Dira kopo ya thuso ya matlole go tswa kwa NSFAS

A o tlhoka thuso ya matlole go tsweledisa dithuto tsa gago kwa setheong se segolwane sa thuto? Dira kopo ya basari kwa Sekema sa Bosetšhaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti (NSFAS).

NSFAS ke sekema sa basari seo se etleediwang ka matlole ke Lefapha la Katiso le Thuto e Kgolwane go bao ba senang ditšhelete mme gape ba sa kgone go bona matlole go tswa kwa dibankeng, ba sa kgone go adimiwa madi go ikisa dikolong kgotsa ba sa kgona go iponela dibasari, gore ba duelele dithuto tsa bona.

Dira kopo ka inthanete. Makwalokopo a buletswe nako e e lekanyeditsweng kwa bofelong jwa ngwaga o mongwe leo monngwe. Fa o ka tlhoka thuso, letsetsa mogala o o sa duelelweng e leng 08000 67327 kgotsa etelea dikantoro tsa NYDA tse di gaufi le wena.

Ela tlhoko:

Mo nakong e e fetileng tshegetso ya matlole ya NSFAS e ne e le ka mokgwa wa dikadimo mme o ne o e duela fa o sena go bona tiro morago ga go konosetsa dithuto tsa gago. Fa o ne o falotse dithuto tsa gago tsotlhe tsa ngwaga\semesetara e e rileng, 40% ya matlole a NSFAS a ne a fetolelwa go nna basari. Seno se kaya gore o ne o duelela fela 60% ya kadimo fa o simolola go dira.

Go bona tshedimosetso ka botlalo ikgolaganye le : Sekema sa Bosetshaba sa Thuso ya Ditšhelete ya Baithuti.

Share this page