Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 8 Seetebosigo 2016

1.1. Re etse tlhoko ditshekatsheko tse di dirilweng ke ditheo tsa ditshekatsheko tsa maemo a boditšhabatšhaba tsa Fitch, Standard & Poor’s le sa Moody’s, tseo di netefaleditseng maemo a dikoloto tsa dipeeletso tsa Aforika Borwa le go netefaletsa seemo sa yona sa maemo a a tsetsepetseng. Ditshekatsheko tsa maemo di netefaletsa tiro e e tsweletseng ya puso ya go fetola maemo a ikonomi le go neela naga sebaka seo e se tlhokang go tswela pele go tsenya tirisong maano a yone a dipaakanyo.

1.2. Tiro ya boineelo ya Setlhopha sa Aforika Borwa se se akaretsang puso, dikgwebo le mekgatlho ya badiri e netefatsa gore Aforika Borwa e efoga ka gotlhe go beewa mo maemong a a bokoa mo mererong ya tsa ikonomi. Aforika Borwa e tsenyatirisong manaane a a tswang mo go Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) a a tla netefatsang gore naga e tswelela go nna lefelo la dipeeletso. Seno se bontsha gore fa re dira mmogo re ka tsosolosa ikonomi ya rona, ra ngokela dipeeletso le go tlhola ditiro tse di tlhokegang mo maAforika Borweng.

1.3. Le fa Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) sa nnete sa Aforika Borwa se amilwe ke 1.2% mo kgweditharong ya ntlha ya 2016, go ya ka dipalopalo tse di ntshitsweng ke Lefapha la Dipalopalo la Aforika Borwa (Stats SA), puso e setse e tsenyatirisong ditsereganyo tse di botlhokwa mo makaleng ao bontsi a amegileng a a jaaka a temothuo, dinamelwa, motlakase le a meepo, ao a thusiwang ke Operation Phakisa, go tlosa dikgwetlho tse di thibelang kgolo.

1.4. Dipalo tsa phopholetso tsa GDP ga jaana di fitlhelwa kwa Stats SA. Mo malobeng maikarabelo a go tlhagisa le go phasalatsa thulaganyo ya Aforika Borwa ya diakhaonto tsa bosetšhaba e ne e le gore Stats SA e tla rwala diphopholetso tsa ditlhagiswa tsa GDP tse di ikaegileng ka paka ya dikgweditharo mme Bankakgolo ya Aforika Borwa (SARB) yona e tla phasalatsa diphopholetso tse di ikaegileng ka ditshenyegelo tsa kgweditharo e nngwe le e nngwe tsa GDP.

1.5. Jaaka puso re samagana le ditlhokwa tsa baagi mme ka go dira mmogo re fetola matshelo a maAforika Borwa. Bodutelo jwa phepafatso ya metsi jwa bokanaka R116 milione jo bo kwa Steytlerville, kwa bontleng jwa Port Elizabeth e e kwa Kapa Botlhaba, bo tla samagana le tlhaelo ya metsi. Bodutelo jono bo butswe ke Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (the dti), ka Lenaane la Mafaratlhatlha a a Botlhokwa (CIP) mmogo le Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe, go akaretsa le Masepala wa Selegae wa Baviaans.

Mo nageng eo e tlhaelang metsi, bodutelo jono jwa phepafatso ya metsi bo tla tlhatlosa seelo sa metsi mo baaging le mo dikgwebong go dira gore ka sekene e nngwe le e nngwe go bonwe dilitara di le 24 go tloga mo di le robedi le di le 10, e leng selekano se se lekaneng go samagana le ditlhokwa tsa metsi tsa Steytlerville mo dingwageng di le 15 tse di tla tlang.

Bodutelo jono jo bontšhwa gape ke karolo ya tlhabololo ka kakaretso ya ikonomi ya teropo jaaka e tlhisa tsetsepelo mo borapolase, dikgwebo tse di potlana mmogo le babeeletsi. Tlamelo ka matlole go tswa kwa the dti go leba kwa Masepaleng wa Legae wa Baviaans tebang le mafaratlhatlha go dirile gore porojeke eno e tlhole ditirelo di le 238 tsa dikonteraka mo tikologong eo. Porojeke eno e botlhokwa mo go tshegetseng kgolo ya ikonomi ka le mo go tlholeng ditiro tse di tlhokagalang.

1.6. Jaaka karolo ya lenaane la tsosoloso ya diporo tsa puso, Kabinete e amogetse go lekelela diterene tsa banamedi tsa X’Trapolis Mega tsa Setheo sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa (Prasa).
Diterene tseno tsa maemo a a kwa godimo tseo go lebeletsweng di tla tsenngwa tirisng ka la Diphalane monongwaga di na le mabati a a ipulang, mp phasetšhing go bulegile gotlhe mo tereneng, go na le dibudulela mowa le dithelebišene tsa pabalesego go oketsa pabalego mo banameding.

Diterene tseno di golaganya maAforika Borwa le go nna le karolo e e botlhokwa mo go tshegetseng dinamelwa ts setšhaba le go tlhotlheletsa kgolo ya ikonomi.

1.7. Mo go kgontsheng dikgwebopotlana the Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba mmogo le Mokgatlho wa Bagwebi ba Bathobantsho ba tlhomile Tikwatikwe ya Ditirelo e e tla thusang dikgwebopotlana go ikwadisa mo go Sefalanakgobokgobotshedimoso sa Baabiditirelo (CSD), dipotsiso ka ga dithendara mmogo le ditirelo tse dingwe tsa badirisi ba Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba.

Seno se tla nna le mosola o mogolo mo go fokotseng melao e e kgoreletsang le mo go direng gore go nne bonolo mo dikgwebong, bogolo dikgwebopotlana, go tsaya tšhono ya ikonomi ka go nna le seabe mo go tlhabololeng ikonomi le naga ya rona.

1.8. Re rotloetsa baabelani ba ditirelo ba rona bao e leng gone ba ikamanya le rona le bao ba ntseng ba le teng go ikwadisa mo go CSD, e leng one moedi wa tshedimosetso ya baabelani ba ditirelo botlhe ba maphata otlhe a puso. Mosola wa go nna le moedi o le mongwe wa baabelani ba ditirelo ba puso ke go efoga go nna le matsapa a a tshwanang le a ditshenyegelo tsa madi mo maphateng ka bobedi e leng la baabelani ba ditirelo le la puso le go kgontsha ditheko tsa go dirisa mokgwa wa seeleketeroniki.

1.9. Seabe se sengwe sa go tlhola ditiro tse di nang le seriti ka go dirisa kgolo e e akaretsang botlhe e nnile Kopano ya ya Bosetšhaba e e ka ga Ditiro ka fa tlase ga moono o o reng: "Samiti ya Ditiro le Kopano ya Ditiro – phatlhatiro ya me bokamoso jwa me".

Kopano eno e matlafatsa bao ba sa direng ka bokgoni jo bo loleya, tshedimosetso le go batla ka namana ditšhono tsa go tsenngwa tirong, bogolosegolo mabape le thuto e e kwa godimo, go ithapa ka bowena, manaane a dikoporasi le a ditiro tsa baagi (di-CWP).

1.10. Go fetisiwa ga Molaotlhomo wa Thopo ya Dithoto ke Puso go neela puso matla a semolao a go tswelela go tsenya tirisong manaane a naga ya rona a a ka ga phetogo e e gagametseng ya ikonomi ya loago go araba potso e e ka ga matsapa a a santseng a le teng a kabo ya lefatshe e leng se se botlhokwa thata mo lenaneong la yone. E tlhalosa "thulaganyo ya tsamaiso ya bosiamisi" eo bothati jo bongwe le jo bongwe jwa kamogodithoto bo tshwanetseng go e latela.

Molaotlhomo ono wa Thopo ya Dithoto ke Puso mmogo le Molao o o lebeletsweng go tswa mo go yone, o letlelela thulaganyo ya tolamo, netefaletso le kamogodithoto e e bonako go unngwela baagi, go akaretsa le kabosešwa ya dinaga. Motho kgotsa baagi bao go thopilweng dinaga tsa bona mo dingwageng di le makgolokgolo ba na le tetla go ya ka Molaotlhomo ono ya go ka busediwa naga eo kgotsa go duelwa ka tsela e e matshwanedi.

Gape e tlhagisa melawana eo puso ka yona e ka tsenyang kopotuelo ya naga "mo logatong lwa baagi" tebang le "go ka dirisediwa ditirelo tsa baagi". Molaotlhomo ono o tla morago ga setlhongwa sa Polelwana ya Molaotlhomo wa Ditshwanelo tsa Batho le Dithoto seo se tshwanetsweng go tseewa tsia mo kgetseng ya ditopotuelelo tsa kamogo ya naga. O tla kgontsha gape bang ba naga gore ba duelelwe ka tshwanelo le ka tekatekano.

Gang fela fa Molaotlhomo ono o saenelwa go nna mola, o tla phimola ka gotlhe Molao wa Thopo ya Dithoto ke Puso wa 1975 (Molao wa bo 63 wa 1975).

1.11. Kgolo e e akaretsang botlhe ke seo Lekgotla la Dikeletso tsa Moporesitente mo go tsa Matlafatso e e Anameng ya Batho Batsho mo Ikonoming (BBBEE) le le sa tswang go kopana mo malobeng le tsepamisitseng mogopolo mo go yona. Lekgotla la Dikeletso la BBBEE le tla dirisana mmogo le Setlhopha sa Ditiro tsa Seporofešenale sa Moporesitente, seo se tlhomilweng ke Moporesitente Jacob Zuma, go netefatsa gore matsapa a a amang badiredi ba seporofešenale ba bathobatsho a a rarabololwa.

Kopano eno ke e nngwe ya dipontsho tsa tshwaragano le tirisanommogo go tsosolosa kgolo e e akaretsang botlhe, go tseelwa tlhogong dipeelo tsa BEE gore re kgone go gatela pele mo go fetoleng thefosano le mo go fediseng ikonomi e e sekametseng matlhakore go ya ka mmala.

1.12. Aforika Borwa lekgetlho la ntlha e tsaya karolo mo Foramong ya bo VIII ya Boditšhabatšhaba e e ka ga Thekenoloji ya Tshedimosetso (IT) ya matsatsi a mabedi kwa Khanty-Mansiysk, Russia, mo e tla bong e emetswe ke Tona Faith Muthambi. Foramo e tla diragadiwa go simolola ka la bo 8 go fitlha ka la bo 9 Seetebosigo 2016, moo saense le thekenoloji di tla dirisiwang go rarabolola tse dingwe tsa dikgwetlho tse di tonagadi mo dithulaganyong tsa rona tsa thuto le tsa boitekanelo.

Baemedi kwa foramong eo ba tla akaretsa baemedi ba dikgwebo, mekgatlho sa diporofešenale, babatlisisi, baitseanape ba merero ya thuto le ya IT go tswa kwa ditokololong tsa dinaga tsa BRICS (Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa).

1.13. Kopano ya Botsamaisi jwa Matlakala ya Ngwaga le Ngwaga ya bo 5, e e etilweng pele ke Tona ya Lefapha la Merero ya Tikologo ka fa tlase ga moono o o reng: "Re Rotloetsa Boitshimololedi le go Tlhatlosa Tlhabololo ya Tsamaisokgwebo" maitlhomo a yona ke go tokafatsa kaboditirelo, go netefatsa fa go nna le tharabologelo e e bonako ya manaane a botsamaisi jwa matlakala go rotloetsa ikonomi ya tirisosešwa ya ditlakala, fa re ntse re tsweletse go tsenya baagi ba rona mo ikonoming e e botlhokwa, ka go potlakisa phitlhelelo ya diphatlhatiro mo lekaleng la ditlakala.

1.14. Phasalatso ya dipoelo tsa boruni jwa pusoselegae mo ngwageng ya 2014/15 e bontsha go tokafala ga dipoelo tsa boruni jwa mebasepala go tloga mo dingwageng tsa 2010/11 go leba kwa go tsa 2014/15.
Palo ya mebasepala e e boneng diphalolo tsa boruni mo ditšheleteng jo bo senang bosodi e oketsegile go tloga mo e le 13 go fitlha mo e le 54.

Mo godimo ga seo, dikgwebo tse dingwe gape tse di ka fa tlase ga mebasepala di le 18 le tsone di bone diphalolo tsa boruni, mme seo se okeditse paloyotlhe ya diphalolo tsa boruni go ka nna 72 mo pakeng ya jaana. Go nnile le phokotsego e kgolo mo dipholong tse di nang le bosodi jo bogolo le mo go jo bo sa amogelesegeng, e leng phokotsego ya go tloga mo 30% ka 2010/11 go fitlha mo 11% mo mebasepaleng mo pakeng ya jaana.

Tokafalo eno mo dipoelong tsa boruni jwa mebasepala ke ka ntlha ya Lenaane la Poelo mo go tsa Motheo, Letsholo la Boruni jo bo Senang Bosodi, boeteledipele jo bo nonofileng, tokafatso ya botsamaisi jwa matlole le jwa tiragatso mmogo le go somarela direkoto.

1.15. Kabinete e etsetlhoko katlholo ya Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo jwa Dingongorego moo e atlhotseng gore Pholisi ya Phetolokgaso ya 2015 ga e mo molaong, ga e a nepa mme e e beela kwa tlhoko. Kantoro ya Moporesitente, Lefapha la Ditlhaeletsano, Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso, Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo mmogo le the dti ba tla eletsa puso ka ga ditlamorago tsotlhe mmogo le dikatlholo.

1.16. Ka go setse go ntshitswe letlha la Ditlhopho tsa Mebusoselegae tse di tla tshwarwang ka Laboraro wa la bo 3 Phatwe 2016, maphata otlhe a sepolotiki a tshwanetse go obamela melaotumelano ya maitsholo mo ditlhophong eo makoko otlhe a e saenetseng. yona e gatelela makoko otlhe a a tla gaisanang mo ditlhophong go diragatsa karolo ya bona mo go iponeleng ditlhopho tse di edileng e bile di sa tsee letlhakore. Makoko a sepolotiki mmogo le batshegetsi ba one ba tshwanetse go obamela Molaotheo mme bao go ka fitlhelwang ba le molato ka go tlola mola ba tla tobana le bogale jotlhe jwa molao.

Mo ntlheng ya mo malobeng ya go se itshokelane ga sepolotiki, Tona ya Sepodisi o tlhomile Setlhophatiro sa Ditselakgalemontsi seo se akareditseng Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), Matlhale mo go tsa Bosenyi, Ditirelo tsa Bafokisi, Botsamaisi jwa Dipatlisiso tsa Bosenyi jo bo kwa Setlhoeng (Hawks) mmogo le ba Dipatlisiso tsa Sebakwa sa Polao mo Mmeleng gore go fitlhelelwe peelo ya boraro ya ponelopele ya Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) e e tlhalosang gore, "Batho botlhe mo Aforika Borwa ba babalesegile e bile ba ikutlwa ba babalesegile".

1.17. Mo ntlheng ya matshosetsi a thopo ka dikgoka a a begilweng ke Embasi ya Dinagakopano tsa Amerika (US) kwa Pretoria, Kabinete e boeletsa puo e e tlhagisitsweng ke Kantoro ya Moporesitente ya gore Setlhopha sa Tshireletsego se kopane maabane go buisana ka ntlha eno, ka maitlhomo a go netefaletsa pabalesego e e tswelelang mo go botlhe ba ba leng ka fa nageng.

Mo godimo ga seo, Puso ya Aforika Borwa e tla tswelela go buisanela ntlha eno le Puso ya US jaaka karolo e e tsweletseng ya tirisanommogo mo dintlheng tsa tshireletsego magareng ga dinaga ka bobedi. Aforika Borwa mmogo le US di tswelela go nna le dikamano tse di maatla tse di dirisanang sentle mo mafelong a a farologaneng a tirisanommogo go akaretsa a sepolotiki, a ikonomi, a loago le tshireletsego.

1.18. Monongwaga o tshwaya mokete wa tlotlo ya segopotso sa bo 40 sa dikgaruru tsa 16 June 1976, e leng seo se fetotseng maemo a loago le sepolotiki mo Aforika Borwa.
Moporesitente Zuma o tla etapele mokete ono kwa dikgatong tsa Letsatsi la Bašwa la Bosetšhaba kwa Lebaleng la Metshameko la Orlando kwa Soweto ka la bo 16 Seetebosigo 2016 ka fa tlase ga moono o o reng: "Bašwa ba tsweletsa pele Aforika Borwa".

Dintlhakgolo di tla akaretsa Puo ya Botlhokwa ka Moporesitente mmogo le mokete wa boalo jwa dikgare kwa Lebitleng la Hector Pieterson.

Khonferense e e itlhophileng ya bobegakgang e tla tshwarwa ka Labobedi, 14 Seetebosigo 2016 go neelana ka dintlha tse dingwe ka ga lenaane la Letsatsi la Bašwa. Ditona le Batlatsatona ba ntse ba buisana le batho ba bangwe ba borona, bogolosegolo bašwa mo kgweding eno go ba rotloetsa go tsaya ditšhono go ralala le makala a a farologaneng gore ba tokafatse matshelo a bona le go ba kgontsha gore ba nne le seabe se se utlwalang mo tlhabololong ya ikonomi le ya naga. Manaane ao Ditona di samaganeng nao mo Lenaaneng la Kgwedi ya Bašwa a tla phasaladiwa mo diwebesaeteng le mo diraleng tsa ditlhaeletsano tsa loago tsa puso.

1.19. Mo tshimologong ya paka ya dikoma, makawana a le mantsi a itukisetsa go namela thaba go ya go nna bannatota.

Puso, e etilwepele ke Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (CoGTA), e dirisana le ditheo tsa Boeteledipele jwa tsa Setso mmogo le bannaleseabe ba bangwe botlhe go netefatsa gore paka ya koma ya 2016 e tswelapele "Ntle le Dintsho Dipe" e leng seo se tsamaisiwang ke moono – “Re Rata Setso sa Rona, Re itse Botlhokwa jwa Bašwa ba Rona".

Malapa, batsadi le batlhokomedi ba semolao ba bana ba tshwanetse go netefatsa gore makawana a itlhophela go leba kwa dikomeng tseo di leng mo molaong, moo go nang le ditlhatlhobo tsa pele lekawana le tsena kwa komeng mme le borrathipana ba teng ba katisitswe ka manontlhotlho e bile batsadi ba ba itse go tlala seatla.

Baagi ba kopiwa go bega ditiro dife kgotsa dife tseo di seng mo molaong mo go 0800 111 166 kgotsa #zero tolerance on initiation deaths.

2. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Moporesitente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, Jacob Zuma, o tlhophilwe go nna karolo ya Lekoko la Maemo a a kwa Godimo la Ditlhogo tsa Dinaga; Mme Mokaedikakaretso wa Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe o thapilwe jaaka Sherpa (e leng modiredipuso kgotsa morongwa yo a tsayang tiro ya katiso pele ga Khonferense ya samiti) mo legatong la Moporesitente wa Aforika Borwa jaaka Leloko la Lekoko mo Lekokong la Maemo a a kwa Godimo mo mererong ya Metsi.

Boto ya Dikeletso ya Mokwaledikakaretso wa Dinagakopano (UNSG) e e ka ga Metsi le Kgeleloleswe e tshwaetse gore go nne le tlhopho ya Lekoko la Maemo a a kwa Godimo la Ditlhogo tsa Dinaga e e ka ga Metsi go etelela pele dipuo tse di ka ga metsi mmogo le itlwaetso, go latela kamogelo ya UNSG ya Lenaneo la Ditlhabololo la 2030 ka Lwetse 2015.

Lekoko leno le tla potlakisa go tsenngwatirisong ga Peelo ya Tlhabololo ya Leruri ya bo 6 (metsi a a phepa le kgeleloleswe ), e leng seo se ntšhwafaditseng tsepamisomogopolo mo segaleng se se nnang teng mo phetogong ya maemo a loapi mo thulaganyong ya metsi. Ke ka ntlha ya seno, re lebile komelelo e e tsweletseng go nna teng go ralala le naga,go nnang le thotloetso ya gore Setlhopha sa Aforika Borwa se rotloediwa go nna karolo mo go phepafatseng dinoka, meedi le metswedi ka la bo 18 Phukwi, jaaka karolo ya ditiragalo tsa Letsatsi la ngwaga le ngwaga la Aforika Borwa la go bontsha tlotlo mo go Mandela.

2.2. Togamaano ya Ditlhaeletsano ka ga Ponelopele ya 2030 ya NDP e tlhagisa tsenngotirisong ya NDP le go tlhaeletsana ka seabe sa NDP mo maAforika Borweng.tsiboso e e itlhophileng ya bobegakgang e tla tshwariwa gore go tlhalosiwe ka botlalo togamaano ya ditlhaeletsano, tiriso ya letshwaokgwebo, melawanatshupetso ya matshwaokgwebo mmogo le tiriso e e netefatsang gore thulaganyo ya go tlhaeletsana e a tshwana mo mafapheng otlhe a puso le mo ditheong tsa yona tse di tsenyang mananeo tirong.

2.3. Pegelo e e ka ga Bogolo jwa Komelelo mo Aforika Borwa le seabe sa yone mo ikonoming ya metseselegae mmogo le ditogamaano tse di amanang natso tseo di tsenngwang tirisong go samagana le dikgwetlho tseno.
Ditlamorago tsa Komelelo, Phutlhamo ya Mmu le Kakafalo di kgoreletsa maiteko a go fedisa lehuma, go babalela gonna teng ga dijo tse di lekaneng, go tokafatsa boleng le bontsi jwa metsi, go kakatlela le go ikamanya le phetogo ya maemo a loapi mmogo le go atlegeng mo tlhabololong ya leruri.

Mo ntlheng eno, Aforika Borwa e tsentse tirisong didirisiwa di le dintsinyana tsa semolao, dipholisi, ditogamaano mmogo le manaane a a kgonegang go ka samagana le komelelo le phutlhamo ya mmu mo maemong otlhe. Ditsereganyo tseno di na le seabe mo go tsosoloseng mmu le mo go tsa ikonomi ya loago fa mo letlhakoreng le lengwe di tlhola ditšhono tsa ditiro, tlhabololo ya bokgoni le mo go tlhatloseng ka fao go phedisanwang ka gone.

2.4. Phasalatso ya pegelo eno e na le seabe mo go tlotlomatseng la bo 17 Seetebosigo jaaka Letsatsi la Lefatshe la go Lwantshana le Komelelo le Kakafalo, tse di itsisitsweng jalo ke Kopanokakaretso ya UN. Letsatsi la monongwaga la Lefatshe la go Lwantshana le Komelelo le Kakafalo le akaretsa botlhokwa jwa tirisanommogo go tsosolosa le go fodisa mmu o o phutlhameng le go nna le seabe mo go fitlheleleng Dipeelo tsotlhe tsa Tlhabololo e e Nnelang Ruri. Mo go direng jalo, Aforika Borwa e fitlhelela maikano a yona a a ka fa gare ga Tumelano ya UN ya go Lwantshana le Komelelo.

2.5. Pegelo ya Dikarabelo tsa matsapa a a tswang kwa Komiting ya UN e e ka ga Ditshwanelo tsa Bana, e opetswe legofi. Eno e amana le pegelo ya bobedi e e ka ga go tsenya tirisong Tumelano ya Ditshwanelo tsa Bana mmogo le Thulaganyo e Nngwe ka ga Thekiso ya Bana, go Gweba ka Mebele ya Bana le ka ga Ditshwantsho tsa Maponapona tsa Bana.

Seno se tla tšhotlhwa kwa Kopanong ya bo 73 e e tla tshwarelwang kwa Geneva go tloga ka la bo 13 go fitlha ka la bo 30 Lwetse 2016. Kabinete gape e nopotse tshimololo ya thulaganyo ya go kgobokanya tshedimosetso tebang le pegelo ya tumelanopaka e e tlang e e ka ga Lokwalotshwanelo lwa Aforika lo lo ka ga Ditshwanelo le Boitekanelo jwa Bana go tlisiwa kwa bothating ka la bo 7 Ferikgong 2017 mmogo le Tumelano ya UN e e ka ga Ditshwanelo tsa Bana go tlisiwa kwa bothating ka la bo 15 Phukwi 2017.

2.6. Ditshwaelo le ditshitshinyo go tswa ka fa Pegelong e e Tlhamaletseng e e ka ga Ditshekatsheko tsa go tsenya tirisong Lokwalotemoso lwa lefapha la puso lo lo ka ga Boitekanelo jwa Loago lwa 1997 di atlenegisitswe. Seno se tla potlakisa Lokwalotemoso lwa lefapha la puso lo lo ka ga Boitekanelo jwa Loago lo lo kwadilweng sešwa, lo lo tsamaelanang le ditlapele tsa puso tsa go aga ditšhaba tse di tshwaraganeng, di tlhokomelana, tsa leruri e bile di bolokesegile.

Ditshitshinyo di tsepamisitse mogopolo mo ditlapeleng tse di leng ka fa NDP, eo e nopolang tlhokomelo ya loago mmogo le Boitekanelo jwa Tlhabololo ya Loago jaaka basupatsela ba kgatelopele mo go atlegeng mo go tlhabololeng loago. Go tsenngweng tirisong ga tseno go tla nna le mosola yo mogolo mo matshelong a batho bao ba leng mo matshosetsing a tshokolo, ba ba leng mo tlalelong le mo go bao ba tshelang mo khumanegong e e seng kana ka sepe, bogolosegolo mo basading, mo baneng le mo bathong ba ba golofetseng.

E tla netefatsa gore ditlhopha tsa mothale o ba iponela mokotla yo o rileng wa botlhokwa wa ditirelo tsa tlhabololo ya loago oo o tla thusang go tokafatsa maemo ao ba tshelang mo go ona le go tokafatsa boitekanelo jwa bona.

2.7. Aforika Borwa le Rephaboliki ya Botswana di tla tsenela Tumelano e e Baakantsweng e e ka ga go Tshwara le go Busetsa Disenyi kwa Nageng eo ba Sentseng kwa go yona, go latela athikele ya bo 231(1) ya Molaotheo.
Maitlhomo a seno ke go nna le tirisanommogo e e nabileng magareng ga Aforika Borwa le Botswana gore go nne le tolamo mo dikopong tse di tswang kwa Botswana tsa pusetso ya disenyi moo katlholelo ya tsona go nang le kgonagalo ya gore e nne ya loso.

Seno se tla netefatsa gore Aforika Borwa ga se mmabaledi wa disenyi ka go letlelela pusetso ya disenyi le go lolamisa mosola wa bothati jwa kgagamatso ya molao mo go thibeleng, go batlisiseng le mo go sekiseng bosenyi.

2.8. SAPS mo nakong e e tlang e tla phasalatsa pegelo e le nngwe ka ngwaga e e tlhamaletseng mme dipalopalo tsa bosenyi di tla phasaladiwa mo pakeng ya dikotara.Pegelo e e tlhamaletseng ya ngwaga le ngwaga e tla akaretsa diphetogo tse di nnang teng mo dipalopalong tsa bosenyi tseo di ka nnang teng go tswa kwa balekoding ba boleng ba tsone mmogo le diphetogo tse di nnang teng mabape le maemo a dikgetse tse di ka nnang teng mo ngwageng oo.

Tlhokego ya dipalopalo tsa gangwe le gape e tla thusa mo ditshweetsong tsa puso tsa go samagana le setlwaedi sa bosenyi. Seno se tla nna le seabe mo pilareng ya NDP, eo e tlhagisang gore baagi ba Aforika Borwa ba tshwanetse go nna le seabe mo go ageng ditšhaba tse di bolokesegileng.

3. Melaotlhomo

3.1. Molaotlhomo wa Dipaakanyo tsa Tetlelelokhophi mmogo le Molaotlhomo wa Dipaakanyo tsa Tshireletso ya Badiragatsi o tla itsisiwe kwa Palamenteng. Molao wa Tetlelelokhophi wa 1978 (Molao wa bo 98 wa 1978) mmogo le Molao wa Dipaakanyo tsa Tshireletso ya Badiragatsi wa 1967, (Molao wa bo 11 wa 1967) ga e sa tsamaya le dinako ka e sa tseele tlhogong diphetogo mo maphateng a maemo a a farologaneng kana go ka samagana le matsapa a sedijithale.

Seno se tsamaelana le dipeelo tsa NDP tsa go rotloetsa boishimololedi, go tokafatsa tlhagiso, dipatlisiso tse di tseneletseng tsa kitso ka ga ikonomi le go tsaya ditšhono botoka ka go leba ditšhono tsa ditshwantshanyo le tsa dikgaisano.

Kwalosešwa ya ga jaana ya pholisi e ikaegile ka tlhokego e e leng teng ya go lepalepanya molao wa Dithoto le Dithata go tsamaisana le dinako tsa sedijithale mmogo le ditlhabololo tse di setseng di dirilwe mo maemong a a farologaneng. Seno gape se dira gore go nne le kgato ya pholisi e le nngwe mo maemong a bosetšhaba le mo go ya boditšhabatšhaba go tswa mo pusong. Kwalosešwa eno gape e akaretsa go tsenyeletswa ga ditlhokwa tse di botlhokwa mo lephateng la Tetlokhophi le mo tshireletsong ya badiragatsi.

4. Ditiragalo tse di Tlang

4.1. Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC) e mo maemong a a kwa godimo mo go itukisetseng go amogela Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya AIDS ya bo 21, e e tla tshwarelwang kwa Tikwatikweng ya Kopanelo ya Boditšhabatšhaba ya Inkosi Albert Luthuli kwa Durban go simolola ka la bo 18 go fitlha ka la bo 22 Phukwi 2016, e tshwaraganetswe le puso mmogo le Setlhopha sa Boditšhabatšhaba sa AIDS.

Aforika Borwa e itokiseditse go tshwara khonferense, eo e tla thusang intaseteri ya bojanala, dikgwebopotlana, tsa mo magareng le tse dikgolwana (di-SMME) mmogo le makala a a seng a semmuso a bogwebi.
Khonferense eno e abelana ka tšhono e kgologadi ya gore naga e ikgantshe ka katlego ya yona e kgolo mo go samaganeng le matsapa a HIV le AIDS.

E na le botlhokwa jo bogolo ka e ngokela bannaleseabe ba ba magareng ga 18 000 go fitlha go 20 000 go tswa kwa dinageng di le 180. Baeteledipele ba lefatshe go tswa kwa pusong, baeteledipeleng ba sepolotiki, bakganni ba diintaseteri, mekgatlho ya baagi, balekane ba tlhabololo le ditheo tsa thuto ba tsaya karolo.

Kopano e e tla latelang ya IMC e tla tshwarelwa kwa Durban mme e tla akaretsa phuruphutso ya lefelo leo. Tsiboso ya bobegakgang e tla tshwarwa ka Mosupologo wa la bo 13 Seetebosigo 2016.

4.2. Moporesitente Zuma o tla tsenela maeto a Tshekatsheko a Moporesitente a Siyahlola go leba kwa Kwaggafontein kwa Mpumalanga ka Labotlhano, la bo 10 Seetebosigo 2016.
Maeto ano a latela dipuisano tsa Moporesitente le maAforika Borwa ka Tlhakole 2016 kwa Marabastad mo Pretoria moo banamedi ba tlhagisitseng dingongorego tsa bone tsa dikgwetlho tsa kaboditirelo kwa Kwaggafontein.

Lenaane la Tshekatsheko la Moporesitente la Siyahlola le tla letla Moporesitente Zuma mmogo le baeteledipele mo pusong go iponela ka namana dikatlego le dikgwetlho tsa kwa tikologong eo. Moporesitente gape o tla dirisa leeto leno go araba gape le dipotso tsa dikgwetlho tse di totileng baagi ba Masepala wa Selegae wa Thembisile Hani.

5. Maemo a Kabinete mo Mererong e e Botlhokwa ya ga jaana

5.1. Re akgola le go lakaletsa masego batho ba ba latelang:

a. David Gatebe le Charné Bosman mo diphenyong tsa bone tsa banna le basadi tsa 2016 Comrades Marathon. Gatebe gape o beile rekoto e ntšhwa ya banna ya go siana ya diura di le tlhano le metsotso e le 18.
b. Tsiboso ya gore bodutelo jwa Volkswagen Group South Africa's (VWSA) kwa Uitenhage e e kwa Kapa Botlhaba e nopotswe jaaka bodutelo jo bogolo jwa tlhagisodikuno mo makaleng a tlhagiso otlhe a VW lefatshe ka bophara ka 2015. VWSA e fitlheletse maemo a a kwa godimo a 113.2% mo gare ga madutelo a le 13 goralala le lefatshe.
c. Batimamolelo ba le 301 ba ba tswang kwa Lefapheng la Merero ya Tikologo Ba Ba Direlang Lenaane la Go Tima Molelo, bao ba rometsweng kwa Canada, go thusa bothati jwa koo go tima molelo wa tlhago o o ntseng o tuka o sena taolo kgwedi yotlhe.Kabinete e lakaletsa bojotlhe jwa masego le pabalesego go fitlha ba boa.
d. Kabo ya Tlotlo ya Tirontle ya Tona Derek Hanekom, e leng tlotla e kgologadi eo naga ya Germany e e abelang batho tebang le dikatlego tsa bone tsa sepolotiki, ikonomi, leago le tsa botlhale. Tlotlo eno e abilwe go latela temogo ya seabe sa ga Tona Hanekom tebang le tirisanommogo magareng ga Germany le Aforika Borwa mo nakong ya fa e ne e le Tona ya Lefapha la Saense le Thekenoloji.
e. Re lakaletsa maMuslim otlhe Ramadan e e tshegofetseng.

5.2. Re lebisa matshediso a rona kwa go ba ba latelang:

a. Baagi ba Saharawi tebang le go tlhokafala ga Moporesitente wa bona Mohamed Abdelaziz.
b. Lelapa la ga Browde tebang le go tlhokafala ga Advocate Jules Browde SC yo a emetseng diketekete tsa batho ba ba neng ba tobane le go ntshiwa mo malapeng a bone go ya ka Molao wa Thulaganyo ka Ditlhotshwana mo Mafelong mo maemong a kgatelelo ya sepolotiki mo nakong ya tlhaolele. Advocate Browde o ne a emetse balwelakgaratlho ba ba neng ba le kgatlhanong le tlhaolele ba le mmalwa, go akaretsa Baporesitente ba mokgatlho wa African National Congress Nelson Mandela le Oliver Tambo. E ne gape e le tokololo ya basimololodi ba Mokgatlho wa Babueledi ba Ditshwanelo tsa Batho.
c. Balelapa, ditsala le mekgatlho ya bodumedi tebang le go tlhokafala ga Moruti NgakaSimon Gqubule. E ne e le yo mongwe wa baeteledipele ba mo nageng ba sedumedi, baganka ba tsa thuto e kgolwane le tsa kgaratlho ya tokologo. Ngaka Gqubule o ne a abelwa Tlotla ya Luthuli ya Selefera ka la bo 28 Moranang 2016 ke Moporesitente, mo go lemogeng seabe sa gagwe se se tswileng diatla mo kgaratlhong ya kgololesego le mo lekaleng la tsa thuto le tsa bodumedi.
d. Balelapa le ditsala tsa motshameki yo gape e neng e le mokaedi wa metshameko ya dirala le ya thelebišene Nyembezi Kunene, yo a tlhokafetseng morago ga bolwetse jo boleele.Kunene o nnile le tiro e e benyang le go nneng le seabe mo go tsweletseng intaseteri ya fa gae ya difilimi.
e. Balelapa le ditsala tsa mokatisi wa Bafana Bafana, Ted Dumitru, yo a nnileng le tire e ntle mo go katiseng Kaizer Chiefs, Mamelodi Sundowns le Orlando Pirates. O katisitse gape le Bafana Bafana mo Sejaneng sa Dinaga tsa Aforika sa 2006.
f. Balelapa le ditsala mmogo le baagi ba Nigeria tebang le go tlhokafala ga motshameki yo o diphatsa wa kgwele ya dinao wa kwaNigerian, Stephen Keshi. O fentse ka gabedi Sejana sa Dinaga tsa Aforika e le motshameki wa kgwele ya dinao gape e le mokatisi wa kgwele ya dinao, le mo go nneng le seabe mo kgweleng ya dinao mo Aforika le mo lefatsheng ka bophara.
g. Re ikamanya gape le lefatshe ka bophara mo go lebiseng matshediso a rona kwa go mogale wa boditšhabatšhaba wa motshameko wa mabole, Muhammad Ali. Ali e ne e le motho yo a rotloetsang batho ba bantsi go ralala le lefatshe mme o ne a dirisa maemo a gagwe go fenya dintwa tsa kgatako ya ditshwanelo, botlhoka bosiamisi le botlhokatekatekano.

6. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

6.1. Letlole la Matlafatso la Bosetšhaba:
Mme Philisiwe Mthethwa o thapilwe gape jaaka Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO).

6.2. Setheo sa Tlhabololo ya Dikgwebopotlana (SEDA):
Mme Nondumiso Mandisa Tshikwatamba o thapilwe jaaka CEO.

6.3. Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA):
Rre Thokozani William Magwaza jaaka CEO.

6.4. Lefapha la Temothuo, jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi:
Rre Michael Mlengana jaaka Mokaedikakaretso.

Dipotsiso:
Mme Nebo Legoabe (Mokaedikakaretso wa Namaotshwere wa-GCIS)
Mogala: 082 453 2874

Share this page

Similar categories to explore