Pegelo ya kopano ya Kabinete ya la bo 22 Seetebosigo 2016

1. Go tsenngwa tirisong ga mananeo a botlhokwa a puso

1.1. Kabinete e buisanetse dipegelo tsa kwatara ya bone tsa go tsenngwa tirisong ga Leanotiro (PoA) la puso mmogo le dipoelo. Puso e na le tswelelopele ka go samagana le dikgwetlho le go tsereganya go thiba diphatlha tse di gona mo tiragatsong ya PoA.

Puso e tlhomamisa gore e tsweletse pele mo go diragatseng Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF), Leano la Dintlharobongwe mmogo le go fitlhelela Ponelopele ya 2030 ya Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP).

Ditlhaeletsano tsa Puso (GCIS) di tshwaragane le go gokaganya dikopanopegelo tsa tsiboso ya bobegakgang tsa PoA go sedimosetsa setšhaba.

1.2. Kabinete e amogela dipoelo go tswa kwa Setlhophatirong sa Badiri sa Moporesitente, se se kopaneng ka la bo 21 Seetebosigo 2016 go buisanela ikonomi mmogo le dintlha tse dingwe tsa ikonomiloago.

Kopano e dumelane ka go tiisa maitlamo a yona a go dira mmogo go fenya dikgwetlho tse di lebaneng le Aforika Borwa jaaka re dirile mo nakong e e fetileng. Re tlhoka go agelela mo selekaneng le kopanong e e agilweng ka 2008 fa balekane ba loago ba neng ba tlhoma tumelano e e sireletsang badiri kgatlhanong le mathata a ikonomi ya lefatshe. Kopano e sweditse gore setlapele e tshwanetse go nna go sireletsa ditiro, go tlhama ditiro tse dingwe tse di nang le seriti - bogolo tsa bašwa - le go tokafatsa seemo sa tiro sa badiri botlhe gore botlhe ba nne le botshelo jo bo botoka.

Samiti ya Ditiro e e rulaganngwang ke puso le mekgatlho ya badiri e tla letla maAforika Borwa go buisana ka moo go ka tlhamiwang ditiro le go godisa ikonomi ka gona mo seemong sa ga jaana se se boima sa ikonomi.

1.3. Kabinete e rometse malebo go maAforika Borwa otlhe a a tlotlileng le go tsaya nako go tlotla Segopotso sa bo 40 sa Dikhuduego tsa Soweto, se se emetseng kgaratlho ya bogaka ya bašwa ba 1976. Letsatsi la Bosetšhaba la Bašwa le ketekilwe ka fa tlase ga moono wa "Bašwa ba tsweletsa pele Aforika Borwa".

Segopotso sa bosetšhaba, se se neng se eteletswe pele ke Moporesitente Jacob Zuma kwa Lebaleng la Metshameko la Orlando ka la bo 16 Seetebosigo, e ne e le nngwe ya ditiragalo tse di neng di tshwerwe go ralala naga go tlotla boswa jwa bašwa ba 1976.

Puso e netefaletsa bašwa ba naga ya rona gore kgaratlho ya gore botlhe ba fitlhelele thuto e sa ntse e le setlapele sa puso. Puso ga e kitla e ikhutsa go fitlha e fitlhelela maitlhomo ano jaaka a tlhagelela mo Lokwalokgololesego mme a fitlhelwa mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo tsa Botho mo Molaotheong wa Rona, o monongwaga o nang le dingwaga di le 20 fa e sale o amogetswe.

Lenaneo le le tswelelang pele kgwedi yotlhe le na le maiteko a a farologaneng a puso, kgwebo le baagi a a tsholetsang merero ya bašwa ka ditiragalo tse di farologaneng,

1.4. Aforika Borwa e amogetse ka katlego Samiti ya bo 60 ya Foramo ya Dithoto tsa Badirisi (CGF) ya Ngwaga le Ngwaga ya Lefatshe, e e beilweng lefoko ke Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa. Seno se maatlafatsa go tlhagelela ga kontinente jaaka mmaraka wa badirisi o o emetseng ditšhono tse dintšhwa.

Mo Aforika Borwa, indaseteri ya dithoto tsa badirisi e sa ntse e le motsamaisi yo mogolo wa kgolo ya ikonomi. Seemo sa kgwebo sa naga se tsepame, se matlhagatlhaga mme se siametse kgwebisano le dipeeletso tse di oketsegileng. Dipeeletso tsa selegae le tsa dinaga di sele di sirelediwa ke melao e e maleba.

Ditlamo tse di farologaneng tsa Aforika Borwa le dikgwebo tse dikgolo tsa boditšhabatšhaba tse e leng ditokololo tsa CGF di gweba le go beeletsa mo Aforika Borwa, mme di tshwaela mo kgolong ya ikonomi ya rona mmogo le go tlhamiwa ga ditiro.

1.5. Go amogetswe tumelano e ntšhwa ya kgwebisano e e saenilweng ke Tona ya Kgwebisano le Indaseteri, Rob Davies le European Union (EU). Seno se tla lebisa kwa goreng dikuno di le dintsi tsa temothuo tsa Aforika Borwa di romelwe kwa Yuropa. Aforika Borwa mmogo le Botswana, Lesotho, Mozambique, Namibia le Swaziland, ba saenile Tumelano ya Selekane sa Ikonomi (EPA) e e buisanetsweng le EU.

EPA e tlamela dikuno tsa Aforika Borwa ka ditšhono tse di tokafetseng tsa phitlhelelo ya mebaraka, go akarediwa le tokafalo e e bonalang ya tekanyetso ya beine mmogo le phitlhelelo e ntšhwa ya mmaraka wa sukiri le ethanol. Ka fa tlase ga tumelano e ntšhwa, go solofetswe fa thomelontle e e sa kgethisiweng ya beine go tswa Aforika Borwa go ya EU, e tla oketsega gabedi. Go nolofaditswe le Melawana ya Tshimologo ya diaparo mme seno se tla rotloetsa thomelontle ya diaparo tsa Aforika Borwa go ya kwa EU.

EPA e emela kgaolo ya kgwebisano mo Tumelanong ya Tlhabololo le Tirisanommogo ya Kgwebisano, e e saenilweng ka 2000 magareng ga EU le Aforika Borwa.

Gape tumelano e dira tlamelo ya tshireletso ya disupi tsa jeokerafi tsa Aforika Borwa tse di akaretsang bogolo segolo maina a dibeine tsa Aforika Borwa, Rooibos, Honeybush le Karoo lamb.

1.6. Go amogetswe peeletso ya tikwatikwe ya boitlhamedi ya R500-milione kwa Johannesburg ke setlamo sa Amerika, General Electric (GE), mme ke sesupo sa gore Aforika Borwa le kontinente ke mafelo a a tlhaga a dipeeletso. Tikwatikwe eno ke ya bo 10 ya setlhopha lefatshe ka bophara mme ke ya ntlha mo Aforika. Gape kago eo ke kantorokgolo e ntšhwa ya Tlhokomelo ya Boitekanelo ya GE, e e bontshang dithekenoloji tse di farologaneng tsa tlhokomelo ya boitekanelo. Seno se bontsha maitlamo a pakatelele a GE mo kontinenteng le mo go boneng ditharabololo tsa boitlhamedi tsa mathata a Aforika a mafaratlhatlha le tlhokomelo ya boitekanelo.

Tikwatikwe eno e ikaelela go tokafatsa dikeletso tsa thuto tsa baenjiniri ba feta 100 ba ba neng ba se na ditšhono mo malobeng. Go dirilwe sebaka sa diporojeke tsa tirisanommogo le go batla ditharabololo tseo mo go tsona Transnet e dirisanang mmogo le GE mo diporojekeng tse di farologaneng tsa go fetolela merero e e farologaneng ya diporo go nna ya selegae. Gape maitlhomo a tikwatikwe ke go tshegetsa tlhabololo ya dikgwebo tse dinnye tse di nang le bokgoni jwa go tlamela mmaraka wa selegae gongwe le mebaraka ya lefatshe ya GE. Kabinete e ikuela mo ditlamong tse dingwe tsa ditšhabadintsi go kopisa sekai se se tlhomilweng ke GE.

1.7. Kabinete e amogela go konosediwa ga legato la ntlha la Phaka e e ntšhwafaditsweng ya Madirelo a Botshabelo kwa Foreisetata, e e tlhomilweng ke Tona Davies.

Legato la ntlha la ntšhwafatso le akaretsa tokafatso ya mafaratlhatlha a tshireletso, legora, mabone a mmila mmogo le ditlhokego tsa botlhokwa tsa motlakase ka bokana ka R24 milione. Seno ke karolo ya R189 milione e e beeleditsweng e e akaretsang diphaka di le thataro tse di beilweng ditlapele tse di golaganang le Leano la Dikgato la Pholisi ya Diindaseteri (IPAP). Phaka ya Madirelo ya Botshabelo e tla tlhamela batho ba Botshabelo le mafelo a a mabapi ditiro, e tla tsweletsa indaseteri le kgolo ya dikgwebopotlana le dikoporasi, go ngokela dipeeletso mmogo le go rotloetsa go nna teng ga difeme.

1.8. Go tsibogela ditlhokego tsa metsi kwa Lekgotlatoropong la Selegae la Moqhaka, Kabinete e amogela go tlhomiwa ga Phepafatso ya Metsi a a Leswe kwa Kroonstad ke Tona ya Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe, Mme Nomvula Mokonyane.

Karolo eno e ntse e aparetswe ke komelelo ya fa gautshwane mme seelo sa metsi se ne se le mo matshosetsing. Go rebotswe ditanka tsa metsi mme maiteko a pakakhutshwane le pakagare a akaretsa go epa le go ntšhwafatsa didiba kwa Kroonstad go oketsa tlamelo ya metsi.

1.9. Moporesitente Zuma o ne a tsenetse Samiti ya bo 6 Ya Tlwaelo ya Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya Kgaolo ya Great Lakes (ICGLR) e moono wa yona e neng e le: "Re akofisa go tsenngwa tirisong ka tshwanelo ga Tumelano le Diphorotokholo tsa yona gore go nne le Kgaolo ya Great Lakes ya temokerasi le e e tsepameng go feta".  Gareng ga tse dingwe, samiti e buisanetse seemo sa dipolotiki le tshireletso mo Kgaolong ya Great Lakes e e akaretsang Sudan Borwa, Burundi, Rephaboliki ya Temokeratiki ya Congo le Rephaboliki ya Aforikabogare, mme pegelo e e tletseng ya Samiti ya ICGLR e tla tlhagisiwa kwa Samiting e e latelang ya Kopanotshwaraganelo ya Aforika (AU). Moporesident Zuma o rile jaanong go na le koketsego ya tsholofelo ya gore dintlha tse di neng di ngakaletse mo malobeng tsa kgotlhang le go tlhoka tsepamo mo Kgaolong ya Great Lakes di tla rarabololwa.

1.10. Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete sa Baithuti (NSFAS) se tlametse baithuti ba thuto e kgolwane ba feta dimilione di le 1.7 ka matlole fa e sale se tlhongwa. Sekema se tlamela baithuti ba ba tswang kwa malapeng a a humanegileng mmogo le ba ba tswang kwa malapeng ao batsadi ba dirang, ka thuso ya ditšhelete. Go netefatsa gore seno se dirwa ka tsela e e nnelang leruri, NSFAS e kokoanya dituelo tsa madi a a adimiwang baithuti. Dituelo tseno di netefatsa gore sekema se nna le matlole a a tla thusang baithuti ba bangwe mo isagong. Seno se tsweletsa phitlhelesego, le katlego mo thutong le katiso e kgolwane, mo go tsweletseng maitlhomo a Aforika Borwa a tlhabololo ya bosetšhaba le ya badiri.

Kabinete e rotloetsa baamogelatshiamelo ya NSFAS botlhe ba ba dirang go ikgolaganya le dikantoro tsa NSFAS le go simolola go duela melato ya bona ya NSFAS. Le na le maikarabelo a go diragatsa seabe sa lona go thusa baithuti ba bangwe ba jaanong ba tlhokang thuso ya ditšhelete.

2. Ditshwetso tsa botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e itsisitswe ka maiteko a Inthanete ya mofuta o mongwe go tokafatsa tsamaiso ya tshedimosetso, a a bidiwang Digital Object Architecture (DOA). Kabinete e amogetse peeletso e nngwe mo tlhabololong ya maiteko a DOA le gore Aforika Borwa e nne Motsamaisi wa Bontsi wa mafaratlhatlha a lefatshe a DOA. Thekenoloji eno e tshwaela mo go fitlheleleng maitlhomo a NDP ka go tokafatsa bokgoni jwa Mmuso jwa go bona ditharabololo tsa boitlhamedi tsa dikgwetlho tse di marara. Gape e tokafatsa tlamelo ya ditirelo ka mananeo a tshwana le a e-government mmogo le a tshireletsego ya mo inthaneteng. Maungo a go dirisa DOA go tsamaisa tshedimosetso a tla gola mme a age bokgoni jo bontšhwa jwa selegae mo thekenolojing ya inthanete mmogo le go tlhama ditharabololo tsa serweboleta tse di totileng ntlha e e rileng mo Serweboleteng sa Open-Source. Seno se tla tshwaela mo go tlhabololeng indaseteri ya selegae ya dirweboleta le go tokafatsa dithulaganyo tsa tsamaiso ya tshedimosetso mmogo le letseno la thomelontle. Maungo a mangwe ke a gore DOA e tsamaelana le go dirisana le bontsi jwa mafaratlhatlha a a setseng a le gona mo Inthaneteng. Seno se tla kgontsha puso go fokotsa ditshenyegelo tse di oketsegang tsa dithulaganyo tsa dirweboleta.

2.2. Go latela kopo ya Khomišene ya AU, Kabinete e amogetse gore Aforika Borwa e amogela Foramo ya Aforika ya Bolaodi jwa Inthanete (IGF) ka Diphalane 2016. Bolaodi jwa Inthanete bo akaretsa dintlha di le mmalwa tsa loago le polotiki. Tsona di akaretsa go nna le seabe mo ikonoming ya mo inthaneteng, dithata tsa dithoto, tshireletso ya mo inthaneteng le bosephiri mmogo le phitlhelelo ya ditlamelo tsa botlhokwa tsa setegeniki, di tshwana le maina a domeini le Diaterese tsa Phorotokolo ya Inthanete tse di dirang gore ditirelo tsa Inthanete di kgonagale.

Go amogela IGF ya Aforika go naya Aforika serala sa go tlhama maano a go nna le seabe mo ikonoming ya Inthanete ya lefatshe e leng se se botlhokwa mo tlhabololong ya ikonomi mo Aforika. Ga jaana ikonomi ya Inthanete e balelwa mo go R59 bilione mo Aforika Borwa.

Gape foramo e tlamela dipuso tsa Aforika ka serala sa go tlhoma lenaneo la go amogela seemo se se tshwanang mo Bolaoding jwa Inthanete. Seno se latela dipoelo go tswa kwa Samiting ya Lefatshe ya Ditšhabakopano ya Kokoanokakaretso e e ka ga Tshekatsheko ya Seemo se se kwa Godimo ya Ditšhaba tsa Tshedimosetso ka Sedimonthole 2015. Seno se netefatsa gape Kgoeletso ya Tunis, ya gore Bolaodi jwa Inthanete ke tlamelo ya lefatshe e e tshwanetseng go tsamaisiwa ka thulaganyo e e maphatamantsi, e e seng bofitlha mme e le ya temokerasi, ka seabe se se tletseng sa baamegi botlhe. Dipuso tsa Aforika le tsona di tla nna le tšhono ya go buisana ka dikarolo tsa botlhokwa tsa tsamaiso ya Inthanete ka maitlhomo a go tsweletsa phasalatso le tiriso e e nang le tekatekano ya ditlamelo tsa Inthanete.

3. Ditiragalo tse di tlang

3.1. Gompieno, ka la bo 23 Seetebosigo 2016, Moporesitente Zuma o etela Thulaganyo ya Vulindlela ya Matlo a Batho ba Magae a a Tokafaditsweng (EPHP) kwa Lekgotlatoropong la Selegae la Umsunduzi kwa KwaZulu-Natal go keteka go tlamelwa ga matlo a puso a feta dimilione di le nne le diketleetso tsa matlo fa e sale temokerasi e goroga ka 1994.

Kwa KwaZulu-Natal, puso e tlametse ka matlo a feta 700 000 le diketleetso tse di akaretsang diyuniti di le 12 000 mo Porojekeng ya Matlo a Magae ya Vulindlela tse di agilweng ka EPHP. EPHP ke thulaganyo e mo go yona baamogelatshiamelo ba nnang le seabe se se tlhaga mo ditshwetsong le mo tsamaisong ya matlo le ditlhagiswa, mme ba nna le seabe mo kagong ya matlo a bona.

3.2. Moporesitente Zuma o tla tsaya Leeto la Semmuso go ya Fora magareng ga la bo 10 le la bo 12 Phukwi 2016, jaaka karolo ya go maatlafatsa dikamano magareng ga dinaga tseno di le pedi.

Ka nako ya leeto, Moporesitente o tla tsenela Segopotso sa Bolekgolo sa Ntwa ya Delville Wood ya Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe, ka la bo 12 Phukwi 2016, koo bontsi jwa masole a Aforika Borwa bo latlhegetsweng ke matshelo gona.

Le fa Segopotso sa Delville Wood e le sa masole a Aforika Borwa, dipholisi tsa puso ya tlhaolele tsa nako eo di ne di sa akaretsa bantsho ba Aforika Borwa ba ba tlhokafetseng ka nako ya ntwa fa badirammogo nabo ba basweu bona ba boloketswe kwa Segopotsong sa Delville Wood.

Segopotso se a fetolwa go bontsha seabe sa hisetori sa bantsho ba Aforika Borwa mo Ntweng ya Lefatshe ya Ntlha le ya Bobedi le go ba lemoga go ya jaaka go le maleba. Mo ntlheng eno, Moporesitente o tla tlotla masole a bantsho kwa Arques-la-Bataille.

3.3. Moporesitente Zuma o tla etelela pele kemedi ya Aforika Borwa go ya kwa Kopanong ya Tlwaelo ya bo 27 ya Kokoano ya AU e e rulaganyeditsweng go tshwarwa go tloga ka la bo 13 go fitlha ka la bo 17 Phukwi 2016 kwa Kigali, Rwanda. Khonferense e tshwarwa ka fa tlase ga moono wa: "2016 Ngwaga wa Aforika wa Ditshwanelo tsa Botho go totilwe Ditshwanelo tsa Basadi." Ngwaga wa 2016 o bontsha diphitlhelelo tsa botlhokwa mo lenaneong la kontinente le la lefatshe la basadi la tekatekano ya bong le maatlafatso ya basadi. Mo kontinenteng, ke segopotso sa bo 30 sa go diragadiwa ga Tumelano ya Aforika ya Ditshwanelo tsa Botho le tsa Batho ka 1986 le tshimologo ya legato la bobedi la Ngwagasome wa Basadi ba Aforika 2010-2020. Mo lefatsheng, 2016 ke segopotso sa dingwaga di le 36 fa e sale go amogelwa Tumelano ya UN ya Phediso ya Mefuta Yotlhe ya Tlhaolo kgatlhanong le Basadi mmogo le segopotso sa bo 21 sa Kgoeletso ya Beijing ya 1995 le Serala sa Tiragatso, e leng pholisi ya botlhokwa ya lefatshe e e ka ga tekatekano ya bong. Ditlhogo tsa Mebuso le Puso ba tla akanya ka pegelo ya Lekgotla la AU la Kagiso le Tshireletso ka ga seemo sa kagiso mo Aforika. Mo godimo ga moo, samiti e tla lebelela le go amogela tekanyetso e e tshitshintsweng ya AU ya 2017.

3.4. Moporesitente Zuma o tla etelela pele kemedi ya puso ya Aforika Borwa go ya kwa Samiting e e Kgethegileng ya Dinagatlhabololo tsa Borwa jwa Aforika (SADC) ya Double Troika, e e tla tshwarwang kwa Gaborone, kwa Rephaboliking ya Botswana ka la bo 28 Seetebosigo 2016. Go solofetswe fa samiti e tla lebelela seemo sa sepolotiki le pabalesego mo kgaolong ya SADC, go lebeletswe bogolo segolo seemo sa Naga ya Lesotho.

3.5. Naga e siametse go ka amogela Khonferense ya bo 21 ya Boditšhabatšhaba ya Lefatshe ya Aids go tloga ka la bo 18 go fitlha ka la bo 22 Phukwi 2016 kwa Inkosi Albert Luthuli International Convention Centre kwa Durban. Tshimologo ya khonferense e welana le Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Nelson Mandela ka la bo 18 Phukwi.

MaAforika Borwa a rotloediwa go abelana ka kgang ya rona le go bontsha diphetogo tse dintle mo Aforika Borwa fa e sale ka Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya AIDS e e neng e tshwaretswe kwa Durban ka 2000.

Aforika Borwa e beleeditse thata mo go tsibogeleng AIDS mo dingwageng di le thataro tse di fetileng, mme seo sa dira gore e nne le lenaneo le legolo go gaisa la kalafo ya HIV mo lefatsheng, le le bolokileng dimilionemilione tsa matshelo le go oketsa sebaka sa go tshela.

Diphithelelo tse dingwe di akaretsa Letsholo la Go Thobiwa maikutlo le go dirwa Diteko tsa HIV (HCT) le le dirileng diteko tsa HIV le AIDS mo maAforika Borweng a le dimilione di le 18 mo sebakeng sa dikgwedi di le 18, mme maAforika Borwa a le dimilione di le 10 a dira diteko ngwaga le ngwaga. Mo Aforika Borwa, dintsho tse di amanang le AIDS di fokotsegile go tloga go 320 000 ka 2010 go ya go 140 000 ka 2014, mme tshwaetsego ya HIV ya go tswa go mme go ya go ngwana e fokotsegile go tswa go masea a le 70 000 ka 2004 go ya go masea a a kwa tlase ga 7 000 ka 2015.

TB ke segoke sa botlhokwa mme le fa dintsho tsa TB di fokotsegile go tswa go 70 000 ka 2009 go ya go kwa tlase ga 40 000 ka 2014, TB e sa ntse e le mmolai yo mogolo mo malwetsing otlhe a a tshelanwang mo nageng ya rona le mo lefatsheng ka bophara. Puso e kgonne go tlhatlhoba ka katlego diketekete tsa batho mo maphateng a a mo matshosetsing a ditirelo tsa kgopololo, meepo le baagi ba ba gaufi le meepo.

Lenaneo la thibelaketegelo le baya basetsana le makgarebe a a mo dingwageng tsa bo 15-24 jaaka ditlapele mme maitlhomo ke go fokotsa tshwaetsego; go fokotsa boimana jwa banana; go fokotsa tirisodikgoka ya thobalano le e e ikaegileng ka bong; go tshola basetsana kwa dikolong go fitlhelela materiki; le go oketsa ditšhono tsa ikonomi tsa makgarebe go leka go ba ntsha mo banneng ba ba godileng ba ba iphetotseng dilalome mo go bona.

3.6. Ga jaana puso e keteka Beke ya Tirelosetšhaba go tloga ka la bo 22 go fitlha ka la bo 26 Seetebosigo 2016, e le karolo ya lenaneo la puso la Batho Pele. Tsweletso ya maitsholo a a siameng, go itshepa mmogo le boipelo mo badiredingsetšhaba e rotloetsa setso sa go tlamela ka ditirelo tsa boleng.

Gape puso e lemoga gore letsatsi la gompieno, la bo 23 Seetebosigo 2016, ke Letsatsi la Aforika la Tirelosetšhaba, le le rotloetsang magato a a farologaneng a puso go dira mmogo le go dirisa ditlamelo tse di lekanyeditsweng tsa puso ka bokgoni gore go nne le dipoelo tse di botoka.

Kabinete e rotloetsa badiredisetšhaba go etelela pele tlamelo ya ditirelo ya naga le go dirisa beke go lebelela ditsela tsa boitlhamedi tsa go tlamela maAforika Borwa ka ditirelo.

3.7. Kabinete e amogela tshwetso ya Boto ya Melelwane ya Makgotlatoropo go amogela khonferense ya Phetogo ya Kgaoganyo ya Melelwane le Dibaka ka la bo 23 le la bo 24 Seetebosigo 2016. Khonferense e tla akaretsa baemedi go tswa kwa mafapheng a puso, makgotlatoropo, gammogo le dinaga tse dingwe.

Khonferense e tlamela ka serala sa puisano e e akaretsang go kgaoganngwa ga melelwane, bogolo segolo ntlha ya melelwane e e fetogang mmogo le seabe sa baagi. Lentswe la baagi le botlhokwa mo thulaganyong eno mme maiteko otlhe a go netefatsa gore baagi ba nna le seabe se segolowane le se se akaretsang a tla amogelwa. 

3.8. Go tloga ka Labotlhano, la bo 1 Phukwi 2016, baduelalekgetho ba ka simolola go tlatsa le go isa dipoelo tsa bone tsa lekgetho la letseno semmuso. Paka ya lekgetho e tshwanetse go gola go nna selekane sa botlhokwa magareng ga puso le baduelalekgetho ba ba dirang tshwaelo ya botlhokwa mo letsenong la naga ya rona. E emela kgolagano e le nngwe fela e e kgolo go gaisa ya ngwaga le ngwaga magareng ga Tirelo ya Lekgetho ya Aforika Borwa (SARS) le baduelalekgetho, moo baduelalekgetho ba ba fetang dimilione di le nne ba isang dipoelo tsa bona tsa lekgetho. Kabinete e rotloetsa baduelalekgetho botlhe go isa dipoelo tsa bone tsa lekgetho la letseno la ngwaga le ngwaga go tloga ka la bo 1 Phukwi 2016. Ke fela ka maiteko a baduelalekgetho ba ba obamelang melao moo Aforika Borwa e rekotileng kokoanyo ya lekgetho e e dirileng hisetori ya R1 tirilione mo ngwageng wa ditšhelete wa 2014/15.

4. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya ga jaana

4.1. Kabinete e nyatsa tirisodikgoka ya fa gautshwane mo Toropokgolong ya Tshwane le mafelo a a mabapi mme e ikuela mo baaging go tila go tlola molao le dikhuduego tse di tletseng tirisodikgoka.

Ga go na ngongorego epe e e ka tlhalosang tirisodikgoka le tshenyo ya dithoto. Ba ba tla bonwang molato wa go tsweletsa bosenyi jo bo jalo ba tla lebagana le bogale jwa molao.

Aforika Borwa ke naga e e nang le temokerasi le molaotheo moo moagi mongwe le mongwe a nang le tšhono ya go nna le seabe mo dithulaganyong tsa temokerasi. Maitsholo a a jaana a bosenyi a gataka ditshwanelo le motsamao o o gololesegileng wa ba bangwe. Kabinete e ikuela mo baaging go dira mmogo le ditheo tsa tiragatso ya molao go tomola botlhe ba ba ikgatolosang ditshwanelo tsa ba bangwe tsa molaotheo.

4.2. Katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo mo kgetseng ya ga Mhlophe kgatlhanong le Khomišene e e Ikemetseng ya Ditlhopho (IEC) e tlhagola tsela ya gore ditlhopho tsa dipusoselegae di tswelele pele ka la bo 3 Phatwe 2016, go dirisiwa lenane la batlhopi le le tlhomamisitsweng ke IEC go latela go goelediwa ga letlha la ditlhopho.

Kabinete e ikuela mo batlhophing botlhe ba ba ikwadisitseng go diragatsa ditshwanelo tsa bona tsa temokerasi tse di bonweng ka thata mme ba tlhophe baemedi ba dipusoselegae ba ba ba itlhophelang. Puso e tla dira le IEC mmogo le baamegi ba bangwe botlhe go netefatsa gore katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo e diragadiwa ka botlalo.

4.3. Kabinete e amogela kitsiso ya Eskom ya gore e golagantse diyuniti di le nne tsa polante ya yona e ntšhwa ya maatla a haeteroeleketiriki ya Ingula mo mafaratlhatlheng a bosetšhaba pele ga nako.

Porojeke ya R25 bilione e tokafatsa go nna teng ga motlakase mo nageng mo isagong ka go oketsa ka Dimekawate di le 1 332 ka nako eo tiriso ya motlakase e leng kwa godimo. Polante e siametse go ka dirisediwa kgwebo ka botlalo ka 2017.

4.4. Kabinete e amogetse batimamolelo ba ba neng ba rometswe kwa Canada go ya go thusa go lwantsha melelo ya lenaga. Setlhopha sa Aforika Borwa se ne sa gololwa go latela dipula tse di maatla.

Working on Fire ke lenaneo le le tlamelwang ka matlole ke puso, le le tlhamang ditiro le le totileng go diragatsa Tsamaiso e e Lotaneng ya Melelo mo Aforika Borwa. Go katisitswe makau le makgarebe a a fetang 5 000 ka botlalo jaaka batimamolelo ba melelo ya naga mme ba beilwe mo ditheong di feta di le 200 go ralala Aforika Borwa. Batimamolelo ba ngokwa go tswa kwa baaging ba ba tlhokileng ditšhono mme ba katisiwa ka temogo ya molelo le thuto, thibelo mmogo le bokgoni jwa go tima molelo. Mananeo a a tshwanang le leo a puso a akaretsa 'Working for Water' le 'Working for Energy' moo puso e beeletsang mo ditirong tse di tlhokang badiri ba bantsi tse di tlhamang ditiro mme di babalela ditlamelo tsa rona tsa tlholego.

Go latela go boa ga bona, Lefapha la Merero ya Tikologo le batlisisa ngongorego ya dituelo ya batimamolelo gore go nne le dipoelo tse di sa gobeleleng baamegi botlhe.

4.5. Kabinete e romela matshediso go ba ba latelang:

  • Balesika le ditsala tsa mogasi yo o itsegeng wa radio le thelebišene, Hope Zinde yo o dirileng jaaka mmegadikgang kwa SABC ka dingwaga tsa bo 1990 mme gape e ne e kile ya nna tokololo ya boto ya SABC. 
  • Puso le baagi ba Amerika go latela thuntsho ya kwa Orlando, Florida, e e tlogetseng batho ba le 50 ba tlhokafetse mme bontsintsi bo gobetse.

4.6. Katlholo ya morekisi wa matlo yo o rotseng tiro, Penny Sparrow ke Kgotlatshekelo ya Tekatekano ya Umzinto kwa KwaZulu-Natal, yo o bonweng molato wa puo ya letlhoo, ke kgakololo ya gore go ka se ke ga itshokelwa maitsholo a a jalo le gore dikgotlatshekelo tsa rona di tla tswelela go tshegetsa ditshwanelo tsa batswasetlhabelo botlhe ba bosemorafe, bogolo segolo ba ba sa kgoneng go ipuelela gongwe go itshireletsa.

Kabinete e tshwenngwa ke gore le fa re setse re na le dingwaga di le 22 mo temokerasing, Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa e bega gore go na le koketsego ya ditiragalo tse di begilweng tsa bosemorafe le puo ya letlhoo. Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe go gakologelwa gore go farologana ga rona ke gona go re maatlafatsang. Re tshwanetse go lwela go aga setšhaba se se senang bosemorafe.

5. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

5.1. Setheo sa Dipalangwa tsa Tsela Go Kgabaganya Melelwane:

a.    Go thapiwa gape ga ga Rre Sipho Khumalo jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo sebaka sa dingwaga di le tlhano.

5.2. Ditokololo tsa Lekgotla la Bosetšhaba la Ditirelo tsa Kgopololo:

a. Moatlhodi Mokgadi Mailula (Modulasetilo);
b. Moatlhodi Zamani M Nhlangulela (Motlatsamodulasetilo);
c. Moatlhodi Esther JS Steyn (Motlatsamodulasetilo);
d. Rre Adriaan Bekker;
e. Moatefokate Sibongile Mzinyathi;
f. Mme Shishi Sello;
g. Ngaka Kgamadi J Kometsi;
h. Moleftenentemogenerale Julius T Molefe;
i. Mme Angela Magangoe;
j. Rre Mziwoxolo M Mfeketo;
k.Mme Nondumiso Gwayi;
l. Rre Ivan de Klerk;
m. Mme Teboho S Monyamane;
n. Mme Lusanda U Z Rataemane;
o. Moatefokate Khavhareni A Mahumani;
p. Moruti Jonathan Clayton;
q. Mme Amanda L Vilakazi;
r. Ngaka Vanitha R Chetty; le
s. Rre Maluleka Nkopo.

Dipotsiso:
Harold Maloka
Dintlhakgolagano: 082 847 9799

Share this page

Similar categories to explore