola maemo a sepolotiki le a loago mo Aforika Borwa. Segopotso se se tla bo se eteletswe pele ke Komiti ya Ditona.
Kgwedi ya Bašwa e tla thankgololwa ka la bo 1 Seetebosigo ka fa tlase ga setlhogo “Bašwa ba tsweletsa pele Aforika Borwa” kwa Segopotsong sa ga Hector Petersen, kwa Soweto ke Tona mo Kantorong ya Moporesitente, Jeff Radebe.

Se e tla nna tiragalo ya Kgwedi yotlhe e e tla rulaganngwang ke Setheo sa Bosetšhaba sa Tlhabololo ya Bašwa se se ka ga go kgontsha le go rotloetsa bašwa go tsaya ditšhono bonolo go ralala makala a a farologaneng gore ba tokafatse matshelo a bona le go kgontsha go nna le seabe mo tsweletsong ya ikonomi le naga.

Se e tla bo e le matlhagolatsela a ditiragalo tsa Letsatsi la Bosetšhaba la Bašwa ka la bo 16 Seetebosigo 2016, tse di tla etelelwang pele ke Moporesitente Jacob Zuma kwa Setediamong sa Orlando kwa Soweto.

3.2. Lefapha la Tlhabololo ya Loago le tla thankgolola Beke ya Bosetšhaba ya Tshireletso ya Bana kwa Polaseng ya Braakspruit, kwa Klerksdorp ka 29 Motsheganong 2016 ka fa tlase ga setlhogo: “A Rotlhe Re Sireletse Bana go Tsweletsa Pele Aforika Borwa” Beke e e tla tlhakana le tiragalo ya Letsatsi la Boditšhaba la Bana ka la bo 1 Seetebosigo le le tla etelelwang pele ke Moporesitente Jacob Zuma kwa legaeng la dikhutsana le tikwatikwe ya bašwa kwa Atteridgeville, Gauteng mme le konosediwe ka la bo 5 Seetebosigo 2016 kwa Amersfoort, Mpumalanga.

Kabinete e ikuela go setšhaba go sireletsa bana kgatlhanong le go ikgatholosiwa, tshotlako, tirisodikgoka ka go dirisiwa botlhaswa ka go bega ditiragalo tsotlhe tse kwa bothating.

3.3. Lefapha la Merero ya Tikologo le tla etelela naga pele mo go ketekeng Letsatsi la Bosetšhaba la Tikologo ka 3 la bo Seetebosigo 2016 go rotloetsa maAforika Borwa go tsaya kgato e e siameng ya tikologo ka go sireletsa polanete ya rona. Setlhogo sa monongwaga sa Letsatsi la Bosetšhaba la Tikologo: "Go Wild for Life," se ka ga bosenyi mo diphologolong tse di tlhaga le tshenyo e e bakiwang ke seno.

Katlego ya Aforika Borwa ya go somarela mefutafuta ya botshelo e dirile Aforika Borwa go nna lefelo le le bulegetseng bosenyi bo bo rulagantsweng ba boditšhaba kgatlhanong le tikologo le diphologo tse di tlhaga. Seabe sa bosenyi kgatlhanong le tikologo le diphologolo tse di tlhaga se maswe thata mo tsamaisong ya botshelo, matshelo a a tswelelang le bojanala.

3.4. Keteko ya Letsatsi la Lefatshe la Mawatle ka la bo 8 Seetebosigo 2016 ka fa tlase ga “Mawatle a a Itekanetseng, Polanete e e Itekanetseng” le re letla go supa seabe sa mawatle mo nageng ya rona le ditsela tse di farologaneng tse mawatle a nang le seabe mo ikonoming ka teng. Le supa gape le dikgwetlho tsa go samagana le kgotlelo ya mawatle, go tsweletsa bokgoni ba mawatle ba go laola tlelaemete ya lefatshe, go tlamela ka ditirelo tsa tsamaiso ya botshelo le go tlamela ka matshelo a a tswelelang le ntsifalo e e babalesegileng.

4. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya ga jaana

4.1. Puso e tswelela go ikemisetsa mo ntlheng ya go tsweletsa kgolo ya ikonomi, go boloka ditiro tse di leng teng le go tlhola ditiro tse di maleba ka go dirisana mmogo le kgwebo le badiri. Ka lenaneo la rona la phetolo ya tsamaiso le thulaganyo ya matlole, puso e tla tswelela go dirisa fela matlole a e nang nao go netefatsa gore ikonomi ya rona e tlhagelela e le maatla fa ikonomi ya lefatshe e boela mannong.

Moporesitente Jacob Zuma o eteletse pele ditsereganyo di le mmalwa ka dimphato tsa selegae le tsa boditšhaba go rotloetsa kgolo ya ikonomi le go tlhola ditiro.

4.2. Kabinete e lemogile palo e e golang ya maiteko a dipeeletso e e begilweng mo nageng e leng se se supang tshepo ya baagi ba boditšhaba ya dipeeletso mo ikonoming ya Aforika Borwa. E supa gape le gore naga ya rona e mo tseleng ya go boela mannong e bile e tswelela go nna lefelo le le tshwanetseng dipeeletso. Bogolo ba dipeeletso tse di latelang bo supa tshepo e e tswelelang e batlhagisi ba lefatshe ba dirori ba nang nayo mo Aforika Borwa jaaka lefelo la dipeeletso, le tikologo e e tshegetsang dipholosi go tswa go puso. 

4.3. Tsona di akaretsa peeletso ka Toyota ya polante ya tlhagiso ya Toyota Hilux le Fortuner tse dišwa kwa Prospecton, Durban, e e butsweng ke Moporesitente Jacob Zuma. Se se kgontshitswe ke tshegetso e e tlametsweng ke Lefapha la Kgwebisano le Madirelo mme e ngokile peeletso ya madi a feta R25 bilione mo intasetering ya dirori mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng. Peeletso e e tla tshegetsa ditiro di feta 4 000 mme ga jaana ditiro kwa polanteng di setse di feta 8 000.

Polante e ke karolo ya Toyota ya go tsenya peeletso ya R6.1 bilione mo intasetering ya tlhagiso ya Aforika Borwa le mo tlhagisong ya dijanaga ya selegae mo nageng.

Toyota e okeditse theko ya selegae mo tsamaisong ya yona go tshegetsa batlamedi ba selegae. Setlamo se, se tsweletse ka go ngoka basadi ba setegeniki le go tlamela ka ditšhono tse dingwe go basadi mo tirong.
4.4. Kabinete e amogetse gape pego ya BMW ya go simolola ga kago le lebenkele le lešwa la maemo a a kwa godimo la boleng jwa R6 bilione. Go atolosiwa go, go tla kgontsha BMW go tlhagisa le go romelantle BMW X3 e ntšhwa. Se se supa gore polante ya Rosslyn e na le bokgoni ba go gaisana boditšhaba mo mafaratlhatlheng a tlhagiso ya BMW ka tlhwatlhwa ya tlhagiso le boleng.

4.5.Mo peeletsong e nngwe, Tona ya Kgwebisano le Madirelo o thankgolotse Polante ya Tlhagiso ya Dursots & All Joy Tomato ya boleng ba R100 milione kwa Modjadjiskloof gaufi le Tzaneen. Bodirelo bo ga jaana bo thapile batho ba le 70 ka kgonego ya go ba oketsa ka ba le 300 mo ngwageng o o tlang. E tla tlhola gape ditiro di le 900 tsa dipaka. Setlamo se tlhomile leano la thomelontle mme se rulaganya go romela ntle 25% tsa ditlhagiswa tsa sona kwa Botlhabagare, China le go ralala Aforika.

Dipeeletso tse di supa go tsenngwa tirisong go go nonofileng ga Leano la Dintlha tse Robongwe le Leanotiro la Pholisi ya Madirelo (IPAP) le le lebileng go oketsega ga boleng bo bo tliswang ke tlhagiso, go tlholwa ga ditiro le koketsego ya thomelontle go godisa ikonomi le go tlhola ditiro. Le fa tota ikonomi ya lefatshe e aparetswe ke mathata, ikonomi ya Aforika Borwa e ikemiseditse go gatela pele.

4.6. Kabinete e gakolola batlhophi botlhe go diragatsa tshwanelo ya bona ya temokerasi ka maikarabelo ka la bo 3 Phatwe 2016. Kabinete e leboga batlhophi botlhe ba ba tsereng nako ya bona go ya go ikwadisa le go netefatsa dintlha tsa bona, go netefatsa gore maina a bona a tlhagelela mo lenaneng la batlhophi le ga jaana le tswetsweng.

Tona van Rooyen o tsentse letlha la ditlhopho tsa dipusoselegae mo kaseteng ya puso le go le goeletsa, gore ditiragalo tsa ditlhopho di simolole go ya ka lenanatiro la ditlhopho. Pego e e tswalela le lenane la batlhophi la go ikwadisetsa go nna le seabe mo ditlhopho tse di latelang.
Kabinete e amogela go saeniwa ga Molawana wa Maitsholo wa Ditlhopho ke makoko otlhe a sepolotiki a ikana go ikobela melao le go netefatsa gore ditlhopho di gololosegile e bile ga di gobelele. Se se supa kgolo le temokerasi e e maatlafalang.

4.7. Kabinete e amogela Kopano e e Kgethegileng ya Ditokololo tsa Bosetšhaba ya 2016 e e neng e tshwerwe ke Setheo sa Dipusoselegae sa Aforika Borwa (SALGA). E tla ka nako e naga e ipaakanyetsang go tsena mo pakeng e e latelang ya dipusoselegae ya ditlhopho tsa bommasepala tsa 2016.

Kopano e, e ne ya leba tswelelopele e e nnileng teng mo dingwageng di le 16 tse di fetileng le mo pakeng ya pusoselegae ya ga jaana. Seabe sa pusoselegae mo go reboleng ditirelo le go busetsa seriti sa botho le sona se tlhagisitswe. Dikgwetlho tse dikgolo le tsona di ne tsa rerisanelwa ka boineelo ba Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (COGTA) ba lenaneo la Go Boela kwa Tshimologong.

Se ke matlhagolatsela a paka ya bone ya pusoselegae ya temokerasi ka go tlamela ka thulaganyo ya tshegetso ya bommasepala le go laola paka e go netefatsa maemo a a edileng le go se kgaodiwe ga thebolelo ya ditirelo go batho ba Aforika Borwa.

4.8. Kabinete e tlhobaediwa ke dikgoreletso kwa Palamenteng, tse di tswelelang ka bontsi le maatla. Palamente ke setheo sa temokerasi ya rona e e lwetsweng ka bogatlhamelamasisi mme ke serala sa botlhe se se tshwanetseng go tlotliwa ke botlhe.

4.9. Kabinete e akgola tiro ya Komiti ya Ditona e e eteletsweng pele ke Tona ya COGTA, Des van Rooyen, le setlhopha sa tiro sa porofense go busetsa maemo mo mannong kwa Vuwani, le fa go na le dikgwetlho tse di tswelelang kwa dikarolong tse dingwe.

Puso e dirile ka natla go buisana le baagi ka maiteko a go rarabolola mathata le go busetsa ditirelo go akaretsa le thuto mo maemong. Tlamelo ka diphaposi tsa nakwana e netefaditse gore ditiragalo tsa thuto di simolola gape.

Puso e tswelela go ikuela go baagi le baeteledipele gore ba tlhagise dintlha tsa bona ka ditsela le mekgwa e e tlhomilweng go kgontsha dipuisano.

Kgato e ya go kganela thuto ya bana ba rona ga e amogelege gotlhelele.
Kabinete e akgola ditheo tsa tiragatso ya molao tsotlhe ka tiro e e dirilweng e e bakileng go tshwarwa ga batho ba le 34, ba go belaelwang ba nnile le seabe mo tshenyong ya dikolo di le 28, ba tota ba kgoreleditseng isago ya bašwa ba, ba ba santseng ba dirisa dikago tse di botlhokwa tse.

Kabinete e akgola baagi le mekgatlo ya baagi e e neng ya semelela go phepafatsa le go kokoanya matlole a gore dikolo di bulwe gape. Batsadi, batlhokomedi le ditokololo tsotlhe tsa baagi ba kopiwa go thusa bana go samagana le lenaneo la tiro le le tlhomilweng ke Lefapha la Thuto ya Motheo. IMC e tla tswelela go golagana le bannaleseabe le baagi go netefatsa gore maemo kwa lefelong leo a edile e bile a boetse mannong.

4.10. Kabinete e ne ya buisana ka ditshupetso tsa kwa Hammanskraal mme ya tlhagisa fa Lefapha la Mafelobonno a Batho le eteletse pele tsereganyo kwa lefelong leo mmogo le la Gauteng la COGTA le la Mafelobonno a Batho, le Ratoropomogolo wa Tshwane, Molekgotla Kgosientso Ramokgopa.

Kabinete e swabitswe ke loso lwa badiri ba le babedi ba ba neng ba na le seabe mo go tloseng baipei kwa Hammanskraal e bile e fetiseditse matshediso go ba malapa a baswi. Ditheo tsa tiragatso ya molao di tshwanetse go oketsa maiteko a tsona go bona babolai mme ba sekisiwe.

4.11. Kabinete e akgola Koporasikgaso ya Aforika Borwa ka tshwetso ya yona ya go tshameka diperesente di le 90 tsa mmino wa selegae go ralala diteišene tsa yona tsa radio ka maitlhomo a go rotloetsa mmino wa selegae.
Tshwetso e, e supa pholisi ya puso ya kgaso e e rotloetsang tlhokomelo, tokafatso le maatlafatso ya setso le loago ya ditalente tsa Aforika Borwa.

Kabinete e rotloetsa baagi botlhe go tshegetsa intaseteri ya mmino wa rona wa selegae o o tla nnang le seabe se segolo mo ikonoming le go sireletsa ditso tse di farologaneng tsa naga.

4.12. Kabinete e amogetse go batlisisiwa ga dikepe tsa bathaisaditlhapi tse e seng tsa mono di le robongwe ke Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi le go akgola tirisanommogo e e amang Sesole sa Metsi sa Aforika Borwa, Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi le Bothati ba Aforika Borwa ba Pabalesego ya Mawatle e e bakileng go tshwarwa ga dikepe di le nne tsa di le robongwe.

Go tshwarwa ga dikepe tse go supa ka moo re ikemiseditseng ka teng jaaka naga go sireletsa lefelo la rona la ikonomi. Mawatle a rona ke motswedi wa tshireletso ya dijo mme a na le seabe se segolo mo go fitlheleleng maitlhomo a Operation Phakisa mme a tshwanetse go sirelediwa.

4.13. Kabinete e amogetse go rebolwa ga pegelo ya setlhopha sa tiro sa ditona se se tlhomilweng ke Tona Angie Motshekga go batlisisa magatwe a go rekisediwa ditiro ga barutabana ke ditokololo tsa mekgatlo ya barutabana le batlhankedi ba lefapha kwa mafapheng a diporofense a thuto.

4.14. Kabinete e akgotse baamogedi ba Aforika Borwa, rakgwebo Luvuyo Rani le The Clothing Bank, ba e nnileng bangwe ba bafenyi ba dikabo tsa Kgwebo ya Loago tsa 2016 ka Schwab Foundation for Social Entrepreneurship tse di neetsweng kwa Foramong ya Ikonomi ya Lefatshe (WEF) ya Aforika, Kigali Rwanda.

4.15. Kabinete e akgola le go eleletsa masego Motlatsa Moatlhodimogolo wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo wa maloba, Dikgang Moseneke, yo o rotseng tiro morago ga go tsena kwa Kgotlatshekelo ya Molaotheo ka 2002.
Motlatsa Moatlhodimogolo wa maloba ke ramolao yo o tlotlegang thata le mogale wa ntwa ya kgololosego ya naga e.

Mo dingwageng tsa gagwe tsa bošwa, Moseneke o ne a nna le seabe mo kgaratlhong ya kgololosego jaaka tokololo ya Pan Africanist Congress (PAC). O ne a sekisiwa le go atlholelwa ditiro tsa gagwe tsa sepolotiki a le dingwaga di le 15, e le motshwarwa yo monnye go gaisa kwa Robben Island.

E ne e le mongwe wa setlhopha sa setegeniki se se thadileng Molaotheo ka 1993 mme morago o ne thapiwa jaaka motlatsamonnasetilo wa Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho (IEC) pele ga ditlhopho tsa ntlha tsa temokerasi mo Aforika Borwa.

Kabinete e akgola gape le Moatlhodimogolo wa Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo Lex Mpati yo o rolang tiro ka Motsheganong morago ga dingwaga di le 27 tsa go direla Aforika Borwa ka matsetseleko. Moatlhodi Mpati ke sesupo sa go kgona go se ikakanyetse ka nosi; manontlhotlho, boineelo le matsetseleko; le maitsholo a a botho.

Kabinete e akgola le go eleletsa masego Moatlhodi Baaitse “Bess” Nkabinde jaaka Motlatsa Moatlhodimogolo wa namaotshwere wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo go fitlha maemo a a tladiwa.

5. Ba ba thapilweng

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

5.1. Kantoro ya Khomišene ya Bodiredipuso:
a) Ngaka DC Mamphiswana jaaka Mokaedikakaretso kwa Kantorong ya Khomišene ya Bodiredipuso

Dipotso:
Liezel Cerf
Mogala: 076 778 2380

Share this page

Similar categories to explore